LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 9/15 ts. 22-27
  • “Morahe o o Thata” wa Modimo o o Kopaneng go Tlatsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Morahe o o Thata” wa Modimo o o Kopaneng go Tlatsa Lefatshe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kgaoganya “Dinku” go “Dipodi”
  • Go Rera ka Kutlwano
  • Kgolo e e Bofefo ya Tshimologo e Potlana
  • ‘‘Morahe o o Thata” O Tlatsa Lefatshe
  • ‘Yo Mmotlana o Nna Morafe O O Thata’
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Go Kgaoganngwa ga Batho Mo Kganetsanong ya Bogosi
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Kganetsano ya Bogosi e Tsholeditswe!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Modimo o Batla Gore re Direng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 9/15 ts. 22-27

“Morahe o o Thata” wa Modimo o o Kopaneng go Tlatsa Lefatshe

“Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmotlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.”—ISAIA 60:22.

1, 2. (a) Go diragetseng ka kutlwano le thulaganyo tsa lefatshe? (b) Mo gare ga lefatshe le le leswefetseng, go diragalang ka batlhanka ba ga Jehofa?

BATHO bao ba nang le kitso ba dumela gore lefatshe leno le ntse le kgaogana le go tlhakatlhakanela pele. Mokwadi wa dikoranta go The New York Times o rile: “Thubakanyo ya bopolotiki e anama go dikologa kgolokwe eno go feta lefa e le leng pele. . . . Go na le thubakanyo e kgolo jaanong moo go leng thata go ka tswelela.” E etse tlhoko seno: “Boammaaruri ke gore ga go tlhole go na le ope yo o laolang lefatshe le go boloka thulaganyo e e tshwanetseng.” Lefa go ntse jalo, tshenyego eno ke eo Lefoko la Modimo le e boleletseng pele mabapi le metlha ya rona.—2 Timotheo 3:1-5, 13; Mathaio 24:3-13.

2 Go batlhanka ba ga Jehofa ba ba kopaneng, go anama ga tlhakatlhakano ke sesupo se se tlhomamisang gore tsamaiso ya kgale ya dilo e gaufi le bokhutlo jwa yone, fa tsamaiso e ntšha ya dilo e atamela. (Luke 21:28) Lefa go ntse jalo, mo gare ga lefatshe leo le etsang segolo modimo wa lona yo o leswefetseng, Satane Diabolo, Jehofa o phepafatsa batho ba gagwe le go ba etelela go ya Thulaganyong e Ntšha e e phatsimang. O ba phuthela mo kobamelong ya gagwe e e phepa, eo e tsholetsegileng jaaka ekete e mo thabeng, e e kwa godimo go feta dibopego tsotlhe tse dingwe tsa kobamelo. Bao ba retologelang mo kobamelong eno e e kopaneng ya Modimo wa boammaaruri ba raya ba bangwe ba re: “Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.” (Isaia 2:2, 3) Bao ba tlisitsweng mo kobamelong eno e e kopaneng ka tlhoafalo ba lebile kwa pele go ‘magodimo a masha le lefatshe le lesha mo go tla agang tshiamo gone.’—2 Petere 3:13.

Go Kgaoganya “Dinku” go “Dipodi”

3, 4 (a) Ke ditiragalo dife tseo di ntseng di diragala go tloga ka 1914? (b) Batho ba nnile ba kgaoganngwa jang gore ba bolokege?

3 Go ya ka thulaganyo ya Modimo ya boperofeti jwa Bibela, “magodimo a masha” (Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo mo pusong ya ga Keresete) bo ne jwa tlhongwa ka ngwaga o o sa lebalegeng wa 1914. Go tloga ka nako eo go tlhophiwa ga bankane ba le 144 000 ba babusi ba “magodimo a masha” go ne go setse go feletse ka kakaretso. (Tshenolō 14:1-4) Jaanong Jehofa o bitsa batho go nna babusiwa ba lefatshe ba Bogosi joo. Ba tla tla e le “ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo” jaaka bafalodi go simolola go aga thulaganyo e ntšha e e siameng tlase ga kaelo ya Bogosi.—Tshenolō 7:9, 14; Mathaio 24:21.

