“Buka ENO” Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela
Lokwalo lo lo tswang kwa Belize, kwa Central America, lo bega ka gore: “Mo motsaneng mongwe, wa Otoxha, mosimanyana mongwe o ne a tabogela kwa go rona, mme a okomela mo go e nngwe ya dikgetsi tsa rona, a tsenya seatla mme a somola se a neng a se bitsa ‘Buka.’ Morago ga gore a tlhomamisege gore ke yone BUKA (Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela), a ntsha kgetsananyana e e tletseng ka madi a ditshipi. Ka dikgwedi-kgwedi o ne a ntse a boloka madi ao ka tsholofelo e kgolo ya gore e tla re nako nngwe mo ngwageng Basupi ba ga Jehofa ba etele motse wa gagabo.”
Lekwalo le ne la tswelela ka gore: “Sengwe seo re nnang re se gopotse ke seo re se boneng fa monna mongwe yo o neng a bua Seesemane a le nosi fela mo motsaneng oo, a ne a nna mo bodilong jwa mmu jwa cabildo (ntlo ya lefelo leo ya baeng) mme a ranolela buka ya Dipolelo tsa Bibela ka se-Kekchi fa banna ba bangwe ba dira lesaka go mo dikologa, ba hupa lefoko lengwe le lengwe mme ka kelotlhoko ba keleka ditshwantsho tse dintle.”
Re ikutlwa gore le wena, o tla itumelela go amogela Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. E tshotse ditiragalo tsa Bibela di le 116 tse di fang mmadi kgopolo ya sotlhe se Bibela e leng sone. Buka ke ya mokwalo o mogolo le ditshwantsho tse di fetang 125, bontsi jwa tsone di le mmala o montle. Ikamogelele kgatiso e e botlhokwa eno ya ditsebe tse 256 ka go tlatsa le go romela foromonyana e e fa tlase.
Tswee tswee nthomeleleng, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 256, ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, eo ke e romelelang R3,00.