LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 9/15 ts. 27-31
  • Mma Joshue A Go Thuse Go Direla Jehofa ka Bopelokgale!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mma Joshue A Go Thuse Go Direla Jehofa ka Bopelokgale!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Monna Yo O Pelokgale
  • Tumelo e e Bopelokgale le Ditiro
  • Go Tia ka Bopelokgale, Mme e le Ka Tlhaloganyo
  • Dithuto tse Dingwe mo go Joshue
  • Se Joshua a Neng a se Gakologelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Buka ya Bibela ya bo 6—Yoshue
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • O Batla Gore re Atlege Joshua 1:6-9
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Joshua
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 9/15 ts. 27-31

Mma Joshue A Go Thuse Go Direla Jehofa ka Bopelokgale!

“MO LEHATSHIÑ lo na le pitlaganō: me nametsègañ [nnang pelokgale, NW]; ke hentse lehatshe.” O ka nna wa lemoga gore mafoko ao a ne a buiwa ke monna mongwe yo o neng a bidiwa Jesu. Lefa go ntse jalo, fa o ne o bua Sehebera, leina Joshue le ka tla mo mogopolong wa gago, ka jaana Jesu ke tsela ya Segerika ya go bitsa leina la Sehebera ebong Joshue.—Yohane 16:33.

Ka mo go tshwanelang he, go nna pelokgale e bile gape ke mogopolo wa konokono mo bukeng ya Bibela eo e neng ya kwalwa ke motla-pele wa ga Jesu, ebong Joshue morwa Nune. Mme, o ka nna wa ipotsa, rona ka borona re ka solegelwa molemo ke buka ya ga Joshue jang? Mme kana, a re simololeng ka mogopolo ono wa go nna pelokgale.

Monna Yo O Pelokgale

Fa Moshe a tloga aa swa, Jehofa o ne a tlhopha Joshue go nna motlhatlhami wa gagwe, yo ka mmannete e neng e se mosha yo o senang maitemogelo kana yo a iseng a lekwe. Joshue o ne a ile a tsalwa jaaka lekgoba kwa Egepeto, mme morago ga Khudugo o ne a itlhomolola fa a le moeteledipele wa seganka mo go lwantsheng tlhaselo ya ka boomo ya Baamaleka. (Ekesodo 17:8-16) Joshue o ne a tlhomamisa boganka jwa gagwe le tumelo fa e ne ya re, mo banneng ba le 12 bao ba neng ba rometswe go ya go tlhola lefatshe la Kanana, ya nna ene fela le Kalebe bao kwantle ga poifo ba neng ba bega gore Bakanana ba ba senang boitsholo ba ne ba ka fenngwa ka thuso ya ga Jehofa mme Lefatshe la Tsholofetso la tsewa.—Dipalō 13:1–14:9.

Ereka Moshe a ne a sa dumelelwa go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso, o ne a raya Joshue a re: “U nnè thata le pelokgale; gonne u tla ea le chaba e mo lehatshiñ ye Yehofa o le ikanetseñ borrabō, a re, o tla le ba naea: me u tla le ba ruisa.”—Duteronome 31:7, 23.

O ka bona he, gore ke ka ntlhayang fa re ka lebelela gore re ka ithuta sengwe mo bukeng ya ga Joshue kafa a neng a le pelokgale ka gone le kafa rona re ka nnang jalo ka gone. Tota, mo go fetang sephatlo sa makgetlo ao mafoko “pelokgale” le “thata” a bonalang mmogo mo temaneng ya Bibela ke mo bukeng ya Yoshue kana mo dikakgelong kaga ene. Ka sekai, jaaka fa re simolola go bala buka eno re fitlhela kgakololo ya ga Jehofa go Joshue: “U nnè thata hèla le pelokgale thata hèla, go tlhōkōmèla go diha kaha molaoñ otlhe, o Moshe motlhanka oa me o o gu laoletseñ: u se ka ua o hapoga ua ea kaha ntlheñ ea ye legolo kgotsa go ya molèma, gore u tlè u bōnè go segōhala sentlè kwa le kwa u eañ gōna.” (Yoshue 1:7) A re tlhokomeleng dingwe tsa dipaka tseo Joshue a neng a neela bosupi jwa gore o na le bopelokgale jwa kafa teng jwa tumelo gammogo le bopelokgale jwa kafa ntle jwa go tsaya kgato. He re ka bona gore ke dithuto dife tseo rona ka borona re ka di ithutang mo go seno.

Tumelo e e Bopelokgale le Ditiro

Morago fela ga fa Jehofa a sena go kgothaletsa Joshue gore a “nnè thata hèla le pelokgalè thata hèla,” o ne a simolola boipaakanyetso jwa go etelela Iseraele go kgabaganya Joredane go tsena mo lefatsheng la Kanana. Joshue o ne a kaela jaana: “Lo ipaakanyetseñ mehagō; gonne e tla re malatsi a le mararo a e se a hete lo tla bo lo kgabaganya Yoredane ono, lo ea go tsèna lo rua lehatshe, ye Yehofa Modimo oa lona o le lo naeañ go le rua.” (Yoshue 1:11) Jalo tumelo e e bopelokgale e ne ya se ka ya gogela Joshue mo go ikutlweng gore ba ne ba ka nna fela ba letela Jehofa gore a ba direle sengwe le sengwe. Boiteko jwa botho bo ne bo tlhokafala. Ka mo go tshwanang, re tlhoka tumelo le bopelokgale go latelela kgakololo ya ga Jesu ya go ikanya gore Modimo o tla re thusa go bona dijo tse di lekaneng le diaparo. Lefa go le jalo, tsholofetso ya thuso e e ntseng jalo ga e reye gore re ka innela fela fa fatshe mme re sa dire sepe go ithusa.—Mathaio 6:25-33.

Bothata jo bo neng bo le fa pele ga ga Joshue gone fela foo e ne e le go kgabaganya Noka ya Joredane fa metsi a ne a le boteng mme go kgabaganya go le kotsi thata. (Yoshue 5:10) Joshue gaa akanya jaana, ‘go ka nna botoka go letela go fitlhela selemo fa selekanyo sa metsi se wetse kwa tlase. Modimo o ne a rile go tsewe kgato, mme Joshue o ne a dira jalo ka bopelokgale. A o bona thuto e e fano? Fa e le nako ya gore re dire sengwe seo se kopanyeletsang kobamelo ya boammaaruri, re tlhoka go tsaya kgato ka bopelokgale, go na le go sekamela mo go direng madiadia go fitlhela dilo di bonala ekete di re siametse kana di iketlile. Ee, tsaya kgato jaaka Joshue.—Moreri 11:4; Yakobe 4:13, 14.

Ka go supa gore o ne a na le Joshue, Modimo o ne a mo laela gore a reye baperisiti ba tshole letlole la kgolagano go ya nokeng e e tletseng. E ne ya re fa ba gata mo metsing, a kgaogana. Morafe he o ne wa feta mo lefatsheng le le omeletseng. Go na le gore a itirele kgalaletso epe ka seno, Joshue o ne a latela kaelo ya ga Jehofa mme a aga segopotso mo Gilegala (ka kwa thoko-thoko ga dintshi tsa bophirimatsatsi) ka maje ao a neng a tserwe mo nokeng. E ne e le go gatelela gore ‘letsogo la ga Jehofa le nonofile, gore a tle a boifiwe ka bosakhutleng.’ (Yoshue 3:5–4:24) Lemororo rona ka borona re se mo boemong jwa go ka bona segopotso seo sa maje, seo Jehofa a neng a se dira ka Joshue se tshwanetse go tsenya ikanyo mo go rona ka kgono ya Modimo ya go tsaya kgato go thusa batho ba Gagwe. Bokao jwa segopotso seo ruri bo ne bo tla raya sengwe mo Baiseraeleng bao ba neng ba lebagane le motse wa Bakanana o o thekeleditsweng wa Jeriko.

A kwantle ga poifo, Joshue, yo o neng a le moeteledipele wa masole, o ne a tla etelela Baiseraele go kubugela motse ono o o thekeleditsweng ka tlhaselo e kgolo? O ka nna wa bo o itse gore boemong jwa seo Joshue o ne a latela kaelo ya Modimo. Go dirang? Go dira gore banna ba gagwe ba ba tshotseng dibetsa ba gwante ka tidimalo letsatsi lengwe le lengwe go dikologa motse oo ba setswe morago ke baperisiti, bangwe ba letsa dinaka tsa diphelehu mme ba bangwe ba tshotse Letlole. Mo letsatsing la bosupa ba ne ba gwanta ga makgetlo a supa, mme “batho ba thèla loshalaba, le baperisiti ba letsa dihaka: . . . Mme lorakō [lwa Jeriko] loa salalagana.” Seo se ne sa letlelela banna ba ga Joshue go kgomogela motse le go o senya. Ee, phenyo e e feletseng!—Yoshue 6:20.

Go Tia ka Bopelokgale, Mme e le Ka Tlhaloganyo

Re ka lemoga ntlha e nngwe gape ya bopelokgale jwa ga Joshue go tswa ditiragalong tse pedi tseo di neng tsa latela morago. Ya ntlha e ne e kopanyeletsa motse o o gautshwane wa Ai. E ne ya re fa Baiseraele ba o tlhasela, ba fenngwa. Ka ntlhayang? Ka go bo, ka go fapaana le taolo ya Modimo, Akane o ne a tsere thopo nngwe mo Jeriko. Batho bangwe ba ka nna ba tlodisa ditiro tsa gagwe matlho ka jaana dilo tseo a neng a di tsaya di ne di le mosola mme ebile go ne go sa bonale gore go di tsaya ga gagwe go ne go ka gobatsa ope. O ka nna wa bo o utlwile megopolo e e tshwanang kaga go utswa dilonyana tse dipotlana mo mohiring kana phoso nngwe eo “e seng ya sepe.” Joshue o ne a itshwara jang?

Ka thuso ya bomodimo Joshue o ne a swatola modira-phoso mme a tlhomamisa borukhutlhi jo bo dirilweng ka go supa dilwana tse di utswitsweng. Abo dilo tseo gongwe di ile tsa bonala e se tsa sepe jang ne! Mme Joshue o ne a tsenelela kwa teng ga kgang a raya Akane a re: “Ana, U nu u re huduèlañ? Yehofa o tla go hudua gompiyeno.” (Yoshue 7:25) Joshue, a nitametse tshiamo, o ne a dira gore moleofi a bolawe, a bulatsela ya gore Ai a fenngwe. Ka go gopola kafa Joshue a neng a tshwara kgetsi ya ga Akane ka gone, re ka nna ra akanyetsa seno, ‘A ke tsepame fa balekane ba me kwa tirong kana kwa sekolong ba bua ga motlhofo kaga ditiro tse di seng tsa kafa molaong kana tsa boitsholo jo bo sa siamang?’

Jaanong akanyetsa tiragalo ya bobedi, eo e neng e kopanyeletsa baagi ba Kanana ba Gibeona. Fa ba utlwela ka katlego ya ga Joshue kgatlhanong le Jeriko le Ai, ka botlhale ba ne ba romela banna bao ba neng ba ipaya jaaka ekete ke bafeti-ba-tsela go tswa lefatsheng le le kgakala bao ba neng ba batla go dira mme e bile ba ile ba dira kgolagano ya kagiso le Iseraele. Mme ga tla go lemosega gore tota banna bao ba ne ba tswa gautshwane fela fa Gibeona, mme Baiseraele ba le bantsi ba ne ba simolola go ngongoregela kafa kgang e neng ya tshwarwa ka gone. A Joshue o ne a tla tlala bogale ka ntlha ya boferefere joo mme a dire gore Gibeona a senngwe?

Go ne go setse go dirilwe kgolagano, mme Joshue o ne a e tlotla. O ne a laola gore Bagibeona go tloga foo ba abelwe go ya go ga metsi le go rwalelela ntlo ya Modimo dikgong. Bagibeona ba ne ba dumalana go tlotla thulaganyo eno, mme ditiragalo di ne tsa tloga tsa itshupa gore a Joshue le ene o ne a tla e tlotla. Jang? Mme kana, dikgosi tse tlhano tsa Kanana go tswa lefelong leo di ne tsa ipopa seoposengwe mme tsa ya go tlhabantsha Gibeona. Joshue o ne a tsaya kgato ka bofefo, mme, morago ga go lala ba gwanta bosigo jotlhe, o ne a tlhasela mephato eo e e kopaneng. Jehofa o ne a thusa ka go re a romele sefako se se bolayang mo batlhabaning ba Bakanana mme ka dikgakgamatso a dira gore letsatsi le eme golo go le gongwe motshegare otlhe e le gore Baiseraele ba tle ba wetse phenyo ya bone. Ka go gakologeIwa Bagibeona, fa re dira tumalano nngwe kana re dira maitlamo mangwe kaga sengwe seo se sa thulaneng le melao-metheo ya Modimo, a re tla nitama re nna pelokgale jaaka Joshue? A re boloka lefoko la rona le e leng fa go le thata kana dilo di sa re siamela?—Pesalema 15:4.

Ka mo go tshwaegang, morago ga ntwa eo e umakilweng, le jaaka go ne go tloga go bolawa dikgosi tse tlhano tsa baba, Joshue o ne a kgothaletsa batho ba gagabo a re: “Lo se ka loa boiha, leha e le go tseana; lo nnè thata le pelokgale: gonne Yehofa o tla dihèla baba botlhe ba lona yalo, ba lo tlhabanañ nabō.” (Yoshue 10:25) Fa Baiseraele ba ne ba le thata e bile ba le pelokgale ba ne ba tla ema sentle jaaka fa ba gatela pele go ya phenyong eo e laotsweng ke Modimo lantlha kwa borwa go tswa foo kwa bokone koo kgosi ya Hasore le yone e neng e bopile segopa sa lefela kgatlhanong le Iseraele. Lemororo Baiseraele ba ne ba se kwa pele-pele ka kitso ya botegeniki le go nna le metse e e thekeleditsweng le dikara tsa ntwa tse di nang le dibetsa, jaaka Bakanana, ba ne ka bopelokgale ba diragatsa thato ya ga Jehofa.

Dithuto tse Dingwe mo go Joshue

Re lemogile segolo-bogolo dithuto mo bukeng ya ga Joshue tseo di neng di amana le bopelokgale jwa gagwe. Mme jaaka fa o tsweletse go bala buka eno yotlhe o ka nna wa fitlhela dithuto tse dingwe gape tse di nang le mosola.

Ka sekai, basadi ba le bantsi ba ile ba kgatlhiwa thata ke boikutlo jwa ga Rahabe, yo o neng a sireletsa banna ba babedi ba Baiseraele bao ba neng ba tlile go tlhola Jeriko. Bontsi jwa Bakanana, ka go utlwalela ka ditiro tse dikgolo tsa Modimo mo Baiseraeleng, ba ne ba nna kgatlhanong ba bo ba ganetsa Iseraele ka ntlha ya poifo. E seng Rahabe, o ne a ikemiseditse gore o ne a tla itlhoboganya le batho ba gagabo mme a beye botshelo jwa gagwe mo kotsing e le gore a tle a amogele bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa. Le ene o ne a dira seo a neng a ka se kgona go thusa ba-masika a gagwe go itse seo ba neng ba tshwanetse go se dira gore matshelo a bone a sirelediwe. Ruri re ka dirisa pego eo go thusa basadi gompieno gore ba bone fa kobamelo ya boammaaruri e le kwa pele-pele go feta dikamano dipe tsa bone le baagelani ba bone kana le e leng morafe wa bone.—Yoshue 2:8-14.

O tla fitlhela thuto e e molemo mo go Joshue kaga go sa atlhole maikutlo a ba bangwe ka mo go sa tshwanelang. E ne e le morago ga fa bogolo jwa Kanana bo sena go fenngwa, fa Joshue a sena go abela ditso boswa jwa tsone jwa lefatshe. Banna bangwe ba ditso tse pedi le bontlhanngwe ba ne ba boela nageng ya bone e e kafa botlhabatsatsi ga Joredane. Fa ba ntse ba dira jalo, ba feta ba aga sebeso. Ditso tse dingwe di ne tsa tlolela mo phetsong nngwe—e e phoso—gore sebeso se ne se kaya eng. Ntwa ya semorafe e ne ya gomagometsa. Jaaka fa o bala polelo mo go Yoshue kgaolo 22, elatlhoko thuto kaga go itisa gore o seka wa akanyetsa ba bangwe bosula ka ntlha ya ditiro tsa bone. Mme elatlhoko gape, seo se ka go siamelang go se dira fa o ka ikutlwa gore mongwe o go nyaditse kana a ile a itshwara kafa go sa tshwanelang.

Go se nne go tlodisa matlho gope ga buka ya ga Yoshue mo go tshwanetseng ga tlogela kafa e gatelelang ka gone go ithuta ka boammaaruri le go kgomarela mo kobamelong eo e theilweng mo Lefokong la Modimo. Modimo o ne a gakolola Joshue go bala Lefoko la Gagwe ka metlha le go sa kgaogane le lone. (Yoshue 1:8) Morago ga go fenya Ai, Joshue o ne a etelela morafe otlhe pele go ya bokone go ya lefelong la Shekema, bogareng jwa Thaba ya Ebala le Thaba ya Gerisima. Koo o ne a feta a aga sebeso sa ditlhabelo, mme “a kwala gōna mo mayeñ malebèla a molaō oa ga Moshe.” (Yoshue 8:32) Mme gape, o ne a balela batho molao. “Mo mahokuñ aotlhe a Moshe o na a a laotsè, go no go sena lehoko lepè ye Yoshue o se kañ a le bala ha pele ga phuthègō eotlhe ea Iseraela, le basadi, le banyana, le baeñ ba ba tlwaelanyeñ nabō.”—Yoshue 8:35.

Moragonyana, fa Joshue a sena go tshela ka lobakanyana mo motseng oo ka boingotlo a neng a o itopetse jaaka boswa, o ne a phutha batho gape, mme a re: “Ke cohetse, ke dinyaga di le dintsi: Me lo bonye cotlhe tse Yehofa Modimo oa lona o di dihetseñ merahe eotlhe e ka ntlha ea lona; gonne Yehofa Modimo oa lona, ke èna eo o lo tlhabanetseñ.” Jalo a ba kgothatsa a re: “Nnañ pelokgale thata go tshegetsa le go diha cotlhe tse di kwadilweñ mo lokwaloñ loa molaō oa ga Moshe, gore lo se ka loa di hapoga loa ea kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo kgotsa ha go ya molèma . . . Me ñaparelañ Yehofa Modimo oa lona.” Jaaka tlhotlheletso ya seo, o ne a ba gakolola a re: “Loa itse . . . ha go sena sepè se se tlhaetseñ sa dilō cotlhe tse di molemō, tse Yehofa Modimo oa lona o di buileñ kaga lona; di lo dihaletse cotlhe, ga goa tlhaèla sepè sa cōna.”—Yoshue 23:2-8, 14.

Labofelo, o ne a boa gape a phutha batho go ba neela dikgothatso tsa go ba laela mme a ikuela mo go bone a re: “itshenkeleñ gompiyeno eo lo tla mo dihèlañ; . . . me kaga me, le ba ntlo ea me, rona, re tla dihèla Yehofa hèla.” Fa ba sena go mo tlhomamisetsa gore le bone ba tla dira jalo, o ne a dira kgolagano le bone. Pego ya bomodimo e re: “Me ga dihala moragō ga dilō tse, Yoshue morwa Nune, motlhanka oa ga Yehofa, a shwa, a le bocohe yoa dinyaga di le lekgolo le leshomè.” Tota ruri moobamedi yono yo o ikanyegang wa ga Jehofa o re baakanyetsa ka tlhotlheletso e e nonofileng le rona, gore re nne pelokgale le thata jaaka fa re ‘boifa Jehofa, re mo direla ka mo go senang boithamako le ka boammaaruri.’—Yoshue 24:14, 15, 29.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela