‘Dipaka tsa Rona tse di Tlhokofatsang’—Lelapa la Gago le Amega Jang?
“Lefa le ka tlhola le nyatsega jang, ga go na lefelo le le tshwanang le legae.”
GA KWALA jalo motlhami John Howard Payne. Mme seo e ne e le dingwaga tse di 160 tse di fetileng. Mo lefatsheng la segompieno go tlhagile sebopego se se farologaneng. “Goora motho go thebe phatswa” gantsi go fetogile botlhabanelo. Lorato le kamego tsa tlholego tseo re tshwanetseng go di lebelela mo teng ga lelapa ga di teng mo magaeng a le mantsi. Mme ka ntlhayang? A go na le sengwe se se sa tlwaelegang kaga mathata a a ntseng jalo a lelapa mo motlheng wa rona?
Lelapa la Lekgolo la Bo-20 la Dingwaga
Mo makgolong a dingwaga a a fetileng lelapa gantsi e ne e le motswe o o tshegeditseng itsholelo, ke gore, botlhe—batsadi le bana—ba ne ba dirisanya-mmogo mo go ageng ntlo, mo go direng dilwana tsa ntlo, mo go tlhagoleng masimo, le mo go tlhokomeleng leruo. (Genesise 37:2; Diane 31:16) Mme fa e sale go simologa madirelo dilo di ne tsa fetoga.
Jaaka fa merafe ya Bophirima, segolobogolo e ntse e fetogela mo madirelong, malapa a le mantsi a ne a fudugela kwa ditoropong go ya go senka tiro mo difeketering. Jaanong batho ba ne ba tshwanelwa ke go tloga kwa magaeng letsatsi le letsatsi go ya go dira. Nako ya gore malapa a ka nna mmogo e ne ya ngotlegela pele. Dilo tse di etsang diaparo le dilwana tsa ntlo, di ne tsa rekwa mo boemong jwa gore di dirwe. Mme jaaka buka ya The Family, Society, and the Individual e kwala jaana:
“Diphetogo tseno, jaaka fa go ka lebelelwa, di ile tsa nna le phelelo e e tshwaegang mo . . . botshelong jwa legae. Lelapa ga le sa tlhole le tlhagisa sepe jaaka motswe wa itsholelo. Fa e sale go ntshiwa taolo ya go tsena sekolo ka pateletso le ya melao ya pereko ya bana, bana ba ile ba nna sekoloto sa itshololelo go na le poelo.” Seo se felela ka eng mo mekgweng ya go godisa bana? “Sebopego sa gore rre e nne ene tlhogo ya lelapa se ne sa fetoga, mme kotlhao le tlotlo ya taolo di ne tsa seka tsa tlhola di nna metheo ya botshelo jo bo molemo.”
Diphetogo tse di ntseng jalo ke tse di tlhomologileng mme di baketse lelapa la lekgolo la bo-20 la dingwaga mathata. Mme jono ga se bothata fela jwa mafatshe a Bophirima. Mafatshe a a dirilweng dikolone le go tla ga madirelo di ile tsa tlhakatlhakanya ditiro tsa setso tsa lelapa le e leng mo Mafatsheng ao go tweng a Humanegile. Mo mabakeng mangwe basadi ba ile ba ganana le go sa lejwe jaaka balekane. Ka gone mosadi mongwe wa Mo-Afrika o ne a ntsha selelo seno: “Ke eng fa banna ba re sikarisa merwalo? Ke ya kwa tshimong ke sikere mogoma mo legetleng mme ebile ke belege ngwana. Ene a sa tshola sepe. Go tswa foo ke boa ka mogoma, ngwana, ebile ke rwele kgamelo e tona ya metsi mo tlhogong. Ene a ntse a sa tshola sepe. O senya madi mo bojalweng, e seng mo go rona kana mo baneng. Re tlhakanela tiro, kana re dira bontsi jwa yone, mme o tsaya madi otlhe fela a re bolelela gore ke a gagwe—a re o a bapetse. Ke boeleele.”
Lelapa la lekgolo la bo-20 la dingwaga le ile la ikutlwela phelelo ya selo sengwe seo se iseng se ko se itemogelwe gope pele mo ditiragalong—thelebishene. Go hopholediwa gore ka nako ya fa mosha a tla bo a le dingwaga tse 18, o tla bo a setse a kile a lebelela thelebishene mo e ka nnang dioura tse 15 000 fa go bapisiwa le mo e ka nnang dioura tse 11 000 tse di dirisiwang mo tlelaseng. Fa ngwana wa Mo-Amerika a tla go nna dingwaga tse 14, o setse a ile a bona batho ba le 18 000 ba bolawa mo thelebisheneng. Ka phelelo efe? Buka ya Childstress!, ka M. S. Miller e araba jaana: “Baithutatlhaloganyo le baatlhodi ba le bantsi ba kaya fa thelebishene e ikarabelela thubakanyo e e dirwang ke basha. Fa ngwana wa dingwaga tse di ferang bongwe a sena go kganelela batho mo bankeng nngwe mo Motseng wa New York ka tlhobotswana ya go tshameka, a batla didolara tse di lekgolo, o ne a re ke ka go bo ‘ke bonye mathaka a dira jalo mo thelebisheneng.’” Makasine wa The Family Coordinator o oketsa ka gore: “Fa phelelo e e bosula ya go lebelelwa ga yone ke bana e ka se swediwe ka kgagamalo gore e dirwa ke yone, go phepafetse gore dikgang di tlhagisa ditekanyetso di le mmalwa tseo kwantle ga pelaelo di tla nnang le phelelo e e ka se tilweng mo botshelong jwa mosha jwa jaanong le jwa nako e e tlang.”
Kwantle ga pelaelo, lelapa la lekgolo la bo-20 la dingwaga le ile la itemogela ka mo go kgethegileng maemo a botshelo a a tlhomologileng le a mokgwa wa one fela ao a ileng a dira gore le tlelwe ke mathata le ditlhotlheletso tseo di iseng di ko di bonwe gope pele mo ditiragalong tsa motho. A mme seno ruri se feletse ka mathata a lelapa ao a tshegetsang bosupi jwa gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō”?
Ka dintlha tse di tlhokomelesegang, moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore ‘metlha ya bofelo’ e ne e tla tshwaiwa ka “dipaka tse di tlhokohatsañ.”a Phelelo ya “dipaka tse di tlhokohatsañ” tseo mo lelapeng e ne e tla nna efe? Paulo o araba jaana: “Batho ba tla nna . . . ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō.”—2 Timotheo 3:1-3.
‘Go sa Utlwe Batsadi’
Bana ke nama le madi tsa batsadi ba bone mme ba ba kolota ka ntlha ya masego a mantsi-ntsi. Ke selo se se tsitsibanyang fa basha ba palelwa ke go bontsha batsadi ba bone tlotlo le tlhokomelo eo ba e tlhokang. Jaaka mongwe wa diithuti tsa Bibela a ile a tlhalosa: “Ke sesupo sa tshenyego ya botho fa basha ba latlhegelwa ke go tlotla bagolo gotlhelele, mme ba palelwa ke go lemoga sekoloto se segolo le tiro ya motheo tseo ba di kolotang bao ba ba fileng botshelo.” A tota go ntse jalo mo malapeng a lekgolo la bo-20 la dingwaga?
“Ke boifa ngwana yo e leng wa me,” ga lela jalo mmè mongwe fa a ne a bua kaga e nngwe ya ditshupo tse di phepafetseng sentle tsa go tsuologa ga bana kgatlhanong le batsadi—kgobololo ya motsadi. Mo tlhaselong nngwe e e thubakanyang, ngwana wa mosadi yono wa dingwaga tse 17 o ne a ile a mo lokolola legetla ka go mo raga mo go botlhoko. Tota thubakanyo e e ntseng jalo mo batsading e tlwaelegile go le kana-kang? Fa buka Behind Closed Doors e ne e bega matswela a patlisiso mo thubakanyong ya lelapa mo United States, e kwadile jaana: “Ngwana a le mongwe mo go ba bararo ba ba magareng ga dingwaga tse tharo le lesome le bosupa ba itaya batsadi ba bone ngwaga le ngwaga.” A ka tlholego ga se tlhaelo e e masisi ya tlotlo fa ngwana a tsholeletsa batsadi ba gagwe seatla?—Bapisa Baefesia 6:1-3.
Bana ba tsuologela batsadi ba bone le ka ditsela tse dingwe tse e seng tsa thubakanyo. Ka bo-1960 e ne e le moaparo wa mahipi le go lesa moriri o moleele. Mme fa batsadi ba etsa mekgwa eo ka bobone, basha ba patelesega go lere ditsela tse disha go tsuolola. Buka Childstress! e tlhalosa jaana: “Mo ditiragalong tsotlhe, ditsela tse di lekilweng le tsa mmatota tsa tlontlololo di ntse di gola ka maatla—diokobatsi, botagwa, bobodu le go sia mo gae. Fela jaaka losika lwa bagolo-golo lo tlhalosa, ‘ke ka se rate go simolola go godisa bana mo motlheng ono le mo dingwageng tseno.’”
Ga se bana ba bannye fela ba ba paleIwang ke go bontsha batsadi ba bone lorato le tlotlo tseo ba di tlhokang. Go na le setlhopha se sengwe—bagolo ba ba gobololang ba ba golo mo go bone. Ka tsela efe? Psychology Today e tlhalosa jaana: “Kgobololo ya bagodi e ka nna ya mmele, ya boferefere (go gapa madi a motsadi, jalo le jalo), tlhokomologo (go palelwa ke go mo fa dijo kana meriana) kana ya mogopolo (go bitsa ka maina). Bagobolodi gape ba tshosetsa gantsi ka gore ba tla latlhela batsadi ba bone kwantle kwa mmileng kana ba ba isa kwa dipetleleng tsa tlhaloganyo kana kwa mafelong a kokelo fa ba ngongorega kaga kgobololo eo.”
Ke mo go hutsafatsang segolo gore bana ba le bantsi ba ba godileng ba sa ikutlwe ba ikarabelela batsadi ba ba godileng. Ka sekai, F. Ivan Nye, mo pampiring ya patlisiso eo e neng e gatisitswe go Journal of Marriage and the Family, o kwadile jaana: “Bontsi jwa bao ba arabetseng [mo thutong eno ya patlisiso] ba bona tlamego ya go amana le ba-losika le go ba thusa mo mathateng a tsa madi, lefa go le jalo ba ba fetang diperesente tse 30 ga ba dumele gore tiro eo (ya tsa madi) e gone mme ba ba kwa tlase ga diperesente tse 40 ba bong lefa e le bofe ba tlhalosa ka mo go nonofileng fa ba sa dumalane le ba bangwe bao ba palelwang ke go diragatsa ditlamego tse di ntseng jalo.” Se se ne sa gogela Nye go konela ka gore “bo-losika” bo “mo tseleng ya go nyelela mo sebopegong sa tlholego mme bo ka nna jwa nna” selo sa go ikgethelwa fela ke lelapa fa le rata. A seno ga se “sesupo sa tlhabologo eo e ntseng e bola thata”?—Bapisa 1 Timotheo 5:3-8.
Ga se gore ke bana botlhe bao ba ganang taolo ya botsadi. Mme dipego kaga basha ba ba tsuologelang batsadi ba bone di aname mo go lekaneng go tlhomamisa kwantle ga pelaelo epe gore seo moaposetoloi Paulo a neng a se bolelela pele se nna boammaaruri gompieno ebong: “batho ba tla nna . . . ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ.”