4 Jesu o boleletse pele go phuthiwa gono ka mafoko ano: “Me e tla re Morwa Motho [Keresete] a tla ka kgalalèlō ea gagwè [ka maatla a Bogosi jwa selegodimo], a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; Me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma.” Ka phelelo efe? Jesu o rile: “Hoñ kgosi e tla raea ba ba kaha cogoñ ya eōna ye legolo [batho ba seka-dinku], e re, Tlaañ lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le tlhōlègō ea lehatshe. . . . Hoñ e tla raea le bōnè ba ba kaha lecogoñ ya eōna ya molèma [batho ba sekadipodi], e re, Tlogañ ha go nna, bahutsegi ke lona, lo eeñ moleloñ o o sa khutleñ, [phediso ya bosakhutleng] o o baakanyedicweñ diabolo le baengele ba gagwè: . . . Me bauō ba tla ea mo pecoñ e e sa khutleñ: me basiami ba tla ea mo botsheloñ yo bo sa khutleñ.”—Mathaio 25:31-46.

5. Bopelotlhomogi jwa ga Jehofa bo bontshiwa jang jaanong?

5 Lefa go ntse jalo, Jehofa ke Modimo o o pelotlhomogi, o o lorato. “O pelotelele mo go lona, a sa rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.” (2 Petere 3:9) Ka gone, pele Modimo a tlisa lefatshe leno le le kgaoganeng, le le lwang kwa bokhutlong jwa lone, ke thato ya gagwe gore batlhanka ba gagwe ba neele molaetsa wa tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo Thulaganyong e Ntšha e e siameng. Tumalanong le seno, Morwa wa gagwe o rile: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14.

6. Jehofa o dirisa bomang mo tirong ya go rera ka Bogosi?

6 Ke bomang ba ba tshwanetseng go rera ka Bogosi jono pele bokhutlo bo tla? Ka mo go phepafetseng, Jehofa gaa kitla a dirisa bao ba sa batleng go mo direla. Bao a ba dirisang mo tirong ya go rera ka Bogosi ke bao ba ineelang go ene ka go rata. Go masalela a Iseraele wa semoya boperofeti jono bo setse bo diragaditswe: “Ke tla ba baea mmōgō yaka dinku tsa Bosera.” (Mika 2:12) “Dinku di sele” jaanong di kopanela le bone mo kutlwanong eo. (Yohane 10:16) Botlhe bano ke Basupi ba ga Jehofa ba ba kopaneng ba merafe-rafe. Ba kopanyeletsa bagolo le bannye, banna le basadi, ka go bo dipesalema tse di tlhotlheleditsweng di re: “Bakañ Yehofa . . . makau a na le basetsana; banna bagolo le banyana. A ba bake leina ya ga Yehofa.” “Basadi ba ba itsiseñ batho mahoko ba nne bontsi yo bogolo.”—Pesalema 68:11; 148:1, 12, 13.

Go Rera ka Kutlwano

7. (a) Ke kutlwano efe eo Basupi ba ga Jehofa ba nang le yone? (b) Re ka tlhomamisega jang gore kutlwano eno e tla bolokwa?

7 Jehofa, Jesu Keresete le baengele ba ba boitshepo ba tlhokometse gore phuthego ya selefatshe ya bareri ba Bogosi ba itsise molaetsa wa Modimo ka kutlwano. (Mathaio 28:19, 20; Yohane 14:26; Tshenolō 14:6, 7) Ka jalo Basupi ba ga Jehofa ba dira se Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo le se bolelang. Ba “mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla, le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.” “Lo galaletse Modimo le rra Morèna oa rona Yesu Keresete ka boñwe hèla yoa pelo, le ka molomo o le moñwe hèla.”—1 Bakorintha 1:10; Baroma 15:6.

8. Ke eng se se botlhokwa mo go godiseng kutlwano ya kobamelo?

8 Go fitlhelela kutlwano eno ya mogopolo, ya tshekatsheko le ya go rera, Basupi ba ga Jehofa ba ithuta Lefoko la Modimo la boammaaruri ka metlha. Ba dira seno ka bobone, kwa dikopanong tsa ngwaga le ngwaga gape le kwa dipokanong tse tlhano tsa phuthego beke nngwe le nngwe. Ka tsela eno ba amogela dijo tsa semoya tse di kopanyang go tswa mo tafoleng ya ga Jehofa. (Mathaio 24:45-47; Bahebera 10:24, 25) Thuto eno ya Bibela e itsiwe jaaka e le yone e e leng sephiri sa kutlwano ya bone mo kobamelong. Jaaka mokwadi wa Katoliki William Whalen a rile mo makasineng wa U.S. Catholic: “Holo epe ya bogosi [ya Basupi ba ga Jehofa] e neela thuto e e kwa godimo mo kgweding go na le se se neelwang ke diphuthego tsa Makatoliki ngwaga otlhe.” Ee, thuto ya Bibela ke sone sephiri sa go nna le ‘mogopolo o le mongwe fela,’ ‘tshekatsheko e le nngwe fela,’ “molomo o le moñwe hèla.”

