Thuso mo go Goleng
Go gola mo metlheng eno ya matshwenyego ga go motlhofo. Basha ba lebana le maemo a mantsi a masha, mme ba tshwanetse go dira ditshwetso tse di boima. A ke tshwanetse go goga? Ke dirise diokobatsi? Ke boitshwaro jwa mofuta ofe jo bo siameng le motho wa bong jo bo sa tshwaneng? Go tweng kaga go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi le bosodoma? Mosha mongwe o kwadile jaana:
“Ke setse ke ka nna dingwaga tse di ka nnang 13 jaanong, mme ke ne ke batla go le lebogela buka ya “Bosha.” Buka eno e nthusitse fela thata mo metlheng eno e e diphatsa ya go gola. Ke eletsa ekete basha botlhe ba dingwaga tsa me kana ba bagolwane ba ka bo ba itse kaga buka eno.”
Buka eno, eo e tlotlang ka dipotso tsotlhe tse di fa godimo le tse dingwe tse dintsi, ke “Bosha Jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone.” Ikamogelele sekaelo ka go tlatsa le go romela foromonyana eno e e fa tlase. Ke disente di le 90 fela.
Tswee-tswee, nthomeleleng poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 192, ya “Bosha Jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone.” Ke romela disente tse 90.