Pego ya Baboledi ba Bogosi
Boammaaruri jwa Bibela bo Fetola Matshelo
SAULO WA KWA TARESO o ne a ikanyegile go bodumedi jwa gagwe fa a ne a bogisa Bakeresete ba boammaaruri le e leng go ya “loshuñ.” (Ditihō 22:4; 26:10, 11) Mme o dirile seno ka go tlhoka kitso. (1 Timotheo 1:13) Batho ba bantsi bao ba ikanyegang mme ba foufaditswe ke bodumedi ba tshwana le Saulo mme ba ganetsa Bokeresete jwa boammaaruri. Mme fela jaaka Saulo a ile a nna Mokeresete morago ga go ithuta boammaaruri, ba bantsi gompieno ba fularela bodumedi jwa maaka mme ba ngaparela tumelo ya boammaaruri.
◻ Ka sekai, modiakone wa Kereke ya Protestanta ya Mathahiti kwa New Caledonia mmogo le mosadi wa gagwe, yo e neng e le modiakone, ba ne ba leleka morwadia bone le monna wa gagwe bao ba neng ba nna Basupi ba ga Jehofa. Fa bana ba bannye ba ne ba kgatlhegela Blbela fa ba ne ba rutwa ke Basupi ba ga Jehofa, batsadi ba ne ba neela taolo eno: “Re tsweleng ka ntlo kana lo kgaogane le Basupi ba ga Jehofa.” Ba ne ba tloga mo gae.
Mme batsadi ba ne ba ipotsa fa tsela ya bone e ne e tshwanela. Jalo rre o ne a dira tshwetso ya go batlisisa ka ga ditumelo tsa Basupi ba ga Jehofa. Puisano ya gagwe le mogwe wa gagwe wa Mosupi e tsere dioura di le dintsi. Phelelo e nnile efe? Rre o ne a lemoga boammaaruri jwa mmatota jwa Bibela mme a umaka gore o nnile a bo emela dingwaga di le 60. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba tlogela kereke, ba simolola go ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa ka metlha le lelapa la bone lotlhe, mme ga jaanong ba anamisa dithuto tsa Bibela ka ntlo le ntlo mmogo le bone.
Fa monna yono a ka bo a sa ikokobetsa le go ipha nako ya go batlisisa, a ka bo a sa bona boammaaruri. Ga jaanong lelapa lotlhe le direla Jehofa ka boitumelo. Boammaaruri jwa Bibela bo fetotse matshelo a bone.
◻ Boitemogelo jo bongwe jwa kwa New Caledonia le bone bo otlelela ntlha ya gore boammaaruri jwa Bibela bo fetola matshelo. Setlhopha sengwe sa bomorafe seo se itsiweng jaaka Ma-Wallisia ke Makatoliki tota. Gantsi ba gana puisano epe le Basupi ba ga Jehofa. Mme lekawana lengwe le ne la bua le Basupi mme le bo le kgatlhegela seo le neng la se ithuta go tswa mo Blbeleng. Kgaitsadie o ne a ithuta le baitlami ba Makatoliki, mme ka letsatsi lengwe o ne a nna le kgaitsadie fa a ne a buisana le Basupi ba ga Jehofa ka Bibela. Phelelo e nnile efe? “O ne a arabelwa dipotso tseo a neng a ntse a di botsa baruti le baitlami dingwaga-ngwaga. Go mo tsere ngwaga go ithuta thuto ya Tharo-nngwe, mme phelelo e ne e se e e kgotsofatsang. Ka nako eo, fa a na le Basupi ba ga Jehofa, o ne a bona karabo e e phepafetseng mo dioureng di le mmalwa,” pego e rialo. O ne a tlogela Kereke ya Katoliki ka bonako, mme ene le kgaitsadie ba ne ba supela lelapa la bone. Mmaabo o ne a tlogela “Légion de Marie” mme a bo a fisa ditshwantsho tsa gagwe ka go re: “Ga le bolo go ntsietsa ka dingwaga tse dintsi!” Motho le kgaitsadie ga jaanong ke Basupi ba ba kolobeditsweng, mme batho ba le lesome mo lapeng ba ya dipokanong. Mmè, barwa ba le bararo le morwadi ke baboledi ba ka metlha ba Bogosi.
Abo go ipedisa jang ne go bona ba ba pelo di ikanyegang ka bopelo-e-phepa ba tswa mo lefifing la bodumedi jwa maaka ba tla mo leseding la boammaaruri leo Jehofa a le neelang ka Dikwalo! Ruri boammaaruri jwa Bibela bo na le maatla mme bo fetola matshelo.—Bahebera 4:12.