Emang Le Tiile Kgatlhanong Le Maano A Ga Satane!
“Aparang diaparo tsa phemelo tsotlhe tseo Modímo o di neelang, gore lo tle lo itse go ema lo tiile kgatlhanong le maano a a boferefere a ga diabolo.”—BAEFESIA 6:11, The New English Bible.
1. Bakeresete bao ba tshelang tumalanong le ditshiamelo tsa bone ba na le seabe sefe?
BASUPI ba ba ineetseng ba ga Jehofa bao ba tshelang tumalanong le ditshiamelo tsa bone ba ipelela paradaise ya semoya. Fa moperofeti wa Modimo Isaia a tlhalosa boemo jwa bone jwa motlha wa segompieno ka boperofeti o kwadile jaana: “Ediha gōna tshiamishō e tla agañ mo e leñ naga hèla, le tshiamō e nna mo leoteñ ye le uñwañ. Me tihō ea tshiamō e tla nna kagishō; le se se tla cwañ mo tshiamoñ e tla nna lodule le boikanyō ka bosakhutleñ.”—Isaia 32:16, 17.
2. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go disa ka metlha?
2 Go boloka boemo jo bo molemo jono, re tshwanetse go disa ka metlha, gonne Satane Diabolo o eletsa boemo jwa rona jo bo itumedisang le jo bo atlegang jwa semoya. Jaaka Goga wa Magoga ka bonako o tla simolola tlhaselo ya makgaola-kgang kgatlhanong le batho ba ga Jehofa. (Esekiele 38:8-12) Mme gone jaanong gaa nna fela. Tota-tota, ereka a itse gore o saletswe ke lobaka lo lo khutshwane, jaanong o galefetse batlhanka ba ga Jehofa thata go feta lefa e le leng pele.—Tshenolō 12:12, 17.
3. Ke ka ntlhayang fa Satane a galefetse batlhanka ba ga Jehofa?
3 Satane o laola lefatshe leno la batho ba ba bosula. (Baefesia 2:1, 2; 1 Yohane 5:19) Bano botlhe ba mo letlhakoreng la gagwe la kganetsano e kgolo ya bolaodi jwa lobopo. Ba neela Satane karabo e e siameng ka go belaela gore a go ka nna le batho ba ba ka bolokang bothokgami jwa bone go Jehofa Modimo. (Diane 27:11) Go galefisa Diabolo gore le e leng Bakeresete ba sekae ba mo supa e le moikgogomosi wa lefela le moaki yo mogolo. Ka jalo o dirisa maano otlhe, boferefere jotlhe, tse di mo taolong ya gagwe go fenya batlhanka ba ba ikanyegang bano ba ga Jehofa. Ka gone, “re lwa le . . . mashōmoshōmo a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.”—Baefesia 6:12.
4. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go dira ka thata go fenya makoa a rona?
4 Ka gone, o dira sentle go ipotsa jaana, ‘Nka ema ke tiile jang kgatlhanong le Mmaba yo o maatla yono?’ Jaaka re setse re bone, o dirisa makoa a nama e e weleng go thaisa Bakeresete. Re ka ne re sena bokoa jwa go nna botswa ka borona, mme re ikgogomosa. Re ka ne re sa ineela thata mo menateng ya nama, mme re ka nna bogagapa mo go bapaleng dikhumo. Ka gone re tlhoka go dira ka thata go fenya makoa a rona, re ganetse Diabolo gore a tle a re tshabe.—Yakobe 4:7.
Dibolao tsa Rona tsa Semoya
5. Ke ka lebaka lefe re tlhokang go apara diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo?
5 Mmaba wa rona o tswelapele go dirisa maano a a tshwanang gangwe le gape. Jalo ka go ithuta Lefoko la Modimo re ka tlhagafalediwa maano ao Satane a ntseng a a dirisa e sale ka metlha ya Bibela, mme re ka ithuta ka moo re ka emang re tiile kgatlhanong le ene ka gone. Moaposetoloi Paulo o kwadile jaana: “Aparañ diaparō tsa phemèlō cotlhe tsa Modimo, gore lo tlè lo itse go ganèla le maanō a boherehere a diabolo.” Gape o tlhotlheleditse ka gore: “Lo tseeñ dibolaō cotlhe tsa Modimo, gore lo itse go ema mo motlheñ oa boshula, le go re lo sena go diha gotlhe, lo bo lo nntse lo eme.” Tlhokomela gore Paulo o otlelela go aparwa ga “diaparo tsa phemèlō cotlhe tsa Modimo.” Go ka nna kotsi go tlhaela lefa e ka nna karolo e le nngwe ya dibolao tseno tse di baakanyeditsweng ke Modimo, gonne Satane o tla se lemoga mme o tla lebisa tlhaselo sentle mo ntlheng eo e e sa sirelediwang. Seno se tla itshupa se le kotsi go rona semoyeng.—Baefesia 6:11, 13.
