Go Ntšhafadíwa ga Bodumedi kana Masetlapelo a Semoya?
“Puo ya thapelo, tlhatlhanyo, kobamelo le thuto ya Bibela di emiseditse dintwa tsa badumedi mo dikerekeng tse dintsi. . . . Balebeledi ba re seo ditshekamelo tseno di se bontshang, ke boikaelelo jo bo bonweng bosheng ke bao ba tumelo ya bodumedi ‘go batla se se boitshepo’ mo bathong bao ka bontsi ba katogelang kgakala le metheo ya bodumedi.”—U.S.News & World Report.
“Kwa Eastern Europe yotlhe, go na le ditshupo tsa go ntšhafadiwa ga bodumedi. . . . Kwa Hungary, Czechoslovakia, East Germany le Poland, baruti le baithuti ba re dipalo tse di golang tsa batho di ya—kana di boela kwa—dikerekeng. . . . Basha ba botsa jaana, ‘Re tshelelang?’”—The New York Times.
AMME re bona go tsosolosiwa semoyeng go ya ka dipego tse di ntseng jaaka tseno? Lemororo kgolo ya mo dikerekeng e boetse moragonyana go na le ya palo ya batho, dikoketsego tse di rileng di nnile tsa bonala fano le fale mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng. Baeteledipele bangwe ba dikereke ba leba seno jaaka tshupo ya go tokafala ga go wa ga dikereke go go nnileng teng fa e sale ka 1960, mme dilo di ntse di tlhabologa. Go sa kgathalesege gore a go ntse jalo kana nnya, re ka botsa jaana: Ke ka ntlhayang fa batho bano ba retologela kwa dikerekeng?
Go “Ntšhafadiwa” Ke ga Eng?
“Batho ba tshwerwe ke tlala ya mmatota, boikutlo jwa gore go tlhaela sengwe mo botennye jwa bomoya jwa bone,” go umakile jalo moperesiti wa kereke ya “Episcopal” wa Mo-Amerika, eleng Tilden Edwards. Ka mafoko a mangwe, go bonala gore batho ba ba oketsegileng ga ba sa tlhole ba itumedisiwa ke tsela ya botshelo ya dikhumo le ya lefatshe, mme ba batlisisa bokao le boikaelelo tsa botshelo. Ba bangwe, bao ba boifang go nyelediwa ke nuklea kana bokebekwa le thubakanyo, kana le e leng go amega ka mahutsana a botho, ba retologela kwa bodumeding go bona kgomotso.
Diphelelo tse di sa itumediseng tse di bonalang tsa tshekamelo eno ke go tlhongwa le go gola ga bodumedi jwa kwa Botlhaba mo Bophirima. Ditempele, mafelo a a boitshepo, mafelo a bodumedi a kobamelo, mafelo a go tlhatlhanya, jalo le jalo, a gola ka bonako mo ditoropong le mo mafelong a selegae kwa dinageng tsa Bophirima. Go na le ditlhopha tse dingwe gape tse di bonalang tseo di dirang dithuto tse di tshwanang le “Yoga,” go tlhatlhanya ga semoya, “Zen” le “Hare Krishna.” Go ya ka mogopolo wa balaodi bangwe ba bodumedi, ditumelo tseno tse di sa “tlwaelegang” di bonala di neela batho ba bantsi ba kwa Bophirima seo ba se batlang: motlhotlheletsi yo o ka ba bolelelang seo ba ka se dirang, tsela ya go kaela matshelo a bone, boikutlo jwa go wela mo setlhopheng se se rileng sa batho le boemo jwa go nna le kagiso ya ka mo teng kana go ikitse.
Ntšhafatso kana Masetlapelo?
Lebaka la go bo batho ba retologela kwa bodumeding go bona dikarabo fa ba lebane le dipaka tse di tlhokofatsang le tse di kotsi, kana fa ba tshwentswe ke tsela ya bone e e senang bokao ya go tshela, e dumalana le boammaaruri jo bo ka se ganediweng jo bo umakilweng ke Jesu Keresete: “Motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.” (Mathaio 4:4) Tsela ya go tshela ya dikhumo ka boyone ga e neele nonofo le boitshoko tseo di tlhokafalelang go thulana le mathata a mantsi a gompieno.
Tota-tota, balebeledi bangwe ba dumela gore bofeela jwa semoya bo ikarabelela, ka bontlhanngwe, malwetsi a mantsi a batho ba motlha wa gompieno. “Go palelwa ga maikutlo a batho, ba ba ganediwang tekanyo ya bomodimo, e nnile ntlha-kgolo mo bokebekweng jo bogolo jwa lekgolo leno la dingwaga,” go buile jalo mokwadi yo o tlhomologileng wa Mo-Russia Alexander Solzhenitsyn.
Ereka re lebane le masetlapelo ano a semoya, re tshwanetse go botsa jaana: A dikereke di ikaeletse go sikara tiro ya go kgotsofatsa ditlhokafalo tsa semoya tsa bao ba retologelang go tsone? A batho bano ba ka bona kaelo ya semoya le nonofo tseo ba di batlang? Ka tlhamalalo re ka re, a bodumedi bo ka lebana le masetlapelo a motlha wa gompieno?