9. Re ka kgetholola bao Jehofa a ba dirisang go rera ka molaetsa wa Bogosi jang?

9 Fa o na le pelaelo nngwe ya gore ke bomang bao Jehofa a ba dirisang go rera “mahoko a a molemō a, a bogosi” a gagwe, ipotse jaana: Fa batho ba tsena mo matlong a batho ba bangwe ba bua kaga Jehofa le Bogosi jwa gagwe, ke bomang? Go itsege sentle gore ke Basupi ba ga Jehofa. Batho ba bodumedi jo bongwe ba tla ga kae go wena go bua kaga Jehofa le Bogosi jwa gagwe? Batho ba ba ntseng jalo ba bua ga kae ka dilo tseno, gongwe le gongwe? Maloko a bodumedi jwa lefatshe leno le le kgaoganeng gaa bue ka ga Jehofa le ka Bogosi jwa gagwe. Ke ba se bakae fela ba bone ba ba itseng le e leng gore Jehofa ke mang kana seo Bogosi jwa gagwe bo tla se rayang ka lefatshe leno. Lefa go ntse jalo, Jehofa le Bogosi jwa gagwe ke dikgang tse di tshikinyang lefatshe, ka go bo, jaaka Daniele 2:44 a boleletse pele, Bogosi jwa ga Jehofa ka bonako bo tla ‘thubaganya bo bo bo nyeletsa mebuso yotlhe, mme jone bo tla ema ka bosakhutleng.’

Kgolo e e Bofefo ya Tshimologo e Potlana

10. Batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba le bakae pele ga 1914, mme re tshwanetse go leba seo se sweditsweng ka nako eo jang?

10 Go rerwa ga Bogosi ga segompieno go simologile ka tselanyana e e seng ya sepe. Go tloga ka bo-1870 go ya mo ngwageng o o setlhogo wa 1914, palo ya baboledi ba Bogosi e ne e le potlana. Mme ba ba ikanyegang bao ba ne ba baya motheo wa tiro e e neng e santse e tla. Ereka tshimologo eo e ne e le potlana, e re gakolola lokwalo lo lo reng lo seke lwa ‘nyatsa motlha wa dilo tse di potlana.’ (Sekaria 4:10) Go batlhanka ba ga Jehofa e ne e le “motlha oa dilō tse di potlana” pele ga 1914, mme mo gontsi go ne go tla tla ka bonako.

11, 12. (a) Go ne go na le bosupi bofe jwa gore moya o o boitshepo o ne o dira morago ga 1914? (b) Ke kakgelo efe e e neng ya dirwa ka tiro ya Bogosi mo dingwageng tse di fetang 30 tse di fetileng, mme re ka reng ka yone jaanong?

11 Mo tshimologong ya Ntwa ya Lefatshe 1 ka 1914, tsamaiso ya kgale ya dilo e ne ya fitlha go “metlha [ya yone] ea bohèlō.” (2 Timotheo 3:1) Puso ya Bogosi le yone e simolotse ka 1914. (Tshenolō 12:10-12) Keresete o ne a neelwa taolo ya go simolola go kgaoganya “dinku” go “dipodi.” Ka gone, moya o o boitshepo wa Modimo wa simolola go dira ka maatla go batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Bapisa Ditihō 2:16-21.) Dipalo tsa baboledi ba Bogosi tsa oketsega go tloga mo e ka nnang 4 000 ka 1918 go ya go ba ba fetang 260 000 ka 1948, lobaka lwa dingwaga di le 30. Mo e ka nnang ka nako eo, C. S. Braden, porofesa wa hisetori ya bodumedi o kwadile jaana: “Basupi ba ga Jehofa tota-tota ba akareditse lefatshe lotlhe ka bosupi jwa bone. . . . Go ka bolelelwa ruri gore ga go na setlhopha sepe sa bodumedi mo lefatsheng se se bontshitseng tlhoafalo le boitshoko tse di oketsegileng mo boitekong jwa go anamisa mafoko a a molemo a Bogosi go gaisa Basupi ba ga Jehofa.”

