O Ka Nna le Isagwe e e Itumedisang
TIRAGALO e e tlhomologileng mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng e ne ya bontsha kafa sengwe se se fetang botlhale jwa tlholego se tlhokafalang ka gone fa e le gore re ne re tla rulaganyetsa isagwe e e atlegileng. Mo metlheng eo bogolo jwa lefatshe bo ne bo le tlase ga mmuso-mogolo wa Roma. Legae la ga Jesu Keresete, ebong Palesetina, e ne e le karolonyana fela e potlana ya Mmuso-mogolo oo wa Roma o mogolo-golo. Mme Bajuda koo ba ne ba ikgopola thata. Ba ne ba ganana le puso ya Roma mme ba nnela go tsuologa gangwe le gape. Mo gare ga bone, botlhale jwa tlholego bo ne bo ba raya bo re Modimo o ne a le kafa letlhakoreng la bone.
Mo lesomeng la dingwaga la bosupa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bajuda ba ne ba dira boiteko jo bo tlhoafetseng jwa go diga jokwe ya Roma. Batlhabani ba Roma ba ne ba tla go ba tlhasela ba bo ba batla go gapa motse wa Jerusalema mme ba tloga ba tsamaya. Batsuolodi ba ne ba gopola gore ba ne ba fentse jaana ka thuso ya Modimo. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a setse a ile a bolela gore motse o ne o tshwanetse go senngwa. Jalo, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba dirisa go boela morago ga Baroma jaaka paka ya go tshaba mo motseng oo. (Mathaio 23:33-39; Luke 21:20-24) Go ise go nne lobaka ba sena go tsamaya, Baroma ba boa. Ka 70 C.E. motse wa Jerusalema o ne wa senngwa mme baagi ba one ba bolawa le go rekisiwa jaaka makgoba. Ke bao fela ka botlhale ba neng ba ile ba reetsa tlhagiso ya ga Jesu ba ileng ba falola boitemogelo jo bo boitshegang joo.
Seno e ne e le pontsho e e gakgamatsang ya boammaaruri jwa polelo eno ya Bibela e e reng: “Botlhale ke phemèlō, hèla yaka madi e le phemèlō: me molemō o o gaisañ oa kicō, ke go re, botlhale bo boloka botshelō yoa eo o nañ nayō.” (Moreri 7:12) Ka Keresete, Modimo o ne a neetse balatedi ba ga Jesu kitso ya seo se neng se tla diragala. Ba ne ba ile ba tsaya kgato ka botlhale go ya kafa kitsong eo, mme ‘botlhale jwa Modimo’ bo ne jwa ba boloka mo boemong joo madi, thuto ya lefatshe le tse di tshwanang di neng di sena go nna le mosola ope gotlhelele.—1 Bakorintha 1:21.
Mo lefatsheng la segompieno le le sa tlhomamisegeng, ba le bantsi ba boifa gore ba ka nna ba felela ba tshwana le Bajuda bao ba mo Jerusalema. Ditoga-maano tsotlhe tsa bone tsa isagwe di ka kgaupediwa ke kudumedi eo ba ka se keng ba kgone go e laola ka bobone. Jalo, seo re se tlhokang ke kitso e e tshwanang le eo Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba na nayo—kutlwisiso ya seo isagwe tota e se tshotseng le gore ke kgato efe eo e leng tsela e e botlhale.
Re Ka Bona Kae Kitso e e Ntseng Jalo?
Ngwaga le ngwaga diketekete tsa dibuka di a gatisiwa, tseo di akaretsang kgang nngwe le nngwe e e ka neng e le gone. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege boikitsiso jono jotlhe, isagwe e lebega e tshosetsa. Lefa go le jalo, gompieno, re na le buka eo e farologaneng le dikgatiso tsotlhe tse dingwe. Go kwalwa ga yone go ne go setse go simolotse pele ga motlha wa ga Solomone, mme mo go yone go kwadilwe “mahoko a ba ba botlhale” a a tshwanang le “dimapō”—tseo di rotloeletsang motho yo o utlwisisang go tsaya kgato ka botlhale. (Moreri 12:11) Nakong ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, karolo e kgolwane ya buka eno e ne e setse e kwadilwe, mme o ne a dirisa kgakololo ya yone thata mo go thuseng balatedi ba gagwe go tsaya kgato e e botlhale. Jesu o ne a lebisa mo mafokong ano a a botlhale fa a ne a re: “Go kwadilwe, ga twe, Motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.”—Mathaio 4:4.
Mme kana, buka eo ke Bibela. Mme Bibela e farologane jang le tatelano e e sa feleng ya dibuka tseo di gatisiwang gompieno? Ka selo se le sengwe, e neelana ka mofuta o o farologaneng wa kitso. Ke kae gape koo o ka ithutang boammaaruri ka ga gore motho o bopilwe jang le gore ke ka ntlhayang fa a swa? Ke buka efe e nngwe e e arabang dipotso tse di tshwanang le tseno: Ke ka ntlhayang fa Modimo o dumeletse boikepo? Lefatshe leno le tlelwa ke eng? A go na le boikaelelo mo botshelong? Bibela e neela ka dikarabo tsa boammaaruri mo dipotsong tseno le tse dingwe tse dintsi tse di ntseng jalo.
Bibela gape e re neela kgakololo e e botlhale le e e dirang mo botshelong jwa malatsi otlhe. E re tlhagisa kgatlhanong le matswela a a bosula a botagwa, boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong le leswe la mmele. E otlelela diphelelo tse di mosola tsa lorato, boikgapo le go se nne pelotshetlha. E tlhoma tekanyetso ya lenyalo eo ruri e atlegang le go neelana ka thuso e e mosola thata tebang le go fitlhelela botshelo jo bo itumedisang jwa lelapa. Go latela kgakololo ya Bibela go tla re kgonisa go rulaganyetsa isagwe e e busetsang.—1 Bakorintha 6:9-11; 13:4-8: Bagalatia 5:22-24; Baefesia 5:21–6:4.
Boikitsiso Jo Bo Botlhokwa-tlhokwa
Lefa go ntse jalo, Bibela e na le mosola o mogolo thata segolo-bogolo jaaka fa e re bolelela kaga Jehofa Modimo, Mmopi. Go itse kaga Jehofa go botlhokwa-tlhokwa ka jaana e le ene Motswedi wa kitso yotlhe. Aitsane, le e leng tsone dilo tseo batho ba di ithutang kaga popo le lobopo di ka ba ruta sengwe kaga Modimo! Bibela e re: “Magodimo a bolèla kgalalèlō ea Modimo; phuthologō le eōna e shupa tihō ea diatla tsa ōna.” Ruri, ‘dilo tse di sa bonaleng tsa Modimo di lemogwa ka dilo tse di dirilweng.’ (Pesalema 19:1; Baroma 1:20) Babatlisisi le baitseanape bao ba sa tseyeng Modimo tsia go bonala sentle fa ba tla dira diphetso tse di phoso kana tse di sa felelang.
Go ithuta kaga Jehofa le gone go botlhokwa-tlhokwa ka go bo go re bontsha gore Modimo o na le boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe le setho. “Go na le ditoga maanō di dintsi mo peduñ ea monna; me kgakololō ea ga Yehofa eōna, e tla èma.” (Diane 19:21) Go sa kgathalesege seo batho ba ka lekang go se fitlhelela, fa ditogamaano tsa bone di se tumalanong le maikaelelo a Modimo, kwa bofelong di felela mo nageng.—Pesalema 127:1.
“Go boiha Yehofa ke tshimologō ea kicō,” ga bua jalo Kgosi Solomone. (Diane 1:7) Botlhale jo bo thailweng mo kitsong e e ntseng jalo bo na le mosola wa mmatota mo ditoga-maanong tsa motho tsa isagwe. Mme Bibela gape e kgetholola Jesu Keresete jaaka “Mogakolodi.” (Isaia 9:6) Jalo re ka rulaganyetsa jang isagwe ka katlego fa re mo tlhokomologa? Re tshwanetse ra reetsa ‘mafoko a gagwe a botshelo jo bosakhutleng’ ao a bolokilweng mo Bibeleng. (Yohane 6:68) Mme gape, re tshwanetse ra mo lemoga jaaka Kgosi e kgolo e e tlhomilweng ke Modimo, Ene yo o tla atlholang batho botlhe. (Yohane 5:22) Mme re tshwanetse ra arabela lorato lo logolo loo a neng a lo bontsha mo go neeleng ka botshelo jwa gagwe jaaka setlhabelo sa maleo a batho.—Yohane 3:16; 1 Yohane 2:1, 2.
Ee, Jesu ke ene pinagare ya ditiragalo tsa batho, mme ditoga-maano lefa e ka nna dife tse di sa mo tseyeng tsia di tla felela ka gore di reketle. Seno se boammaaruri segolo-bogolo jang fa re akanyetsa seo moperofeti Daniele a neng a se bolela kaga gagwe. A bua ka Bogosi jwa Modimo kafa tlase ga Jesu Keresete, o ne a re: “Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi jo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.” (Daniele 2:44; Pesalema 2:1, 9) Ka gone, ka bonakonyana, bogosi jwa Modimo go busa Kgosi Jesu Keresete bo tla tseela magosi otlhe a a mo lefatsheng leno sebaka. Ka ntlha ya seno, dilo tseo jaanong di tshwenyang setho—bothata jwa kgotlelo, matshosetsi a ntwa ya nuclear, go reketla ga itsholelo le bopolotiki—di tla tloga ka bonakonyana di nna dilo tsa maloba. (Tshenolō 11:18) Ee, isagwe ya gago e ka nna e e itumedisang eleruri mo Paradaiseng e e tlang ya selefatshe tlase ga puso ya Bogosi.—Luke 23:43.
