LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 10/1 ts. 3-4
  • Go Diragalang ka Botshelo jwa Lelapa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Diragalang ka Botshelo jwa Lelapa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Dipaka tsa Rona tse di Tlhokofatsang’—Lelapa la Gago le Amega Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Thuto E E Mosola mo Dipakeng Tseno tsa Rona Tse Di Tlhokofatsang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Sesupo sa ‘Malatsi a Bofelo’ Kgotsa sa “Bokhutlo” ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A Go na Le se Se ka Tlisang Boitumelo mo Lelapeng?
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 10/1 ts. 3-4

Go Diragalang ka Botshelo jwa Lelapa?

“TSWEE-TSWEE a o ka nthusa. Monna wa me o a ntlhorontsha mme ga ke tlhole ke kgona go itshoka. Ga go ope yo ke ka retologelang kwa go ena. Ke nna ke le nosi fela le morwaake yo o ngwaga o le mongwe. Monna wa me ke motho yo o bogale thata-thata mme ka dinako tse dingwe mabogo a me a ile a nna matsadi-tsadi ka ntlha ya mabole a gagwe. O ne a nthaga ka setlhako mo dinkong dibeke tse pedi tse di fetileng ka bo ka dutla madi ka dinko mo go boitshegang. Mme mo bosigong bongwe re ntse re robetse o ne a simolola go nkgama mme o ne a lemoga se a neng a se dirile fa ke sena go gonoga. Go ne ga feta malatsi a mantsi ke palelwa ke go metsa. . . .

“Monna wa me oa goa le go thuba dilo mo tlung gore a bo a tshose ngwana. Morago ga gore monna wa me a ntatlhele fa fatshe bosigo bongwe, ngwana o ne a kua ka letshogo mme ke ne ke utlwile botlhoko ebile ke tshogile thata go ka dira sengwe. . . . Ke mmoleletse gore ke batla go mo tlhala. Jaanong ke boifa go mo raya ke re kea tsamaya ka go bo a ka simolola go ntitaya jalo ke tshaba gore e kane botshelo jwa me kana jwa morwaaka ne botshelo jwa me kana jwa morwaakeng ya Scream Quietly or the Neighbours Will Hear, ka Erin Prizzey.

A ke tiragalo e e sa tlwaelegang? Nnyaa le eseng! Mo United States fela go lekanyeditswe gore ngwaga mongwe le mongwe basadi ba le dimilione tse 1,8 ba itewa ke banna ba bone, se se raya gore baa ragiwa, baa bediwa, ba otliwa ka mabole, ba itewa ka sengwe, baa tshosiwa kana go tlhaselwa ka thipa kana tlhobolo. Mo godimo ga tseno go na le kgobololo ya bokopano jwa kafa dikobong le boikutlo jwa go tlhokomologa bana, kgobololo ya batsadi le ya bontate-mogolo le bommemogolo, mme boemo e nne jo bo hutsafatsang le go feta. Ka gone, go tlhaga potso eno: Go diragalang ka botshelo jwa lelapa?

O na le lebaka la gore o amege. O ka botsa jaana: ‘Go reng nna? Nka go tlhomamisetsa gore dilo tseo ga di diragale mo lelapeng la me!’ Lefa go ntse jalo, o tshwanetse go kgatlhegela mathata a a ntseng jalo a lelapa. Ka ntlhayang? Ka go bo Bibela e boleletse-pele bogologolotala gore go nna gone ga diphuduego tse di ntseng jalo tsa malapa e ne e tla nna nngwe ya ditshupo tse di phepafetseng tsa gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso eno yotlhe ya lefatshe ka bophara ya dilo.a Tlhokomela se moaposetoloi Paulo a se boleletseng-pele: “Itse seo se, go re, mo metlheñ wa bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, . . . ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlholegō.”—2 Timotheo 3:1-3.

A tota mafoko a ga Paulo a a diragadiwa gompieno? Petapetano e e ntseng jalo ya lelapa e kgolo go le kana-kana? A le tshegetsa tiragatso ya polelelo-pele ya ga Paulo e e supang gore ruri re tshela mo “metlheñ ea bohèlō”?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go tshwanetswe ga elwatlhoko gore dipolelelo-pele tsa Bibela mabapi le ‘metlha ya bofelo’ di bopa sesupo se se kopaneng. Ke gore, fa dilo tsotlhe tseo di boleletsweng-pele di ne di ka diragalela losika lo le longwe e ne e tla bo e le tshupo ya gore re tshela mo motlheng wa bokhutlo. Mo ditlhogong tseno tse di latelelanang re tla lebisa tlhokomelo mo karolong e le nngwe ya dipolelelo-pele tseno, ebong, diphelelo tsa “dipaka tse di tlhokohatsañ” mo malapeng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela