A O Anaanela Boswa jwa Gago?
“Latèlañ kagishō . . . Lo nntse lo iketse sedi, . . . Gore e se re kgotsa go bo go le mogokahadi, leha e le motho eo o tlhapatsañ, yaka Esawe, eo o lesitseñ botsalwapele yoa gagwè yoa rèkwa ka seyōnyana se se kgorwañ gañwe hèla.’’—BAHEBERA 12:14-16.
1, 2. (a) Boswa ke eng? (b) Ke dipotso dife tseo di tlhagang malebana le boswa jo bogolo?
BATHO ba bo bolaetswe. Ba bangwe ba ile ba swa ba ise ba bo bone. Ba bantsi fa ba sena go bo bona, ba ile ba bo dirisa botlhaswa. Ke eng? Ke boswa. Mme gantsi dilo di diragala jalo fa e le gore go na le boswa jo bo tshwanetseng go jewa.
2 Bibela e bua ka boswa makgetlo a le 229, mme mo makgetlong a mantsi e lebisa go thuo ya lefatshe kana ya dithoto. Lefa go ntse jalo, Lefoko la Modimo gape le bua ka boswa jo bogolo thata go na le bope jo bo ka tlogelwang ka lekwalo. Mme boswa joo jo bogolo o ka bo bona, fa e le gore ga o bo nyatse. Boswa jono ke eng? Ke mang yo o bo neelang? Ke ka ntlhayang fa bo latlhegela ba bangwe? Re ka bontsha kanaanelo go jone jang?
Boswa Ke Eng?
3. Boswa jwa Bokeresete ke eng, mme bo tshotswe ke mang?
3 Fa Bajuda mo Antioka ba ne ba gana molaetsa wa ga moaposetoloi Paulo wa poloko, O ne a retologela go bao e neng e se Bajuda, “kwa go Badichaba.” “Ba itumèla, ba galaletsa lehoko ya [ga Jehofa]: me botlhe ba ba laolecweñ botshelō yo bo sa khutleñ ba dumèla.” (Ditihō 13:45-48) Ee, botshelo jo bo sa khutleng ke boswa. Go ba sekae bo raya “boshwa yo bo sa boleñ, le yo bo sa leshwèhalañ, le yo bo sa nyeleleñ, . . . kwa legodimoñ.” Bo tshotswe ke mang? Ke “Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete,” go boletse jalo Petere.—1 Petere 1:3, 4
4. Ke boswa bofe jo bo ka bonwang ke bontsi?
4 Mme go tweng ka bontsi-ntsi jo bogolo jwa batho joo bo senang tsholofelo ya selegodimo? Boswa jwa bone e ka nna botshelo jo bo itekanetseng jaaka karolo ya “lehatshe ye lesha,” mokgatlho o mosha wa batho o o golotsweng ka setlhabelo sa ga Jesu Keresete. Bo neela kgonego ya botshelo yo bo sa khutleng mo lefatsheng le le fetotsweng, le le senang kgotlelo. (Tshenolō 11:18; 21:3, 4; Yohane 17:3) A o ne o ka rata go lebelela boswa joo? Fa e le gore o setse o simolotse, ao bo anaanela tota?
Go Nyatsa le Go Anaanela Tshiamelo ya Botsalo
5, 6. (a) Esawe le Jakobe e ne e le bomang? (b) Ke eng seo se neng se kgethegile ka boswa jwa bone, mme ke mang yo o neng a tla solegelwa molemo thata-thata?
5 Gore re utlwisise kgang eno ya go anaanela boswa botoka, a ka bokhutshwanyane re boeletseng sekai sa barwa-rra-motho ba babedi. Yo mongwe o ne a na le kanaanelo e kgolo ya melemo ya semoya fa yo mongwe a ne a latlhegelwa ke kanaanelo eo mme labofelo a ba a latlhegelwa ke boswa jo bo botlhokwa-tlhokwa. E ne e le Jakobe le Esawe, mawelana a basimane ba tlhogo ya lotso ya Mohebera e leng Isake.
6 Rraabone mogolo Aberahame o ne a swa fa ba ne ba le dingwaga di le 15. Boswa jwa dilo tse di bonalang jo a neng a bo tlogelela morwawe Isake bo ne bo akareletsa leruo le legolo la metlhape ya dikgomo le sebata seo go neng go fitlhelwa ba lelapa gone. (Genesise 25:5-10) Lefa go ntse jalo, karolo e e botlhokwa thata ya boswa e ne e se dithoto kana sengwe se se bonalang. E ne e le tsholofetso eo Jehofa a e dirileng go Aberahame mme ya re moragonyana a e boeletsa gape go Isake: “Me merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago.” (Genesise 22:18; 25:24-26; 26:2-5) Seno se ne sa senola gore Mesia, “losika” lwa tota lo lo solofeditsweng lwa Genesise 3:15, lo ne lo tla tla ka mola wa lotso lwa ga Aberahame mo lobakeng lo lo neng lo tla tla kwa pele. Ereka Esawe e ne e le motsalwa-pele wa mawelana, mo go sweng ga ga rraagwe, eleng Isake, o ne a tla nna le tshwanelo ya semolao ya tsholofetso eno, gammogo le seabe se se menaganeng gabedi sa thoto. Potso jaanong ke gore, A o ne a anaanela boswa jwa gagwe?’
7. Esawe le Jakobe ba ne ba farologane jang mo kanaanelong le mo bothong? (Genesise 26:34, 35; 28:6-9)
7 Jaaka mawelana a ne a gola, botho jwa bone jo bo farologaneng bo ne jwa itshupa. Esawe e ne e le motsumi yo o sasankang, “e le monna oa naga,” fa Jakobe e ne e le “monna eo o bori,” yo o neng a “nna mo megopiñ.” (Genesise 25:27) Letsatsi lengwe fa Jakobe a ne a apeile dikgobe, Esawe a goroga a tswa nageng a tla a lapile a bile a tshwerwe ke tlala. “Me Esawe a raea Yakobe, a re, Kea gu rapèla, u mphè bohibidu youō; gonne ke lapile.”—Genesise 25:30.
8. Ke kopo efe e e gakgamatsang eo Jakobe a neng a e dira go morwa-rraagwe, mme Esawe o ne a arabela jang?
8 Fa go tla mo ntlheng eno Jakobe o ne a ntsha kopo e e gakgamatsang go morwa-rraagwe wa lewelana, ka gore: “Mma ke rèkè gompiyeno botsalwa-pele yoa gago.” (Genesise 25:31) O ne a kopa botsaIwa-pele jwa ga Esawe ka go bo ananya ka mogopo wa dikgobe! A o akanya gore Jakobe o ne a ka nna le tsholofelo nngwe ya go atlega mo kgannyeng e e ntseng jalo ya kananyo? Go lebega a ne a akantse jalo. Ka ntlhayang? Ka go bo o ne a itse ditshekamelo tsa morwa-rraagwe le boikutlo jwa gagwe ka dilo tse di mosola. A o ne a le phoso? Esawe, go lebega a ne a feteletsa boemo jwa gagwe jwa legaba, o ne a araba ka gore: “Bona, ke mo loshuñ hèla, me botsalwa-pele bo tla nthusañ?”—Genesise 25:32.
9. Esawe o fapaane jang le morwa-rraagwe malebana le boswa?
9 Kgang ya kanelwa ka maikano, mme Jakobe a fa morwa-rraagwe senkgwe le dikgobe. Esawe a ja mme a “nanoga a tsamaea.” Mme pego e e tlhotlheleditsweng e akgela ka papamalo ka gore: “Yalo Esawe a nyatsa botsalwa-pele yoa gagwè.” (Genesise 25:33, 34) Go fapaana le seo, abo Jakobe a ile a anaanela tshiamelo ya gagwe ya botsalo jang ne! O ne a sa lelekisa dithoto—sebata sa phitlho le diruiwa dingwe—o ne a batla gore losika lo lo solofeditsweng Iwa Bomesia lo tle ka lotso lwa gagwe. O ne a batla boswa jwa semoya.—Bapisa Mathaio 6:31-33.
A O Ne O Ka Ananya Boswa jwa Gago?
10. (a) Ke kakgelo efe e e kgatlhisang eo Paulo a neng a e dira malebana le Esawe? (b) Ke kamano efe e e gone magareng ga kgokafalo le go ananya ga ga Esawe botsalwa-pele jwa gagwe?
10 Dingwaga tse di makgolo a a 19 moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a dirisa sekao sa ga Esawe go tlhagisa Bakeresete ba pele, ka gore: “Latèlañ kagishō le batho botlhe, . . . Lo nntse lo iketse sedi, e se gore kgotsa go bo go le motho eo o tlhaèlañ tshegōhaco ea Modimo . . . Gore e se re kgotsa go bo go le mogokahadi, leha e le motho eo o tlhapatsañ, yaka Esawe, eo o lesitsen botsaIwapele yoa gagwè yoa rèkwa ka seyōnyana se se kgorwañ ganwe hèla.” Ke ka ntlhayang fa Paulo fano a amanya mogokafadi le ditiro tsa ga Esawe? Ka go bo go nna le kgopolo ya ga Esawe go ka gogela mo go tlhaeleng kanaanelo ya dilo tsa semoya mme he ga gogela mo maleong a a masisi bogolo, jaaka kgokafalo.—Bahebera 12:14-16.
11. Go diragetseng ka Bakeresete ba bangwe mo metlheng ya segompieno?
11 A ka dinako tse dingwe o raelesega go ananya boswa jwa gago jwa Bokeresete, botshelo jo bo sa khutleng, ka sengwe sa nakonyana’fela jaaka ‘mogopo wa dikgobe’? A gongwe kwa ntle ga go lemoga, o nyatsa “dilo tse di boitshepo”? Ka sekai, mo metlheng ya segompieno Bakeresete bangwe ba ile ba raraetswa ke boitaodi jwa segompieno jwa boitsholo. Go lebega ba na le keletso e e gogomogang ya ga Esawe ya go kgotsofatsa keletso ya nama. Fela jaaka a ne a raya Jakobe a re: “Kea gu rapèla, u mphè bohibidu youō,” a tota ga baa ka ba re, ‘Ka bofefo! Ke ka ntlhayang fa o emela lenyalo le le tlotlegang?’—Genesise 25:30; bapisa Genesise 34:1-4.
12. (a) Bangwe ba ile ba bontsha tlhaelo ya kanaanelo ya dilo tse di boitshepo jang? (b) Lefa go ntse jalo, ke kgato efe eo ba bangwe ba ileng ba e tsaya?
12 Ka gone go diragetseng? Keletso ya boikgotsofatso jwa dikobo go sa kgathalesege phelelo epe e nnile ‘mogopo [wa bone] wa dikgobe.’ Ka ntlha ya gona moo, ba nyaditse dilo tse di boitshepo, go akareletsa le botsalano jwa bone le Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Ba nyaditse bothokgami, boikanyego le boitsheko. Ba ile ba senya boswa jwa bone. Lefa go ntse jalo, bangwe ba bano moragonyana ba ne ba tlhotlheletsega go ikotlhaya ka boammaaruri mme ga lebega ekete ba bone boemo jo bo molemo le Modimo gape.—Bapisa Pesalema 51.
Ke ka Ntlhayang fa Ba Bangwe Ba Wa?
13. Ke mabaka afe ao a ka gobatsang melemo ya rona ya semoya?
13 Ke eng seo se tsalang ditshekamelo tseno tsa boitsholo jo bo sa siamang? A e ka tswa e le gore batho bano ba ile ba letlelela melemo ya bone ya semoya go nyadiwa? Mabaka a mantsi a ka nna le matswela a a boferefere mo tseleng ya rona ya go akanya—ditsala le ba-losika bao ba sa abalaneng melao-metheo le rona, le eleng bao ba leng bokoa semoyeng mo phuthegong, seemo se se sa siamang sa tiro, boitloso-bodutu le go bala tse di belaetsang, go batla lorato le tlhokomelo kafa go sa tshwanelang mo go ba ba sa dumeleng. Dilo tsotlhe tseno di ka gogela kwa boitsholong jo bo sa siamang. A e ka tswa e le gore dipe tsa tseno di ama maikutlo a gago a boitsholo gone jaanong?—2 Bakorintha 6:14; 2 Bathesalonia 3:6.
14. Ke kotsi efe e e itharileng mo boitloso-bodutung jo bongwe jwa segompieno?
14 Ka sekai, a o iphitlhela o lebelela thelebishene kana dibaesekopo tse di kgothaletsang le go tlotlomatsa boitsholo jo bo maswe? Go tshwanetswe ga dumelwa gore ditshwantsho tseno di ka kgatlhisa nama e e leofileng—jaaka metsi a a maatla ao a ka tsayang yo o sa lemogeng. Di ka nna le matswela a a boferefere mo go akanyeng ga gago. Seno se bonala sentle mo tlhotlheletsong e e maatla e e dirwang ke basodoma mo lefatsheng la boitloso-bodutu. Ba dirile difilimi le metshameko tseo di tlhatswang bosodoma. Ka ntlha ya gona moo, seo se neng sa tsewa pele e le phapogo ya matlhabisa ditlhong ya kafa dikobong jaanong se ntlafadiwa jaaka “mokgwa o mongwe o go ka tshelwang ka one”! Go fitlhilwe mo boemong joo moaposetoloi Paulo a bo tlhalositseng jaana: “Ba e reñ ka ba helecwe ke maikutlō, boo ba ineèla mo bopepeñ, go diha mashwè aotlhe ka bopelotshètlha.”—Baefesia 4:19; 1 Bakorintha 6:9-11.
15. Re ka tila mamena a boitsholo jo bo sa siamang jang?
15 Tharabololo ke eng? Go ikgapha mo “tlhapeloñ euō e e heteletseñ”! Bibela e gakolola ka gore: “Batlañ molemō, e señ boshula, . . . Ilañ se se boshula, lo ratè se se molemō.” A o a utlwa he, teko ya mmatota ke eo—go ila se se bosula ka ditiro.—1 Petere 4:4; Amose 5:14, 15.
16. Paulo o ne a tlhomela Bakeresete boemo bofe?
16 Fa re na le mogopolo wa ga Keresete, a ga rea tshwanela go tshwenyega thata ka kgolo ya thubakanyo, bosetlhogo jo bo tsitsibanyang mmele le boitsholo jo bo sa siamang jo bo ferosang sebete joo bo supiwang thata gompieno? Tota, boemo jwa rona e tshwanetse go nna bofe? Paulo o araba ka gore: “Sa bohèlō, ba ga echo, dilō cotlhe tsa boamarure, dilō cotlhe tse di tshwanetseñ go tlotlwa, dilō cotlhe tse di itshekileñ, dilō cotlhe tse di ratègañ, dilō cotlhe tse di bolèlwañ ka molemō; ha go na le molemō moñwe, me ha go na le pakō, lo gopolè dilō tse.”—Bafilipi 4:8.
17. (a) Ditshwantsho tsa boaka ke eng? (b) Bangwe ba ile ba leswefatsa megopolo ya bone jang? (c) Tsela e e botlhale ke efe?
17 Eleruri go botoka ebile go molemo go utlwa tlhagiso ya ga moaposetoloi. Ka maswabi bangwe ba ile ba ‘tswelela go akanya’ ka ditshwantsho tsa boaka tse di bonwang mo TV, mo dibaesekopong le mo dibukeng.a Ka ntlha ya gona moo, ba ile ba kgotlela megopolo le dipelo tsa bone ka boitsholo jo bo sa siamang le ka diphapogo tsa kafa dikobong. Abo go tla bo go le botoka jang ne go dirisa kgakololo ya ga moaposetoloi: “Ba ga echo, se nneñ banyana mo tlhaloganyoñ [mo dilong tsa semoya]: leha go nntse yalo, mo kiloñ lo nnè banyana.”—1 Bakorintha 14:20.
Re Ka Godisa Kanaanelo ya Rona Jang?
18. Ke eng seo se ka direlang jaaka tshireletso mme a se ka re thusa go anaanela dilo tse di boitshepo?
18 Botsalano jo bo gaufi-ufi le batsadi ba mongwe bo ka mo dira gore a eletlhoko lorato le melao-metheo tsa bone, ka gone go dira gore go se kgonege ka mongwe go swabisa lelapa la gagabo. Go ntse fela jalo le ka botsalano jwa rona le Jehofa. Mme re ka nonotsha botsalano joo jang? Ka go itse Modimo thata. Thuto ya rona e e boteng ya Lefoko la Modimo e tla re thusa go mo itse le go mo rata thata mo e leng gore re tla ganana le thaelo epe fela. Jaaka Dafide a tlhalositse mo go Pesalema 23, re tla ikutlwa gore Modisa wa rona, ebong Jehofa, o na le rona ka metlha. Abo e tla bo e le bosilo jang ne go dira phoso e e masisi fa re na le Modisa yo o gaufi jalo!—Bahebera 4:13.
19, 20. (a) Ke mathata afe a mabedi a a gone malebana le thuto ya botho? (b) Ke ka ntlhayang fa go lebega go na le nako e nnyane jaanong ya thuto ya botho?
19 Lefa go ntse jalo, go na le mathata a mabedi a konokono. Jwa ntlha, mo go ba bantsi thuto ya botho ke mokgweleo. Ka ntlha ya mekgwa ya thuto e e lolea, batho ba bantsi gompieno ba na le bothata jo bogolo mo go baleng. Mo go bone go bala ke namane e tona ya tiro. Mme sengwe le sengwe mo botshelong seo se nang le mosola wa go ya go ile se akareletsa boiteko. A ga go mosola go dira boiteko jwa go itse Jehofa, Morena Modimo wa lobopo, Rraarona le Modimo wa bopelonomi jo bo sa tshwanelang?—Mathaio 6:9; Yakobe 4:8.
20 Bothata jwa bobedi ke go tlhaela go go bonalang ga nako ya thuto ya botho. Mme lefa go le jalo dingwaga tse di ka nnang 30 kana 40 tse di fetileng go ne go lebega go na le nako—nako ya go tlotla, ya go bala, ya go kwala makwalo, ya go itlhabisa phefo jaaka lelapa, ya go tlhatlhanya. Ke ka ntlhayang fa dilo di fetogile? Go ile ga nna sebopego sengwe seo se ileng sa ama nako ya rona. Go bua boammaaruri ka dinako tse dingwe letsatsi go lebega le sa tlhole le tshwanela dioura tse 24. Ka ntlhayang? Ka go bo “legodu” le ile la tsena mo malapeng a mantsi mme le ile la tsaya nako yotlhe e e mosola. A o lemoga “legodu” leo? Ee, ke thelebishene, ka tlhotlheletso ya yone e e gobatsang. Tlhatlhobiso nngwe e supa gore “mo palo-gareng lelapa le le lekanetseng la Mo-Amerika le lebelela thelebishene dioura tse 7 le metsotso e 22 ka letsatsi.” Seo e batlile e nna nngwe tharong ya letsatsi! Mo palo-gareng, o senya nako e e kana-kang o lebeletse TV letsatsi lengwe le lengwe? Letsatsi lengwe le lengwe, go dikologa lefatshe, dibilione tsa dioura tse di mosola tsa botshelo dia senngwa jaaka batho ba gompetse fa pele ga TV. Ke boammaaruri gore dithulaganyo dingwe di phepa, di tlosa bodutu kana dia ruta. Mme le tsone di ka ja nako. Phepiso ya TV e raela thata.
21. (a) Ke bothata bofe jo bangwe ba ka tswang ba na le jone? (b) O akanya gore tharabololo e ka nna efe?
21 Bakeresete ba ka tila jang go thukuthwa ke “legodu” leno? Ke fela ka thulaganyo e e gagametseng ya nako. Lekanyetsa nako ya go lebelela ga gago TV. Baya dilo tse di botlhokwa kwa pele—batho le dikamano di botlhokwa thata go na le TV. Ka sekai, a o tenegela baeng fa ba tla ka nako ya thulaganyo e o e ratang? A mme o go bona go le bokete gore o time TV, le eleng fa thulaganyo e le e e lapisang kana e e maswe? Fa go le jalo o na le bothata.—1 Bakorintha 9:24-27.
22. Re ka swela nako ya TV molemo jang gore re lelekise dilo tse dingwe?
22 Ke dikgato dife tse di mosola tseo o ka di tsayang go busetsa dioura tseo tse di botlhokwa-tlhokwa tsa thuto ya botho le botsalano? Elatlhoko dithulaganyo tseo di tshwanelwang ke go lejwa ke Mokeresete mme o lebe tseno fela fa go sena sepe se sengwe se se botlhokwa go se dira. Bangwe ba ile ba tsaya le e leng kgato e e masisi thata—go sa nne le TV gotlhelele mo lapeng! Eo ke kgang ya botho. Mme ka mo go tlhomamisegileng ga baa humanega semoyeng ka go bo ba sena thelebishene.–Baefesia 5:15, 16.
23, 24. Re ka dirang go bontsha gore re na le kanaanelo ya boammaaruri ya boswa jwa rona? (Bahebera 11:26)
23 Go tweng he, fa e le gore re batla go boloka boswa jwa rona jo bo rategang mme re sa batle go bo rekisa ka ‘mogopo wa dikgobe’? Tlhomamisega ka dilo tse di botlhokwa mo botshelong jwa Bokeresete. Itlhomele mekgele mme o e ngaparele. Latela ka tlhagafalo go gapa mpho ya botshelo jo bo sa khutleng, le eleng jaaka moaposetoloi Paulo ‘a ne a latelela mokgele wa mpho ya pitsō e e kwa godimo.’ Jaaka Jakobe, supa kanaanelo e e boteng ya boswa joo. Jaaka Moshe, ‘lebelela ka tsepamo tefo ya tuelo.’—Bafilipi 1:9, 10; 3:13, 14; Bahebera 11:24-26.
24 Re ka itlhotlheletsa jang go dira seno sotlhe? Ka thuto e e tlhoafetseng ya Bibela. E dirise ka metlha mo botshelong jwa gago. Nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha mme o reetse ka kelotlhoko fa o le teng. Rata se se siameng mme o ile se se bosula. Nnya, se nyatse boswa jwa gago e le fela go kgotsofatsa keletso nngwe ya nama e e potlakileng. Boswa jwa gago, e leng botshelo jo bo sa khutleng, bo gaisa thata ‘mogopo wa dikgobe,’ lefa o ka nna ka sebopego sefe sa segompieno!—Bahebera 10:24, 25; 12:12-16.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ditshwantsho tsa boaka di tlhalosiwa jaaka “mokwalo, go betla, kana dipopego tse dingwe tsa puisano tseo go ikaeletsweng go gwetlha maikutlo a bohepe ka tsone. [Go tswa go Greek pornographos, eo go neng ga kwalwa kaga diaka . . . ].”—The American Heritage Dictionary of the English Language.
A O A Gakologelwa?
◻ Boswa jwa Mokeresete ke eng?
◻ Esawe o ne a nyatsa tshiamelo ya botsalo jwa gagwe jang?
◻ Ke kotsi efe e e gone ka Bakeresete gompieno malebana le boswa jwa bone?
◻ Re ka oketsa kanaanelo ya rona ka ditsela dife tse di farologaneng?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
A o ne o ka ananya boswa jwa gago ka ‘mogopo wa dikgobe’?