12 Lefa go ntse jalo, abo seo se ne se siame jang ne mo dingwageng di le 30 tse di fetileng! Gompieno go na le baboledi ba Bogosi ba ba fetang ba ba neng ba le teng ka 1948 ga lesome go kgabaganya le lefatshe lotlhe! Fa e sale, jaaka Braden a kwadile, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba “akareditse lefatshe” ka go bolelwa ga Bogosi morago koo, go ka tweng ka bontsi jwa tiro ya Bogosi jaanong? Mme re ka bua ka tsholofelo gore: Mo gontsi go santse go tla mo isagweng e e fa gaufi!

13. Ke dikoketsego dife go kgabaganya lefatshe tse di supang gore Isaia 60:22 e ntse e diragadiwa?

13 Dipego go tswa mo dinageng tse di fetang 200 di bua ka koketsego mo dipalong tsa baboledi ba Bogosi. Go dumalana le seno, makala a masha kana ao a atolosiwang a Watch Tower a agilwe fa mangwe a sa ntse a agiwa. Go na le metšhini e mesha, mekgwa ya segompieno le e e bonako ya kgatiso, di-computer ka selekanyo se segolo, le badiri ba ba ratang mo malapeng a Bethele a a golang lefatshe ka bophara. Koketsego eno e e mo lobelong e re bolelela gore re bona tiragatso ya fa pele ga matlho a rona ya tsholofetso e e omosang pelo e e solofeditsweng bogologolo tala mabapi le batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang le ba ba pelotelele: “Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmotlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.” (Isaia 60:22) Ga go pelaelo ka ga bonnete jwa gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhomeletswe semoyeng le go baakanyetswa ka phuthego go neela bosupi jo bogolo ka Jehofa le Bogosi jwa gagwe mo hisetoring ya lefatshe!

14. Ke ka ntlhayang fa re ka re batlhanka ba ga Jehofa ba mo tseleng ya bone ya go nna “morahe o o thata”?

14 Gompieno go na le badihedi ba ba tlhagafetseng ba Bakeresete ba ba fetang dimilione tse pedi le sephatlo ba mafoko a a molemo. Ba fitlhelwa mo diphuthegong tse di fetang 46 000 go kgabaganya lefatshe. Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba phuthegile ka March 29, 1983, go keteka segopotso sa loso lwa ga Keresete, batho ba ba 6 767 707 ba ne ba phuthegile mmogo, ka gone ba bontsha kgatlhego ya bone mo Bogosing jwa Modimo. Palo eo e feta ya baagi ba batho ba ba ka nnang kana ka pedi tharong ya merafe ya lefatshe! Ruri, batlhanka ba ba kopaneng ba ga Jehofa ba setse ba le mo tseleng ya bone ya go nna “morahe o o thata,” lefa gone ba le mmalwa fa ba bapisiwa le baagi botlhe ba lefatshe ba ba ka nnang dibilione tse nne le sephatlo.—Mathaio 7:13, 14.

15. Go diragetseng mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng mabapi le go phuthwa ga batho ba seka-dinku?

15 Gaufinyana jaana, go phuthwa ga batho ba seka-dinku go nnile mo lobelong. Batho bao ba ratang tshiamo jaanong ba tla ka bontsi mo phuthegong ya ga Jehofa go mo obamela. Ka go dira jalo, ba tsaya karolo mo tiragatsong e e itumedisang ya tsholofetso ya Modimo e e leng go Hagai 2:7, moo Jehofa a reng: “Ke tla reketlisa merahe eotlhe, me dilō tse di elètsègañ tsa merahe eotlhe di tla tla, me ke tla tlatsa ntlo e ka kgalalèlō.” Batho bano ba ba eletsegang, ba ba bonolo, ba re go batlhanka ba ga Jehofa: “Re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.”—Sekaria 8:23.

16, 17. Jehofa o tla dirisa batho ba gagwe jang pele a tlisa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo kwa bokhutlong jwa yone?

16 Phuthego e e bonalang ya ga Jehofa e e oketsegang e gaufi le nako ya fa a tla e dirisa ka tsela e nngwe e e maatla: go neela molaetsa wa gagwe wa katlholo ya bofelo kgatlhanong le tsamaiso eno. Seno se ka tshwantshiwa le nako ya fa Baiseraele, bao ba neng ba setse ba dikologile Jeriko gangwe ka letsatsi mo malatsing a marataro, ba ne ba laelwa jaana: “E tla re ka tsatsi ya boshupa lo potonogè motse ga shupa, me baperisiti a ba letsè dinaka. . . . Me ha lo utlwa modumō oa dinaka, a batho botlhe ba thèlè loshalaba lo logolo: me lorakō loa motse lo tla salalagana hèla.” Jalo ka letsatsi la bofelo tiro e ne ya potlaka ga makgetlho a supa! Mme dinaka tsa letswa, batho ba thela loshalaba mme “lorako loa salalagana.”—Yoshue 6:2-5, 20.

