LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 3/1 ts. 22-27
  • Re Rulaganyeditswe go Direla Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Rulaganyeditswe go Direla Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Modimo O Amega ka Rona?
  • Jehofa​—Modimo wa Thulaganyo
  • Go Tweng Ka Bokeresete
  • Ke Eng fa ba Tshwanetse go Rulaganngwa Sentle Gompieno?
  • A Modimo O na Le Phuthego?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Jehofa ke Modimo wa Thulaganyo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A na Le Phuthego?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • A o Tlhoka go Nna Leloko la Bodumedi jo bo Rulagantsweng?
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 3/1 ts. 22-27

Re Rulaganyeditswe go Direla Jehofa

“Ke ne ka gu tlogèla kwa Kereta ka gōna, mouō, gore u tlo u rulaganyè dilō.”​—TITO 1:5.

1. Ke eng seo tautona wa ntlha wa United States a neng a se bua ka ga dipharologano mo maikutlong a sedumedi?

MO LOKWALONG lwa gagwe fela ka sebele lwa October 20, 1792, tautona wa ntlha wa United States, ebong George Washington, o ne a kwala a re: “Mo dikilanong tsotlhe tse di kileng tsa nna gone gareng ga setho, tseo di dirwang ke go fapaana ka maikutlo a bodumedi di bonala e le tsone tse di itsetsepetseng thata e bile di tlhokofatsa, mme e bile gape di tshwanetse go nyadiwa thata. Ke ne ka nna le tsholofelo ya gore molao-motheo o o sedifetseng le o o sa patikeng, oo o ileng wa tshwaya motlha wa jaanong, bobotlana bogolo o ne o ka letlanya Bakeresete ba dikereke tsotlhe mo re neng re se kitla re tlhola re bona gape dikgogakgogano tsa sedumedi tseo di yang le bokgakaleng jwa gore di bo di beye kagiso ya batho mo kotsing.”

2. Bangwe ba ile ba itshwara jang kaga botlhaswa jono jwa ditumelo?

2 Gompieno, ba le bantsi ka mo go tshwanang ba tlhokofaditswe ke bofafalele jwa ditumelo mo e bileng ba ganana le go ka kopanngwa le bodumedi le fa e ka nna bofe. Ba bangwe ke maloko a dikereke mme ba bua ka ‘kamano ya bone ya botho le Modimo.’ Mabaka he, ke eng? A Modimo o dirisana le batho mo motheong wa motho-ka-mongwe? Bibela e supa eng?

A Modimo O Amega ka Rona?

3. O dirisa dikwalo, o ka araba jang potso e e reng, A Modimo o amega ka rona jaaka motho-ka-mongwe?

3 Dikwalo di senola gore Jehofa o amega ka batho jaaka motho-ka-mongwe. Ka sekai, mo seemong sa dikamano tsa batho, Lefoko la Modimo le na le ditlhaloso tseno: ‘Teha e le man eo o shotlan mohumanegi o kgōba Mmopi oa gagwè.” “Eo o patikan mohumanegi o kgōba Mmopi oa gagwè: me eo o tlhomogèlan motlhoki pelo oa mo tlotla,” ke go re, Jehofa Modimo. (Diane 17:5; 14:31) Tota, “Modimo o ratile lehatshe [la setho] mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecwen a le esi, gore leha e le man eo o dumèlan mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōne botshelō yo bo sa khutlen.” (Yohane 3:16, 36) Mme gape, moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa ka go re: “Amarure kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: Me mo merahin eotlhe eo o boihan ōna, a ba a diha tshiamō, o a lebosèga mo go ōna.” (Ditihō 10:34, 35) Jalo Jehofa o amega ka ga batho ka bongwe mme e bile o amogela bao ba mmoifang le go dira tshiamo.

4. Ke dipotso dife tse di tlhagang gore re di akanyetse?

4 Bibela gape e tlhalosa ka go re: “[Jehofa] o itse ba e len ba gagwè.” (2 Timotheo 2:19) A mme seno se raya gore batho-ka-bongwe fale le fale mo diphuthegong tse dintsi tsa bodumedi tsa lefatshe baa amogelega go Modimo? Kana a go tshwanetse ga lebelelwa gore batho ba ba ntseng jalo ba bo ba kopanela mmogo, ba rulaganyeditswe go direla Jehofa?

Jehofa​—Modimo wa Thulaganyo

5. Baengele ba ba boitshepo ba dira jang kamanong le Jehofa?

5 Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo le re neela temogo nngwe ka tsela eo a dirang dilo ka yone. Ka sekai, akanyetsa magodimo a a sa bonaleng. A dilo ke tse di tobekanyeng koo? Nnya le e seng! Didikadike tsa dibopiwa tsa semoya ga di itirele maratwa-e-pelo ka tsela e e maanya-anya di ikarogantse le Jehofa. Go na le moo, re bala jaana: “Bakah Yehofa, lona baengela ba gagwè: lona dinatla mo nonohoh, ba lo dihahatsah lehoko ya gagwè, lo nntse lo reeditse lencwe ya lehoko ya gagwè. Bakah Yehofa lona mashomōshomō aotlhe a gagwè; lona badihedi ba gagwè ba lo dihah go natehèlwa ga gagwè.” (Pesalema 103:20, 21) Ka phepafalo, baengele ba ba boitshepo ba rulagantswe sentle go direla Jehofa.

6. Lelapa la ga Noa le ne la simolola e le eng morago ga Morwalela?

6 Mme go tweng kaga sebaka sa batho? Mme kana, Morwalela wa motlha wa ga Noa o ne wa khutlisa ditsamaiso tsotlhe tsa pele ga Morwalela tseo di ka neng di ne di le gone mo lefatsheng​—fa e se e le nngwe. Noa le bafalodi ba Morwalela ba bangwe ba supa ba ne ba tswa mo arakeng jaaka thulaganyo ya lelapa. Kgang-kgolo e e botlhokwa-tlhokwa mo go bone e ne e le go obamela Modimo ka kutlwano, ka jaana re a bala: “Noa a agèla Yehofa sebesho: me a tsaea ga kgomo le phōlōhōlō hwe e e itshekileh, le ga nōnyane hwe le hwe e e itshekileh, me a isa dichupèlō tsa phishō mo sebeshoh.” Bafalodi ba Morwalela ga ba a ka ba itseela ditsela tsa bone tse di farologaneng tsa bodumedi gone fela foo, mme botlhe ba ne ba le bangwe fela mo tiragalong eno e e botlhokwa eo e neng ya felela ka lesego, tao le kgolagano e e tswang go Modimo. (Genesise 8:18–9:17) Ee, morago ga Morwalela, lelapa la ga Noa le ne la simolola e le phuthego eo e neng e direla Jehofa.

7. Mabapi le thulaganyo, ke eng seo re se ithutang mo bukeng ya Ekesodo?

7 Ditlogolwana tsa ga Aberahame di ne tsa segofadiwa thata ke Jehofa, mme ga go na ope yo o ka bang a latola gore e ne ya re kgabagare ba nna phuthego ya morafe otlhe. Aitsane, buka ya Bibela ya Ekesodo e le yosi fela e bontsha kafa ba neng ba gololwa ka gone mo bokgobeng jwa Egepeto le go rulaganngwa ka tsela ya bolegodimo! Buka eo e kgetholola Jehofa jaaka Modimo wa thulaganyo ya bolegodimo. Fa Baiseraele ba ne ba utlwa Molao wa Modimo, ba ne ba kgona go mo obamela jaaka phuthego e e manontlhotlho, e e bolokesegileng le e e ipedisang. Kwantle ga pelaelo epe ba ne ba rulaganyeditswe go direla Jehofa.a

8. Ke bosupi bofe jwa thulaganyo e e molemo jo bo neng jwa bonwa malebana le tirelo mo felong ga boitshepo ga selefatshe ga ga Jehofa?

8 Bosupi jwa thulaganyo e ntle bo ne jwa bonwa malebana le tirelo ya helo ga boitshepo ga ga Jehofa ga selefatshe. Ka sekai, mabapi le Balefi re bala jaana: “Dafide a ba rulaganya ka makoko hela jaaka bomorwa Lefi ba ntse: ebong Goreshone, le Kohathe, le Merari.” Ka mo go tshwanang, “makoko a diphapaano a bomorwa Arone” a ne a tlhongwa. Ka thuso ya ga Sadoke le Ahimeleke, “Dafide o ne a ba rulaganya go ya kafa tirelong ya bone . . . Ba ba rulaganya ka bola.” Moragonyana, re bala jaana; “Yehoiade a tlhoma balebedi ba ntlo ya MORENA ba ba kaelwang ke baperisiti ba Balefi mme Balefi bao Dafide a neng a ba rulaganyeditse go tlhokomela ntlo ya MORENA, go ntshetsa MORENA ditshupelo tse di hisiwang ka boitumelo le kopelo, jaaka go kwadilwe mo molaong wa ga Moshe, kaha taolong ya ga Dafide.” (1 Ditihalō 23:2-6; 24:1-6; 2 Ditihalō 23:18, Revised Standard Version) Ee, makoko a baperesiti le Balefi a ne a rulaganyediwa go direla Jehofa.

Go Tweng Ka Bokeresete

9. Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore Jesu Keresete o ne a rulaganyetsa balatedi ba gagwe tirelo go Jehofa?

9 Fa Jesu Keresete a ne a santse a le mo lefatsheng, o ne a seka a raya botlhe ba ba neng ba dumela mo go ene gore ba itseele ditsela tse di farologaneng le gore ba tlhome mogopolo fela mo ‘kamanong ya botho le Modimo.’ Go na le moo, barutwa ba ne ba phuthegela kwa go Jesu, mme mo go bone a tlhopha banna ba le 12 go nna baaposetoloi. Ba ne ba tlhophiwa morago ga ba sena go rapela go le bosigo mme jalo ka thuso le ka kamogelo tsa ga Jehofa. (Luke 6:12-16) Seno se supela phuthego eo e neng e na le tshegetso ya bomodimo. Mme gape, Jesu o ne a rulaganyetsa balatedi ba gagwe go nna setlhopha sa baboledi ba Bogosi se se lailweng sentle. Ka sekai, o ne a neela barutwa ba ba 70 bao a neng a ba romela ka tsela e e rulagantsweng, tao eo e neng e tlhokafala.​—Luke 10:1-24.

10. Dikwalo di bontsha jang gore balatedi ba pele ba ga Jesu ba ne ba rulagantswe sentle-ntle?

10 Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di bontsha ka papamalo gore balatedi ba pele ba ga Jesu ba ne ba rulagantswe sentle-ntle. Ba ne ba sa ikaega fela ka go ipalela Dikwalo ka bobone. Go na le moo, diphuthego di ne tsa tlhongwa le go kopanela ka metlha go ithuta Lefoko la Modimo. Diphuthego tseno di ne di sa ikemela ka nosi, e le digongwana tse di ipusang, mme di ne di dira mmogo ka lorato. Ka sekai, diphuthego di ne di romelelana madume a a tswang mo pelong, mme le ditlhopha tse di rulagantsweng mo Makedonia tsa ‘rapela ka thapelo e kgolo kaga go direla’ “baitshepi” ba ba tlhokang sengwe golo gongwe go sele. (1 Bakorintha 16:19, 20; 2 Bakorintha 8:1-7; Bakolosa 4:14-16) Ee, diphuthego tsa pelepele tsa Bokeresete di ne di dirisana mmogo kafa tlase ga kaelo ya setlhopha se se laolang seo se neng se dirilwe ka baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema.​—Ditihō 15:1–16:5.

11. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go lebelela gore “phuthègō ea Modimo” e bo e rulagantswe sentle?

11 Moaposetoloi Paulo o ne a thusa mo go tlhomeng dingwe tsa diphuthego tseo di neng di rulagantswe sentle-ntle ka ntlha ya go bo Modimo a ile a segofatsa tiro ya bone ya go rera. Mme gape, Paulo o ne a bolela gore Jehofa “ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla.” Moaposetoloi o ne a ba a supa gape gore “Modimo o rulagantse mmele” wa balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu Keresete kafa go Mo itumedisang. Ka gone, re na le go lebelela gore “phuthego ya Modimo” e bo e rulagantswe sentle-ntle le go dira ka kagiso, ka kutlwano.​—1 Bakorintha 14:33; 12:24, The Riverside New Testament; 1 Timotheo 3:5.

12, 13. (a) Ke eng seo se ileng sa buiwa kaga diphuthego tseo di neng tsa rulaganngwa ke baaposetoloi ba ga Jesu? (b) Tumalanong le sekao sa lekgolo la ntlha la dingwaga, ke bomang ba ba tlhokomelang dikgang tsa phuthego mo Basuping ba ga Jehofa?

12 Mabapi le thulaganyo ya balatedi ba ga Jesu, ra-ditiragalo J. L. von Mosheim o ne a kwala a re: Fa . . . e le seo go seng Mokeresete ope a ka se belaelang, baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba ne ba dira ka taolo ya bomodimo le kaelo, he mofuta oo wa dikereke tsa segologolo tseo di neng di tlhaga mo kerekeng ya Jerusalema, di tlhomilwe le go rulaganngwa ke baaposetoloi ka bobone, di tshwanetse tsa tsewa e le tsa bomodimo.”​—Institutes of Ecclesiastical History, Ancient and Modern, Volume I, ditsebe 67-8.

13 Basupi ba ga Jehofa ba tlhatswegile pelo gore diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga tsa balatedi ba ga Jesu di ne di rulagantswe go ya kafa thatong ya bomodimo. Ka gone, e le tumalanong le sekao seo, gareng ga Basupi gompieno moya o o boitshepo o tlhoma balebedi le batlhanka ba bodihedi go tlhokomela dikgang tsa phuthego.​—Ditihō 20:28; Bafilipi 1:1.

14. (a) Diphuthego tsa Bokeresete tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di ne di gogiwa jang? (b) Ke ka ntlhayang fa moaposetoloi Paulo a ne a tlogela Tito mo Kereta?

14 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema e ne e le bone ba gogang diphuthego kwa pele, lemororo banna bangwe ba ne ba na le bolebedi mo mafelong a a rileng e bile ba ka kgona go ka romela taolo nngwe go ba bangwe. (Ditihō 14:21-23; 15:1, 2) Jalo he, moaposetoloi Paulo o ne a laela molebedi wa Mokeresete Tito go tlhokomela dikgang dingwe mo setlhakeng sa Mediterranean sa Kereta. Mabapi le seno, Paulo o ne a raya Tito a re: “Ke ne ka gu tlogèla kwa Kereta ka gōna mouō, gore u tlo u rulaganyè dilō tse di neh di tlhaèla, le gore u tlhōmè bagolwane mo motsih mohwe le mohwe, yaka ke gu laile.” (Tito 1:5) Re ka tlhomamisega sentle-ntle gore ditao tseo di neng tsa neelwa mo lokwalong lwa ga Tito di ne tsa mo thusa gore a diragatse kabelo eo e le gore Bakeresete koo ba tle ba rulaganyediwe go direla Jehofa.

Ke Eng fa ba Tshwanetse go Rulaganngwa Sentle Gompieno?

15, 16. Ke ka mabaka afe a a neetsweng fano re ka bolelang gore bao ba amogelesegang go Jehofa ba ka se ke ba nne fela le ‘kamano ya botho le Modimo’ le go gasagasama le ditlhopha tsa bodumedi tsa lefatshe?

15 Go setse go ile ga bontshiwa go ya kafa Dikwalong gore thulaganyo e e molemo e ne e le lotshwao lo lo tlhomologileng lwa batlhanka ba ga Jehofa mo metlheng e e fetileng. Ka gone, maemo e ntse e le a a tshwanang gompieno. Mme e bile go na le mabaka a a molemo-lemo a gore ke ka ntlhayang fa basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba tshwanetse go rulaganyediwa sentle-ntle.

16 Bao ba amogelesegang go Jehofa mongwe le mongwe o ka se ke a nne le ‘kamano ya botho le Modimo’ ba bo ba gasama mo ditlhopheng tsa bodumedi tsa lefatshe. Jehofa o batla kobamelo ya boammaaruri mme e bile o gaufi le go nyeletsa Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, (Yohane 4:24; Yakobe 1:27; Tshenolō 18:1-8) Mme gape, kutlwano e a tlhokafala mo Bakereseteng ba boammaaruri. Mme e bile segolo gompieno ke gone ba tshwanetseng ba nna mmogo mo phuthegong e le nngwe e le gore ba tle ba dirisane ka botlalo le kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo: “Me yana, ba ga echo, kea lo rapèla, ka Leina ya Morèna oa rona Yesu Keresete, gore lo nnè puō nwe hèla lotlhe, le gore go se nnè dikgaoganō mo go lona; me lo ko lo itekanèlè mmogo, le mo mogopolon o le moñwe hèla, le mo tshekatshekon e le nwe hèla.”​—1 Bakorintha 1:10.

17. Mafoko a Bahebera 10:24, 25 a bontsha jang gore batlhanka ba ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba tshwanetse botlhe ba nna karolo ya phuthego e le nngwe?

17 Mme gape, Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go bakela go phuthega ga bone mmogo mo dipokanong tsa ka metlha. Mme segolo-bogolo seo se ntse jalo gompieno, jaaka fa bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ntse bo atamela. (Bahebera 10:24, 25) Ka phepafalo, batlhanka ba mmatota ba ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete botlhe ba tshwanetse ba nna karolo ya phuthego e le nngwe gore ba latele kgakololo eo e e tlhotlheleditsweng.

18. (a) 1 Yohane 1:3 e bontsha jang gore Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba tshwanetse ba nna mmogo mo phuthegong e le nngwe? (b) Balatedi ba ba tloditsweng ka moya ba ga Jesu ba ile ba kopana le bomang mo ‘motlheng ono wa bokhutlo,’ mme mabaka a bontshang mabapi le tirisanommogo e e mo Basuping ba ga Jehofa botlhe?

18 Dikwalo di kgothaletsa bolekane mo balateding ba ba tloditsweng ba ga Jesu. Mabapi le seno, moaposetoloi Johane o ne a kwala: “Se re se bonyen ra se utlwa, ke shona se re se lo bolëlèlan le lona, gore le lona lo bënè bolekane le rona; me rure bolekane yoa rona ke go kōpana le Rara, le Morwawè Yesu Keresete.” (1 Yohane 1:3) Fa e le gore balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu mongwe le mongwe o na le ‘kamano ya botho le Modimo’ mme ba sa kopana mmogo mo phuthegong e le nngwe fela, ba ne ba ka ipelela bolekane joo jang, botsalano kana kabalano? Patlafalo eno e ka fitlhelelwa fela ka go rulaganngwa. Gompieno, balatedi ba ba itshenketsweng ka moya ba ga Jesu ba ile ba kopana le “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele.” Go ya ka tlhaloso ya ga Jesu ya ba seka-dinku, re tshwanetse ra lebelela gore “dinku di sele,” tseno di dirisane mmogo ka botlalo le balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng mo e leng gore botlhe ba bo ba nne “lecomane le le lenwe hèla” kafa tlase ga gagwe jaaka “modisa a le moñwe hèla.” (Tshenolō 7:9; Yohane 10:16) Mme seo ke sone se tota tota re se fitlhelang mo batlhankeng ba ga Jehofa mo ‘motlheng ono wa bokhutlo.’ (Daniele 12:4) Jaaka bakaulengwe ba ba dikanyeditseng kgolokwe yotlhe, Basupi ba ga Jehofa botlhe ba rulagantswe sentle-ntle go direla Modimo.​—Bapisa 1 Petere 2:17.

19. Ke ka ntlhayang fa go diragadiwa ga thomo ya go rera go tlhoka tirisano-mmogo mo teng ga phuthego e le nngwe eo e kaelwang ka moya?

19 Go diragatsa thomo ya go rera le go dira barutwa le gone go tlhoka tirisano-mmogo mo phuthegong e le nngwe fela e e kopaneng, (Mathaio 28:19, 20 Ditihō 1:6-8) Fa mongwe le mongwe yo o ipolelang go nna Mokeresete a ne a ka bo a na le ‘kamano ya botho le Modimo’ mme e bile a kopanela le setlhopha lefa e ka nna sefe sa bodumedi, tiro ya go neela bosupi e ne e ka dirwa jang? Aitsane, bangwe e ne e tla re kgabagare ba re “Shiboletha” mme ba bangwe ba re “Siboletha”! (Baatlhodi 12:4-6) Bao ba utlwang melaetsa e e ntseng jalo e e farologaneng ba ne ba ka itse seo ba ka se dumelang jang? Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwanetse go “tlhōahalèla go tshegetsa bonwe hèla yoa Mōea mo tumalanon ea kagishō,” mme mo go bone go “Morèna a le moñwe hèla, tumèlō e le nwe hèla, kolobeco e le nwe hèla, Modimo o le moñwe hèla le Rara oa botlhe.” (Baefesia 4:1-6) Go tshwanetse ga nna le tumalano mo Bakereseteng botlhe ba boammaaruri, molaetsa o o utlwanang, fa e le gore batho ba tla utlwa se se tshwanetseng, ba baya tumelo ya mmaanete mo Modimong wa boammaaruri le go bitsa leina la ga Jehofa ka tebelelo ya gobolokwa. Mme e bile, phuthego e le nngwe eo e kaelwang ka moya e tshwanetse ya dirisiwa malebana le go romela bareri bao ba boammaaruri ba ‘mafoko a a molemo.’​—Baroma 10:11-15.

20. Ke phuthego efe e le nngwe e jaanong e diragatsang Mathaio 24:14, mme ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore Modimo o amogela tiro e e ntseng jalo e e rulagantsweng sentle?

20 Mme gape, ka go tsamaisanya le polelelo-pele ya ga Jesu malebana le “go nna gone” ga gagwe le “bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo,” go tshwanetse ga nna le phuthego e le nngwe eo e utlwanang eo e ‘rerang mafoko a a molemo a Bogosi mo lefatsheng lotlhe le le agilweng go nna bosupi mo merafeng yotlhe pele ga bofelo bo tla.’ (Mathaio 24:3, 14) Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba le nosi ba bolela mofoko a a molemo a gore Bogosi bo ile jwa dira kwa magodimong fa e sale ka 1914 Jesu Keresete e le Kgosi. Go na le baboledi bano ba ba rulagantsweng sentle-ntle ba ka feta 2 650 000, mme dipalo tsa bone di ntse di gola ka bofefo jo bogolo ka ntlha ya go segofadiwa ke Modimo.​—Isaia 43:10-12; 60:22.

21. Mabapi le phuthego ya ga Jehofa, ke eng seo re tla tswelelang go se akanyetsa?

21 Mo ‘metlheng eno ya bofelo’ e e tlhokofatsang, a bo e le tshiamelo jang ne go nna gare ga bontsintsi jwa bao ba rulaganyeditsweng go direla Jehofa! (2 Timotheo 3:1) Go na le motheo o o utlwalang wa kafa Dikwalong wa bao ba ineetseng ka pelo yotlhe go Modimo go tswelela pele ba direla ka boikanyegi le batho ba gagwe ba ba rulagantsweng sentle. Jaaka fa re tla bona, go na le mabaka a a molemo le ditsela tsa go rulaganyetsa isagwe e e bolokesegileng le e e itumetseng le phuthego ya ga Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Tsweetswee bona Tora ya Tebelo ya December 1, 1983, ditsebe 23-27.

Wena O ka Reng?

◻ Baengele ba ba boitshepo ba dira kamanong le Jehofa jang?

◻ Ke bosupi bofe jwa thulaganyo e e molemo jo bo neng bo le gone kwa Iseraele wa bogologolo?

◻ O ka supa jang kafa Dikwalong gore balatedi ba ntlha ba ga Jesu Keresete ba ne ba rulagantswe sentle?

◻ Ke ka ntlhayang fa go rera molaetsa wa Bogosi go tlhoka tirisano-mmogo mo teng ga phuthego e le nngwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mo motlheng wa ga Dafide, makoko a baperisiti le Balefi a ne a rulaganyeditswe go direla Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Setlhopha se se laolang se ne sa baakanyetsa ka kaelo mo diphuthegong tse di rulagantsweng sentle tsa lekgolo la ntlha la dingwaga

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela