‘Lo Tshwanetse Lwa Bo ne ne Fano Lo Le Barutisi’
‘Motlhanka wa Morena o tlhoka go bo a le setswerere sa go ruta.’—2 TIMOTHEO 2:24.
1, 2. Bakeresete ba tshwanetse go etsa Jeso ka tsela efe e e tlhomologileng?
MO LETSATSING lengwe la dikgakologo tsa 31 C.E., Jesu o ne a neela puo ya phatlalatsa mo bathong ba bantsi, e le matshwititshwiti a a tlhakatlhakaneng ao a neng a phuthega go mo utlwa a ruta. O ne a bua kwa ntle ga thuso ya digodisa-mantswe, a dirisa medumo ya tlholego fela mo mhapheng wa thaba gore a tle a utlwiwe. Mme seo a neng a se bua se ne se akabatsa. Morago ga fa a sena go fetsa, bareetsi ba gagwe ba ne ba dumela gore ga ba ise ba ke ba utlwe sepe se se tshwanang le sone pele. Pego e re bolelela ka gore: “Batho ba gakgamalèla thutō ea gagwè.” (Mathaio 7:28) Mo pakeng eno le mo dipakeng tse dingwe, Jesu o ne a bontsha gore eleruri e ne e le morutisi wa mmatota.
2 Gape, o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore le bone, ba ne ba tla nna barutisi. O ne a re: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, . . . Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” (Mathaio 28:19, 20) Moaposetoloi Paulo gape o ne a otlelela gore Bakeresete ba ne ba na le boikarabelo jwa go ruta. “Ha e le kaga lobaka, lo bo lo chwanetse loa bo ne ne hano lo le baruti,” o ne a bolelela Bakeresete ba Bahebera jalo. (Bahebera 5:12) O ne a bolelela Timotheo gape gore: “Motlhanka oa Morèna ga a chwanèla go lwa, ha e se go nna bonōlō hèla mo go botlhe, a le secwiriri go ruta.”—2 Timotheo 2:24.
3. Mokeresete o ka bilediwa go ruta mo dipakeng dife?
3 Ke ka ntlhayang fa go otlelelwa go ruta? Tota, Bakeresete ba tshwanetse go itse gore ba ka ruta jang fa ba rera ka ntlo le ntlo lefa ba tsamaya mo mebileng, kana fa ba dira maeto a go boela le go tshwara dithuto tsa Bibela le ba bangwe ba ba kgatlhegang. Ba leka go dirisa go kopana ga bone le ba bangwe jaaka dipaka tsa go ruta. (Bona Yohane 4:7-15.) Mo godimo ga moo, modihedi wa Mokeresete o tlhoka go ruta fa a bua le phuthego mo Holong ya Bogosi, kana fa a neela kgakololo mo motheong wa botho. Mme basadi ba ba godileng ba gakololwa go ruta basadi ba meroba “se se molemō.” (Tito 2:3-5) Batsadi ba Bakeresete le bone, ba leka go godisetsa bana ba bone “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea [ga Jehofa]”—sengwe seo se batlang kgono ya go ruta tota. (Baefesia 6:4; Duteronome 6:6-8) Ga go gakgamatse fa moaposetoloi Paulo a boletse gore Mokeresete o tshwanetse go bo a le “secwiriri go ruta”!
4, 5. Ke thuso efe eo re nang le yone go nna barutisi ba ba molemo?
4 Mme go ruta ga go motlhofo. Ke bokgoni. (2 Timotheo 4:2) Bakeresete ba ka godisa kgono ya go ruta jang, ereka ba bantsi ba bone e se “ba ba botlhale kaha nameñ”? (1 Bakorintha 1:26) Go ka dirwa fela ka thuso ya ga Jehofa. (Mathaio 19:26) Jehofa o neela ba ba mo kopang botlhale. (Yakobe 1:5) Moya wa gagwe o o boitshepo o tshegetsa bao ba batlang go dira thato ya gagwe, mme o ile a re neela Bibela, eo e leng “molemō go ruta,” mme e ka kgona go re thusa gore re “iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō,” go akareletsa le go ruta.—2 Timotheo 3:16, 17.
5 Bibela e re thusa go nna barutisi ba ba botoka. E dira seno segolo-bogolo ka go bega bodihedi jwa ga Jesu ka boikanyegi, yoo dinonofo tsa gagwe tsa go ruta di neng tsa dira gore balekane ba gagwe ba sale ba gakgametse tota. (Mareko 1:22) Fa re ithuta ka seo se mo dirileng gore a nne morutisi yo o molemo jaana, re ka leka go mo etsa. Ntlha ke gore, go na le dikarolo di le pedi tse di ka akanyediwang mo kgannyeng ya go ruta: dinonofo tsa sebele tsa morutisi le tsela eo a rutang ka yone. A re boneng kafa seno se neng se le boammaaruri ka gone mo kgannyeng ya ga Jesu, mme re bone gore re ka ithutang mo sekaong sa gagwe.
Morutisi . . .
6. Ke karolo efe e nngwe ya go ruta ga ga Jesu e e botlhokwa-tlhokwa thata gore re e etse? Ka ntlhayang?
6 Mo pakeng nngwe Jesu o rile: “Thutō ea me, ga se ea me; ke ea eo o nthomileñ.” (Yohane 7:16) Mme mo pakeng e nngwe o rile: “Me le gōna lo tla itse ha ke sa dihe sepè ka nosi, me ke bua dilō tse hèla yaka Rara a nthutile.” (Yohane 8:28) Ka gone, Jesu o ne a kaela tlhokomela ya gagwe go Rraagwe wa selegodimo. Lefa e ne e le Mesia, boitlhomo jwa gagwe e ne e le go galaletsa leina la ga Jehofa, e seng la gagwe. (Mathaio 6:9; Yohane 17:26) Boikutlo jono jwa go ikokobetsa bo ne jwa thusa Jesu go nna morutisi yo o tlhomologileng. Barutisi ba Bakeresete gompieno ba tshwanetse go nna le boikokobetso jo bo tshwanang. Boitlhomo jwa bone ke go tlisa pako, e seng go bone jaaka barutisi, mme go Jehofa jaaka Mokwadi wa seo ba se rutang. Diithuti tsa bone ka gone di tla nna batlhanka ba Modimo, e seng barutwa ba motho ope.—Bapisa Ditihō 20:30.
7, 8. (a) Jesu o ne a na le boikutlo bofe jo bo molemo malebana le boammaaruri? (Pesalema 119:97) (b) Boikutlo jo bo tshwanang bo ka tokafatsa jang kgono ya rona ya go ruta?
7 Jalo akanyetsa gore Jesu o ne a tla e le gore a “shupè kaga boamarure,” mme le gore o ne a na le kitso e e feletseng kaga kgang ya gagwe. (Yohane 17:17; 18:37) Le e leng fa a ne a le dingwaga tse 12, o ne a kgatlhegela dikgang tsa Dikwalo ka mo go boteng. (Luke 2:46, 47) Go phepafetse gore, Jesu o ne a rata boammaaruri. (Pesalema 40:8) Kutlwisiso eno e e boteng le lorato lwa boammaaruri di ne tsa tlhatswa Jesu pelo gore ba bangwe ba ne ba tlhoka go utlwa molaetsa wa gagwe, mme o ne a ikemiseditse go o ruta ka botlhale jotlhe jo a neng a ka bo kgona.—Yohane 1:14; 12:49, 50.
8 Go tweng ka rona? Ka gongwe re ka tswa re itse boammaaruri fela thata, mme a re a bo rata? A re senya nako re ithuta gore re nne botswerere mo go bo diriseng? A re ipelela go buisana le ba bangwe kaga jone? Jaaka kitso ya rona ya boammaaruri e nonofa, lorato lwa rona ka jone le lone lo tla gola le tlhagafalo ya rona ya go bo abalana le ba bangwe. Mopesalema o ne a bolela fa motho yo o itumetseng e le yo “go itumèla ga gagwè go mo molaoñ oa ga Yehofa; me o akanya mo molaoñ oa gagwè motshegare le bosigo.” Ka motho yo o ntseng jalo, Bibela e re, “me leha e le eñ se o se dihañ se tla segōhala,” mme seo se akareletsa le go ruta.—Pesalema 1:1-3.
9. Ke nonofo efe e nngwe ya ga Jesu e e neng ya tlatseletsa mo kgonong ya gagwe ya go ruta mo go molemo?
9 Lefa go ntse jalo, go nna le kitso fela ka kgang nngwe ga go kitla go dira gore re nne barutisi ba ba tlhalefileng. Fa o ne o le kwa sekolong o ka ne o ne o na le moruta-bana yo o neng a itse thuto ya gagwe sentle mme a sa itse go ruta sentle. Ke ka ntlhayang fa go ne go ntse jalo? E ka tswa e le gore o ne a tlhaela nonofo e Jesu a neng a na le yone ka letlotlo: lorato lo lo boteng le kamego kaga ba bangwe. Pego e re bolelela ka tiragalo eno: “Me ea re [Jesu] a bōna machutichuti a batho, a ba tlhomogèla pelo, ka ba patikegile ba gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa.” (Mathaio 9:36) O ne a se ke a ikutlwa a lapile le ka motlha kana a tshwaregile thata go thusa ba bangwe. (Yohane 4:6-26) O ne a le bonolo, a le tsalano a bile a le pelotelele le makoa a bone. O ne a batla go thusa. (Luke 5:12, 13) Morutisi wa Mokeresete gompieno o tlhoka dinonofo tse di tshwanang fa e le gore le ene o tla atlega.
10. Ke ka ntlhayang fa sekao se se molemo e le karolo e e botlhokwa-tlhokwa mo go ruteng mo go atlegang?
10 Tlhokomela gape selo sa bone seo se neng sa tshwaya Jesu jaaka morutisi. “Eo o se kañ a diha boleo bopè, le boherehere bo se kañ yoa hitlhèlwa mo molomoñ oa gagwè.” (1 Petere 2:22) O ne a se ka a dira sepe seo se neng se ka kgoreletsa go ruta ga gagwe. A seno se boammaaruri gape ka rona? Paulo o ne a kwalela Baroma ka gore: “Wèna eo u rèrañ gore motho a seka a ucwa, a u bile ua ucwa?” (Baroma 2:21) Ka mo go tshwanang, a mogolwane yo o rutang phuthego ka botlhokwa jwa tirelo ya tshimo ene ka boene o tlhaga mo tirelong ya tshimo? A mongwe yo o neelang polelo a kgothaletsa mmalo wa Bibela ka boene o na le thulaganyo ya mmalo wa Bibela? Mo maemong mangwe boitshwaro fela kwa ntle ga mafoko, bo ‘gapa’ moganetsi. (1 Petere 3:1) Ditiro di ka bua thata go feta mafoko. Eleruri, fa e le gore ditiro tsa rona di ganetsa mafoko a rona, seithuti ka bofefo se tla lemoga pharologanyo, mme go ruta ga rona go bonala go tla nna ga lefela.
11. Ke karolo efe e nngwe gape ya go ruta e go tlotlwang ka yone fano?
11 Keletso ya morutisi ya go baka Jehofa, kutlwisiso ya gagwe le lorato Iwa boammaaruri, kamego ya gagwe e e pelonomi ka ga ba bangwe le sekao sa gagwe se se molemo tsotlhe di botlhokwa-tlhokwa mo go nneng morutisi yo o molemo. Diithuti tse di pelo-e-phepa di thuthufalelwa ke dinonofo tse di ntseng jalo le e leng fa e le gore morutisi ga a setswerere se se kalo-kalo mo go ruteng ga gagwe le mo botlhaleng jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, go ruta ke bokgoni, mme kakanyetso ya mekgwa ya go ruta le botlhale di ka tokafatsa thuto ya rona. Akanyetsa dikarolo dingwe tsa go ruta ga botlhale jwa ga Jesu mme o bone fa e le gore di ka go thusa go nna morutisi yo o botoka.
. . . le Thuto ya Gagwe
12. (a) Ke karolo efe ya go ruta ga ga Jesu e e emang ka go tlhomologa mo go Mathaio 5:3-12? (b) O ka dirisa karolo eno jang mo go tokafatseng kgono ya gago ya sebele ya go ruta?
12 Go bona mooko wa thuto ya ga Jesu, ipalele ditemana di se kae tsa ntlha tsa Thuto ya gagwe ya kwa Thabeng. (Mathaio 5:3-12) Ke eng seo se go kgatlhang fela kwa tshimologong? Tota, Jesu o ne a tlhopha mafoko a gagwe ka kelotlhoko. Dipolelo tse di khutshwane tse di tlhomaganang di ne tsa etelelwa pele ke polelwana e e reng, “Go sego ba ba . . .” di dira ketapele e e sa lebalesegeng. Mme a ke o eletlhoko gape: Gaa dirise mafoko a a raraaneng, kana dipolelo tse di motsopodia. Boammaaruri jo bo buiwang bo maatla, mme bo bolelwa ka tsela e e motlhofo. Sephiri sa thuto e e molemo ke seno: BOMOTLHOFO. Bala polelo yotlhe e e setseng ya ga Jesu mme o eletlhoko dikai dingwe tsa boammaaruri jo bo boteng jo bo builweng ka motlhofo le ka phepafalo. (Mathaio 5:23, 24, 31, 32; 6:14; 7:12) Mme o akanyetse kafa o ka tlhalosang boammaaruri jo bo boteng jo bo motlhofo ka teng, jaaka ka gongwe Metlha ya Baditšhaba, kana gore ke ka ntlhayang fa Bibela e tshotse tsholofelo ya selegodimo gammogo le ya selefatshe.
13, 14. Ditshwantsho di ne tsa tsenya botshelo mo mafokong a ga Jesu jang?
13 Jaanong bala Mathaio 5:14-16. Jesu o kgothaletsa bareetsi ba gagwe ba ba ikokobeditseng go anamisetsa boammaaruri kgakala ka mafoko a bone le ditiro tsa bone tse di molemo. Gongwe kgopolo eno e ne ya ba gakgamatsa. Mo metlheng eo bakwadi le Bafarasai ba ne ba lejwa jaaka barutisi ba morafe wa Sejuda. Mme Jesu o ne a dira gore ntlha e tlhomologe gore e tle e utlwale sentle. Jang? Ka go dirisa setshwantsho se se botswerere. Thuso ke eno he ya thuto e e mosola tota eo Jesu gantsi a neng a nna a e dirisa: DITSHWANTSHO.
14 Goreng ditshwantsho? Ka go bo mogopolo wa rona o akanyetsa dilo sentle ka ditshwantsho. Mme, ka go dirisa dilo tse di tlwaelegileng, ditshwantsho di ka dira gore dilo tsa semoya di nne motlhofo go di tshwara. Ka gone, Jesu o ne a bapisa Jehofa, ebong Moutlwi wa thapelo le rre yo o neelang bana ba gagwe dilo tse di molemo. Tsela e e bokete ya botshelo e ne ya tlhalosiwa jaaka kgoro e tshesane e e yang kwa tseleng e e pitlaganeng. Baperofeti ba maaka ba ne ba tshwantshiwa le diphiri tse di apereng jaaka dinku kana ditlhare tseo di ungwang maungo a a bodileng. (Mathaio 7:7-11, 13-21) Ditshwantsho tseno tsa botshelo jwa boammaaruri di ne tsa tsenya mafoko a ga Jesu botshelo. Dithuto tsa gagwe di ne di gakologelwa, di sa lebalesege.
15. Neela dikai dingwe tsa kafa Bakeresete gompieno ba ka dirisang ditshwantsho go tokafatsa go ruta ga bone ka gone.
15 Barutisi ba Bakeresete gompieno ba dirisa ka mo go tshwanang ditshwantsho go dira gore megopolo e mesha e amogelesege go ba bangwe segolo. Bangwe ba ile ba tshwantsha go sa utlwale ga thuto ya molelo wa dihele ka go botsa gore moreetsi o ne a ka akanyang ka motsadi yo o neng a ka otlhaya ngwana wa gagwe yo o sa utlweng ka go tsenya letsogo la gagwe mo isong. Boammaaruri jwa gore batho ba se kae ba lekanyeditswe go ya legodimong, fa gone bontsi bo na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng bo ka tshwantshiwa le morafe oo go nang le ba se kae ba ba mo pusong, fa gone bontsi bo ipelela melemo ya puso eo. Mme setshwantsho se tshwanetse gore se tsewe mo dilong tse moreetsi a tlwaelaneng le tsone. Ga sea tshwanela go tlhalosiwa sotlhe, kana sa nna seleele mo e leng gore ntlha eo e rutwang e hupediwa ke sone.
16. Ke ditshwantsho tsa mofuta ofe tse di utlwalang segolo-bogolo?
16 O se lebale gore ditshwantsho le tsone di ka nna tse di ka bonwang. Fa Jesu a ne a bodiwa gore a go siame go duela Kaesare makgetho, o ne a kopa ledi, mme a le dirisa go tshwantshetsa karabo ya gagwe. (Mathaio 22:17-22) Fa a ne a gatelela tlhokafalo ya go ikokobetsa, o ne a supa ntlha ka go bitsa ngwanyana. (Mathaio 18:1-6) Mme fa a ne a bua ka boineelo jo bo feletseng gotlhelele, o ne a supela go motlholagadi wa tota yo o neng a neela gotlhe mo a neng a na le gone—madinyana a mabedi—mo letloleng la tempele. (Mareko 12:41-44) Ka mo go tshwanang, dibui dingwe kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi di fitlhela dibolakaboroto, ditshwantsho, ditšhate le di-“slides” di thusa thata, fa mo dithutong tsa magae tsa Bibela, ditshwantsho tse di takilweng kana dithuso tse dingwe di ka dirisiwa. Ditshwantsho tse di bonwang di nonofile thata go na le mafoko fela.
17. Umaka mofuta o mongwe wa go ruta oo Jesu a neng a o dirisa gangwe le gape?
17 Kwa bofelong, bala kafa Jesu a neng a dirisana le Bafarasai ka gone mo pakeng e e begilweng go Mathaio 12:10-12. Tlhokomela kafa a neng a arabela potso e e itharileng ka botlhale ka gone. Ee, o ne a dirisa setshwantsho, a mme o tlhokometse kafa a neng a se baya ka teng? Jaaka potso. Ka gone ka botswerere o ne a kaela bareetsi ba gagwe go leba Sabata ka tsela e e lekalekanang thata. Ka gone, DIPOTSO ke thuso e nngwe e e mosola thata ya go ruta eo Jesu a neng a e dirisa. Tlhokomela kafa Jesu a neng a dirisa dipotso ka teng gore bareetsi ba gagwe ba eme mme ba akanye le go dira gore baganetsi ba gagwe ba lemoge boemo jwa bone.—Mathaio 17:24-27; 21:23-27; 22:41-46.
18. Neela dikai dingwe tsa kafa Bakeresete gompieno ba ka dirisang dipotso mo dipuisanong tsa dithuto tsa motheo ka gone.
18 Bakeresete gompieno ba ka dirisa dipotso ka mo go tshwanang. Ka gone, fa modumela Tharo-nngwe a dirisa Mathaio 28:18 go supa gore Jesu o maatla otlhe, mme ka gone o lekana le Modimo, barutisi ba ba nang le maitemogelo ba ile ba go bona go le molemo go dirisa dipotso go mo thusa gore a akanye. Ka gongwe re ka botsa jaana: ‘Fa e le gore thata yotlhe e ne ya neelwa Jesu, jaaka temana e bolela, ke mang yo o mo neileng yone? Mme boemo jwa ga Jesu e ne e le bofe pele a ne a e neelwa?’ Ka gone, modumela Tharo-nngwe o thusiwa go bona lokwalo loo mo leseding le lesha. Ka mo go tshwanang, yo o dumelang mo molelong wa dihele a ka dirisa setshwantsho sa monna wa mohumi le Lasaro go leka go supa gore molelo wa dihele o teng. (Luke 16:19-31) Dipotso tse di jaaka eno di ka mo thusa: Monna wa mohumanegi o ne a ya kae fa a ne a swa? Fa e le gore o ile kwa legodimong, a seo se raya gore mongwe le mongwe kwa legodimong o mo sehubeng sa ga Aberahame? Kwa ntle ga moo, Aberahame o ne a dirang koo, ereka Jesu a ne a bolela gore go fitlha mo motlheng wa Gagwe go ne go ise go tlhatlogele ope kwa legodimong? (Yohane 3:13) Dipotso tse di ntseng jalo di tla thusa go bontsha gore boemo jwa monna wa mohumanegi morago ga loso jaaka bo tlhalosiwa mo setshwantshong bo tshwanetse e be e le jwa tshwantshetso. Ka gone, boemo jwa monna wa mohumi fa a sena go “shwa” le jone e ne e le jwa tshwantshetso, mme ga boa tshwanela go tsewa jaaka jwa sebele—segolo-bogolo mo ponong ya seo dikwalo tse dingwe di se bolelang kaga dihele.—Moreri 9:10.
19. Ke ka ntlhayang fa dipotso di le botlhokwa jaana mo maemong otlhe a go ruta?
19 Dipotso di dira gore seithuti se nne le seabe fa se ntse se rutwa. Le e leng dipotso tse di bodiwang fela (tseo sebui se sa lebeleleng gore bareetsi ba mo arabe) di ka tsibosa go akanya ga moreetsi. Tlhokomela tiriso ya dipotso tseo di sa batleng karabo tsa ga Jesu go Mathaio 11:7-11. Dipotso di na le tiriso e nngwe gape. Gantsi re tshwanetse go itse seo se leng mo mogopolong wa motho yo o rileng pele re ka mo thusa. Ereka, re ka se bale dipelo jaaka Jesu, go na le tsela e le nngwe fela ya go bona boikitsiso jono: ka go botsa dipotso tseo di akanyeditsweng sentle ka botswerere.—Diane 18:13; 20:5.
20. Dituelo e tla nna dife fa e le gore re ‘iketse tlhoko thata le go ruta ga rona’? (1 Timotheo 4:16)
20 Ee, go ruta ke bokgoni. Go go tlhagolela, morutisi o tshwanetse go godisa dinonofo mo go ene a bo a iteke kafa a ka rutang ka gone. Ga go motlhofo, mme go ka tlhagolelwa. Lefa go le jalo, Mokeresete o tshwanetse go nna morutisi. Go diragatsa dipatelesego tse dintsi tsa Mokeresete go akareletsa le go ruta. Ka gone, re dira sentle fa re dirisa kgakololo ya ga Paulo: “U ipōnè, u bo u bōnè le go ruta ga gago.” Go boammaaruri, bangwe ka tlholego ba filwe go na le ba bangwe. Mme botlhe ba ka ruta ka katlego fa e le gore baa iteka mme ba lebelela gore Jehofa a ba thuse. Fa ba dira jalo, dituelo ke tse di senang palo. Jaaka Paulo a ne a tswelela ka gore: “U nnèlè rure mo diloñ tse; gonne ka go diha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ.”—1 Timotheo 4:16.
A O Ka Tlhalosa?
◻ Ke dinonofo dife tse di thusitseng Jesu go nna morutisi o molemo?
◻ Dinonofo tseno di tla re thusa jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa go nna motlhofo go le botlhokwa go morutisi?
◻ Ke ka ntlhayang fa tiriso ya ditshwantsho le dipotso di tlhotlheletsa go ruta ga rona?
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Jesu o ne a farologane le baeteledipele ba bodumedi ka tsela ya gagwe ya go ruta
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Jaaka Jesu, Bakeresete gompieno ba dirisa dipaka tsotlhe go ruta