17 Gompieno metsi a a “bonolo” a boammaaruri a isetswa batho go ba kgothaletsa go boela go Jehofa. Mme letsatsi le tloga le tla gaufinyana fa molaetsa o tla fetoga o o “thata.” O tla itsise bokhutlo jo bo gaufi jwa tsamaiso yotlhe eno ya ga Satane. Metsi a a bonolo a boammaaruri a tla fetoga go nna leje le le thata la sefako sa boammaaruri. Melaetsa eo ya katlholo ya bofelo e tla nna maatla moo e ka tshwantshiwang le “sehako se se kima . . . tlhaka ñwe le ñwe e le bokete yoa pondo,” e le sa selekanyo se segolo thata. Ke ka ntlha eo Tshenolō 16:21 e reng: “Pecō ea shōna e le kgolo thata.”

‘‘Morahe o o Thata” O Tlatsa Lefatshe

18. (a) Bogosi jwa Modimo ke jwa mmatota jang? (b) Daniele 2:35 e bontsha gore Bogosi bo tla dirang kwa bofelong?

18 Bogosi jwa Modimo joo Basupi ba ga Jehofa ba bo fang boikanyegi jwa bone jwa ntlha ruri ke puso ya mmatota. Bo na le Keresete le bankane ba gagwe ba ba 144 000 jaaka babusi ba selegodimo. Bo na le melao ya mmatota le “melao e e thailweng”—Lefoko la Modimo. Puso eno ya mmatota gape e na le babusiwa ba mmatota bao ba dirang morafe o o golang, dimilione tsa bone di kopane jaaka batho ba le bangwe. Mme Bibela e bolelela pele gore morago ga Bogosi jono jwa bo-Mesia bo sena go thubakanya mebuso yotlhe e e leng teng ya lefatshe, bo tla ‘tlala ka lefatshe lotlhe.’ (Daniele 2:35) Seno se tla direga jang?

19, 20. Batlhanka ba ga Jehofa ba tla nna “morahe o o thata” ka kutlwisiso e e tletseng jang?

19 Bao ba tla falolang Hara-Magedona ba tla simolola go aga Paradaise eo Jesu a buileng ka yona go Luke 23:43. (Tshenolō 16:14, 16) Mme fa nako e ntse e tsamaya, “go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.” (Ditihō 24:15) Mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete ka maatla a Bogosi, botlhe ba tla neelwa sebaka sa go tsaya kemo ya bone mo pusong ya Bogosi. Bao ba sa batleng puso e e siameng ba tla tloswa mo tseleng. (Tshenolō 20:6, 11-15) Ka gone, kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, mongwe le mongwe yo o tshelang mo lefatsheng e tla bo e le moobamedi yo o ineetseng wa ga Jehofa! Jalo go ka bolelwa gore Isaia 11:9 e tla diragadiwa ka kutlwisiso e e feletseng ya gore: “Lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.”

20 Abo e tla nna nako e e itumedisang jang ne! Motho mongwe le mongwe yo o kopanang le ene e tla bo e le moobamedi wa ga Jehofa, ka “mogopolo o le moñwe hèla,” ‘tshekatsheko e le nngwe fela,’ “molomo o le moñwe hèla.” Dibilione tsa baobamedi bao ba ba utlwanang, ba ba tsholeditsweng go nna batho ba ba itekanetseng, ba tla tlatsa lefatshe la Paradaise. Ruri ka nako eo ba tla bopa “morahe o o thata,” morafe o o thata tota oo lefatshe le iseng le ke le o bone. Nnya, lelapa le le kopaneng la motho ga se toro fela. Le mo tseleng ya lone gone jaanong! A o karolo ya lone?

Dipotso tsa Poeletso

□ Fa tlhakatlhakano ya lefatshe e ntse e gola, ke eng se se diragalelang batho ba ga Jehofa?

□ Ke tiro efe e kgolo ya go kgaoganya e e ntseng e tswelela jaanong?

□ Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore kutlwano ya batlhanka ba ga Jehofa e tla bolokwa?

□ Phuthego e e bonalang ya ga Jehofa e gola go nna “morahe o o thata” jang, mme seno se tla isa kae?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jaaka modisa a tle a kgaoganye dinku go dipodi, jalo Jesu Keresete ka maatla a Bogosi o kgaoganya batho gompieno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela