“Ba Iseraela Botlhe” Ba Boloketswe go Segofatsa Setho Sotlhe
1. Ke ka ntlhayang fa Repaboliki ya Iseraele e sa tshwanela go lebelela gore ka go bo e le leloko la Merafe e e Kopaneng e tla nna yone eo ka yone Modimo o tla segofatsang setho sotlhe?
JEHOFA o ne a solofetsa Aberahame gore ditshika tsotlhe le merafe yotlhe tsa lefatshe di ne di tla itemogela tshegofatso ka losika Iwa tlhogo ya lotso eo e ikanyegang. (Genesise 12:3; 22:17, 18) Mme ditsholofetso tseo tse di neng tsa dirwa mo lekgolong la dingwaga la bo-20 pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng di ne di sa reye gore Modimo o ne o tla segofatsa Merafe e e Kopaneng, motlhatlhami wa Kgolagano ya Merafe e jaanong e sa berekeng. Ka go bo gompieno Repaboliki ya Iseraele e le leloko la Merafe e e Kopaneng, ka gone, ga e a tshwanela go lebelela go ka dirisiwa ke Modimo wa Iseraele wa bogologolo mo go segofatseng setho sotlhe. Merafe e e Kopaneng eleruri e eme mo boemong jwa Bogosi jwa Modimo ka “losika” lwa ga Aberahame. Ka jalo, ke “se se makgapha a a shwahatsañ” sa motlha wa segompieno. (Mathaio 24:15) Nnyaa, Merafe e e Kopaneng ga se lesego, lemororo baruti ba dikereke tsa La-Bodumedi le baruti ba Sejuda ba rapelela tshegofatso ya selegodimo mo lekgotleng leo. Eleruri ke “sechwanchō sa sebatana,” lekgotla la sepolotiki le le bonalang, la papadi la “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” ebong Satane Diabolo. Ka jalo Merafe e e Kopaneng e tlaare ka bofefo e senngwe gammogo le lekgotla leo la sebatana.—Tshenolō 13:1-18; 2 Bakorintha 4:4, NW.
2. Ka ntlha ya tiro ya bone, masalela a “ba Iseraela botlhe” a farologana jang le Repaboliki ya Iseraele?
2 Ga Jaana, Repaboliki ya Iseraele e Iwela go nna ga yone kgatlhanong le maloko a mangwe a Merafe e e Kopaneng. Mme masalela a “ba Iseraela botlhe” ga ba etse Repaboliki ya Iseraele. (Baroma 11:26) Masalela ao gaa obamele “sechwanchō sa sebatana.” Go na le moo, Baiseraele ba semoya ba ne ba senola seo Merafe e e Kopaneng e leng sone go ya kafa Modimo o e lebang ka teng—maitirelo ao a hepisetsang batho go ikaega ka Merafe e e Kopaneng mo boemong jwa Bogosi jwa ga Jehofa ka Jesu Keresete. Ka lebaka leno masalela a “ba Iseraela botlhe” a nna karolo ya phuthego ya lobopo lotlhe ya ga Jehofa. Masalela a ‘losika lwa ga Aberahame’ lwa semoya a setse a itshupa go nna tshegofatso go merafe yotlhe le ditshika tsotlhe tsa setho. Ka jalo ditsholofetso tsa boperofeti tsa ga Jehofa di ile tsa itshupa di le boammaaruri.
3, 4. Dingwaga tse di batlileng di nna 2 700 pele ga 1914, Jehofa o ne a tlhotlheletsa Isaia go kwala eng kaga “merahe eotlhe”?
