LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 11/15 ts. 13-18
  • Go Phepafadiwa le Go Tlhoafalela Ditiro tse dí Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Phepafadiwa le Go Tlhoafalela Ditiro tse dí Molemo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bophepa jwa Semoya bo Botlhokwa
  • ‘Ikgaoganye le Boikepo le Dithato tsa Selefatshe’
  • Kafa Bagolwane Ba Ka Thusang ka Gone
  • ‘Tlhagafalela Ditiro tse di Molemo’
  • Masego A Rona A Mantsi
  • Go Ntlafadiwa re le Setšhaba, re Ntlafalediwa go Dira Ditiro Tse di Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A O Nna O le Phepa ka Ditsela Tsotlhe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Buka ya Bibela ya bo 56—Tito
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Nnang Lo Itekanetse mo Tumelong!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 11/15 ts. 13-18

Go Phepafadiwa le Go Tlhoafalela Ditiro tse dí Molemo

‘Jesu Keresete o re intsheditse gore a intlafaletse batho ba ba tla nnang boswa jwa gagwe, ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.’—TITO 2:13, 14.

1. Ke ka ntlhayang fa basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna phepa ba bo ba tlhoafale?

JEHOFA o boitshepo, o molemo ebile o tekano. Ene le Morwawe gape ba fitlhelela tiro e e kwa godimo thata ka tlhoafalo. (Lefitiko 19:2; Pesalema 25:8; Yohane 5:17) Ka jalo, basupi botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna phepa le go tlhoafalela ditiro tse di molemo.

2. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a lomaganya bophepa le tlhoafalo jang? (b) Ke dipotso dife tseo jaanong re tla di akanyetsang?

2 Moaposetoloi Paulo o ne a umaka bophepa gammogo le tlhoafalo fa a ne a kwala gore ka bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo Jesu o ne a re intshetsa “gore a re rekololè mo tshiamololoñ eotlhe, le gore a intlahaletsè batho ba ba tla nnañ boshwa yoa gagwè, ba ba tlhōahaletseñ ditihō tse di molemō.” (Tito 2:11-14) Ke eng seo se batlegang go bao Jesu a ba phepafaditseng? Ke ditiro dife tse di molemo tse re tshwanetseng go di tlhoafalela? Mme ke masego afe ao basupi ba ba phepafaditsweng le ba ba tlhoafetseng ba ga Jehofa ba ka a ipelelang?

Bophepa jwa Semoya bo Botlhokwa

3. (a) Ke kemo efe ya bophepa e batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetseng go e boloka? (b) Tlhokafalo ya bophepa e ne ya otlelelwa jang fa batshwarwa ba Sejuda ba ne ba gololwa kwa Babelona?

3 Batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go boloka boemo jo bo kwa godimo jwa bophepa jwa mmele, jwa boitsholo le jwa semoya. (Ekesodo 30:17-21; Duteronome 23:12-14; Baefesia 5:25-27; 2 Bakorintha 7:1) Ntlha eno ya motheo e ne ya otlelelwa mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., fa batshwarwa ba Bajuda ba ne ba gololwa go tswa Babelona. (Esere 1:1-4) Ka bofefo ba ne ba tla tloga ba leba kwa lefatsheng la bone ka boitumelo ba tshotse dijana tse di boitshepo tseo Kgosi Nebukadenesare a neng a di tsaya mo tempeleng ya Modimo kwa Jerusalema. Abo go ne go le botlhokwa jang ne gore didirisiwa tseo tsa motlaagana di tsewe fela ke baobamedi ba ba phepa ba ga Jehofa! Ka mo go tshwanelang, ba ne ba bolelelwa gore: “Tsamaeañ, tsamaeañ lo cwè gōna, lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; tlogan, lo cwè mo gare ga gōna; lo nnè bantlè, lona ba lo rweleñ diyana tsa ga Yehofa.” (Isaia 52:11) Batshodi bao ba ne ba tshwanetse go phepafadiwa mo maitshekologong otlhe a bodumedi le boitsholo tse di seng phepa tsa Babelona.

4. Tumalanong le 2 Bakorintha 6:14-17, ke eng seo se tlhokafalang ka basupi botlhe ba ga Jehofa?

4 Moaposetoloi Paulo o ne a dirisetsa taolo eo ya bophepa go Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba neng ba tlogela Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. O kwadile jaana: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? . . . Me ke gōna, Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, go bua Yehofa, me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ.” (2 Bakorintha 6:14-17; Tshenolō 18:4, 5; Yeremia 51:45) Tota, Jehofa o batla bophepa jwa semoya mo balateding ba ba tloditsweng ba ga Jesu le balekane ba bone ba “boidiidi yo bogolo.”—Tshenolō 7:4-9.

‘Ikgaoganye le Boikepo le Dithato tsa Selefatshe’

5. Go ya ka 2 Bakorintha 4:2, ke eng se se tshwanetseng go nna boammaaruri ka bodihedi jwa rona?

5 Mo gare ga dilo tse dingwe, bao ba direlang jaaka basupi ba ba phepa ba semoya ba ga Jehofa ba ile ba bidiwa gore ba ‘ikgaoganye le boikepo le dithato tsa selefatshe.’ (Tito 2:11, 12) Jaaka Paulo a boletse golo gongwe jaana: “Me re baketse dilō tse di hitlhegileñ tsa ditlhoñ, re sa tsamaee mo boherehereñ, re sa chware lehoko ya Modimo ka tsieco; me ka go bōnatsa boamarure, re itiha tebosègō mo segakolodiñ sa motho moñwe le moñwe mo ponoñ ea Modimo.” (2 Bakorintha 4:2) Fela jaaka moaposetoloi, Bakeresete ba motlha wa segompieno ba tshwanetse go itshupa ba se na molato mo bodiheding jwa bone, ba gololesegile mo go ka pegweng molato gope fela ke molao ka ditirisano dipe tse di bosula kana tse di boferefere. (2 Bakorintha 8:20, 21; Pesalema 101:1-8) Ga baa tshwanela gore ba kaelwe ke botlhale le bogagapa tsa selefatshe, moya o o boleo kana maatla a a tlhotlheletsang.—1 Bakorintha 1:21; 2:12; 3:19; Baefesia 2:1, 2.

6. Go ka dirwang fa e le gore re ngangatlela ka thata kgatlhanong le ditshekamelo tsa boferefere le dikeletso tsa nama tse di sa siamang?

6 Go fitlhelela maitlhomo a bone, batho ba ba nang le moya wa selefatshe gantsi ba fetogela mo mekgweng ya boferefere. Mme fa mongwe yo o ipitsang Mokeresete a dira seno, ga a ‘ikgaoganya le boikepo’ ebile ga a ipelele katamalano epe le Jehofa. (Diane 3:31, 32) Mme fa motho a gateletswe ke dikeletso tsa senama tse di seng phepa, ga a ‘ikgaoganya le dithato tsa selefatshe.’ (Bagalatia 5:19-21; 1 Yohane 2:15-17) Mme go tweng fa e le gore re Iwa le ditshekamelo tse e seng tsa semoya tse di jaaka dikeletso tsa senama tse di boferefere le tse di sa tshwanelang? He go tla bo go tshwanela go rapela jaaka Dafide a ne a dira fa a ne a re: “Modimo, bopa pelo e e itshekileñ mo go nna; u bo u shahatsè mōea o o siameñ mo teñ ga me. U se ka ua ntatlha ua ntlosa ha pele ga gago; le mōea oa gago o o boitshèpō u se o tlose mo go nna.” (Pesalema 51:10, 11; Yohane 15:19) Fa re rapela ka tsela e e ntseng jalo mme re sola thuso e e gone ka Lefoko la Modimo, moya le phuthego molemo ka botlalo, re tla kgona go siamisa go akanya ga rona mme re tla direla jaaka baobamedi ba ba phepa ba ga Jehofa ka boikanyegi.

7. Ke ka ntlhayang fa badira bosula ba ba sa ikotlhayeng ba tshwanetswe go kgaolwa?

7 Fa e le gore bape mo gare ga rona ka go sa ikotlhaye ba lelekisa tsela e e maswe-maswe, ba tshwanetswe ba kgaolwa e le gore leina la ga Jehofa le se ka la tlhapadiwa, phuthego ya gagwe e bolokwe e le phepa le gore batlhanka ba ba ikanyegang ba sirelediwe le go gatelela bomasisi jwa tsela e e phoso eo. (Lefitiko 22:31-33; Duteronome 13:6-11) Dingwaga tse di fetileng, batho ba Modimo ba ne ba lemoga gore modira-bosula yo o sa ikotlhayeng ga a sa tlhole a tshwanela bolekane jwa bone. Ka sekai, ka 1904 mookamedi wa ntlha wa Watch Tower Society, Charles Taze Russell, o kwadile jaana: “Kereke e tshwanetse ya ikgaoganya le bolekane jwa gagwe le bape le ditshupo kana dikai tsa bokaulengwe tsotlhe.” (The New Creation, tsebe 290) Gompieno le gone, batho ba ga Jehofa ba latela kgakololo ya Dikwalo go ‘tlosa motho yo o bosula mo gare ga bone.’—1 Bakorintha 5:9-13.

8. Bagolwane ba na le boikarabelo bofe malebana le Luke 3:8 le Bagalatia 6:1 fa ba dirisana le ba ba fositseng?

8 Go boloka phuthego ya ga Jehofa e le phepa ke kgang e e amang bagolwane ba ba tlhomilweng thata. Tota, ba tshwanetse ba nna kutlwelo botlhoko koo go nang le ‘maungo a a tshwanelang boikotlhao’ gone, le e leng jaaka Jehofa a supa kutlwelo botlhoko fa seno se tshwanela. (Luke 3:8; Pesalema 86:15; 130:3, 4) Mme fa e le gore modumedi ka rona o tsaya tsela e e phoso pele ga fa a e lemoga, bao ba nang le ditshwanelego tsa semoya ba tshwanetse ba leka go mmaakanya “ka mōea oa bonōlō.”—Bagalatia 6:1.

Kafa Bagolwane Ba Ka Thusang ka Gone

9. Ke ditsela dife tse pedi tseo bagolwane ba ka thusang Bakeresete ba bangwe semoyeng ka tsone?

9 Balebedi ba ka thusa Bakeresete ba bangwe go nna ba le phepa semoyeng jang? Tsela e nngwe ke ka go neela dipuo tse di agang. E nngwe ke ka dipuisano tsa botho le maeto a bodisa. (1 Petere 5:1-4) Ka dinako tseo, bagolwane ka tshwanelo ba ka dirisa Bibela go ruta, go gakolola, go laya le e leng go kgalemela badumedi ka bone.

10. (a) Bagolwane ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe malebana le go bua phatlalatsa? (b) Ke ka ntlhayang fa balebedi ba semoya ba tshwanetse go nna diithuti tse di tlhoafetseng tsa Bibela?

10 Tlhokafalo ya go ruta e ne ya otlelelwa fa Paulo a ne a kgothaletsa modiri-ka-ene e leng Tito gore a “buè dilō tse di chwanetseñ thutō e e itekanetseñ.” (Tito 2:1) Bagolwane ba Bakeresete ba ba ikokobeditseng ga ba ipatlele kgalalelo jaaka dibui tsa phatlalatsa mme ba tlhagafaletse go dirisa Bibela ka tshwanelo go ruta. (Diane 25:27) Ka mo go kgatlhisang, nako nngwe tautona ya pele ya U.S. John Quincy Adams o rile: “Ke go dirile tlwaelo ka dingwaga tse dintsi go bala Bibela yotlhe gangwe fela ngwaga mongwe le mongwe.” Kgosi nngwe le nngwe ya Iseraele e ne e tshwanetse go itirela sekaelo sa molao wa Modimo “me a balè mo go lōna ka malatsi aotlhe a botshelō yoa gagwè.” Joshue o ne a latela ditaelo tse di tshwanang. (Duteronome 17:14-20; Yoshue 1:7, 8) Kwantle ga kitso e e ka bapalwang jalo, banna bao ba Iseraele wa bogologolo ba ne ba ka dira ka botlhale jang kana ba thusa ba bangwe semoyeng jang? Ka jalo fa e le gore o mogoIwane yo o tlhomilweng, a o badile Bibela yotlhe, ka gongwe makgetlo a le mantsi? Kwantle ga pelaelo seno se tla nonotsha kgono ya gago ya go gakolola ba bangwe go akareletsa le Bakeresete ba ba ineetseng bao ka gongwe ba ka bong ba badile Dikwalo gantsinyana. Bao ba direlang jaaka badisa ba semoya ba tshwanetse ya bo e le diithuti tse di tlhoafetseng tsa Lefoko la Modimo, motheo wa “thutō e e itekanetseñ.”