Kitso eno e re neela mogopolo o o lekalekaneng fa re akanyetsa go se kgone ga babusi ba lefatshe go rarabolola dipharagobe. Mme go na le bothata jo bo tshwanetseng go fenngwa.
Se Boife Botlhale
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu o ne a ruta ka go sa tshwane le ope yo o kileng a ruta. Thata ya gagwe e ne ya bontshiwa fa a ne a fodisa balwetsi, difofu le digole, le e leng go tsosa baswi. (Mathaio 11:5, 6) Dikgakgamatso tseno tse di jesang kgakge di ne tsa patwa ke mokgwa wa botshelo o o senang selabe wa ga Jesu. (Bahebera 7:26) Eleruri, dilo tse di ntseng jalo di ne di supa fa Jesu e ne e le ene Mesia yo o neng a sa le a solofeditswe. Mme gone o ne a sa rere go ya kafa botlhaleng jwa tlholego, mme jalo Bajuda ba le bantsi ba mo gana.
Dingwaga dingwe moragonyana moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a rerela Ageripa. Fa a ne a arabela mafoko a a tlhoafetseng a ga Paulo, Ageripa o ne a akgela ka gore: “Ua bo u rata go nkgōna go nna Mokeresete ka go mpuisa go le gonnye hèla.” (Ditihō 26:28) Ka phepafalo, o ne a kgona go utlwa nonofo ya molaetsa. Mme o ne o bonala ekete ga se wa tlholego mme e bile o tla tlhoka gore a dire diphetogo tse dikgolo mo mokgweng wa gagwe wa go tshela. Jalo Ageripa o ne a se ka a nna Mokeresete.
Jaaka Kgosi Ageripa kana Bajuda bao ba neng ba palelwa ke go arabela mafoko a ga Jesu, ba le bantsi gompieno ba fitlhela go le motlhofo go latela botlhale jwa tlholego go na le go amogela botlhale jwa Modimo. Mme gakologelwa gore ke Bajuda bao fela ba neng tota ba arabela molaetsa wa ga Jesu ba neng ba falola tshenyego ya Jerusalema.
Ka mo go tshwanang le gompieno, ke fela ka go arabela mo botlhaleng jwa Modimo rona batho re tla kgonang go tsaya kgato e e botlhale mo go rulaganyetseng isagwe ya rona. Ke boammaaruri, fa fela tsamaiso eno ya dilo e santse e le gone re tla tshwanelwa ke go dirisa megopolo ya rona fa re rulaganyetsa matshelo a rona. Mme fa ditoga-maano tsotlhe tsa rona tsa isagwe di tshegeditswe mo tsamaisong eno ya dilo, e tlaare kwa bokhutlong di felele mo nageng, ka jaana bofelo jwa yone bo gaufi. Ke tsela ya botlhale jwa boammaaruri go bala Bibela ka kelotlhoko e le gore re ithute kaga maikaelelo a Modimo. Re tshwanetse ka thapelo ra e ithuta go bona seo thato ya gagwe e leng sone mo go rona jaanong. Mme re tla bo re tsaya kgato e e botlhale fa re diragatsa thato eo go ya ka digakolodi.
‘Botlhale jwa Modimo’ bo tlhagisa maungo a a molemo. Monnaa Jesu ka mmè ebong Jakobe o ne a re: “E mañ eo o botlhale le tlhaloganyō mo go lona? a a kè a shupè ditihō tsa gagwè ka bonōlō yoa botlhale, ka go tshela ga gagwè mo go molemō. . . . Botlhale yo bo cwañ kwa godimo bo simologa bo le boitshèkō, hoñ bo nne kagishō, bo bonōlō, bo rapèlèsège ka boheho, bo tletse kutlwèlō botlhoko le mauñō a a molemō, bo sena kakabalō, bo sena boitimokanyō.” (Yakobe 3:13-17) Botlhale jo bo ntseng jalo eleruri bo tla “boloka botshelō yoa eo o nañ nayō”! (Moreri 7:12) Bo tla go kgonisa go atlega mo go rulaganyetseng isagwe e e itumedisang.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Thuto e e kelotlhoko ya Bibela e senola gore Kgosi Jesu Keresete o ‘tla ba thubakanya ka tsamma ya tshipi’