6. Go nna le ‘matheka a a tlamilweng ka boammaaruri’ go re tlhoka eng?
6 Moaposetoloi o simolola ka go re tlhotlheletsa ka gore: “Ke gōna, le èmeñ lo itlamile mo dithekeñ ka boamarure.” (Baefesia 6:14) Moitlamo wa sesole wa metlha ya bogologolo e ne e le lebanta la letlalo leo le aparwang mo lethekeng kana mo dinokeng. Gantsi le ne le apesitswe ka dipapetlana tse dinnye tsa tshipi, go neela ka tshireletso e e oketsegileng. Gape di ne di direla jaaka setshegetso sa tšhaka kana lerumo tsa motlhabani. Go kaya eng gore Mokeresete a itlame letheka ka boammaaruri? Go itlama ka boammaaruri jwa Lefoko la Modimo go kaya go le tshwara thata, gore re tle re kgone go dirisa Dikwalo go araba dipotso. Jaaka moitlamo wa sesole e ne e le wa go itshireletsa, jalo boammaaruri bo tla re naya tsholofelo go rwala merwalo ya rona. Ruri he, go boloka megopolo ya rona e tshwaregile ka dinnete tsa Modimo go tla re thusa go ema re tiile kgatlhanong le Satane.
7. Go kaya eng go apara “letlatla ya tshiamō ya sehuba”?
7 Gape moaposetoloi o re bolelela gore re ‘apare letlatla la tshiamo la sehuba.’ (Baefesia 6:14) Mo metlheng ya Bibela letlatla la sehuba le ne le dirwa ka dipapetlana tsa tshipi, diketane tse di lomaganeng kana tshipi e e popota mme e direla go sireletsa pelo segolo. Go apara letlatla leno la tshiamo la sehuba re tshwanetse go ‘dibela pelo tsa rona,’ go feta dilo tsotlhe. (Diane 4:23) Ke fela moo re ka kgonang go ema re tiile kgatlhanong le Satane ka go tlhotlhelediwa go direla Jehofa le go tshela matshelo a a phepa ao a thibelang go nna ga rona tlhotlheletso ya boitsholo jo bo tshwaetsang mo bathong ba ga Jehofa.—1 Petere 1:14-16.
8. Go kopanyelediwa eng gore “mo dinaoñ lo bo lo rwele iketleeco ea Mahoko a a Molemo a kagishō”?
8 Morago Paulo o umaka go re “mo dinaoñ lo bo lo rwele iketleeco ea Mahoko a a Molemō a kagishō.” (Baefesia 6:15) Go kaiwa eng fano? Gore re nne re tlhagafetse tota mo go rereng molaetsa wa Bogosi ka mokgwa wa kagiso, le eleng jaaka Jesu a ne a laela baefangele ba le 70 a re: “Me ntlo e lo tsenañ mo go eōna leha e ka nna ehe, e re pele, lo re, A kagisho e nnè le ntlo e.” (Luke 10:5) Ga re ele go ganetsana le batho. Go na le moo, re ba isetsa kgomotso, boitumelo, kagiso ya mogopolo le tsholofelo. Satane o tla leka go tsosa kganetsano le ntwa mo bareetsing bangwe go re dira gore re arabele ka mo go tshwanang. Ka gone, go ema re tiile kgatlhanong le maano a ga Satane re tlhoka go nna botlhale le pelotelele, re nna “dilō cotlhe mo bathuñ botlhe.”—1 Bakorintha 9:19-23.
9. Dithebe le metswi e e molemo tsa bogologolo di ne di tshwana le eng?
9 Fa moaposetoloi a tswelapele, o gakolola jaana: “Lo tseè thèbè ea tumèlō, e e leñ eōna lo tla itseñ go tima mecwi eotlhe e e molelō ea eo o boshula ka eōna.” (Baefesia 6:16) Lefoko la Segerika fano le le ranoletsweng “thèbè” le kaya e kgolo mo go lekaneng go sireletsa mmele otlhe. Mabapi le “mecwi . . . e e molelō,” Baroma ka dinako dingwe ba ne ba dira metswi ka letlhaka la metsi leo le nang le phatlha e ba e tlatsang ka lookwane lo lo tukang. Paulo o ka ne a ne a umaka metswi e e ntseng jalo e e tukang.
10. Satane o dirisa eng jaaka “mecwi . . . e e molelō”?
10 Satane o thunyetsa “mecwi . . . e e molelō” ya mefuta e e farologaneng go Bakeresete. Mo gare ga “mecwi” eno go tshotlo, kgobo le tshebo tse di lebisiwang go batho ba Modimo ke baba ba bone. “Mecwi” eno e ka nna gape maiteko a ba bangwe go kgoba batlhabani ba Bakeresete marapo ka ntlha ya go fokotsega ga matswela a tirelo ya bone ya bodihedi kana tlhaelo ya go tswelapele mo go fenyeng makoa a nama. Gape se se akarelediwang ke mafoko a a botlhoko, kgobo le go sokamisa se se builweng. Ka dinako dingwe, Satane o ne a gobatsa Bakeresete ka go tsosa keletso ya bone ya go ithuta botlhale jwa Lefatshe jo bo amanang le boloi kana botlhale ka ga tshimologo le bokhutlo jwa motho. O tshwanetse go tila “dilō tse di boteñ tsa ga Satane,” tse di ntseng jalo ka tlhoafalo. A o dira jalo?—Tshenolō 2:24.
11. Bogolo le mosola wa thebe ya rona ya semoya di ikaegile ka eng?
11 Go sireletsa dipelo tsa rona kgatlhanong le “mecwi . . . e e molelō” ya ga Satane, re tlhoka thebe e kgolo le e e thata ya tumelo. Gore e tla nna bogolo jo bo kana-kang le go se phunyege ga yone go tla ikaega segolo mo go rona. Re tla tlhoka tshireletso e e tlhokegang go ya bokgakaleng jwa gore re swele lobaka molemo ka thuto ya botho ya Bibela, go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo le go kopanela le basupi ka rona ba ga Jehofa. Eleruri, re tlhoka go dirisa seo re se ithutang, gonne “tumèlō ha e tlhalanye le ditihō e shule.” (Yakobe 2:26) Ka gone, nngwe ya ditsela tse di molemo-lemo ya go godisa le go nonotsha tumelo ya rona, mme ka gone re kgone go ema re tiile, ke go dira maiteko a a tlhoafetseng go tlhotlheletsa tumelo mo go ba bangwe.
12. Tlhoro ya rona ya semoya ke eng, mme e na le mosola ofe mo go rona?
12 Paulo o tswelela ka gore: “Me lo tseè tlhoro ea phemèlō ea polokō.” (Baefesia 6:17) Mo metlheng ya bogologolo, ditlhoro dingwe di ne di dirwa ka meseme, dingwe ka lesela le le matobetobe kana letlalo mme tse dingwe ka tshipi. (1 Samuele 17:38) Mme tlhoro ya rona ya semoya e dirilwe ka eng? Paulo o boleletse Bakeresete ba Thesalonia gore: “A re nneñ boitekanèlō, re apare . . . cholohèlō ea polokō e nnè eōna tlhoro ea phemèlō.” (1 Bathesalonia 5:8) Ee, tsholofelo ruri e ka re sireletsa mo ditsuatsueng le mo go gobadiweng ke Satane le baemedi ba gagwe. “Cholohèlō” e e tiileng le e e theilweng mo Bibeleng “ga e tlhabise ditlhon.” (Baroma 5:5) Tsholofelo e e ntseng jalo e tla re sireletsa kgatlhanong le megopolo ya dikhumo, gonne e tla re tlhotlheletsa go batla pele Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 6:33; Luke 12:31.
13. “Chaka ea Mōea” ke eng, mme mosola wa yona ke ofe?
13 Kwa bokhutlong, re tla mo karolong e le nngwe ya sebolao se re tlhabanang ka sone, “chaka ea Mōea, e e leñ lehoko ya Modimo.” (Baefesia 6:17) Lefoko la Segerika fano le le ranoletsweng “chaka” le kaya tšhaka e khutshwane eo e tshwanang le lerumo, e e kgothaletsang go Iwa le atamalane. Ka kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo, re ka tlhaba le go kgaola dithuto tsa maaka, re tlhagise go tlhoka tlhaloganyo ga tsone mme, ka mo go kgethegileng, go Iwa ga tsone le Dikwalo tse di Boitshepo. (2 Bakorintha 10:4) Re dira seno e seng ka go ikgogomosa mme ka boikokobetso le ka go rata Modimo, boammaaruri le batho ka rona. Se se itumedisang, ke gore ka thuso ya dibuka tsa Bokeresete tsa boammaaruri, re ka “ngaparela lefoko la botshelo.”—Bafilipi 2:16, NW.
Dinonofo tsa Bokeresete jaaka Dithuso
14. (a) Ke ka ntlhayang fa re sena lebaka la go ikgogomosa? (b) Ke ka ntlhayang fa re tlhoka go ikokobetsa gore re eme re tiile kgatlhanong le Satane?
14 Mo godimo ga dibolao tsa rona tsa semoya, dinonofo tsa Bokeresete di tla re thusa gape go ema re tiile kgatlhanong le Diabolo. Ereka Satane a ipiletsa mo boikgogomosong, go ikokobetsa ga rona le go nna ga rona le moya wa maikutlo a a itekanetseng go tla re thusa mo ntweng ya rona kgatlhanong le ene. Eleruri, ga go Mokeresete ope yo o tshwanetseng go “ikgopola bogolo go chwanèlō ea gagwè ea go ikgopola.” Fa re sena go dira sengwe le sengwe seo re se abetsweng go se dira, re tshwanetse go ka re: “Re batlhanka ba re senañ molemō; re dihile se e neñ e le chwanèlō ea rona go se diha hèla.” Kwantle ga moo, re tlhoka bopelonomi jwa Modimo go ema re tiile kgatlhanong le Satane mme gore re nne le jone re tshwanetse go ikokobetsa, gonne “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, me ba ba ikokobetsañ o ba neè tshegōhaco.”—Baroma 12:3; Luke 17:10; Yakobe 4:6.
15. Boikgapo bo na le mosola ofe mo go emeng ga rona re tiile?
15 Boikgapo ke nonofo e nngwe ya Bokeresete eo e tla re thusang go ema re tiile kgatlhanong le Satane. Go palelwa ke go laola maikutlo a rona a a jaaka bogale, kana a go ja le go nwa, kana a go dirisa dikamano tsa kafa dikobong bobe re tla nna mo kotsing ya ditlhaselo le maano a a boferefere tsa ga Diabolo. Fa re “tshela . . . mo dithatoñ tsa nama ea rona,” tota re ne re tsamaya “kaha mokgweñ oa lehatshe yenō, kaha taoloñ ea [Satane Diabolo] kgōsana ea thata ea loapi, ea mōea o gompiyeno o dihañ mo baneñ ba ba kgōpō.” (Baefesia 2:1-3) Fa re letlelela megopolo le maikutlo tse di bogagapa le tse di maswe go re laola, re mo kotsing ya go raelwa ke Diabolo go dira thato ya gagwe. (2 Timotheo 2:26) Go ema re tiile kgatlhanong le ene, re tshwanetse go laola megopolo le maikutlo gammogo le mafoko le ditiro tsa rona ka tlhomamo. Re tshwanetse go ruta megopolo ya rona go akanya ka dilo tse di molemo, tse di siameng, tse di itshekileng le tse di rategang.—Bafilipi 4:8.
16. Ke ka ntlhanyang fa lorato lo lo seng bogagape lo ka re thusa go ema tiile?
16 Lorato lo lo seng bogagapa lo tla re thusa segolo go ema re tiile kgatlhanong le Satane Diabolo. O bonako go ipiletsa mo mokgweng ope wa bogagapa o a ka o bonang mo go rona. Go sirelediwa ga rona mo ditlhaselong tsa ga Satane go ikaegile ka lorato Iwa rona lo lo seng bogagapa go re boloka re tshwaregile mo tirelong le mo kobamelong tsa ga Jehofa. Ke sebaka sefe se a ka nnang le sone mo go rona fa re rata Jehofa ka pelo, moya, mogopolo le nonofo tsa rona tsotlhe? Lorato lo re dira gore re amege gape ka poloko ya ba bangwe, mme seno se tla re thusa go tlhomamisa poloko ya rona. (Mareko 12:30, 31; 1 Timotheo 4:16) Fa fela re bontsha lorato mo dikarolong tse di bonalang tsa lona, Satane kana mongwe wa baemedi ba gagwe, ba bonala kana ba sa bonale, ga go ope yo o tla kgonang go koafatsa go ema ga rona kgatlhanong le bone.—1 Bakorintha 13:4-8.
17. Ke ka ntlhayang fa thapelo e le ya botlhokwa jaana mo go emeng ga rona re tiile?
17 Gore re kgone go ema re tiile kgatlhanong le maano a ga Satane re tshwanetse gape ra dirisa thapelo ka botlalo. Ka ntlhayang? Gonne re ka se kgone go fenya ka nonofo ya rona fela. Re tlhoka thuso e e tswang godimo. Morago ga go tlhalosa dibolao tsa semoya, Paulo o kgothaletsa badumedi ka ene go ‘rapela ka metlha yotlhe mo moyeng, ka thapelo yotlhe le kokotlelo.’ Mo ntlheng eo ba ne ba tshwanetse go nnela “gōna ka bocwèlèlō pele yotlhe, lo nntse lo kokotlèlèla baitshepi botlhe,” go akareletsa le moaposetoloi yono.—Baefesia 6:18, 19.
18, 19. (a) Pako le tebogo di ka re thusa jang? (b) Topo le kokotlelo di na le mosola ofe?
18 “Ka thapèlō eotlhe” go akareletsa eng? Tsela e nngwe ya go rapela ke ya pako. Ruri ka ntlha ya seo Jehofa a leng sone, dinonofo tsa gagwe le boemo jwa gagwe mo lobopong, o tshwanelwa ke pako ya rona. (Pesalema 33:1) Tsela e nngwe gape ya go rapela ke go leboga. Abo re na le mabaka a a utlwalang jang ne a go leboga Monei wa “nèō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe”! (Yakobe 1:17) Ka mo go tshwanetseng segolo, re gakololwa go “baka Yehofa ka ntlha ea ditihō tsa gagwè tse di gakgamatsañ mo baneñ ba batho.” (Pesalema 107:31) Go nna ga rona le dipelo le megopolo tse di anaanelang go tla re thusa eleruri go ema re tiile kgatlhanong le Satane.
19 Topo ke tsela e nngwe ya go rapela. Re ka kopa ka tshwanelo dilo tse di ntseng jaaka botlhale (Yakobe 1:5), moya o o boitshepo (Luke 11:13), go itshwarelwa dibe (1 Yohane 1:9; 2:1, 2) le tshegofatso ya Modimo mo maitekong a rona (Pesalema 90:17). Gape go na le kokotlelo. Go kaya go kopa Jehofa Modimo ka tlhoafalo, jaaka mo dinakong tsa kgatelelo kana tsa pitlagano e kgolo. Ka gone fa Paulo a ne a le mo kgolegong o ne a kopa gore a direlwe kokotlelo. (Baefesia 6:18-20) Ditsela tseno tsa go rapela ruri di tla re thusa go ema re tiile kgatlhanong le Satane.
Ikaelele go Ema O Tiile
20, 21. Re ka nna ba ba fentseng gotlhelele jang?
20 Gompieno batho ba ga Jehofa jaaka setlhopha eleruri ba ipelela masego a paradaise ya semoya. Mme rona batho ka nosi ga rea tshwanela go tsaya go tswelela re nna le seabe mo tshegofatsong eno motlhofo. Re tshwanetse go disa ka metlha, re eme re tiile kgatlhanong le Mmaba wa rona, Satane Diabolo.—1 Petere 5:8, 9.
21 Jaaka re setse re bone, Diabolo o na le maano a mantsi, mme leano la gagwe ke go roba bothokgami jwa rona le go dira gore re emise go direla Jehofa Modimo. Mme Satane a ka se re fenye fa re boloka dibolao tsa rona tsa semoya tsa Modimo, re tswelapele go tlhagolela maungo a a ntseng jalo a moya wa gagwe jaaka lorato le boikgapo, le go nna mo thapelong. Ka gone, ka thuso e e lorato e e tswang go Modimo wa rona, Jehofa, re tla tlhomelelwa ka botlalo gore re eme re tiile kgatlhanong le maano a ga Satane.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlhayang fa Satane a galefetse batlhanka ba ga Jehofa?
◻ Dibolao tsa semoya tsa Mokeresete di kopanyeletsa eng?
◻ E mengwe ya “mecwi . . . e e molelō” ya ga Satane ke efe, mme re na le tshireletso efe mo go yone?
◻ Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go ikokobetsa gore re eme re tiile kgatlhanong le Diabolo?
◻ Ke ka ntlhayang fa thapelo e le ya botlhokwa jaana mo go emeng ga rona re tiile?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Go rapela ka metlha go tla thusa lelapoa go lwa le ditlhaselo tsa ga Satane