Dipaka tsa Rona tse di Tlhokofatsang—Ke ka Ntlhayang fa Di le Thubakanyo Jaana?
THUBAKANYO e e maswe le e e bopelang botshelo e ile ya nna le batho go tloga fa bolaodi jo bo siameng jwa Modimo bo simolola go tsuologelwa mo tshimong ya Edena. Ka tsietso ya gagwe, Satane, motsuolodi wa bogologolo, a nna “mmolai” wa ga Adame le wa lelapa lotlhe la batho ba ba neng ba santse ba le mo mankopeng a gagwe. (Yohane 8:44; Baroma 5:12) Ka bonakonyana, ga latela polao e e setlhogo ya ga Abele ke Kaene fa a ne a “nna bogale thata.” (Genesise 3:1–4:15) Lefatshe le le kagiso le ne le khutlile jaanong. Go ile ga nna thubakanyo fa e sale!
Lefa go ntse jalo, ba bantsi jaanong ba na le boikutlo jo bo sa iketlang jwa gore thubakanyo ya metlha ya rona e farologane ka tsela nngwe, gore ga e laolesege, gore ke tshupo ya gore mokgatlho ono o lwalela go ya bokhutlong jwa ona. A seo ke tsietso fela? A bo ntse bo se maswe jaana ka metlha?
Ramatlhale wa Canada George Grant o tlhalositse nako ya rona e e tlhokofatsang ya hisetori jaaka “motlha o o thubakanyang oo lefatshe le iseng le o bone.” Gaa nosi mo ponong eno. Moitseanape wa tlhaloganyo Thomas Radecki o e bitsa “thubakanyo e e golang mo lefatsheng ka bophara,” o tlaleletsa ka gore: “Re bolaya batho ba ba diperesente di le 300 motho a le mongwe go feta losika Iwa batsadi ba rona, . . . go betelelwa diperesente di le 500 gantsi le go tlhasela ba le diperesente di le 600 kgapetsa.”
Mokaedi wa tsa bongaka wa U.S., Dr. Everett C. Koop, o tlhalositse go bewa mo kotsing gono jaaka “kgolo ya thubakanyo” e e “tshosetsang batho botlhe le botshelo jwa lelapa.” Kgolo e e bofefo ya thubakanyo mo dikolong tsa Amerika Bokone gompieno ke sekao se se tshosang. Pego ya dikgang tsa TV ya U.S. e begile gore “dimilione tse tharo tsa bana ba dikolo tsa sekondari ba tlhaselwa ke bokebekwa jo bo golang go tswa mo go utswetsweng go ya mo go betelelweng le mo go bolaweng kgwedi nngwe le nngwe.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
Ka ntlha ya go anama ga borukhutlhi “Yuropa e nnile botlhabanelo jwa tshololo ya madi,” ga bua motlhalosi mongwe wa Mofora. Bogolo jwa poitshego eno bo bonwa mo tlhalosong ya gagwe e e tswelelang pele gore “madirelo a tshireletso a U.K. a magolo go feta sepodise, lesomo la dikepe tsa ntwa kana mophato wa ntwa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ga go gakgamatse go bo dingwaga tsa bo 1980 jaanong di bidiwa “Lesome la Bobedi la Dingwaga le le Boifisang.”
Ke ka Ntlhayang fa Go le Thubakanyo Jaana?
Baithuti ba ba kelotlhoko ba koketsego e e boifisang ya thubakanyo mo metlheng ya rona e e kotsi ba bolela mabaka a mantsi a a tlatseletsang: kgaso ya dikgang e otlelela mo ditiragalong tsa thubakanyo, bokebekwa le go bola; tsela eo baeteledipele ba lefatshe ka go tlhabisa ditlhong ba dirisang thubakanyo ka gone go nnela ruri mo pusong; ka maikutlo a tlalelo yotlhe ya ditshiamololo tseo go sa bonaleng fa di tlaa rarabologa, e gogela ba bangwe go nna le boikutlo jwa gore marumo a ka fitlhelela se ditlhopho di ka sekeng tsa se fitlhelela; tsela ya go sa utlwele-botlhoko e mo go yone dimilione tsa ba ba iseng ba tsholwe ba bolawang mo go setlhogo gore ba se nne teng ka tshenyo ya dimpa; tsela eo ka yone baeteledipele ba dikereke ba emang dintwa tse go tweng ke tsa “tshiamo” nokeng lemororo ba sa tshegetse melao-metheo ya boitsholo mo maemong a a ntseng a wela tlase. Lefatshe le tloga le sa tsibosiwe, ka le tlwaetse thubakanyo. Mme go na le mabaka a mangwe.
Tetlelelo ya se go ka tweng ke tlhabologo mo nakong ya rona e fetotse mekgwa le ditekanyetso tsa boitsholo, e tlosa dikgatelelo tseo lantlha di neng di direla go tlhokomela gore go se nne maikutlo le ditiro tse di ka gogelang mo thubakanyong. Phelelo e e sa itumediseng e bonwa segolo-bogolo mo basheng. Moitseanape wa tlhaloganyo ya bana Dr. Thomas Millar o dumela gore “maikutlo a go leseletsa dilo a tshwanetswe go bewa molato ka ntlha ya go oketsega ga thubakanyo mo bathong ba Amerika Bokone.” O rile: “Ga re ise re nne le babolai ba le bantsi jaana mo ditiragalong tsa lefatshe.”
Dipego tsa semolao ka ga tlhatlhogo e e iseng e bonwe gope ya “ditlhaselo tse di feteletseng tsa thubakanyo” ka basha ba dingwaga tsa bolesome mo Japane morago ga ntwa di ile tsa pega molato mo go thubegeng ga lelapa. Ka 1983 tona ya thuto mo Japane o rile: “Ga gona buka epe gompieno e e rutang bana go tlotla batsadi ba bone.” Go dumelwa gape gore “lebaka le lengwe le le fetlhang basha ba Japane go thubakanya ke dilekanyo tse dikgolo tsa bosetlhogo jo bo sa timolwang jo bo bonalang mo dibukeng tsa dikhomikhi, mo difiliming le mo mananeong a thelebishene.”
Ka gone, ga se go oketsa, go bolela gore se motho a se balang kana a se bonang se ama maikutlo a gagwe. Bobaba bo a godisiwa, mo e leng gore gantsi “go lebelela thubakanyo go gogela mo thubakanyong.” Pego nngwe e tlhalositse jaana: “Eleruri, mafelo a metshameko a batlile a tshwana fela le botlhabanelo jwa ntwa ya dirukhutlhi ka thubakanyo e e bogale.” Patlisiso e e masisi e e neng ya gatisiwa go Psychology Today e ne ya bolela gore dibaesekopo tsa go batla dikobo ka dikgoka di tsosa maikutlo a banna bangwe kaga go betelela le ba ba betelelwang. Jaaka fa Dr. Leonard Eron wa Unibesithi ya Illinois gape a bolela: “Go nnela go lebelela thubakanyo mo thelebisheneng go na le phelelo e e nnelang ruri mo boitshwarong—gape ga se phelelo e potlana.” Lefa go ntse jalo, seo basha ba ka se bonang mo mosong wa Matlhatso mo thelebisheneng se ile sa kopanngwa go nna ditiro tsa thubakanyo di le 30 ka oura! Konelo e e fitlheletsweng ka go sobokanngwa ga dipatlisiso tse di fetang 2 500 tse di dirilweng mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng ke: “Thubakanyo mo thelebisheneng e gogela mo go rateng ntwa.”
Kgobololo ya bokopano jwa kafa dikobong le dilo tse di sa tlwaelesegang gape di tsala thubakanyo ka go nyeletsa boitsheko jotlhe fela. (Baroma 1:26, 27) Mo gare ga dilo tse di maswe-maswe “tse di tladikang ‘boitsheko’” ke puo ya matlhapa, mokwalo wa diaka le tlhakanelo dikobo e e sa tshwanelang. Se se kgatlhang ke gore, Bibela e supa gore mo metlheng ya bofelo ya lefatshe la pele ga Morwalela go nna gone mo lefatsheng ga ditshedi tsa moya tsa ditsuolodi gore di kopanele dikobo mo go sa letlelelwang go ne ga tlisa mathata a a tshwanang. Modimo ka sebele o ile a raya Noa a re: “Lefatshe le tletse thubakanyo ka ntlha ea bōnè.” (Genesise 6:1-5, 13) Tlhotlheletso ya bone ya thubakanyo ya go tlhakanela dikobo e ne ya fela fa Modimo a ne a khutlisa lefatshe leo la ditlhapelo ka metsi.—Genesise 6:7; 7:11-24.
‘Metlha ya Bofelo’
Jesu o boleletse-pele bokhutlo jwa tsamaiso ya jaanong e e thubakanyo ka gore: “Yaka go kile ga dihala mo metlheñ ea ga Noa, go tla nna hèla yalo le mo metlheñ ea Morwa Motho.” (Luke 17:26) A seo gape se tla akareletsa thubakanyo mo selekanyong se segolo ka ntlha ya tlhotlheletso ya baengele ba ba boikepo? Ee, gonne Jesu gaa bolelela-pele fela kanamo e kgolo ya boikepo ya nako e e tlang mme mo go Tshenolō o supile motswedi wa yone. O bolela ka go digwa ga motsuolodi wa ntlha, Satane ka sebele, go tswa legodimong le gore “baengele ba [gagwe] ba piriganyediwa kwa tlhase [nae].” Go ya kae? Ponatshegelo e e tlhotlheleditsweng e araba ka gore: “A bo go latlhèga lehatshe . . . ka diabolo [mothubaki wa ntlha] a hologetse kwa go lona, a tletse bogale.” Jalo, gape gape, mo nakong ya bofelo ya thulaganyo e e swang, thubakanyo—gape e golediwa ke maatla a mewa e e bosula—e ngangatletse setho!—Tshenolō 12:7-12; 6:4; Mathaio 24:12.
Jalo he, se se sa tshwanelang go tlodisiwa matlho, jaaka lengwe la mabaka a go gotelela-pele ga thubakanyo mo metlheng ya rona e e tlhokofatsang ke tlhotlheletso e e oketsegileng ya badimona. Nngwe ya ditshupo tsa yone ke go gola ga keletso le go kopanyelediwa mo boloing le mo ditlwaelong tse di farologaneng tsa meya. Fa o bala ka batho bao ka bomatla ba bolayang maloko a ba a ratang a lelapa kana ditsala ka go bo ba utlwile “mantswe” a ba laela go dira jalo, kana fa moeteledipele wa tumelo nngwe a laela gore go bolawe batho ba ba senang molato setlhogo, ka tshwanelo ga go a tshwanela go gakgamatsa go bala gape gore batlhasedi ba ne ba dirisa Bosatane kana ka tsela nngwe ba ne ba tseneletse mo boloing.—Duteronome 18:10-13; Bagalatia 5:19-21.
Jalo go na le mabaka a a tlhomologileng thata a gore ke ka ntlhayang fa dilo tse di maswe tseno di diragala mo dipakeng tsa rona tse di tlhokofatsang. Ntlha nngwe le nngwe e e tlhalositsweng ka tsela nngwe ke tlolo ya melao e e siameng ya Modimo. Botsuolodi jwa kwa tshimologong jaanong bo setse bo na le peo. Matswela a a utlwisang botlhoko ke go robiwa ga se se jetsweng. Modimo gaa ka ke a sotlwa. (Bagalatia 6:7) Tota, losika lono lwa thubakanyo e e ka se tshwantshiweng le epe ke lo tota lo neng lwa bolelelwa-pele ke moaposetoloi Paulo go 2 Timotheo 3:1-5. Le ene o neela mabaka, ka gore: “Mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. [Ka ntlhayang?] Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, . . . ba sena boithibo [kana “thubakanyo,” Today’s English Version], ba le bogale, . . . ba le tlhogoethata.” A se ga se se re se bonang mo tikologong ya rona? Ee, re tshela mo “metlheñ ea bohèlō”!
Ka bonako, losika lotlhe lo nnile “bogagapa thata” (Phillips), gantsi lo “tsentshwa ke madi” (The Bible in Living English), “barati ba dikgatlhego tsa nama le maitloso bodutu a a senang mosola go feta le gone go nna barati ba Modimo.” (The Amplified Bible) Go iikobela mo go ntseng jalo ga botho ga se sepe fela se segolo fa e se go tlogela bolaodi jwa gompieno jwa ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, ka nako e e tshwanang tebego ya thubakanyo ya losika lo e supa fa le tshwanetse go tlosiwa le go tseelwa sebaka.—1 Yohane 2:15-17.
Lefatshe la Rona le le Thubakanyo le a Fela!
Fa o na le pono ya Bibela, eleng ya gore thubakanyo e simologile ka go tsuologela bolaodi jwa Modimo, jalo ga go thata go bona gore thubakanyo ga e kitla e fela lefa e le kagiso go tsosolosiwa go fitlha fa batsuolodi ba tlosetswa ruri ke Modimo ka tshiamo. Mme seo ke se tota a ikaeletseng go se dira. “Modimo oa kagishō o tla akoha a tapetela Satane ha tlhatse ga dinaō tsa lona.” (Baroma 16:20) “Losika” lotlhe lo lo thubakanyang lwa ga Satane lo tshwanetse go nyelela. Mme le Satane jalo.—Genesise 3:15; Mathaio 25:41.
Abo go tla itumedisa jang ne go tshela fa Satane a tlositswe! “Kgōsana ea Kagishō,” Jesu, o tla tlhomamisa, he, gore ‘kagiso ga e kitla e nna le bokhutlo.’ (Isaia 2:2-4; 9:6, 7) E tla bo e le thulaganyo yotlhe e ntšha, “legae la tshiamo.” (2 Petere 3:13, The New English Bible) Mmusi yo mosha wa lefatshe o tla lelekela ruri mefuta yotlhe ya thubakanyo, go akareletsa le tshotlego le loso. A re: “Loso lo tla fedisiwa, le bohutsana le selelo le botlhoko; gonne tsamaiso e kgologolo e fetile!”—Tshenolō 21:1-4, NE.
Fela jaaka mo metlheng ya ga Noa, Jehofa o dirile paakanyetso e e lorato ya kgololo go tswa mo lefatsheng la thubakanyo. (Sefania 2:2, 3) Go fitlhela kgololo eo e tla, re tshwanetse go tswelela pele re ikotla ka Lefoko la Modimo go aga tumelo e e tshedisang. “Mme tumelo ke eng? Tumelo e tshegetsa ditsholofelo tsa rona, le go re dira gore re tlhomamisege kaga dilo tsa mmannete tse re sa di boneng. . . . Gonne lefa e le mang yo o tlang go Modimo o tshwanetse go dumela gore o teng le gore o duela ba ba mo senkang.”—Bahebera 11:1, 6, NE.
Gore o nne le tumelo e e tiileng, o ka kgaogana le thubakanyo yotlhe. (Mathaio 26:52) O ka tlhomamisega gore tshiamo e tla rena gape. (Duteronome 32:4) O ka fenya boithatelo mo baneng ba gago ka go ba ‘godisetsa mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.’ Gakologelwa, Bibela ke buka e e rutang bana go tlotla batsadi ba bone. (Baefesia 6:1-4) Jaaka lelapa, o ka tila mokwalo wa diaka le go boloka mogopolo wa gago mo dilong tse di mosola. (Bafilipi 4:8) Se se tla direla gape go go sireletsa mo ‘masomosomong a meya ya boikepo.’—Baefesia 6:10-18.
Ka boitumelo, go itse ga rona gore seo se leng teng jaanong ke boemo jwa nakwana, se tla fela ka bonako, le gore go na le kgoro ya botso, go ka re neela thata ya go itshoka. Basupi ba ga Jehofa ka bontsi ba supile se. Le wena, o ka ‘falola dilo tsotlhe tse di tlogang di diragala.’ Ka ga tsone dikhutsafalo tse di tshwanang tsa nako eno ya bofelo, Jesu o rile: “E tla re dilō tse di simolola go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.” Jalo he, kgothatsegang! Jesu gautshwane o tla golola setho go tswa mo kgatelelong le mo thubakanyong yotlhe.—Luke 21:28, 36; Pesalema 72:1, 2, 12, 14.