11. (a) Ke dikgakololo dife tsa Dikwalo tseo di neng di tlhokwa ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga mo Kerete? (b) Malebana le dikgakololo tsa Bibela, bagolwane ba ba tlhomilweng ba tshwanetse go tshwanelegela go dirang?

11 Paulo o ne a bolelela Tito gape gore: “U ba gakololè gore ba ineèlè mo balaodiñ, le gore ba nnè kutlō mo go ba ba neecweñ taolō, ba etleetsègèlè tihō ñwe le ñwe e e molemō, Ba se ka ba bua boshula kaga motho opè, ba se nne dikgankgañ, ba nnè bonōlō, ba le boikokobeco yotlhe mo bathuñ botlhe.” (Tito 3:1, 2) Dikgakololo tseo tse di tlhamaletseng di ne di tlhokwa ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga mo setlhaketlhakeng sa Kerete. Ka mo go tshwanang, fa bothata bo tsoga gompieno, bagolwane ba tshwanetse go kgona go supa dikgakololo tse e leng tsone tsa Dikwalo. Mme ekete ka metlha re ka lebogela dikgakololo tsa ga Jehofa jaaka di tlisiwa mo tlhokomelong ya rona.—Pesalema 119:99, 129.

12. (a) Go laya go raya eng? (b) Tao e tshwanetse go neelwa ka boikutlo bofe?

12 Tito le ene o ne a bolelelwa gore: “Le makau, u ba laeè gore ba nnè mogopolo o o lekalekanyeñ.” (Tito 2:6) Go laya go raya “go tlhagisa ka tsepamo; go gakolola kana go kgalemela ka tlhoafalo.” (The World Book Dictionary) Ka ntlha ya lorato le kamego tsa gagwe tsa mmatota, Paulo o ne a seka a ikgogona mo go layeng fa go ne go tlhokafala. Tota, o ne a ka raya bagolwane ba kwa Efeso a re: “Lo nntse lo gakologèlwa ha e kile ea re ka lobaka loa dinyaga di le tharo, ka nna ka lo gakolola [laya] lotlhe ka dikeledi bosigo le motshegare.” (Ditihō 20:31, bapisa le The Riverside New Testament.) Bagolwane ba motlha wa segompieno bao ba nang le boikutlo jo bo tshwanang, le bao ba neelang kgakololo kana tao tse di tshwanelang, eleruri ke lesego mo phuthegong!

13. (a) Go kgalemela ke go dirang? (b) Bagolwane ba tshwanetse ba kgalemela ka boikutlo bofe?

13 Paulo o ne a umaka gape le kgalemelo, a tlhagisa Tito ka gore: “Me u ba kgalemèlè thata ka ntlha ea gōna mouō, gore ba tlè ba itekanèlè mo tumeloñ, Ba sa tlhokomele mainane a Seyuda, le ditaolō tsa batho ba ba hapogañ boamarure.” (Tito 1:13, 14) Go kgalemela ke “go tlisa tlhokomelong boatla jwa ka metlha ka boikaelelo jo bo pelonomi jwa go siamisa kana go thusa,” kana “go supa go se dumalane” ga mafoko kana ditiro tsa motho. (Webster’s New Collegiate Dictionary) Paulo o ne a bua ka go kgalemela, mme ka boikaelelo jo bo tlhamaletseng —“gore ba tlè ba itekanèlè mo tumeloñ.” Ka mo go tshwanang gompieno, bagolwane ba tila bogale jo eseng jwa Bokeresete! Ka go sa tshwane le batenegi ba ba ngongolang, bagolwane ba Bakeresete ba boammaaruri ga ba leke go nna “barena” ba tumelo le matshelo a badumedi ba bangwe mme ba direla jaaka balebeledi le badiri mmogo go itumela, ba ba thusa go ema ba tsepame mo tumelong ya bone.—2 Bakorintha 1:24; 1 Bakorintha 4:1, 2.

14. Ke eng seo se tla re thusang gore re sale re ntse re le phepa semoyeng?

14 Go tsaya thuto ya Bibela, dikgakololo, tao le kgalemelo tsia go tla re thusa gore re nne phepa semoyeng ka metlha. Seno se re dira gore re tshwanelegele tirelo e e boitshepo ya Modimo. Mme re tshwanetse ra dira tirelo eo ka moya o o ntseng jang?

‘Tlhagafalela Ditiro tse di Molemo’

15. (a) Tlhoafalo e ka tlhalosiwa jang? (b) Tiro e e molemo-lemo eo Mokeresete a ka e dirang ke efe?

15 Jaaka setlhopha se se rulagantsweng sa Bakeresete ba ba ineetseng, Basupi ba ga Jehofa ba ‘tlhoafaletse ditiro tse di molemo.’ Tlhoafalo “ke tlhagafalo le kgatlhego e e boteng mo go lelekiseng sengwe.” (Webster’s New Collegiate Dictionary) Go ya ka lekwalo la ga Paulo go Tito, Bakeresete botlhe ba tshwanetse ba lelekisa “ditihō tse di molemō” tse di farologaneng. Ka sekai, basadi ba meroba ba tshwanetse go nna boitsheko, badiri kwa gae ebile ba le kutlo mo banneng ba bone. Tito o ne a tshwanetse go nna “sekaō sa ditihō tse di molemō,” a bontsha go sa bole mo go ruteng ga gagwe, a dirisa puo e e phepa le tse dingwe. (Tito 2:1-14) Tota, tiro e e molemo-lemo eo Mokeresete a ka e dirang ke eo ya go thusa ba bangwe go ithuta kaga Modimo le go Mo direla. Fa e le gore o mosupi wa ga Jehofa, a o tlhoafetse mo go direng ‘tiro eno e e molemo’ tota? Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba supa tlhoafalo ya go rera, le e leng fa ba ne ba thulane le pogiso.—Ditihō 11:19-21.

16. (a) Lebaka la motheo la go nna gone ga phuthego ya Bokeresete ke lefe? (b) Go ile ga bolelwa eng kaga tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa?

16 Go sa kgathalesege pogiso ya Basupi ba ga Jehofa gompieno, moya wa Modimo o ba tlhotlheletsa go diragatsa thomo ya go rera ka Bogosi—lebaka la motheo la go nna gone ga phuthego ya Bokeresete. (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Isaia 61:1, 2) Jaaka Bakeresete ba pele, ka tlhoafalo ba dira tiro eno ya go bolela “Mahoko a a Molemō” ka ntlo le ntlo le ka ditsela tse dingwe. (Ditihō 5:41, 42; 20:20, 21) Mo bukeng ya gagwe ya Evangelism, Inc., G. W. Target o tlotla ka mefuta ya go neela bosupi go akareletsa le “boefangele jwa go tsamaya ka ntlo le ntlo” mme o tlhokomela gore “batho bangwe ba ka go bitsa le e leng mofuta o o tlwaelegileng—segolo-bogolo morago ga ketelo ya bosheng jaana ya Basupi ba ga Jehofa, . . . Bangwe ba go tlwaela ka bofefo, mme Basupi ba ga Jehofa ba di goga kwa pele.” Malebana le tiriso ya dibuka tsa Bibela, Target o dumela gore: “Gape-gape, Basupi ba ga Jehofa ba di goga kwa pele, . . . Fa go bapisiwa, . . . makoko a se kaenyana fela a anamisa kgang ya thero.” Tota, dibuka tsa Bokeresete tseo di nnang gone ka thuso ya moya o o boitshepo wa Modimo mme di tswa go Basupi ba ga Jehofa ka moneelo di thusa batho ba seka-dinku lefatshe ka bophara go ithuta le go dira thato ya Modimo.

17. Go ka sutswa jang gore Modimo o ile a segofatsa tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa?

17 Jehofa o ile a segofatsa tiro ya go rera ya Bakeresete ba pele. Ka gone diphuthego di ne tsa tlhongwa mo mafelong a le mantsi—Roma, Korintha, Efeso, Filipi, Kolosa, Thesalonia le kae le kae. Ka mo go tshwanang, Jehofa o segofatsa tiro ya go rera ya batlhanka ba gagwe ba motlha wa segompieno, mo e leng gore go setse go na le diphuthego tse di fetang 46 000 tsa Basupi ba ga Jehofa tseo jaanong di leng gone lefatshe ka bophara. Malebogo a ya go Modimo ka ntlha ya kgolo eno e e gakgamatsang jaana.—Isaia 60:22; 1 Bakorintha 3:6, 7.

