LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 9/15 ts. 10-15
  • “Ba Iseraela Botlhe Ba Tla Bolokwa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ba Iseraela Botlhe Ba Tla Bolokwa”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ba Iseraela Botlhe” Ba Bopilwe ka Mang?
  • Tiro ya go Lomela Jaanong e Fitlheletswe
  • “Ba Iseraela Botlhe” Ba Boloketswe go Segofatsa Setho Sotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Setlhare sa Motlhware Se Se Ungwang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Bajuda
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • ‘A Boteng Jwa Botlhale Jwa Modimo!’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 9/15 ts. 10-15

“Ba Iseraela Botlhe Ba Tla Bolokwa”

“Me yalo ba Iseraela botlhe ba tla bolokwa: hèla yaka go kwadilwe, ga twe, Go tla cwa Mogolodi mo Siona; me o tla tlosa boikèpō mo go Yakobe.”—BAROMA 11:26.

1. (a) Malebana le Baroma 11:26, ke dipotso dife tseo di bodiwang? (b) Ke ka ntlhayang fa Repaboliki ya Iseraele e se Iseraele yo o tla ‘bolokwang’?

KE MORAFE ofe o o umakiwang fano? O tla bolokwa jang? Mme merafe e mengwe yotlhe e amiwa jang ke poloko ya one? Tota, fa thata ya Britani godimo ga Palesetina e ne e fela ka 1948, Bajuda ba ne ba thopa karolo ya kgaolo eo mme ba tlhoma Repaboliki ya Iseraela. Ka phenyo ya bone godimo ga masole a Arabia mo ntweng ya malatsi a marataro ya 1967, Baiseraele ba ne ba atolosa melelwane ya repaboliki ya bone. Mme fa e sale go tlhomiwa ga Repaboliki ya Iseraele, e ne ya ngangatlela go nna ga yone ka tiriso ya dibetsa. Go sa kgathalesege gore Iseraele wa motlha wa segompieno o na le dibomo tsa nuclear tse di kokoanyeditseng go boloka bomorafe kana nyaa, eleruri ga e ya ikaega godimo ga ‘mogolodi yo o tswang mo Siona.’ Aitsane, gammogo le merafe e mengwe ya Baditšhaba, morafe ono o monnye wa sepolotiki ke karolo ya Merafe e e Kopaneng! Go phepafetse he gore, repaboliki eno ga se ya bolegodimo, jaaka go ne go ntse ka morafe wa Iseraele o o neng o le gone mo metlheng ya ga Moshe, morago koo ka 1513 B.C.E.

2. Go tlhomiwa ga Repaboliki ya Iseraele go ne go farologana jang le tsosoloso ya Bajuda go ya nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E.?

2 Moiseraele wa mo Austria Theodor Herzl, motlhami wa Zionist World Organization ka 1897, o ne a bolela gore Bajuda e ne e le morafe mme a laela gore go beelwe kwa thoko kgaolo ya go tlhoma puso ya Sejuda. Mme ga go sepe sa ditiragalo tseno tsotlhe tse di kopanyeletsang Repaboliki ya Iseraele se se amanang ka gope le tsosoloso ya Bajuda go ya naga-gaeng ya bone ka 537 B.C.E., ngwaga wa ntlha wa bobusi-bogolo jwa Peresia ka Kurose yo Mogolo. Tsosoloso eo ya bogologolo e ne ya diragatsa boikaelelo jo bo boletsweng jwa Modimo wa Iseraele, ebong Jehofa, jaaka bo boleletswe pele go Isaia 45:1-5. (2 Ditihalō 36:22, 23; Esere 1:1-4) Mme ka go tlhomiwa ga Repaboliki ya Iseraele ga rea bona tsela epe ya kagiso e tsewa ka tumelo e e tletseng mo Modimong wa Iseraele yoo wa bogologolo. Ka jalo seno se ka se tlhalosiwe e le tiragatso ya dipolelelo-pele tsa Dikwalo tsa Sehebera; lefa e le jone bosupi tota jwa gore Mesia wa Sejuda yo o tlang o gaufi.

3. Poloko ya “ba Iseraela botlhe” ka nako nngwe e ne e lejwa jang ke Diithuti tsa Merafe yotlhe tsa Bibela, mme ke eng seo se neng sa diragala malebana le seno ka 1932?