3 Go feta dingwaga tse 2 700 tse di fetileng, Jehofa Modimo o ne a supela pele go motlha wa fa dikoloi tsa ntwa tsa tshipi le difofane di neng di tla bo di dirisiwa lwa ntlha mo ntweng ya boiphemelo lefa tlhabano ya diforo e tla bo e tlhabolotswe fela thata, masole a tla bo a dirisa dithibedi tsa gase, le dikgatikanyi-marumo tse dikgolo tse di jaaka “Big Bertha” tseo di neng di tla bo di dirisiwa mo tlhabanong ya kgolokwe. Ee, makgolo a dingwaga a a ka nnang 27 pele ga Ntwa ya Lefatshe 1, Jehofa o ne a tlhotlheletsa moperofeti go tlhalosa gape sengwe seo se neng se tla bo se diragala ka nako eo, ka gore:
4 “Lehoko ye Isaia morwa Amose o na a le bōna kaga Yuda le Yerusalema. Me go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele, go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhōñwa mo setlhoeñ sa dithaba, e tla golediwa godimo ga makhuyana, me merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna. Me dichaba di le dintsi di tla ea di re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe [Iseraele]; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè: gonne mo Siona go tla cwa molaō, le lehoko ya ga Yehofa le tla cwa mo Yerusalema. Me o tla atlhola ha gare ga merahe, a kgalemèle dichaba di le dintsi: me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o okèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè. Heè, ntlo ea ga Yakoba, ntloñ, me a re sepeleñ mo lesediñ ya ga Yehofa.”—Isaia 2:1-5.
5. Malebana le tsela ya go dira dilo ya Repaboliki ya Iseraele, boperofeti jwa ga Isaia malebana le “ntlo ea ga Yehofa” bo tshwanetse jwa lejwa go tswa ponong efe?
5 Gompieno ga re bone boperofeti jono jo bo gakgamatsang bo diragadiwa kwa Jerusalema wa Botlhaba Gare, motsemogolo wa Repaboliki ya Iseraele. Mo go seo se kileng sa bo se bidiwa Thaba ya Siona ga re bone tempele ya ga Jehofa, mme, go na le moo, re bone “Dome of the Rock” ya ga Mohammed le tempele ya semoselemo e e dirisediwang Allah. Bajanala go tswa merafeng e mentsi ba etela lefelo leno la bodumedi, e seng ka boikaelelo jwa kobamelo, mme e le fela go tla go tlhatlhoba moago ono o montle wa Seiselamo. Kwantle ga tikatiko, he, jaanong re le ‘mo motlheng wa morago’ wa tsamaiso eno ya dilo e e bobolelang la go swa, boperofeti jwa ga Isaia ga bo diragadiwe gotlhelele mo pusong ya segompieno ya Iseraele. Ga ea direlwa go nna “ba Iseraela botlhe” bao ba boloketsweng go segofatsa setho sotlhe, tiragatsong ya tsholofetso ya ga Jehofa go Aberahame. Ka jalo, polelwana ya boperofeti “thaba ea ntlo ea ga Yehofa” e tshwanetse ya kelekwa go tswa ponong ya semoya malebana le “Iseraela oa Modimo.”—Bagalatia 6:16.
6. (a) Petere o ne a bontsha jang gore “Iseraela oa Modimo” ke morafe wa mofuta ofe? (b) E ne e le ka nako ya tiragalo efe ya lefatshe go bo “merahe eotlhe” e ile ya simolola go ologela kwa ‘ntlong ya ga Jehofa’?
6 “Iseraela oa Modimo” yono ke morafe wa semoya, le e leng jaaka moaposetoloi Petere a neng a go supa mo mokwalong: “Me lona, lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele, gore lo tlè lo bōnatsè go tlotlomala ga eo o lo biditseñ, a lo bitsa lo le mo lehihiñ a lo isa mo lesediñ ya gagwè ye le gakgamatsañ.” (1 Petere 2:9) Masalela a motlha wa segompieno a “morahe o o boitshèpō” ono a eme jaaka setshwano sa “ntlo ea ga Yehofa” mme a dira modi wa Basupi ba ga Jehofa gompieno. E ne e le dingwaga tse 21 mo teng-teng ga ‘metlha ya morago’—fa bobusanosi jwa Roma Katoliki le Bo-Nazi jwa ga Hitler di ne di tlhasetse mo Yuropa moo “merahe eotlhe” e neng ya simolola go ologela kwa ‘ntlong ya ga Jehofa’ ya semoya eo e ileng ya tsholedi wa godimo ga makhujana, jaaka go ka bo go ntse ka Basupi ba ga Jehofa.
7. Ke ka ntlhayang fa e se kgang e potlanyana fa merafe e ne e simolola go ologela kwa ‘ntlong ya ga Jehofa’?
7 Tshimologo eno e e botlhokwa e ne ya tshwaiwa ke kopano ya kakaretso kwa bofelong jwa dikgakologo tsa 1935 kwa Washington, D.C., motse-mogolo wa United States of America. Ka nako ya polelo e e botlhokwa-tlhokwa fela thata kwa kopanong eo, leloko la “ba Iseraela botlhe”—J. F. Rutherford, yo ka nako eo e neng e le mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society o ne a tlhamalatsa go tlhoka kutlwisiso goo go neng go le gone mo gare ga Diithuti tsa Merafe yotlhe tsa Bibela. O ne a supela gore “bontsi jo bogolo,” kana “boidiidi yo bogolo,” jo bo neng bo tla phuthiwa go tswa ditlhopheng tsotlhe tsa setho mme e le joo bo neng bo tla obamela Modimo kwa tempeleng ya gagwe ya semoya (fela jaaka tempele ya sebele mo Jerusalema e ne ya senngwa ke Baroma ka 70 C.E.) e ne e tla nna setlhopha sa selefatshe. (Tshenolō 7:9-17, Authorized Version) Setlhopha seno se ne sa nna le tebelelo ya go falola Hara-Magedona le go tsena mo tsamaisong e ntšha ya dilo ka nako ya go atamela ga Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete yo o neng a setse a busa kwa magodimong fa e sale ka 1914.
8. (a) Ke tiragalo efe e e kgatlhisang fela thata e e sa lebalesegeng e e neng ya diragala kwa kopanong ya Washington, D.C., ka 1935? (b) Ke ka ntlhayang fa go ka bolelwa gore “merahe eotlhe” e ologela kwa ‘ntlong ya ga Jehofa’?
8 Karabelo ya lesedi leno le le senotsweng e ne e le tiragalo e e sa lebalesegeng. Kwa kopanong eo e e kgatlhisang thata, batla-kopanong ba le 840 ba ne ba kolobediwa e le tshupo ya boineelo jwa bone go Jehofa Modimo ka Jesu Keresete. Gore ke merafe e le kae e e neng e emetswe kwa setlhopheng seo go ne ga se ka ga tlhomamisiwa, mme ba ne ba gakologetswe tsholofelo ya Paradaise ya selefatshe. Gompieno, dingwaga tse di fetang 49 moragonyana, Basupi ba ga Jehofa ba fetile kgakala “ba Iseraela botlhe.” Ba tlhagafetse mo mafatsheng a le 205 go dikologa kgolokwe. Ka mareo a a utlwalang he, “merahe eotlhe” e ologela kwa ntlong ya ga Jehofa ya kobamelo e e tsholetsegileng.
Basupi ba ga Jehofa—Ke Batho Ba Mofuta Ofe?
9. Go sa tshwane le Repaboliki ya Iseraele, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tsaya tsela efe mo tiragatsong ya Isaia 2:4?
9 Ka lesedi leno la Repaboliki ya Iseraele, re fitlhela e le gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba mofuta ofe gompieno? Fela jaaka repaboliki eo, a ba tlhomeletswe ka dibetsa go tswelela ba tlhabana ntwa ya nama le bao ba bopelang go nna teng ga bone? Nnyaa! Mo boemong jwa moo, ke bone batho ba mofuta oo re o boleletsweng pele go Isaia 2:4. Ka go bo ba tlotlomatsa kobamelo ya ga Jehofa kwa ntlong ya semoya ya Modimo, ka tsela ya tshwantshetso ba thutse ditšhaka tsa bone megoma le marumo a bone dithipa tsa mabele. Ba ikanya mo go Jehofa jaaka Mosireletsi wa bone jaaka ba etsa Moeteledipele wa bone, ebong Jesu Keresete. Lemororo tota-tota ba ile ba tswa mo merafeng yotlhe, ga ba letlelele letlhoo la bomorafe go ba laola; lefa e le gone go itshunya nko mo dipolotiking tsa selefatshe. Ka tlhaloganyo ya mmatota ba khutletse go ithuta matlhale a tlhabano ya senama. Ba boloka boikutlo jwa bothokgami malebana le dikgaruru tsa selefatshe le dipolotiki. Tota, ba khutletse go dirisa dibetsa tsa nama go iphemela le go rumolana. Ba dumela go seo Jesu Keresete a neng a se bolela—gore Bogosi jwa gagwe “ga se yoa lehatshe yeno.” Go sa nneng jalo barutwa ba gagwe ba ko ba bo tlhabanela ka dibetsa tsa senama tsa mofuta o o tlhabolotsweng go di feta tsotlhe wa bosole.—Yohane 18:36.
10. (a) Ke mo tlhabanong efe e le yosi fela eo Basupi ba ga Jehofa ba tseneletseng mo go yone? (b) Ke “taolō e ncha” efe eo Basupi ba e utlwang, mme ba dira jalo jang?
10 Mo boemong jwa moo, Basupi ba ga Jehofa ba tshwaregile mo tlhabanong ya semoya fela. Ntwa ya bone e kgatlhanong le meya e e boikepo mo mannong a selegodimo. Ka jalo dibetsa tsa bone ga se tsa senama, tsa tshololo ya madi. (Baefesia 6:10-18) Tlhabano ya bone ga e kgatlhanong le setho, mme eleruri ga ba tlhabane le bakaulengwe ba bone ba semoya moteng ga phuthego ya ga Jehofa. Ba utlwa taolo ya ga Jesu Keresete ya go rata bakaulengwe ba bone ba semoya jaaka a re ratile go ya le e leng bokgakaleng jwa go beela barutwa ba gagwe botshelo jwa gagwe jwa setho. Seno se dumalana le “taolō e ncha” eo Jesu a e neileng balatedi ba gagwe gore ba ne ba tshwanetse go ratana fela jaaka a ba ratile.—Yohane 13:34.
11. Lorato lo lo sutšwang ke Basupi ba ga Jehofa le diragatsa molao ofe?
11 Basupi ba ga Jehofa ba tlhotlhelediwa ke mofuta oo wa lorato o o diragatsang Molao o o neilweng ka moperofeti Moshe. Lorato lo lo ntseng jalo le ka motlha ga lo ko lo gobatsa ope mme lo feta kgakala “bopelontle” fela, go ya ka tlhaloganyo ya lekgolo la dingwaga la bo-20 ya lereo leo. Mo Bibeleng mafoko a Sehebera le Segerika a “loratō” a tshwaya go feta kgakala-kgakala “bopelontle” fela.—Bona 1 Bakorintha kgaolo 13, King James Version; Douay Version ya Katoliki.
Go Segofatsa, Eseng go Hutsa
12. A go ne go tlhokafala gore go nna maloko a a tletseng a “ba Iseraela botlhe” go nne kwa legodimong pele ga tshegofatso ya “merahe eotlhe” e ka simolola?
12 Ka se se tlhalositsweng fa godimo re ka bona gore tshegofatso ya ditshika le merafe yotlhe go simolola ka “losika” lwa ga Aberahame yo Mogolwane, ebong Jehofa Modimo, go ne go sena tlhokafalo epe ka masalela a “ba Iseraela botlhe” go tsena mo legodimong le go nna le Ene yo mogolo wa “losika” loo, ebong Jesu Keresete. Mo e ka nnang go feta sephatlo sa lekgolo la dingwaga jaanong, maloko a ditshika le merafe ya lefatshe a ntse a amogela masego go tswa go “losika” lo lo solofeditsweng Iwa ga Aberahame. Go setse go phuthilwe “dinku di sele” tse di fetang dimilione tse pedi le sephatlo mmogo go dira “lecomane le le leñwe hèla” le masalela a balatedi ba seka-dinku ba ba itshenketsweng ka moya ba Modisa yo o Molemo bao ba nang le tsholofelo ya selegodimo.—Yohane 10:16.
13. Jesu o ne a tla mo tempeleng ka pono efe go “dinku di sele,” mme boikutlo jwa gagwe malebana le tsone bo tla akofa bo felela ka eng?
13 “Dinku di sele” tse di segofaditsweng di ile tsa amogela ka tsholofelo ya go rua go tswa fela kwa tshimologong ya yone, Paradaise e e tsosolositsweng mo lefatsheng ka nako ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Kgosi Keresete. Ka jalo fa Jesu Keresete jaaka “moroñwa oa kgōlaganō” wa ga Jehofa, a ne a tla mo tempeleng ya semoya go tla go rulaganya dikgang tsa katlholo, o ne a tla ka lesego, e seng phutso fa a ne a gopotse “dinku di sele.” (Malaki 3:1-3) Tshegofatso eno e tla fitlha tlhoreng ya yone ka go bolokwa ga bone ka ntwa e e atamelang ya “letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kgatlhanong le baba ba gagwe ba selefatshe ba ba phuthelwang kwa “Hara-Magedona.” (Tshenolō 16:14, 16) Mo metlheng ya bogologolo, motse wa Megido e ne e le lefelo la diphenyo tsa ga Jehofa Modimo. (Yoshua 17:11; Sekaria 12:11) Kwa Hara-Magedona wa tshwantshetso Modimo o tla ikgalaletsa ka phenyo e e di fetileng tsotlhe ya gagwe, kgalaletsong ya gagwe e e sa khutleng. Gone koo Morwawe yo o tlotlomaditsweng, ebong Jesu Keresete e tla nna Ramasole Mogolo wa gagwe.—Tshenolō 19:11-21.
14. (a) “Dinku di sele” di tla itumelela poloko ya bomang? (b) “Dinku di sele” di setse di fitlha palong e kana-kang?
14 “Dinku di sele” di tla bolokiwa ka tshupo eo e e gakgamatsang fela thata ya maatla le borena jwa bomodimo. Abo balebeledi botlhe ba ba tla falolang ba tla bo ba itumetse jang ne ka thulano eo ya makgaola-kgang ka lebaka la gore masalela a “ba Iseraela botlhe” a ne a “bolokwa” ka nako ya kagiso ya magareng ga Ntwa ya Lefatshe 1 le Ntwa ya Lefatshe 11! Go tloga dikgakologong tsa 1935 go ya pele go ile ga okediwa go Iseraele yono yo o bolokilweng “bontsi jo bogolo” kwa ntle ga palo e e papamaditsweng. Jaaka “dinku di sele” tsa Modisa yo o Molemo, ebong Jesu Keresete, palo ya bone jaanong e gagabela dimilione tse tharo. Ba ile ba tswa go “morahe moñwe le moñwe, le ba dicō, le batho, le dipuō” tsa setho, tiragatsong ya tsholofetso ya ga Jehofa Modimo e e neng ya dira go ene yo a neng a mo tshwantshetsa, ebong “tsala” ya gagwe Aberahame. (Tshenolō 7:9-17; Yakobe 2:23) Mme go phuthwa ga “dinku di sele” tseno ga go ise go felele. Gore e tlaare labofelo palo ya bone e nne kana-kang fa Modisa yo o Molemo a setse a feditse go ba phutha pele ga tshenyego ya Babelona o Mogolo le ntwa ya Modimo kgatlhanong le dinyatsi tsa gagwe tsa bopolotiki ka Hara-Magedona ga re itse.—Tshenolō 17:1–18:24.
15. Bolekane jwa “dinku di sele” le masalela a “ba Iseraela botlhe” ke tshimologo ya tshegofatso efe?
15 Bolekane jwa “dinku di sele” le masalela a “ba Iseraela botlhe” mo ‘letsomaneng le le lengwe fela’ tlase ga Modisa yo o Molemo, ebong Jesu Keresete, Ene yo mogolo wa “losika” lwa ga Aberahame bo itshupile e le tshimologo ya sengwe. Ya eng? E ile ya nna tshimologo ya tshegofatso e e tletseng e “ba Iseraela botlhe” ba sa ntseng ba tla e neela “dinku di sele” tseo ka nako ya Dingwaga tse di Sekete tsa Puso ya ga Jesu Keresete, eo ba tla falolelang mo go yone tlase ga tshireletso ya bomodimo.
16. Ke ka ntlhayang fa “dinku di sele” di ititeile sehuba go tswelela di direla Jehofa mo letlhakoreng la masalela a “ba Iseraela botlhe”?
16 Tiragatsong ya Tshenolō 7:14-17, “dinku di sele” di setse di “tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” Ke ka gone ba dumelelwang go obamela Modimo “motshegare le bosigo mo tempeleñ ea ōna,” fa re bua kafa semoeng. Ee, “Kwana ea Modimo,” ebong Jesu Keresete o setse a ba otla ka dijo tsa semoya e le gore ba se tlhole ba “bolawa ke tlala gopè.” (Yohane 1:29) Gape-gape, Modisa wa bone yo o ikanyegang o ba gogela “kwa mecwediñ ea metse a botshelō,” ke gore botshelo mo Paradaiseng ya selefatshe. Ka ba itumelela thata masego otlhe ao ba setseng ba a amogela ka masalela a “ba Iseraela botlhe,” “boidiidi yo bogolo” bo tla tswelela go direla Jehofa mo letlhakoreng la masalela a a ikanyegang. “Dinku di sele” tseno di tla dira jalo mo ‘letsomaneng le le lengwe fela’ tlase ga “modisa a le moñwe hèla” ka ntlha ya Bogosi jwa Modimo ka Jesu Keresete. Seno ba ititeile sehuba go se dira go fitlhelela baba botlhe ba Bogosi ba sena go nyelelediwa ruri go tloga fa pele ga “sebèō [sa Modimo] sa dinaō,” ebong lefatshe.—Isaia 66:1; Mathaio 5:34, 35; Ditihō 7:49.
O Ka Araba Jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa Repaboliki ya Iseraele e se yone eo Jehofa a tla segofatsang setho sotlhe ka yone?
◻ Ke ka ntlhayang fa go ka bolelwa gore “merahe eotlhe” jaanong e ologela kwa “ntlong ya ga Jehofa”?
◻ Basupi ba ga Jehofa ba ile ba diragatsa Isaia 2:4 jang?
◻ Jesu Keresete o na le boikutlo bofe malebana le “dinku di sele,” mme bo tla akofa bo felela jang?
◻ Ke tshegofatso efe e e neng ya nna le tshimologo ya yone mo bolekaneng jwa “dinku di sele” le masalela a “ba Iseraela botlhe”?
[Setshwantsho mo go tsebe 18, 19]
“Me merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago; ka u utlwile lencwe ya me.”—GENESISE 22:18.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Basupi ba ga Jehofa ba a le lorato gareng ga bone mme ebile ba ‘thutse ditšhaka tsa bone megoma’