Masego A Rona A Mantsi

18-20. Mangwe a masego ao re a ipelelang jaaka batlhanka ba ga Jehofa ke afe?

18 Ammaaruri, go na le masego le melemo e mentsi eo e ipelelwang ke batho ba ga Jehofa gompieno bao ba leng phepa ba bile ba tlhoafaletse tirelo. (Diane 10:22) Ka sekai, jaaka batlhanka ba ba phepafaditsweng ba Modimo, re na le kgotsofalo ya go bo re mo itumedisa. (1 Petere 1:13-16) Boammaaruri jwa Modimo bo ile jwa re golola mo Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolō 18:4, 5) Ga re sa tlhole re tlhasetswe ke tumela-botlhodi, poifo ya baswi le tse di tshwanang. (Moreri 9:5, 10; Yohane 8:32) ‘Kagiso ya Modimo e dibela dipelo le megopolo ya rona.’ (Bafilipi 4:6, 7, 13) Go kopana ka metlha le baobamedi ba ba phepa go re neela boikutlo jwa pabalesego, fela jaaka “lecomane mo gare ga bohulō yoa yeōna.” (Mika 2:12) Go nna le moya o o boitshepo wa Modimo go re kgonisa go supa loungo Iwa one lwa lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, boikanngo, boingotlo le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Abo seno se tshwanetse go re itumedisa jang ne!

19 Jaaka baboledi ba ba tlhoafetseng ba Bogosi, re direla Molaodi wa Lobopo—tshiamelo e e molemo-lemo eo motho ope o ka nnang le yone. Ya rona ke ‘tiro ya mafoko a a molemo a kgalalelo.’ Aitsane, ga go boiteko bope jo bongwe jwa selefatshe jo bo tlisang boipelo jo bogolo go na le go bolela molaetsa wa ‘Modimo o o itumetseng’ le go thusa ba bangwe go ithuta ka ga gagwe!—Baroma 15:16; 1 Timotheo 1:11.

20 Botsalano jo bo gaufi-ufi le Modimo ke le lengwe la masego a rona a mantsi. Re ka mo rapela ka tsholofelo ya gore o tla re utlwa. (1 Yohane 5:14, 15) Abo go kgatlhisa jang ne go atamalana jalo le Jehofa! Jaaka mopesalema a ne a e baya ka gore: “Me mo go nna go molemō go atamèla Modimo: ke dihile Yehofa, Modimo, botshabèlō yoa me, gore ke tlè ke bolèlè kaga ditihō tsa gago cotlhe hèla.”—Pesalema 73:28.

21. Jaaka batho ba ba phepafaditsweng le ba ba tlhoafetseng ba ga Jehofa re tshwanetse ra ikemi-setsa go dirang?

21 Malebana le masego a rona a mantsi jaaka batho ba ba phepafaditsweng le ba ba tlhoafetseng ba Modimo, a he, re ikemisetseng go nna re ntse re le phepa semoyeng mme re tuke ka tlhoafalo ya bomodimo. Fa re sala re ntse jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re tshegetsa le go re kaela jaaka basupi ba gagwe. Go feta moo, bophepa le tlhoafalo mo tirelong e e boitshepo ya Modimo mo metlheng eno ya bofelo ka bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato, di tla re bulela tsela gore re nne ka bo sa khutleng re dira ditiro tse di phepa le tse di tlhoafetseng go baka Jehofa.

O Ne O Ka Arabela Jang?

◻ Ke eng seo se batlègang gore mongwe a nne karolo ya batho ba ba phepafaditsweng ba ga Jehofa?

◻ Bagolwane ba ba tlhomilweng ba ka thusa ba bangwe go nna ba le phepa semoyeng jang?

◻ Ke tiro efe e e molemo eo batho ba Modimo ba tshwanetseng go e tlhoafalela segolo-bogolo?

◻ Mangwe a masego ao a ipelelwang ke basupi ba ba phepafaditsweng le ba ba tlhoafetseng ba ga Jehofa ke afe?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Bagolwane ba tshwanetse go nna diithuti tse di tlhoafetseng tsa Bibela mme ba tshwanetse go e dirisa go ruta, go gakolola, go laya le e leng go kgalemela ba bangwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela