‘Re Itumetse Thata Jang Ne!’
Mosadi mongwe o ne a bolela gore seno se ne se le boammaaruri ka ntlha ya go bala buka ya “Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa.” O tlhalositse jaana:
“Ditsala di ne tsa naya nna le monna wa me sekaelo sa buka eno mme e dirile pharologanyo e kgolo mo matshelong a rona. Ka bobedi jwa rona re amogela madi a mmuso mme nna ke golofetse. Ka go tIhoka lesego re ne re na le dipono tse di sa tshwaneng tseo di neng di dira gore re se itumele. Fa e sale re bala buka ya lona re lemogile gore ka bobedi jwa rona re na le diphoso mme re leka ka natla go di siamisa. Re itumetse thata jang ne, mme abo go utlwisa botlhoko jang ne ka go bo re ne re sa itse kaga buka eno dingwaga tse di fetileng! Go ne go tla itumedisa fa banyalani bangwe le bangwe ba ne ba ka newa sekaelo fa ba ne ba nyalana pele. Gore go se itumele go go kana-kana go tle go tilwe!”
Fa o eletsa go thusiwa mo go direng lapa la gago gore le nne le le itumedisang, le wena, o ka solegelwa molemo mo bukeng eno. Amogela sekaelo ka go tlatsa le go romela pampitshana eno.
Tswee-tswee romelang, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe di le 192 ya “Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa.” Ke romela le disente di le R1.40.