LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 11/1 ts. 3-4
  • Thubakanyo!— Matshosetsi a a Go Bopelang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thubakanyo!— Matshosetsi a a Go Bopelang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Ikutlwa Jang ka Thubakanyo?
    Tsogang!—2002
  • A go Ka Nna le Lefatshe Le le Se Nang Tirisodikgoka?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Dipaka tsa Rona tse di Tlhokofatsang—Ke ka Ntlhayang fa Di le Thubakanyo Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Thubakanyo e Gongwe le Gongwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 11/1 ts. 3-4

Thubakanyo!— Matshosetsi a a Go Bopelang

Fa o ntse o tlhomile matlho a gago mo tlhobolong e e tshwerweng ke mokgothosi yo o ntseng a shadikanya matlho, ga o tlhoke ope go go tlhatswa pelo gore ke matshosetsi a a ntseng a GO bopela! Pelo ya gago e simolola go itaya thata! Sethitho se itshologele fela ka ntlha ya letshogo! O setse jaanong o feletswe ke tsholofelo, o ipotsa gore a o tla lala o falotse mo ganong la tau. Go lebega go sena kutlwelo botlhoko epe e e ka bonalang mo tlhobolong eno e e sa tshikinyegeng—sefatlhogo sa mmolai le sone e le se se befileng fela! Dipalo tsa bosheng jaana kaga kgolo ya thubakanyo di ile tsa tla go WENA ka tsela e e tsitsibanyang le e e kgaolang pelo!

A GA o itumelele go bo o bala fela ka ga pono e e tlhalositsweng fa godimo? Legale, go solofelwa gore ga o kitla tota o nna le maitemogelo a a ntseng jalo, mme, go tlhomamisega, ga go thuse ka sepe gore ka metlha le metlha o bo o ntse o itlhobaeditse ka go ka diragalelwa ke seo. Lefa go ntse jalo, go tlaa bo go se botlhale go itlhokomolosa se se diragalang.

Jaaka motho yo o mo leseding o ka nna wa dumela fela ka bofefo gore re tshela mo dinakong tsa thubakanyo. Lefa go le jalo, o ka nna wa bo o sa itshwenye thata ka ga yone fa fela e se wena o lebaganeng le tlhobolo. Lefa go ntse jalo dipaka tsa gago tsa go lebana le kgato nngwe ya thubakanyo ga dia tshwanelwa go tlhokomologiwa.a Mo mebileng le mo mafelong a mangwe a batho mo mafatsheng a le mantsi jaanong go na le matshosetsi a a ntseng a le gone ka metlha a go betelelwa le go kgothosiwa. Dikgoberego tsa bopolotiki le tsa babereki di sekamela mo go thubakanyeng. Gape go na le badira-dipopelelo ba ba ka nnang ba galefa (lemororo ba na le maikaelelo a a siameng) gammogo le tshenyo ya ka boomo ya bomatla e e di fetang tsotlhe—borukhutlhi jo bo ka se bolelelweng pele.

Mme moo ga se gone gotlhe. Mo lelapeng, ntsifalo ya thubakanyo e e nnang gone kgatlhanong le maloko a lelapa ka sebele e lerwe go wena. Setlhogo sengwe sa Toronto Star tlase ga setlhogwana se se reng “Thubakanyo e a gola,” se bega gore mo Canada “basadi ba ba ka nnang 490 000 baa ketekwa ngwaga mongwe le mongwe.” Mme mo United States ka ngwaga basadi ba le dimilione tse pedi go ya go tse thataro baa betswa mme baagi ba ba tsofetseng ba le sephatlo sa milione ba tshwarwa makgwakgwa ke ba masika a bone. Mo nageng yone eo, Lefapha la Tlhokomelo ya Kgobololo ya Bana le Tlhokomologo le bolela gore “palo ya tota ya bana ba ba gobololwang le ba ba tlhokomologiwang ngwaga mongwe le mongwe . . . ke bobotlana 1 000 000.” Ka gone, mo malatsing ano, “go ka diragala gore o bolawe, o gobadiwe kana o tlhaselwe mo mmeleng mo legaeng la gago ke mongwe yo o amanang nae, go na le mo tikologong epe e nngwe ya batho,” ga bua jalo moitseanape wa tsa loago.

Fa o tlaleletsa go tse di fa godimo ntsifalo e e tswelelang pele ya thubakanyo e e kgotlediwang ke babogedi le batshameki ka go tshwana kwa metshamekong, koketsego ya yone mo thulaganyong ya mananeo a TV, mo dibaesekopong le mo dikhaseteng tsa “video,” gammogo le thubakanyo ya kgale ya dintwa le ditsogologelano, o ipotsa gore a lefatshe ruri ga le a tlhakatlhakana. Se se tsosa dipotso tseno: Ke ka ntlhayang fa metlha ya rona e le thubakanyo jaana? A go ne go ntse jaana ka metlha? Kana go na le moo, a go na le sengwe se se botlhokwa mo go se re se bonang? Mme a go na le tsela nngwe ya go falolela ruri mo tlhakatlhakanong ya paka eno e e thubakanyo?

Setlhogo se se latelang se diretswe go araba dipotso tseno le go supa sengwe se se botoka. Re solofela gore se tla go thusa mo go nneng le pono e e sedifetseng le e e lekalekanang ya matshosetsi ano a a golang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Dikakantsho tse di siameng tsa ka moo o ka tilang matswela a a sa itumediseng ka ntlha ya go oketsega ga thubakanyo ya bokebekwa ka gone di ka fitlhelwa go Awake! ya October 22, 1979, ditsebe 7-11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela