LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 9/15 ts. 3-4
  • O Rulaganyetsa Isagwe Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Rulaganyetsa Isagwe Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo Se Tlhomamisega Go le Kana-kang?
  • Sengwe Sea Tlhaela
  • O Ka Nna le Isagwe e e Itumedisang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditebelelo tsa Gago Ka Isagwe Di Tlhomame Go le Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Bokamoso jo bo Itumedisang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • ‘Ruri Botlhale Jwa Modimo bo Boteng’
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 9/15 ts. 3-4

O Rulaganyetsa Isagwe Jang?

“GO BOTOKA fa re tsaya isagwe ka bomasisi jo bogolo, ka re ya go senya matshelo a rona otlhe koo!” Gongwe o ka dumalana le polelo eo. Bontsi jwa rona re bona go le botlhale go dira dipaakanyetso dingwe ka isagwe.

Mo mafelong mangwe, banyalani ba leka go godisa malapa gore ba nne bantsi gore ba tle ba nne le mongwe go ba tlhokomela mo nakong ya bone ya botsofe. Basha ba ka nna ba ya kwa kholetšheng go ipaakanyetsa ditiro tse di siameng. Bagolo ba ka nna ba tsadisa madi a bone mo maitekong a go sireletsa ka mo go utlwalang nako ya botsofe jo bo babalesegileng. Mme bontsi jo bo lebang madi jaaka tshireletso e e bobebe ya isagwe ba senya nako e ntsi le maikatlapelo a bone mo boitekong jwa go huma.

Seo Se Tlhomamisega Go le Kana-kang?

Ditsela tse tsa go baakanyetsa isagwe ke tse di ka nnang tsa bidiwa botlhale jwa tlholego, mme go na le mosola mongwe ka tsone. Bothata ke gore ga se ka metlha di solegelang molemo. Batsadi ba ba humanegileng ba ka nna le bana ba bantsi, e le fela go ba bona baa swa ka ntlha ya malwetsi kana go tlhaela dikotla. Kana bana ba bantsi ba ba godileng ba gana go tlhokomela batsadi ba bone. Baalogi ba kholetšhe ba iphitlhela ba tlhoka ditiro kana ba sa itumela. Le e leng banna le basadi ba ba humileng thata ba bona ka moo mafoko a ga Jesu Keresete a leng boammaaruri ka gone: “Gonne botshelō yoa motho ga boa èma mo letlotloñ ya dithoto tse o nañ nacō.”—Luke 12:15.

Kwa ntle ga moo, ba bantsi go bonala ba tshwentswe ke koketsego ya kgotlelo, kgolo ya kokoanyo ya dibetsa tsa nuclear, go oketsega ga go sa dirisane sentle mo dikamanong tsa merafe-rafe le maemo a itsholelo a a theekelang, le e leng boitsholo jo bo oleng. Ba tsenwe ke tsebetsebe ya gore isagwe e ba ipaakanyeditseng yone ka kelotlhoko e tla kgorelediwa ke ditiragalo tse di kgolo tse di fetang nonofo ya bone. Ngaka ya tlhaloganyo Karl Menninger o ne a ntsha maikutlo a ba bantsi fa a ne a re: “Lefatshe le mo boemong jwa tshwarang-tshwarang, ga le a itshetlela mo eleng gore dilo tse di boitshegang di ka direga.”

Mo go fetang moo thata, batho gantsi-nyana ba kgoreletsa dithulaganyo tsa bone tsa isagwe. Go sa kgathalesege bosupi jo bontsi malebana le bodiphatsa jwa kgobololo ya diokobatsi, batho ba bantsi ba dirisa diokobatsi. Patlisiso e supile fa go goga go tsala kankere le maIwetsi a mangwe a a bopelang botshelo. Lefa go le jalo ba tsweletse pele ka go goga. Bontsi bo swela mo dikotsing tsa ditsela tse di diragalang ka gore bone kana mongwe o sele o kgweeditse a tagilwe. Mme batho ba sa ntse baa nwa le go kgweetsa. Boitsholo jo bo repileng gantsi bo felela ka malwetsi a dikobo a a tshelanang, mme se ga se kganele batho ba bantsi gore ba se nne le boitsholo jo bo repileng.

Sengwe Sea Tlhaela

Lebaka ke gore sengwe sea tlhaela ka tsela e batho ba bantsi ba rulaganyetsang isagwe ka gone. Botlhale jwa tlholego ga bo tsee mabaka otlhe tsia mme ga bo kgotsofatse ditlhokafalo tsotlhe tsa motho. Ka ntlha ya seno, go ka nna ga go itumedisa go itse gore Bibela e bua ka mefuta e mebedi ya botlhale—“botlhale yoa lehatshe” le “botlhale yoa Modimo.” (1 Bakorintha 1:20, 21) Lemororo go baakanyetsa isagwe ka ditsela tsa tlholego go na le mosola o o rileng ka lobakanyana, go latela botlhale jwa tlholego ga go na mosola wa sepe mo go baakanyetseng isagwe ya lobaka lo loleele.

Jesu o rile, “Botlhale o atlholèlwa ke ditihō tsa gagwè.” (Mathaio 11:19) Ke eng o sa senye metsotswana e se mekae he, mme o akanyetse “botlhale yoa Modimo” le go bona kafa bo ka amang pono ya gago fa o ntse o rulaganyetsa isagwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela