Jehofa ‘O A Go Akofisa’
“Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.”—ISAIA 60:22.
1. Tebelelo ya batho ba ga Jehofa e fapaana jang le ya lefatshe la ga Satane, mme ka ntlhayang?
GOMPIENO, boipelo le boitumelo di bonwa eseng mo phuthegong ya selegodimo ya ga Jehofa fela, mme gape le go ralala phuthego ya Basupi ba ga Jehofa mono mo lefatsheng Boitumelo jwa rona bo fapaana gotlhelele le lefifi le le khurumeditseng lefatshe la ga Satane. (Pesalema 144:15) Re na le letlotlo la dijo le dino tsa semoya, mo eleng gore re “ōpela ka go thama ga pelo.” (Isaia 65:13-19) Ga re mo lefifing ka lebaka la go tobekana ga lefatshe la jaanong. Tsholofelo ya rona ya kgololo ya go sa le pele ka Bogosi jwa Modimo e nonotshiwa jaaka re bona dipolelelo-pele tsa Bibela di diragadiwa mo katamelong e e sa kgaotseng go ya go Hara-Magedona. Re itse gore ‘ntwa eno ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ e tla tla tota ka “lobaka lo lo laotsweñ,” ka go bo ponatshegelo “e itlhaganèlèla bokhutlō, ga e ketla e aka.”—Tshenolō 16:14, 16; Habakuke 2:3.
2. Ke maemo afe a a totafetseng mo phuthegong ya ga Jehofa, a gogela kwa potsong efe?
2 Jaaka kwa legodimong, ka jalo mo lefatsheng go na le bodulo jwa mmatota jwa phuthego ya bolegodimo ya ga Jehofa. Gape, ereka Jehofa e le Motswedi wa maatla a magolo, o ‘shafatsa thata ya bao ba lebeletseng mo go ene.’ (Isaia 40:29-31) Phuthego e tshela ka tiro mme ka metlha e gatela pele. (Bapisa Esekiele 1:15-21.) Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa tse di 47 869 mo mafatsheng a a 203 go ralala lefatshe di rulagantswe sentle go gatela pele ka tlhagafalo mo tirong ya Bogosi. (Mathaio 24:14) Phuthego eno ya kgolokwe e e maatla e ne ya tla jang?
3. (a) Isaia 60:17 e ile ya diragadiwa jang mo metlheng ya segompieno? (b) Ke dithulaganyo dife tse di tshwanang tseo di ileng tsa tlisa tlhogonolofalo mo metlheng ya Bibela?
3 “Organization” e ne e le setlhogo sa ditlhogo tse di ithutwang go The Watchtower ya June 1 le 15, 1938. Tseno di ne tsa tlotla Isaia 60:17 ka botlalo, koo Jehofa a lebisang phuthego ya gagwe ya selegodimo, ka go re: “Mo boemoñ yoa kgōtlhō ke tla lere gauda, le kgōtlhō boemoñ yoa logoñ, ke lere selefera boemoñ yoa tshipi, le tshipi boemoñ yoa mayè; ke tla diha maōtlana a gago kagishō, le badihisi ba gago tshiamō.” Mo go bontsheng boemo jono jo bo botoka, phuthego ya ga Jehofa mo lefatsheng e ne ya tsenngwa botshelo. Fela jaaka gauda e le tlhotlhwa kgolo thata gona le kgotlho (ebile go tshwana le ka didirisiwa tse dingwe tse di umakilweng fano), ka jalo thulaganyo ya bolegodimo eo Mokgatlho wa Watch Tower o neng wa e tlhalosetsa diphuthego tsa batho ba Modimo morago koo ka 1938—mme e le eo ba neng ba e amogela ka bongwefela jwa pelo—e tshwanetswe ya tseelwa-godimo go na le dithulaganyetso pele tsa go tlhopha ga batho. Ke ya Dikwalo. E baakanyetsa ka thulaganyo e e botoka mo go direng gore tiro ya Modimo e dirwe, fela jaaka dithulaganyo tse di tshwanang di ne tsa tlisa tlhogonolofalo mo motlheng wa ga Moshe le mo metlheng ya pele ya phuthego ya Bokeresete.—Ekesodo 18:25; Ditihō 6:3-7; Tito 1:5; 1 Petere 5:1-3.
4. (a) Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thatafalediwa jang diteko tsa 1939-45? (b) Ke eng seo se supileng gore Jehofa o ne a segofatsa thulaganyo eo ya bolegodimo?
4 Ka gone, ka 1938, ngwaga pele ga tlhagogo ya Ntwa ya Lefatshe II, “maōtlana” le “badihisi” mo diphuthegong tsotlhe ba ne ba nna “kagishō” le “tshiamō.” Thulaganyo e e nonofileng, e e kitlaneng ya phuthego e ne ya gatela pele ka koketsego e e ungwang. Jehofa o ne a segofatsa basupi ba gagwe ba ba kutlwano. Dipalo tsa bone di ne tsa batla di menagana, go tloga go 71 509 go ya go 141 606 magareng ga 1939 le 1945, go sa kgathalesege dikgatelelo le dipogiso tsa dingwaga tseo tsa ntwa.
‘Ga Go Sa Na Thubakanyo’
5. Fa e le ka “kagishō,” batho ba ga Jehofa ba farologana jang le lefatshe?
5 Lefa go ntse jalo, gotweng ka lobaka lwa morago ga Ntwa ya Lefatshe II? Ga go ise go ke go nne le kagiso mo merafeng ya lefatshe. Tota, go ile ga begwa gore batho ba ba fetang 30 000 000 ba ile ba nyelela mo dintweng tse di “nnyennyane” tseo di ileng tsa lowa fa e sale go tloga ka 1945. “Dintwa tse di potlana” tse di ka nnang 40 di ile tsa phagela go dikologa kgolokwe ka nako nngwe. Abo re itumela jang ne, ka gone, go direla le phuthego eo e ganneng thubakanyo! (Isaia 2:4; Diane 20:22) Gape, jaaka phuthego ya kgolokwe, re ipelela kagiso mo ditlhopheng tsa rona. Ka go sepela le “Modimo oa kagishō,” re ne ra tla go itemogela “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe.”—Bafilipi 4:7-9.
6, 7. (a) Ke eng seo se dirang gore batho ba Modimo ba eme ba tlhomologile jaana? (b) Isaia 60:18 e ile ya diragadiwa malebana le rona jang? (c) Ke ka tsela efe e e tlhomologileng eo re farologanang le ditumelo tsa maaka ka yone?
6 Ereka “kagishō” le “tshiamō” di rena mo bathong ba ga Jehofa, re ema re tlhomologile mo lefatsheng la ga Satane. Go elatlhoko seno, bangwe ba baagelani ba rona ba ile ba re, ‘Re a lo rata batho ke lona, mme ga re rate bodumedi jwa lona.’ Lefa go ntse jalo, a ga se jone bodumedi jwa rona jo bo re dirileng batho bao re leng bone? Ga re na kgatlhego epe mo matlhajaneng a a ganetsanang le matlhoo ao a kgaogantseng merafe. Go na le moo, kgatlhego ya rona e e sebedi ke (1) go ruta batho ba ba pelonolo ka tsela ya poloko ka Bogosi jwa ga Keresete le (2) go baka Jehofa, go itsise batho botlhe leina la ga Jehofa jaaka bosupi. Ga re “ba lehatshe.”—Yohane 17:14, 16.
7 Ka gone, re ile ra tlhakanela mo tiragatsong ya tsholofetso ya ga Jehofa: “Go thubaka ga go ketla go tlhōla go utlwala mo lehatshiñ ya gago, leha e le chwahaco, kgotsa tshenyo mo teñ ga melelwane ea gago; u tla raea dithako tsa gago leina, u re, Poloka, le dikgōrō tsa gago, u re Pakō.” (Isaia 60:18) Pako yotlhe e ya go Modimo wa rona eleng Jehofa! Baetapele ba bodumedi (le dija-mmogo tsotlhe tsa bone tsa batenegi) ba tlontlolola leina leo—le eleng go ya bokgakaleng jwa gore ka boitimokanyo ba leke go le tlosa mo dithanolelong tsa Bibela. “Me rona re tla sepela ka leina ya ga Yehofa Modimo oa rona, ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—Mika 4:5.
8. (a) Ke kgothatso efe eo Jehofa a e neelang batho ba gagwe mo go Isaia 60:19-21? (b) Ke go ‘kukunya’ gofe mo go galaletsang Jehofa, mme jang?
8 Jehofa o re kgothaletsa go sepela ka leina la gagwe. Mo go Isaia 60:19-21, o tlhomamisetsa phuthego ya gagwe ya selegodimo gore o tla nna “lesedi ya [gagwe] ye le sa khutleñ,” le eleng go apesa phatsimo ya letsatsi le ngwedi. Ka semoya, o nna mokgabo wa gagwe, a diragatsa gape tsholofetso ya gagwe malebana le batho ba gagwe: “Ba tla nna tshiamō botlhe, ba tla rua lehatshe ka bosena bokhutlō; e le kala ea go tlhōñwa ga me, e le tihō ea diatla tsa me, gore ke tlè ke galalediwè.” Eleruri, Jehofa o ile a tlhogonolofatsa “Lehatshe,” kana tiro e e laolwang, ya basupi ba gagwe. Ka mo go oketsegang, e ‘kukunya’ ka totafalo jaaka matshwititshwiti a ba basha a phuthelwa letlhakoreng la Bogosi le go thusiwa go apara botho jwa Bokeresete. (Bakolosa 3:10, 12-14) Seno se ‘galaletsa’ Jehofa, se tlotla leina la gagwe le le galalelang.
9. (a) Jehofa o segofatsa ba‘supi ba gagwe jang mo Mexico, mme ka ntlhayang? (b) Lokwalo-dikgang longwe le rileng mo go eleng bothokgami jwa bone tlhoko?
9 Sekao sa bosheng jaana ke sa Mexico. Mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, tlhora ya baboledi mo lefatsheng leo e ne ya oketsega go tloga go 113 823 go ya go 151 807—diphesente tse 33 tse di akgolwang tota! (Keteko ya bone ya 1984 ya Segopotso sa loso lwa ga Jesu e ne ya tsenwa ke ba le 695 369.) Bakaulengwe ba rona ba Mexico ba tlhagafetse tota mo tirong ya bone ya tshimo. Koranta ya Monterrey bosheng jaana e ile ya lemoga, le yone, bothokgami jwa bone mo go thulaneng le kgang ya bothokgami, e ne ya re gare ga dilo tse dingwe: “Kgothalo le bopelokgale tsa bone tsa tlhatswego pelo di re tlhotlheletsa ka tlotlo e e tiileng. Lemororo bana ba bone ba lelekiwa mo sekolong ba ikgethela go sala ba ntse ba ikanyega mo kobamelong ya bone, le mo go seo ba se dumelang. Go ne go ka nna jang fa e ne e le gore rona Bakeresete botlhe re ne re ntse jalo, kwantle ga go ikgaoganya ka setlhopha le makoko a bodumedi? Mexico e ne e tla nna ofisi ya lekala la legodimo.”
10. (a) Ke eng seo se bontshang gore Basupi ba ga Jehofa ba ungwa tota le eleng tlase ga thibelo? (b) Ke potso efe e fano e tsosiwang?
10 Basupi ba ga Jehofa ba tswelela go ntsha loungo lono lwa pako, le eleng mo mafatsheng ao go one pogiso e sa kgaotseng. Abo go ne go itumedisa jang ne go elatlhoko Pego ya Ngwaga wa Tirelo wa 1984 gore mo dinageng tse 28 koo go nang le dithibelo tsa bogoromente kana dikganelo tse dingwe palo yotlhe ya baboledi e ne ya oketsega ka diphesente tse 3,1, mo e ka nnang go feta kotara ya sedikadike, mme babulatsela ba oketsega ka diphesente tse 23! A o ka akanya fela gore go bulatsela tlase ga maemo a a ntseng jalo go ntse jang? Palogare ya 6 905 ya bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi mo mafatsheng ano ba ne ba dira jalo kgwedi nngwe le nngwe! Fa e le gore o ka ne gongwe o na le kgololesego koo o tshelang gone, a o ka fitlhelela bobulatsela jwa ka metlha, kana bobotlana bobulatsela jwa nakwana jo bo thusang?—Bapisa Luke 17:5, 6.
‘Go Nna Sekete’
11, 12. (a) Karolo ya ntlha ya tsholofetso e Jehofa ka boene a e dirang ke efe? (b) Dikai dingwe tsa ‘go nna ga yo monnye sekete’ ke dife? (c) Ke ka ntlhayang go ile ga nna le kgolo e e potlakileng jaana?
11 Ka ntlha ya leina la gagwe le le galalelang, Jehofa jaanong o dira tsholofetso e e seraro. (Isaia 60:22) Santlha o re bolelela gore: “Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè.” Jaaka o bala Yearbook of Jehovah’s Witnesses nngwe le nngwe, a o etse tlhoko kafa go ileng ga simolola fela ka mmoledi wa Bogosi a le mongwe ka gone, kana ba sekae, mo mafatsheng mangwe koo jaanong go nang le ba ba dikete? Ka sekai, mokaulengwe wa mmulatsela yo e neng e le ene mosupi wa ntlha mo Chile o ne a renta kamore mme a laletsa batho go tla pokanong ya Sontaga. Kwa bofelong motho a le mongwe yo o kgatlhegang o ne a tla. Monna yono o ne a botsa potso, ‘Go tweng ka ba bangwe, a ba tla tla?’ Mmulatsela o ne a mo tlhomamisetsa ka go re: “Ba tla tla.” Mme ammaaruri ba ne ba tla. Morago ga dingwaga tse 50, yo monnye yoo o ne a tla go nna 23 985.
12 Mo Italy, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa mo go botlhoko ke mmuso wa bokgokgontshi wa ga Mussolini. Mo ngwageng wa morago ga ntwa wa 1946, ke ba le 120 fela ba bone ba ba neng ba bega tirelo. Mme gakologelwa gore go ne go na le ba ba 120 fela ka Pentekosete ka ngwaga wa 33 C.E. Mme a ko o akanye fela gore go ne ga simologa eng ka nako eo! (Ditihō 1:15; 2:1-4, 41) Jaanong, ka mokgwa mongwe, moya wa ga Jehofa o ne wa tshololelwa mo Italy. Mo dingwageng tse 38 baboledi ba ne ba gola go ya tlhoreng ya 119 408, mo pegong ya bofelo, go atamela thatathata kokotsego ya sekete se se menaganeng gabedi. Jaaka fela mo dinageng tse dintsi tsa Katoliki go dikologa lefatshe, Basupi ba ga Jehofa mo ltaly ba itemogela kgolo e ntle thata-thata.—Bapisa Pesalema 69:9; Isaia 63:14.
“Morahe O O Thata”
13, 14. (a) Karolo ya tsholofetso ya bobedi ya ga Jehofa e ile ya diragadiwa jang? (b) Malebana le seno, 1 Petere 2:9 le Isaia 59:21 di dira jang? (c) Ke eng seo se ileng sa itlhaganedisa thero ya rona fela thata-thata?
13 Karolo ya bobedi ya tsholofetso ya ga Jehofa e e seraro ke eno: “Eo mmōtlana [o tla] nna morahe o o thata.” Eleruri e ne e le “eo mmōtlana,” masalela a batlodiwa a a phatlaletseng, ao a neng a tsosolosediwa ‘lefatsheng’ la ga Jehofa la kamogelo ka 1919. Mme a ne a ntsifala, go fitlhelela Baiseraela botlhe ba tla—palo e e tletseng ya baruaboswa ba Bogosi ba ba 144 000. (Baroma 11:25, 26) Eleruri, jaaka karolo ya “morahe o o boitshèpō” wa Modimo, masalela a a tloditsweng mo lefatsheng a ile a bitswa go tswa lefifing go tla leseding la gagwe le le gakgamatsang. Ba ile ba ipelela go bolela ditlotlomalo tsa Modimo wa bone, ebong Jehofa. (1 Petere 2:9) Lemororo ba le bannyane ka palo, ba ile ba nonofa ka moya wa ga Jehofa. “Me kaga me, ke eōna kgōlaganō ea me nabō, go bua Yehofa: mōea oa me o o mo go wèna, le mahoko a me a ke a tsentseñ mo molomuñ oa gago, ga di ketla di tloga di cwa mo molomuñ oa gago, leha e le mo molomuñ oa bana ba bana ba gago, go tloga hano gompiyeno, go ea bosakhutleñ, go bua Yehofa.”—Isaia 59:21.
14 Ka polelwana eno Jehofa o re tlhomamisetsa gore go bolela ga rona “mahoko a a itumedisañ, a dilō tse di molemō” go tla atlega tota, mme ka ntlha ya seno re rapela ka tlhoafalo mo ‘letsatsing leno la ga Jehofa.’ Thero ya rona e ile ya itlhaganedisiwa jaaka “bana” ba tshwantshetso ba masalela a a tloditsweng, “boidiidi yo bogolo,” le “bana ba bana” ba bone gape (ba basha bao ba ileng ba ba kaela phuthegong ya ga Jehofa) ba ba ileng ba tsaya molaetsa ono wa poloko mo melomong ya bone, ba dira boipolelo jwa phatlalatsa ka gone moo. Ka ntlha ya gone moo, diphuthego tsotlhe di tswelela go gola mo semoyeng, gammogo le ka dipalo.—Baroma 10:10, 15; Pesalema 118:24, 25; 1 Bathesalonia 3:12.
15. “Morahe” wa tshwantshetso wa Modimo o ile wa nna bontsi jo bokae, mme ke ka ntlhayang fa o itumetse?
15 Mo metlheng ya morago jaana, abo loungo lwa Bogosi lo ile lwa oketsega ka mo go gakgamatsang jang nel Ka koketsego ya dipalo tse dikgolo tsa “boidiidi yo bogolo,” morafe wa tshwantshetso wa Modimo wa Basupi ba ba tlhaga jaanong o fitlhelela go 2 842 531 jaaka tlhora. “Morahe” ono o montsi thata go na le merafe mengwe e e 92 le dikgaolo tsa sepolotiki tsa lefatshe. Ka boitumelo re boeletsa mafoko a moopedi yo o molemo: “Kgakololō ea ga Yehofa e eme ka tlhōmamō ka bosena bokhutlō, dikgopolō tsa pelo ea gagwè go ea tshikatshikeñ. Go segō morahe o Yehofa eleñ Modimo oa ōna; batho ba o ba itshenketseñ gore e nnè boswa yoa gagwè ka esi.”—Pesalema 33:11, 12.
‘Go Go Akofisa’
16, 17. (a) Ke eng se se supang gore karolo ya boraro ya tsholofetso ya ga Jehofa jaanong e a diragadiwa? (b) Lorato go Modimo le Keresete lo ile lwa bontshiwa jang? (c) Ke tiro efe e e ipedisang le moya tseo di ileng tsa thusa go “go akohisa”? (d) Mathaio 9:35-38 e dira jang gompieno?
16 Jehofa o oketsa ka tsholofetso ya boraro ya gagwe: “Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.” Jaaka re eme kwa losing lwa “sepitla se segolo,” nako ya seno ke JAANONG! (Mareko 13:10, 18, 19) Lobelo lo lo potlakileng lwa tiro ya Bogosi mo dingwageng tse pedi tse di fetileng le supela seno sentle. ‘Go akofisa’ mono go tshwanetse ga elwatlhoko lefatshe ka bophara, le eleng mo mafatsheng koo Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetseng ba supa lorato lwa bone go Jehofa Modimo le go Jesu Keresete ka go rera ba lebagane le dipogiso kana maemo mangwe ao a gomagometsang matshelo a bone tota. Ka ditlhopha tsa baboledi ba nako e e tletseng di oketsega ka metlha, babulatsela jaanong ba kwa pele-pele. Mme abo ba bona boipelo ruri mo tirelong ya ga Jehofa!—Diane 10:22.
17 Moya ono wa bobulatsela o o itumedisang o ile wa kgothatsa diphuthego gongwe le gongwe go ‘akofisa’ seabe sa bone mo phuthong ya bofelo. Le eleng mo koketsegong e kgolo, re ka bolela gore “thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye.” Mo lefatsheng leno le le senang tsholofelo la gompieno, re ka tlhomogela batho pelo, jaaka Jesu a ne a dira fa a ne a le mo lefatsheng, ka gobo ba “patikegile ba gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa.” Ka jalo re rapela “Morèna oa thobo, gore a rome barobi mo thoboñ ea gagwe,” mme re ipelela go bona dithapelo tsa rona di arabiwa ka mo go gakgamatsang ruri.—Mathaio 9:35-38.
18, 19. Ke dipego dife tse dingwe tseo di bontshang tshimo ya lefatshe go bo e le ‘tshweu go rojwa’?
18 Go supa se le sengwe fela sa dikai tse di tlhotlheletsang tse dintsi: Ka April wa 1984, Ecuador e ne ya bega babulatsela ba ba thusang mo tshimong ya yone ba le 1 048, diphesente tse 106 go feta April ngwagatlola. Ka Seetebosigo lefatshe leno le ne la bega dithuto tsa magae tsa Bibela di le 12 238, koketsego ya diphesente tse 24 mo ngwageng oo, mme baboledi ba le 8 044, koketsego ya diphesentse tse 17. Palo ya batla-Segopotsong e ne ya tlhatlogela go 40 728, tekanyetso ya mmoledi a le mongwe go batho bangwe le bangwe ba le 5. Go tswa go dikologa kgolokwe ya rona go tla dipego tse di tshwanang, mme palo ya lefatshe ka bophara ya keteko ya Segopotso sa April 15, 1984 e ne e le 7 416 974, e bontsha gore masimo “a setse a le masweu a go roywa” ga bao ba phuthelwang “botshelō yo bo sa khutleñ”.—Yohane 4:35, 36.
19 Gantsi Jehofa o ‘go akofisa’ ka ditsela tse di gakgamatsang Molebedi yo o etang o kwala seno go tswa tshutlhankgeng ya bokone jwa Papua New Guinea: “Motho mongwe yo a neng a kopana le mmulatsela yo o kgethegileng o ne a boela kwa gaabo mo motseng o o kwa thoko o o mo thabeng. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, o ne a bonala gape kwa kopanong ya potologo—ka kopo. Monna yono yo a neng a ise a kolobediwe o ne a neela motse wa ga bone bosupi le ‘dikgwa’ tse di mo tikologong ka natla e kgolo mo eleng gore bagolwane ba motse ba ne jaanong ba batla Basupi ba ga Jehofa ba tla go tlhokomela dikgatlhego tsa semoya mo kgaolong yotlhe.” Fa fela peo e jadilwe, ke Modimo yo o ‘tla tswelelang a e godisa.’—1 Bakorintha 3:6.
20. Makala a Watch Tower a ile a atolosiwa jang go emelana le koketsego eno?
20 Ka ditsela tse dintsi, Jehofa o ile a baakanyetsa batho ba gagwe koketsego e kgolo eo jaanong e thelesegelang. Re ipelela gore, mo dingwageng tsa bosheng jaana, Jehofa ka kgakgamatso o ile a tlhokomela go atolosiwa ga didirisiwa tsa makala a Watch Tower. Gompieno, makala ano a tlhomeletswe go thusa bontsi-ntsi jo bogolo jwa “maeba.”
21. Re ka tswelela jang go tlhakanela mo go ‘akofiseng’?
21 Ka gone, a rotlhe re tlhakaneleng mo go phatsimiseng lesedi la mafoko a a molemo a Bogosi go dimilione tse dintsi-ntsi! A re kaeleng “maeba” otlhe a a gorogang tsela ya “polokō” moteng ga mabota a tshireletso a phuthego ya ga Jehofa mme re oketse “pakō” go ene kwa dikgorong tsa yone. A e nneng thapelo ya rona gore Jehofa Morena Modimo le tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, Kgosi ya rona e e rategang ebong Jesu Keresete, ba tswelele go “go akohisa” jaaka go bolelwa ga Bogosi go tsamaela kwa tlhoreng ya gone!
Go Boeletsa Thuto Eno:
◻ Ke tiragatso efe e e tshwaegang ya ga Isaia 60:17 e e neng ya diragala ka 1938?
◻ Tumalanong ie Isaia 60:18, ke dikgatlhego dife tse re nang le tsone?
◻ Dipego tse di tswang mo tshimong di ‘galaletsa’ Jehofa jang?
◻ Tsholofetso e e seraro ya ga Isaia 60:22 e atamela tlhora ya yone jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Dikhabara tsa The Watchtower ya bo-1930 di ne tsa bontsha ponatshegelo ya ga Esekiele ya phuthego e e nonofileng ya ga Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Moya wa bobulatsela o o nonofileng o ile wa thusa malebana le go ‘akofisa’ tiro ya thobo