“Ba Sena Loratō Loa Tlholègō”
Bana ga se bone fela ba ba amiwang ke dipaka tseno “tse di tlhokohatsañ.” Paulo o boleletse pele go re: ‘Batho ba tla nna . . . ba ba senang lorato Iwa tlholego.’—2 Timotheo 3:2, 3.
Ke selo sa tlholego fela go lebelela gore ba lelapa la gaeno ba nne bone ba nang le tshegetso go gaisa ditlhopha tsotlhe tse dingwe. Mafoko a a reng “Goora motho go thebe phatswa” a tshwanetse go kaya moya wa lorato—lorato Iwa molekane wa gago le bana ba gago. Lefa go le jalo, moaposetoloi Paulo o ne a re tlhaelo ya “loratō loa tlholègō”b e ne e tla tshwaya ‘metlha ya bofelo.’ Mme go rurifatsa mafoko a gagwe, mo mabakeng a le mantsi, mafoko a a reng “goora motho go thebe phatswa” gaa nna jalo. Go ntse jalo jang?
Mo setlhogong se se fetileng re ne ra tlhokomela go ntsifala ga tlhaelo ya lorato lwa tlholego go go reregisang—go gobolola mosadi. Tota ga go na mosadi ope yo o batlang go ragakwa, go thubakiwa kana go gobololwa ka mokgwa ope fela. Abo kgothatso ya Dikwalo go banna ya go rata basadi ba bone “hèla yaka [ba] ithata” e farologane thata jang ne! Seo ke selo sa tlholego. Go betsa mosadi ga se gone!—Baefesia 5:28-33.
Gongwe le e leng mo go gakgamatsang go feta ke palo ya dikgetse tse di begwang tsa banna ba ba betswang. Mo kgetseng nngwe monna mongwe “o ne a tlhola a na le dipadi le mangapo” tseo a di dirilweng ke mosadi wa gagwe yo o neng a mo “tlhorontshitse ka phahamogo, a mo tlhabela marata le go mo gobatsa setlhogo mo mmeleng.” Baithuta tsa loago bangwe ba hopholetsa gore mo United States fela, banna bangwe ba ba ka nnang 282 000 ba betswa ke basadi ba bone ngwaga le ngwaga. A seno gape ga se sekai se se kgaolang pelo sa tlhaelo ya lorato lwa tlholego mo malapeng a le mantsi a lekgolo la bo-20 la dingwaga?—Bapisa Baefesia 5:22-24, 33.
Go ya ka moo dipego tseno di tsitsibanyang ka gone, se se utlwisang botlhoko le go feta ke dipego tse di golang tsa kgobololo ya bana. Ga se selo se se sa tlwaelegang go bala ditlhogo tse di tshwanang le tse di latelang:
“Ngwana yo o gobolotsweng o godile, mme o bua ka dipadi.”
“Mosadi o Dumela gore o Nweditse Bana ba Gagwe ba Bane mo Metsing fa Ba ne Ba Robetse.”
“Go setlaka bana, dintsho dia gola mo Denver le mo nageng eo.”
“Go Tlhokomologiwa ga Bana ‘Go Senya Sebopego sa Britani se se Rategang.’”
Ga re go bolelele tse dingwe tse di setlhogo go feta.
Tota go gobolola bana mo go ntseng jalo go atile go le kana-kang? Fa buka ya Behind Closed Doors e bega ka matswela a patlisiso mo thubakanyong ya lelapa, e ne ya hopholetsa gore “mo gare ga bana ba le dimilione tse 3,1 le tse 4 [mo United States] ba ile ba ragakiwa, ba betswa, kana ba thubakiwa ke motsadi wa bone nako nngwe mo botshelong jwa bone; . . . magareng ga dimilione tse 900 000 le tse 1,8 tsa bana ba ba magareng ga dingwaga tse tharo le tse di lesome le bosupa ba ile ba supiwa ke motsadi wa bone ka tlhobolo kana ka thipa nako nngwe.”
Fa gone e le boammaaruri gore bana, segolo-bogolo masea, ba ka gobala motlhofo kana ka dinako tse dingwe ba opisa tlhogo, tota ruri ga go ngwana ope yo o tshwanetseng go gobololwa—mo mmeleng, mo boikutlong kana ka tsela epe fela. Ka ntlha ya gore Bibela e re: “Bana ke boshwa yoa ga Yehofa: le louñō loa sebopèlō, ke tuèlō ea gagwè.”—Pesalema 127:3.
Ga gona pelaelo epe ya gore lelapa la lekgolo la bo-20 la dingwaga le ile la tlhaselakwa ke dikgatelelo le mathata tseo di iseng di ko di itemogelwe mo ditsong tsa motho lefa e le leng pele mo ditiragalong tsa motho. U.S.News & World Report, e akgela jaana: “Ke ka ntlhayang fa go na le tlhatlogo mo mathateng a lelapa? Dr. Bertrand New, moithutatlhaloganyo wa Westchester Medical Center-New York Medical College, o tsopola mathata a botho le a itsholelo, botlhapelwa le mathata a magolwane ao mokgatlho wa segompieno o a bayang mo malapeng a le mantsi.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
Tlhatlogo eno ya pitlagano ya lelapa ke karolo e nngwe fela ya sesupo se se kopaneng seo se kgethololang ‘metlha ya bofelo.’ Ditokololo tse di tlang tsa Tora ya Tebelo di tla tlotla ka botlalo ka ga dintlha tse dingwe tsa mafoko a ga Paulo go 2 Timotheo 3:1-5. Mme selo se le sengwe sea tlhomamisega: dipego kaga bana ba ba tsuologelang taolo ya batsadi le go nyelela ga lorato Iwa tlholego, jaaka Paulo a boleletse pele, di aname mo go lekaneng moo di ka bonang bontlhanngwe jwa bosupi jo bo phepafetseng jwa gore re tshela “mo metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso eno ya dilo.
Ruri, re tshela mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang.’ Lefa go ntse jalo, “dipaka tse di tlhokohatsañ” tseno ga dia tshwanela go senya boitumelo jwa lelapa la gago. Jehofa Modimo o baakanyeditse ka dikaelo tse di mosola mo Bibeleng, tseo, fa di ka latelwa, di tla lereng botshelo jwa lelapa jo bo itumedisang, jo bo atlegileng le e leng gone jaanong. Go feta moo, fa o latela ditao tseo thata, la gago le ka nna la balelwa mo malapeng a a itumetseng ao a tla ipelelang botshelo ka bosakhutleng mo thulaganyong e ntšha ya Modimo e e siameng e ga jaanong e atametseng.—2 Petere 3:13; Diane 3:13-18.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Lefoko la Segerika la “dipaka tse di tlhokohatsañ” (chalepós) le ranoletswe ka gore “bogale” go Mathaio 8:28, koo le dirisiwang go tlhalosa banna ba babedi ba ba neng ba tsenwe ke badimona bao ba neng ba le diphatsa thata ebile ba le kotsi. Ka gone, ‘metlha ya bofelo’ e ne tla bo e le letshwenyo segolo, e tshosetsa ebile e le kotsi.
b Lefoko la Segerika ebong storgé le lebisa go lorato lwa mo lapeng, lorato lwa ba-losika. Mme lefoko la ‘ba ba senang lorato lwa tlholego’ ke ástorgos, leo le rayang se se fapaaneng—go fela ga lorato lwa tlholego leo le neng le tshwanetse go nna gone mo malokong a lelapa.
[Ditshwantsho mo go tsebe 6]
O lebeletse jaaka fa batho ba thuntshiwa, ba bediwa, ba bolawa. Go mo ama jang?
Go dirisa dikaelo tseo di fitlhelwang mo Bibeleng go ka dira botshelo jo bo itumedisang jwa lelapa le eleng gone jaanong