3 Le e leng go fitlhelela ngwaga wa 1929 maloko a Diithuti tsa Merafe yotlhe tsa Bibela a ne a akanya gore Bajuda ba tlholego ba ne ba santse ba le batho ba ba ikgethetsweng ba Modimo, le gore ba ne ba tla phuthelwa gape kwa Palesetina ka dikgakgamatso, le gore ba ne ba tla sokololelwa go Jesu Keresete jaaka Losika lwa ga Aberahame lo lo solofeditsweng, le gore ke gone he ba neng ba tla nna morafe o o di gogang kwa pele wa lefatshe mo go segofatseng setho sotlhe. Lefa go ntse jalo, ka 1932, seno se ne sa sutšwa e le go sa utlwisise sentle polelelo-pele ya Bibela, go akareletsa le mafoko a Baroma 11:26 kaga go bolokwa ga “ba Iseraela botlhe.”—Bona Thuto VIII ya buka ya Thy Kingdom Come, e e gatisitsweng ka 1891 ke Watch Tower Bible & Tract Society.

“Ba Iseraela Botlhe” Ba Bopilwe ka Mang?

4. Ke maemo afe ao gompieno a supang gore Repaboliki ya Iseraele ga se “Iseraela oa Modimo”?

4 Seo mokwadi wa Mojuda wa Baroma 11:26 a se bitsang “ba Iseraela botlhe” o ne a se bitsa “Iseraela oa Modimo” mo go Bagalatia 6:16. Mme fa e le gore Bajuda ba tlholego ba Repaboliki ya Iseraele le go dikologa kgolokwe ga ba dire “ba Iseraela botlhe,” maloko a yone ke bomang? Potso eno ke e e botlhokwa-tlhokwa, ereka Bajuda ba tlholego ba gompieno ba sa itse gore mo ditsong tse 12 tsa Iseraele ba mo go sefe. Ba na le baruti mme eseng baperisiti, ga go moperisiti mogolo mo lefatsheng, ga go tempele epe kwa Jerusalema le gone motlaagana ga o teng koo mo go one go isiwang ditlhabelo tsa tshupelo go ya kafa molaong wa Modimo o ba neng ba o neelwa ka Moshe. Seno sotlhe se sale se tlhaela fa esale Baroma ba senya Jerusalema ka 70 C.E. Gape ga go na tshupo epe ya gore Modimo oo leina la one ba ganang go le bitsa o mo go bone tota jaaka morafe. Lefa go le jalo, Jehofa Modimo o na le Iseraele mo lefatsheng, le eleng mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20. Ka jalo maloko a gagwe ke bomang?

5, 6. Paulo o ne a bontsha jang gore go nna “Iseraela oa Modimo” ga go a ikaega ka tlholego, le maemo a senama?

5 Saulo wa Tareso yo e neng e le Mojuda wa tlholego, yo o neng a nna le tshiamelo ya go nna moaposetoloi Paulo wa Mokeresete, o baakanyetsa ka karabo e e kgotsofatsang. Mo e ka nnang ka ngwaga wa 56 C.E. o ne a kwala lokwalo lo loleele go botlhe bao ba neng ba le kwa “Roma, baratwa ba Modimo, ba lo bidicweñ go nna baitshepi.” (Baroma 1:1, 7) Mo lokwalong loo, Paulo o kgetholola bao ba tsewang ke Modimo go nna Baiseraele ba boammaaruri—eseng Baiseraele ba nama mme ba kafa moeng. Paulo o ne a kwala ka gore:

6 “Gonne ga se go re, ba ba cwañ mo go Iseraela, ke Baiseraela botlhe: Me le gōna, ga se go re, botlhe ke bana, ka go bo e le ba losika loa ga Aberahame: me, ga twe, Losika loa gago lo tla bidiwa mo go Isake. Ke go re, ba e leñ bana ba nama, ga se go re, ke bōnè bana ba Modimo; me bana ba polèlō ea choloheco ke bōnè ba ba kaiwañ losika. . . . Me Isaia o buèla godimo kaga ba Iseraela, a re, Leha palō ea bana ba Iseraela e nntse yaka moshawa oa lewatlè, masalèla ko aōna a tla bolokwañ: Gonne [Jehofa] o tla dihatsa lehoko ya gagwè mo lehatshiñ, a le wetsa, a le khutshahatsa. Le yaka Isaia a buile galè, a re, Ha Yehofa oa mashōmoshōmo a ka bo a se ka a re sadisetsa bañwenyana ba losika, re ka bo re chwana le Sodoma, me ra ba ra dihwa yaka Gomora.”—Baroma 9:6-9, 27-29.

7, 8. Ke ka ntlhayang fa Baiseraele ba tlholego ba ne ba palelwa ke go tlatsa diphatlha tsotlhe tsa seka-dikala tsa setlhare sa motlhware sa tshwantshetso se se tlhalosiwang go Baroma kgaolo 11?

7 Moragonyana, mo go Baroma kgaolo 11, Paulo o ne a tshwantsha morafe wa Iseraele le setlhare sa motlhware seo se neng se tshwaraganngwa le “tsala ya ga Jehofa,” tlhogo ya lotso Aberahame. (Yakobe 2:23, NW) Morago fa “tsala” eo e sena go supa kutlo, Modimo o ne wa mmolelela ka gore: “Me merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago; ka u utlwile lencwe ya me.” (Genesise 22:18) Ka go bo bontsi jwa Bajuda ba tlholego ba ne ba seka ba supa tumelo ya rraabo-mogolo Aberahame le go utlwa Modimo, Baiseraele bao ba sa dumeleng ba ne ba amololwa mo setlhareng sa motlhware sa tshwantshetso seo se neng se namile metswe mo go Aberahame yo Mogolwane, eleng Jehofa Modimo. Diphatlha tsa bone di ne tsa tsewa ke Baditšhaba ba ba dumelang, kana ba e seng Bajuda, e le gore setlhare sa tshwantshetso se tle se nne le palo e e tletseng ya dikala. Bao ba tsereng diphatlha tsa Baiseraele ba tlholego ba ne ba nna “losika loa ga Aberahame” jaaka basokologi, kana Baiseraele ka go tsewa jaaka bana ke Modimo, Yo mogolo go feta Aberahame. (Bagalatia 3:26-29) Ba ne ba nna Baiseraele ka tlhaloganyo ya semoya, ke gore, Baiseraele ba semoya. Ke ka gone Paulo a neng a tswelela ka gore:

8 “Gonne ba ga echo, ga ke rate loa tlhōka go itse bosaitsiweñ yo, e se re kgotsa loa ikgopola ha lo le botlhale; ke go re, ka ntlha e ñwe, bokgwaralalō yoa pelo bo wetse Iseraela, go ba go tsamaea go tlalèdiwa ga Badichaba go tsèna pele: Me yalo ba Iseraela botlhe ba tla bolokwa: hèla yaka go kwadilwe, ga twe, Go tla cwa Mogolodi mo Siona; me o tla tlosa boikèpo mo go Yakobe: Me euō ke eōna kgōlaganō ea me nabō, mogañ ke tlosañ dibe tsa bōnè.”—Baroma 11:25-27.

9. Lemororo “metlha e e laotsweng ya merafe” e ne ya fela ka 1914 C.E., boemo jwa Repaboliki ya Iseraele malebana le Motsereganyi wa kgolagano e ntšha ke bofe?’

9 Re ela tlhoko gore Paulo ga a re, ‘go fitlha metlha ya Baditšhaba e sena go wela.’ Go na le moo, o bolela ka gore, “go ba go tsamaea go tlalèdiwa ga Badichaba go tsèna pele,” kana “go fitlhelela palo e e tletseng ya batho ba merafe e tsena.” Metlha ya Baditšhaba, kana “metlha e e laotsweng ya merafe,” e ne ya fela ka 1914, ngwaga oo Ntwa ya Lefatshe 1 e neng ya tlhagoga ka one. (Luke 21:24, NW) Lefa go ntse jalo, gompieno, dingwaga tse 70 moragonyana, Repaboliki ya Iseraele le Bajuda ba tlholego go ralala lefatshe lotlhe ga ba iphake fa ba le mo kgolaganong e ntšha eo Jehofa a neng a re o tla e tlhoma le ntlo ya Iseraele. (Yeremia 31:31-34) Dingwaga tse di fetang makgolo a a 19 tse di fetileng, ka Nisane 14, 33 C.E., mo bosigong jwa Tlolaganyo ya Sejuda, Motsereganyi yo a neng a lebeletswe mo kgolaganong eo o ne a isa senwelo sa beine go baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang mme a akgela ka gore: “Senwèlō se, ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me, eboñ a a chololèlwañ lona.” (Luke 22:20) Mme le eleng morago ga lobaka lono lotlhe Repaboliki ya Iseraele ga e lemoge fa Jesu Keresete e le Motsereganyi wa kgolagano e e boleletsweng pele ke Jeremia.

