Lefoko la Modimo Le Tshedile
Bogosi bo Botlhokwa go le Kana-kang mo go Wena?
A RE re gongwe o itsile gore go na le khumo nngwe e e tlhotlhwa kgolo fela thata e e katetsweng mo nageng nngwe. Fa o rekisitse tsotlhe tse o nang natso, o ne o tla nna le madi a a lekanetseng fela go reka naga e go fitlhilweng khumo eo mo go yone. O ne o tla dirang?
Jesu Keresete o dirisitse boemo jo bo ntseng jalo go tshwantsha botlhokwa jwa Bogosi jwa Modimo. O ne a re: “Bogosi yoa legodimo bo chwana le khumō e e hitlhegileñ mo nageñ; e motho o na a e bōna, me a e lōba: me ka boitumèlō yoa gōna, a ea a bapatsa cotlhe tse u nañ nacō, a rèka naga euō.”—Mathaio 13:44.
A o tshwana le “motho” yo o mo setshwantshong seno? Jesu o ne a ntse jalo. Fa a ne a lemoga ka maikaelelo a Modimo go nna le puso ya selegodimo—e fano e bidiwang “bogosi yoa legodimo”—o ne tota, a rekisa sengwe le sengwe seo a neng a na naso go reka khumo e e fitlhegileng, e mo go ene e neng e le tshiamelo ya go nna Mmusi wa puso eo. Jesu o ne a tlogela boemo jwa gagwe jaaka motho wa semoya yo o nonofileng kwa legodimong mme a tla go nna leloko la lelapa le le humanegileng mo lefatsheng mo motseng o o kwa thoko wa Nasaretha. Morago, a sotlega ka go bogisiwa mo go botlhoko mme, labofelo, loso mo thupeng ya tlhokofatso. Jalo o ne a itshupa a tshwanela go nna Mmusi wa Bogosi jwa Modimo.
A le wena gape, o tla intsha setlhabelo go ikamogelela khumo e e tshwanang? Go otlelela tlhokafalo ya go dira jalo, Jesu gape o ne a re: “Gapè bogosi yoa legodimo bo chwana le moreki eo o batlañ diperela tse dintlè: Me ea re a sena go bōna ñwe e e tlhwatlhwa e kgolo, a ea a bapatsa cotlhe tse o nañ nacō, a e rèka.”—Mathaio 13:45, 46.
Ee, moreki ka ‘bofefo’ o ne a rekisa tsotlhe tse a neng a na natso go phutha madi go reka perela. Abo seno se tshwanetse sa bo se ile sa kopanyeletsa go opiwa ke tlhogo le go intsha setlhabelo mo go ntsi jang ne! Mme seo se ne se sa reye sepe. O ne a tshwanetse go dira ka pele pele a latlhegelwa ke sebaka! Perela e e tlhotlhwa kgolo e ne e tla emisetsa go intsha setlhabelo le go opiwa ke tlhogo gope fela. Go ntse fela jalo le ka Bogosi. Go bo eteletsa pele mo matshelong a rona go ka nna ga nna thata. Ke eng gape se se ka tshwantshanngwang le tlhotlhwa ya go nna mmusi-mmogo le Jesu Keresete kwa legodimong kana go nna mongwe wa babusiwa ba gagwe ba ba itumelelang botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng? A ke kafa o lebang kgang ka teng?
Jesu o ne a kgothatsa balatedi ba gagwe go nna le pono eo, le go ba tlogelela sekao go se latela. (1 Petere 2:21) Boikutlo jwa gagwe ka botshelo bo supiwa ke mafoko a gagwe: “Seyō sa me ke go diha go rata ga eo o nthomileñ, le go wetsa tihō ea gagwè.” (Yohane 4:34) Boikaelelo jo bogolo jwa ga Jesu e ne e le go dira thato ya Modimo. O ne a seka a leka le go nna le dilo tse batho bangwe ba neng ba di tsaya di le botlhokwa mo botshelong jo bo “tlwaelegileng.” O ne a tshwenyegile ka selo se le sengwe—go bona naga e khumo e neng e fitlhegile mo go yone, go reka perela e e tlhotlhwa kgolo. A le wena, o batla Bogosi jwa Modimo pele? A tsela ya gago ya botshelo e bontsha seno?—Mathaio 6:31-33.