Bogagapa Bo Ka Nna Diphatsa
“O TLHOTLHELEDITSWE ke bogagapa” ga atlhola jalo mothusi wa ga ra-melao wa kgaolo nngwe. Borukutlhi e ne e le polao. Monna mongwe wa dingwaga tse 29 o ne a eme fa pele ga moatlhodi a latofadiwa ka go bo a bolaile mogwagadiagwe, mmaagwe mosadi le kgaitsadie wa dingwaga tse 16 ka go ba hula ka tlhobolo. A ba bolaelang? Go ba jela boswa jwa madi a a ka tshwarang $200 000!
Lemororo bontsi bo ka se dumelele gore bogagapa bo ba kgarameletse mo go direng polao, bogagapa gantsi bo nna sekgotletsi seo se sulafatsang dikamano tse di molemo. Fa bogagapa bo tsenelela mo phuthegong ya Bokeresete, tshenyego ya semoya le eleng loso di ka nna gone ka go dira gore bakaulengwe ba lwantshane le go gotetsa letlhoo go ya bokgakaleng jwa ‘polao ya motho’ kafa semoyeng.—1 Yohane 3:15; Mareko 7:21, 22.
Ke Bafe Ba Ba ka Welwang ke Seru?
Kgonego ya bogagapa e ipobile moteng ga mongwe le mongwe wa rona. Ka ntlha ya bosaitekanelang jo bo ruilweng, bogagapa ke letlhogela le le sa siamang la keletso e e tlwaelegileng ya go nna le dithoto le polokesego ya kafa mading. (Baroma 5:12) Bo tlhaga mo keletsong e e feteletseng kana e e sa kgorisegeng ya go nna le dithoto, go tuma kana maatla. Bo ka fetola motho yo o pelonomi go nna yo o setlhogo. Bosheng jaana, go ile ga nna le setlhopha sengwe seo se ileng sa nna mo kotsing ya go ka welwa ke seru sa maretshwa a a botlhale a batho ba ba bogagapa go feta ba bangwe.
Batho bao ba nang le tshekamelo ya bodumedi ke bone gantsi ba tlhaselwang ke batsietsi. Ka ntlha yang? Gantsi batho ba ba sekametseng mo bodumeding ba potlakela go ikanya ba bangwe le go nna le boikutlo jwa go batla go thusa. Batho ba ba bogagapa ba leba seno jaaka sesupo sa bokoa—tumela fela. Ramelao wa U.S. ebong Brent Ward, morago ga go tlhotlhomisa boferefere bongwe mo Utah jo bo neng jwa thukhutha maloko a setlhopha sengwe sa bodumedi madi a a ka tshwarang dimilione tse 200 tsa didolara mo e ka nnang mo lobakeng Iwa dingwaga tse pedi, o ne a re: “Go bonala ekete nako le nako fa go dirisiwa bodumedi mo go tsa thekiso, mmapatsi o kgona go katela go tlhoka tumelo ka go dumela.” Batlhoka-lesego bao ba ne ba forwa gore ba dumele fa ba ka itirela lesego ka bofefo, le ka motlhofo ba sa dira sepe se se fetang go gwebisa ka madi a bone. A tlhotlheletso eo e ileng ya raela bangwe ba bone mo go kgaoganeng le madi ao ba ileng ba a boloka ka bothata e ne e ka bo e le bogagapa?
Pabalesego e e Seng Yone
Bogagapa bo gola jang—ka go meletsa mathe ga jone dithoto le dikhumo? Bogagapa bo ka fetola jang mogwebisa ka madi yo o kelotlhoko go nna madumela gotlhe? Moreri 4:4 e bolela karabo: “Ka bōna letsapa yeotlhe; le tihō ñwe le ñwe e e bocwiriri, go re, kaga mo, motho o gopolwa ka bopelotshètlha ke oa ga gabō. Me le gōna ke boithamakō le go belebetlèla phehō hèla.”
Baetleetsi ba kgwebo ba ba logwadi gantsi ba golaganya maano a bone a kgwebo le ditsholofetso tse dikgolo tsa khumo—kara e e mabono mantle, majana a a tlhotlhwa-kgolo—mme ba dirise seno jaaka serai sa go bofelelwa mo sekgogeng sa bopelotshetlha go tshwara yo o itebetseng. Ba ka batla gore o tswele manobonobo a bone pelo. Go ya bokgakaleng jwa gore o bo o dumele gore fa o ka tsenya madi mo dikgwebong tsa bone, le wena, o tla nna le letlotlo le le tshwanang la dilwana mme o hume kwantle ga go bereka thata. Mme tota tota, fa o ka se ka wa latlhegelwa ke madi a gago gone fela foo, o tla felela o bereka dioura tse ditelele le ka bokete go feta le eleng pele.
Bogagapa bo tsala phorego ya gore se batho ba se tlhokang fela ke madi. Ke boammaaruri, madi a ka nna sesireletsi, mme a ka se ka a reka boitumelo kana botshelo jo bo sa khutleng. A na le fa a tlhaelelang teng. “Gonne botlhale ke phemèlō, hèla yaka madi e le phemèlō: me molemō o o gaisañ oa kicō, ke go re, botlhale bo boloka botshelō yoa eo o nañ nayō,” go tlhalosa jalo Moreri 7:12. Tiro e e direlwang godimo ga kitso e e tlhomameng ya ga Jehofa le Morwawe Jesu Keresete ke yone e lereng boitumelo jwa nnete e bo e gogela botshelong jo bo sa khutleng. Ka gone, a ga go botlhale go ipolokela letlotlo la go humela Modimo ka tsela ya semoya, go na le go lekela khumo ya dilo tse di bonalang mo bathong?—Mathaio 5:3; Luke 12:20, 21; Yohane 17:3.
Lefa go ntse jalo, madi ka boone ga se kgang kgolo. Kgang kgolo ke gore, Re bapala madi jang, mme ebile re dira eng ka one?—Mathaio 6:24.
Dikamano tsa Bokeresete
Dithulaganyo tsa thekiso di le mmalwa di kgothaletsa baemedi ba tsone go leba mongwe le mongwe jaaka e le yo o tla nnang moreki—go akareletsa ba ba mo dikerekeng tsa bone. Badumedi mmogo e nna marekisetso fela a tlholego a sengwe le sengwe se se ka neng se rekisiwa. Ano ke matsoketsane a mangwe ao barekisi ba dikgwebo ba a dirisang go oketsa bontsi jwa bareki ba bone. A mme Mokeresete wa boammaaruri o tla batla gore a solegelwe molemo ke dikamano tsa gagwe tsa Bokeresete, bakaulengwe ba gagwe le bokgaitsadi mo tumelong?—1 Bakorintha 10:23, 24, 31-33.
Moaposetoloi Paulo, morago ga fa a sena go fetsa dingwaga tse tharo a na le phuthego ya Efeso, o ne a kgona go tlhalosa jaana ka segakolodi se se phepa: “Ga kea a ka ka eletsa selefera sa opè, leha e le gouda, leha e le diaparō.” (Ditihō 20:33) Paulo o ne a se ka a gana fela go iphetlhela dithoto tse di bonalang tsa ba bangwe mme gape o ne a sa ikemisetsa go dirisa boammaaruri go bona poelo ya tsa madi.
Dikgwebo dingwe di dirisa leina la Modimo mo dipapatsong tsa tsone di bo di lebisa thekiso ya tsone mo Basuping ba ga Jehofa ka tiriso ya Holo ya Bogosi. A go ka twe tlwaelo eno e kutlwanong le molao-motheo wa Ditihō 20:33? Le eseng! Diholo tsa Bogosi kana ditlhopha tsa thuto ya Bibela kana dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa ga se mafelo a go lere dikgang tsa botho tsa papadi kana go thapela ditiro, mme, go na le moo, di direla jaaka boremelelo jwa puisano ya semoya le bokopano pele, fa gare kana morago ga dipokano. (Bahebera 10:23-25) Ka gone, go tladika bontle jwa semoya jwa bokopano jwa Bokeresete ka dilo tsa papadi go tla bo go bontsha tlhaelo e e feteletseng ya go sa anaanele melemo ya semoya.
Kgang e nngwe gape ke ya go sola molemo dikamano tsa Bokeresete ka kwantle ga Holo ya Bogosi. A seo se raya gore Bakeresete mmogo ba ka se dirisanye mo kgwebong kana go simolola kgwebo mmogo? Nnyaa, eo ke phetso ya botho. Lefa go ntse jalo, Bakeresete bangwe ba simolola dikgwebo tseo di kgothaletsang bogagapa ba bo ba leka go hepisetsa badumedi ka bone go di tshwaraganela le bone kana go nna baemedi ba tsone. Bontsi jwa dikgwebo tseno di a tle di retelelwe, di bo di jela bagwebisi ba ba tsieditsweng madi a le mantsi.
Gone go ntse jalo, mo mabakeng mangwe bao ba gwebisang ba ka ne ba ile ba bo ba tlhotlheleditswe ke keletso e e nonofileng ya go huma madi ka bonako. A mme morulaganyetsi mongwe le mongwe ga a tshwanela go ikutlwa a ikarabelela ka ntlha ya se se diragaletseng ba bangwe ka madi a bone mo dikgwebong? A ga a tshwanela go akanyetsa thata thata go sa le pele seo se ka nnang phelelo, kafa semoyeng, go ba bangwe fa kgwebo e ka palelwa? Fa go ntse jalo, a bomasisi jwa boikarabelo ga se gantsi bo lere bomasisi jwa molato?
Go na le balebedi ba Bakeresete ba se kae bao ba ileng ba etleetsa maikaelelo ao a belaetsang le a a gobatsang badumedi ka bone. Bano ba tshwanetse ba lemoga fa seno se ka ama ditshiamelo tsa bone mo phuthegong. Ga go na ope yo o ka bolelelwang kafa a ka dirisanang le dikgang tsa botshelo jwa gagwe ka gone. Lefa go le jalo, go se nne ope yo o tla dirisetsang dikamano tsa Bokeresete maikaelelo a gagwe a tsa kgwebo.—2 Bakorintha 6:3, 4; 7:2; Tito 1:7.
Itise mo Maanong a go Huma ka Pele
Mokeresete yo o potlakelang go bona kotsi ya go kopanyelediwa mo maanong a selefatshe a go huma ka pele o ka repisa boitiso jwa gagwe fa leano le kopanyeletsa badumedi ka ene mme a kgogediwe mo mogopolong ono: ‘Tota gone, tirisano eno ya kgwebo ke e e farologaneng; ke e e tswang mo Bakereseteng ka nna, mme ke ka dirisa madi a a oketsegileng. Ke tlhomamisega gore ga ba ne ba kopanyelediwa mo kgwebong e e sa nonofang mme ya baya madi a badumedi ka bone mo kotsing. Mme ebile gape, seno se tla mpha nako e e oketsegileng ya dikgang tsa semoya. Ke ka bo ka nna ka simolola le eleng go bulatsela.’ Itlhokomele! “Pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata,” Bibela e a tlhagisa. Seno se akareletsa pelo ya gago le wena. Bogagapa bo ka nna jwa re foufatsa, mo re ka latelang tsela e e bodiphatsa kana ra sola bakaulengwe ba rona molemo go fitlhelela dilo tsa bopelotshetlha. Re tshwanetse ra tlhatlhoba maikutlo a rona ka bopeloephepa go ya kafa Lefokong la Modimo.—Yeremia 17:9, 10.
Ga go botlhale go tsenelela kgwebo ka bofofu fela le mongwe le mongwe, le eleng le modumedi ka wena. Go botlhale go ‘bala madi pele.’ (Luke 14:28, 29) Itse mabaka—ditlhaelelo tsa gago, ditlhaelelo tsa kgwebo.
Akanyetsa setshwantsho seno: Mokgweetsi yo o kelotlhoko o itse ditlhaelelo tsa kara ya gagwe le tsela. O itse gore dikara tse dingwe di ka kgweediwa mo go bonolo thata mo tsela eleng kgopo teng le mo go di faposeng mo dikotsing tsa tsela di ntse di siane thata. O bile o itse gore fa kara e siane thata ga e na maitsetsepelo a a lekaneng go falola phoso mme e nna mo kotsing ya go ka thula. Ka gone, o gana go itepatepanya le seo bakgweetsi ba bangwe ba ka se dirang ka dikara tsa bone—o itse ditlhaelelo tsa gagwe. Ka mo go tshwanang, eno ga se nako ya go bona gore re ka ya bokgakaleng jo bo kae kana ra nna bofefo jo bo kana kang go tsenelela mo tsamaisong eno ya dilo. Lebaka la gobo Mokeresete mongwe a ka atlega mo kgwebong ga le reye thata thata gore yo mongwe le ene o tla dira jalo. Bogagapa, jaaka tagi mo mokgweetsing, bo ka dira gore Mokeresete a tlodise matlho ditlhaelelo tsa gagwe, go felela ka gore a thubagane le go gobala kana, mo go maswe maswe a swe semoyeng.—Bagalatia 5:26.
Pele ga o ka kopanyelediwa mo kgwebong ipotse: A tota tota go a tlhokafala? A thekiso ya dilwana e ikuela mo bogagapeng, kana a e tla kgorisa keletso nngwe ya mmannete? A ke ka itshokela go latlhegelwa ke madi otlhe a ke a gwebisang? Fa kgwebo e ka palelwa, a ke tla ithontsha le lelapa la me polokesego e e tlhokafalang ya tsa madi? Kgwebiso ya me e bokotsi jo bo kana kang? Fa kgwebo e le ya me kana ke thusa mo go yone, ke na le boitemogelo jo bo kana kang le bokgoni mo kgwebong? A ke tlwaelane le melao ya lekgetho? A ke ile ka tlhatlhobisisa gore a beng ba kgwebo le yone kgwebo di ka ikanngwa le go tsepama? A go na le marekisetso a a golang a kgwebo? A ke tla tsenelela thata mo kgwebong mo ke tla go fitlhelang go le bokete go e tlogela? Fa ke ka lwala thata, kgwebo e tla tswelela jang?
Mme, sa botlhokwa-tlhokwa, ipotse: A tota tota ke tla bona nako e e oketsegileng go e dirisa mo dikgannyeng tsa semoya, kana e potlana? Ke ba le kae ba ba setseng ba le mo kgwebong bao tota tota ba okeditseng nako eo ba e dirisang mo dikgannyeng tsa semoya?
Dikarabo tsa dipotso tseo di golagana ka tlhamalalo le bomoya jwa gago. Ditshwarego tse di bosula tsa kgwebo, megopolo le dithulaganyo ga di fetogele mo go tse di molemo fela ka go bo Bakeresete ka wena ba a kopanyelediwa, fela jaaka le yone ntlo e e agilweng ka didirisiwa tse di molemo e ka se falole matsubutsubu fa motheo wa yone o agilwe mo motlhabeng. Kotsi mo Mokereseteng ga e mo tatlhegelong ya madi fela mme e mo go weng ga semoya gape.—Mathaio 7:24-27.
Daniele, yo o neng e le rre wa bana ba le barataro, o ne a fitlhela fa kgwebo ya gagwe eo e neng e busetsa $200 000 ka ngwaga e ne e mo tlhoka dioura tse dintsi a le kgakala le lelapa la gagwe, mme ebile e ne e mo koafatsa mo semoyeng. Jalo o ne a dira eng? “Ke ne ka fetsa ka gore ke tlogele kgwebo eo,” a bolela. Seno e ne e le dingwaga tse 12 tse di fetileng, mme o oketsa ka gore, “Ga ke ise ke ke ke go ikwatlhaele; ke ile ka amogela masego a le mantsi go tswa go Jehofa, mme lelapa la rona lotlhe le kitlanye mo go direleng Mmopi wa rona yo Mogolo, Jehofa.”
Tshekamelo E E Boferefere
Tshekamelo e e boferefere tebang le dilo tse di bonalang e tshwenya ba le bantsi, mo ebileng e tlhotlheletsa Bakeresete ba ba tshwenyegileng go akgela ba re:
“Lefatshe le tletse ka maano a go kokotletsa madi a le mantsi, le ka bofefo—ka nako e e tletseng kana ka nakwana, segolo bogolo mo go rekiseng mo go tlhamaletseng ga mefuta-futa. Bontsi jwa Bakeresete ba ka nna ba ile ba hepisiwa—mme go felela fela ka gore ba latlhegelwe ke nako e e botlhokwa le madi. Nna, ka bo nna, ke ile ka latlhegelwa gararo. Ke ile ka hutsahadiwa ke gore ke ile ka kopanyeletsa le bangwe ba badumedi ka nna. Ba ne ba latlhegelwa ke madi ao ba neng ba a tlhoka thata thata.”
“Bangwe ba Bakeresete ba ba godileng fano ba etleetsa mefuta e e farologaneng ya go gwebisa le maano a kgwebo gareng ga bakaulengwe. Mo bekeng fela e e sa tswang go feta ke ne ka atamelwa ke ba le bararo, e le gore ke reke selwana sengwe mo mokaulengweng, ke gwebise mokgatlho mongwe o o bopilweng ke bakaulengwe ebile e le wa bakaulengwe ka madi, kana ke tsenelele kgwebo le mokaulengwe.”
“Go bonala ekete Bakeresete ba kgatlhilwe thata ke sebaka seno [leano la go huma ka pele] mo eleng gore mongwe le mongwe, ba ba sa tswang go kgatlhega bosheng, badumedi ba ba bokoa mo semoyeng, ke raya le mongwe le mongwe fela, o lejwa jaaka yo o siametseng go tsenelela thulaganyo ya bone ya kgwebo.”
“Ka dinako tse dingwe bao ba etleetsang ‘mahumo a a bofefo le a a motlhofo’ ba ile ba nyenyefatsa melemo ya semoya, jaaka fa gongwe bao ba etleetsang maano a bone ba na le go kaya gore, kana ba bolele ka tlhamalalo ba re, letlotlo la bone la bosheng kana katlego e ne e le go bo Modimo ka sebele a ile a ba segofatsa mo kgwebong ya bone.”
Pono ya bomodimo ka mahumo e tla tsibosa Mokeresete gore a lemoge dirai tsa bogagapa mme ebile e tla mo thusa gore a ganane le go ineela mo tshekamelong ya lefatshe ya thato ya dilo tse di bonalang. Ka gone, mahumo a tshwanetse go lejwa jang gore a se ka a tsosa bogagapa?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Baetleetsi ba kgwebo ba ba logwadi ba batla gore o meletse mathe manobonobo a bone
[Mafoko a a mo go tsebe 25]
Fa bogagapa bo kukunela mo phuthegong, go ka nna ga felela ka tshenyego ya semoya
[Mafoko a a mo go tsebe 25]
Bogagapa bo tsala phorego ya gore se batho ba se tlhokang fela ke madi
[Mafoko a a mo go tsebe 26]
Holo ya Bogosi ga se lefelo la go laleletsa kana go etleetsa dikgang tsa kgwebo
[Mafoko a a mo go tsebe 26]
‘Ke hutsahaditswe ke go bo ke ile ka dira gore badumedi ka nna ba kopanyelediwe. Ba ne ba latlhegelwa ke madí ao ba neng ba a tlhoka thata’
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Baetleetsi ba kgwebo ba ba logwadi ba batla gore o meletse mathe manobonobo a bone
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Pono ya bomodimo ka dikhumo e dira gore Mokeresete a tsitsibogele serai sa bogagapa