10. Bajuda ba tlholego ba ba dumelang ba ne ba bopa “losika” Iwa ga Aberahame go le go kae go segofatseng setho sotlhe, mme ka matswela afe?

10 Go ya ka Baiseraele, “mogolodi” gaa ise a tswe mo Siona. (Isaia 59:20; Baroma 11:26) Mme mo letsatsing la Pentekoste ya 33 C.E., masalela a Iseraele wa bogologolo a ne a amogela Jesu jaaka Mesia. Masalela ao go tswa foo a ne a simolola go amogela moya o o boitshepo o o neng o solofeditswe le go tlisiwa mo kgolaganong e ntšha e e neng ya bolelelwa pele. Lefa go le jalo, masalela a ne a sa lekanela go nna maloko a a tletseng a “monyadwi” wa semoya wa ga Keresete, eo fa e feletse eleng 144 000. (Tshenolō 7:1-8; 14:1-3; 21:9) Ka gone Baiseraele ba tlholego ba ne ba sa lekanela go nna karolo ya setlhare sa motlhware sa tshwantshetso seo se neng se namile motswe mo go Aberahame yo Mogolwane, yo o neng a solofetsa gore “losika” lwa tlhogo ya lotso eo ya bogologolo lo ne lo tla tlisetsa merafe yotlhe ya lefatshe masego, Bajuda le ba e seng Bajuda.

11, 12. “Ba Iseraela botlhe” ba lebisa go Iseraele ofe, mme seno se ka supiwa jang kafa Dikwalong?

11 Jalo he, “ba Iseraela botlhe” ba ne ba tla “bolokwa” jang ka “mogolodi” yo o neng a solofeditswe? Tswee tswee elatlhoko gore Paulo o kwadile lokwalo lono go Baroma mo e ka nnang ka 56 C.E., morago ga fa a sena go kwalela Bagalatia (mo e ka nnang ka 50-52 C.E.). Ka jalo, Baroma 11:25-27 e ne ya kwalwa morago ga mafoko a gagwe go Bagalatia 6:16 kaga “Iseraela oa Modimo.” Iseraele yoo ke ene yo kgolagano e ntšha e neng ya dirwa ka Jesu Keresete, eseng moperofeti Moshe. Jesu e ne e le Motsereganyi wa Iseraele wa Bokeresete, Iseraele wa semoya, yo o neng a tsalwa jaaka morafe mo letsatsing la Pentekoste, ya 33 C.E., fa moya o o boitshepo o tshololelwa godimo ga Bajuda ba ba neng ba amogela Jesu Keresete jaaka Motsereganyi wa kgolagano e ntšha.

12 Yo o neng a le teng mo pakeng eo e ne e le moaposetoloi Petere wa Mojuda. Moragonyana, o ne a kwalela “ba ba itshenkecweñ kaha kitsecoñ pele ea Modimo” mme a re: “Lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele, . . . Eboñ lona ba e rileñ mo metlheñ e e hetileñ loa bo lo se chaba epè, me gompiyeno lo chaba ea Modimo.” (1 Petere 1:1, 2; 2:9, 10) Seno se papamatsa lebaka la gore Baiseraele “botlhe” bao ba tla ‘bolokwang’ ga se repaboliki ya segompieno ya Baiseraele kana Baiseraele ba tlholego ba ba phatlhaletseng go dikologa kgolokwe yotlhe. “Ba Iseraela botlhe” bao ba tla ‘bolokwang’ e ne e le Iseraele wa semoya yo o neng a tsalwa ka Pentekoste ya 33 C.E. yoo ka nako eo a neng a itshenketswe ka moya o o tsadisang wa Modimo. E ne e le “Iseraela oa Modimo” yono yoo Mogolodi yo o solofeditsweng a neng a tla tla go ene.

13. (a) Mogolodi yo o solofeditsweng o ne a tla tswa jang le gone leng mo Siona? (b) Fa nako e ntse e tsamaya, “Iseraela oa Modimo” o ne a akareletsa bomang mo go nneng maloko a gagwe?

13 Mogolodi yono o ne a tla mo letsatsing la Pentekoste ya 33 C.E. jang? Ka go tshololela moya o o boitshepo wa ga Jehofa mo barutweng ba ba ka nnang 120 mo ntlong e e kwa godimo ya motsemogolo wa morafe oo mo Jerusalema. Ka gone barutwa bao ba ne ba nna karolo ya ntlha-ntlha ya “Iseraela oa Modimo” wa bao ba neng ba tsaletswe botshelo jwa semoya mme ba na le tsholofelo ya botshelo jo bosakhutleng mo sebakeng se se kwa godimo sa moya. Iseraele yono wa semoya kgabagare o ne a tla go akareletsa badumedi bao eseng Bajuda go Mogolodi yono yo o solofeditsweng. Seno e ne e le leng? Kwa tshokologong ya Basamaria—mme moragonyana ya Baditšhaba gotlhelele ka tshokologo ya molaodi wa masole a Roma Korenelio le lelapa la gagwe le ditsala tsa gagwe ka 36 C.E.—Jehofa, Aberahame yo Mogolwane, o ne a tseela badumedi bano ba eseng ba Bajuda jaaka bana go Morwawe yo o tsetsweng a le esi, ebong Jesu Keresete, thito ya tshwantshetso ya setlhare sa motlhware sa tshwantshetso. Ka gone bano ba eseng Bajuda ba ne ba ka tsaya diphatlha tsa Bajuda ba ba senang tumelo ba ba neng ba amololwa mo setlhareng seo sa motlhware se se nang le “dikala” tse 144 000.—Ditihō kgaolo 10; Ac 15:14-21.

Tiro ya go Lomela Jaanong e Fitlheletswe

14. Ka nako eno go na le bosupi jo bo molemo jwa go supa eng malebana le “ba Iseraela botlhe”?

14 Dingwaga tse di makgolo a a lesome le bofera bongwe le masome a mane le boroba bobedi di setse di fetile fa e sale tiragalo eo e e botlhokwa ya 36 C.E. Go phepafetse he, gore jaanong tiro ya go boloka “ba Iseraela botlhe” ya Modimo Mothatayotlhe jaanong e setse e fitlheletswe sentle. Lo e ne e le lobaka Iwa nako lo loleele thata go na le motlha wa Sejuda wa kamogelo e e feletseng ya bomodimo go tloga ka 1513 B.C.E., mo motlheng wa ga Moshe, go fitlha ka 36 C.E., kwa tshokologong ya ntlha ya bao e seng Baiseraele ba ba sa rupisiwang, kana Baditšhaba. Kwa ntle ga pelaelo, lobaka lono lo lo atolositsweng lo ne lwa letlelela nako e e lekanetseng go boloka “ba Iseraela botlhe,” go fitlhelela le e leng go baakanyetsa maloko a a feletseng kafa go neng go tshwanela. Jaanong go na le bosupi jo bo phepafetseng jwa kgang eno.

15. Mo boperofeting jwa ga Jesu malebana le “seshupō” sa “bofelo jwa tsamaiso ya dilo,” o ne a bolela gore “baitshenkedwi” ba ne ba tla phuthwa jang?

15 Jesu Keresete o ne a lebisa go lobaka loo Iwa nako fa a ne a neela polelelopele ya go nna “gone” ga gagwe mo go sa bonaleng ga moya le “ga bofelo jwa tsamaiso ya dilo” mme a re: “E diha gōna go tla bōnalañ seshupō sa Morwa Motho kwa legodimoñ: hoñ dichaba cotlhe tsa lehatshe di tla hutsahala, me di tla bōna Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonohō le ka kgalalèlō e kgolo. Me o tla roma baengele ba gagwè ka tumō e kgolo ea lonaka, me ba tla phutha baitshenkedwi ba gagwè kwa diphehoñ coo nnè, go cwa sekhutloñ se señwe sa legodimo go ea kwa go se señwe.” (Mathaio 24:30, 31) Go nna “gone” moo ga ga Jesu Keresete go ne ga simolola jang?

16, 17. Go nna “gone” ga ga Jesu Keresete go ne ga simolola leng, mme ke ditiragalo dife tsa botlhokwa tse di neng tsa latela malebana le go phuthwa ga “baitshenkedwi” bano?

16 Go nna “gone” ga ga Jesu go ne ga simolola kwa bowelong jwa “metlha e shupa” ya Baditšhaba mo letlhabuleng la 1914. (Daniele 4:23-36) Ka nako eo Jesu Keresete yo o galaleditsweng o ne a retolosetsa tlhokomelo ya gagwe mo go diragatseng bolaodi jwa gagwe malebana le lefatshe le le kgautlhantsweng ke ntwa. Mabaka a ditso a supa gore mo ngwageng wa morago ga ntwa wa 1919 Kgosi Jesu Keresete yo o neng a busa o ne a romela baengele ba gagwe ba selegodimo go phutha “baitshenkedwi” go tswa diphefong tsotlhe tsa kgolokwe. Mo tlase ga kokamelo ya Watch Tower Bible and Tract Society, ba ne ba tlisiwa ba le mmogo mo kutlwanong lefatshe ka bophara, go kopanya maiteko a bone go tswa foo go diragatseng kaelo ya seperofeti ya ga Jesu Keresete e e begilweng go Mathaio 24:14: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”

17 Kwa kopanong ya kakaretso ya batho ba Modimo ka 1931, ka bongwefela jwa pelo ba ne ba tsaya leina le lesha, e le gore ba tle ba itsiwe jaaka basupi ba ga Jehofa. Seno se ne sa latelwa moragonyana ke kgatiso ya buka ya Mokgatlho Jehovah, e tlhalosa leina la Modimo leo ba neng ba itumelela fela thata gore ba le sikare. Ka mo go itumedisang, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba amogela buka e ntšha eo ka ngwaga wa 1934, fa Moetapele wa Mo-Nazi, Adolf Hitler, a ne a ikwelepanyetsa go nyeletsa Basupi mo bogare jwa Yuropa.

18. Ka nako e e leng yone, ke tiragalo efe e e supang gore palo e e tletseng ya “baitshenkedwi” e ne e setse e phuthilwe?

18 Seo se neng sa latela se ne sa supela gore go phuthwa ga “baitshenkedwi” ba ba ineetseng, le go kolobelediwa Bogosi jwa selegodimo go ne go setse go fitlheletswe. Jang jalo? Ka go bo ka ngwaga wa 1935 tlhokomelo le maiteko a “baitshenkedwi” bao di ne tsa lebisiwa go “bontsi jo bogolo” jo bo bontshiwang go Tshenolō 7:9-17 (AV). “Bontsi jo bogolo” jono, kana “boidiidi yo bogolo,” bo ne bo dirilwe ka bomang? Ka batho bao ba neng ba tla neela Jehofa Modimo le Jesu Keresete kgalalelo le tlotlo le bao ba neng ba tla lefiwa ka botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la Paradaise leo ba neng ba tla tsena mo go lone kwa ntle ga go swa go sa kgathalesege “pitlaganō” e kgolo fela thata mo ditsong tsotlhe tsa setho. Bano ba ba ratiwang ba ne ba kgethololwa jaaka “dinku di sele” tsa selefatshe tsa Modisa yo o Molemo, ebong Jesu Keresete. Ka boitumelo, ba ne ba tla dirwa “lecomane le le leñwe hèla” le masalela a “ba Iseraela botlhe” bao ba neng ba tla bo ba sa tshedile mo lefatsheng.—Yohane 10:16.

Karabo ya Gago ke Efe?

◻ Ke ka ntlhayang fa Repaboliki ya Iseraele e se Iseraela yo o umakiwang mo go Baroma 11:26?

◻ Ke ka ntlhayang fa Baiseraele ba tlholego ba ne ba palelwa ke go tlatsa diphatlha tsotlhe jaaka dikala tsa setlhare sa motlhware sa tshwantshetso?

◻ Mogolodi yo o solofeditsweng ke mang, mme o ne a tswa leng le gone jang mo Siona?

◻ Ke bomang ba ba dirang “ba Iseraela botlhe,” mme palo ya bone e e tletseng e ne ya phuthwa leng?

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 14]

Ka 1935 “dinku di sele” tse di kopanelang le masalela a “ba Iseraela botlhe” a ne a bidiwa “boidiidi yo bogolo”

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Fa Jesu a ne a simolola Sejo sa Morena sa Maitseboa, “senwèlō” se ne se raya eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Bareetsi ba ba penologang kwa kopanong ya Washington, D.C. ka 1935

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela