Rapelelanang
“Lo re rapèlèlè.”—2 BATHESALONIA 3:1.
1-3. (a) Ke ka ntlhayang fa ka boikanyo batho ba ga Jehofa ba ka mo atamela ka thapelo? (b) Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna batho bao ba rapelang?
JEHOFA ke ‘Moutlwi yo mogolo wa thapelo.’ (Pesalema 65:2) Ka gone, batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ka mo atamela ka boikanyego ka mekokotlelo ya bone e e ikokobeditseng le ka ditebogo. Ruri, Basupi ba ga Jehofa ba na le mabaka a mantsi a go nna batho ba ba rapelang.
2 Ka sekai, Jesu Keresete o rutile balatedi ba gagwe go rapela. O ne a ba raya a re: “E re ha lo rapèla, lo re, Rra Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Re neè ka letsatsi leñwe le leñwe seyō sa letsatsi. Me u re ichwarèlè dibe tsa rona; gonne le rona re ichwarèla moñwe le moñwe eo o molato le rona. Me u se re gogele mo thaeloñ.” (Luke 11:2-4) Thapelo eo ka tshwanelo e baya Modimo e le wa ntlha mme e akareditse ditopo tsa botho. Thapelo eno ya Sekao e bontsha gape gore dithapelo tsa rona ga dia tshwanela go tlhokomologa batho ba bangwe.
3 Baaposetoloi ba ga Jesu le bone ba ne ba tlhotlheletsa badumedi ka bona go nna batho bao ba rapelang. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o rile, “Lo nnèlè rure mo thapeloñ” gape, “Lo rapeleñ ka go bisa go khutla.” (Baroma 12:12; 1 Bathesalonia 5:17) Le moaposetoloi Petere o rile: “Me bokhutlō yoa dilō cotlhe bo gauhi: me ke gōna lo nneñ maikutlō a a itekanetseñ, lo ikgape gore lo bōnè go ineèla mo thapeloñ.” (1 Petere 4:7) Abo e le kgakololo e e molemo jang ne!
Seo Thapelo e Ka Re Direlang Sone
4. Ke eng se se tlhokegang gore dithapelo tsa batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa di tle di utlwiwe?
4 Mokwadi wa maboko yo o itsegeng Alfred Tennyson o kwadile jaana: “Dilo di le dintsi di kgonnwe ka thapelo, go na le seo se lorwang ke lefatshe leno.” Abo e le boammaaruri jang ne! Mme gore batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo ba utlwiwe, dithapelo tsa bone di tshwanetse go lebisiwa go Jehofa ka go dumela mo go Jesu Keresete, di tshwanetse go dumalana le thato ya bolegodimo gape di tshwanetse go neelwa ka mokgwa o o siameng. (Yohane 14:6; 1 Yohane 5:13-15) Ka mo go kgatlhisang, go ne ga twe: “Modimo ga o lebe tsela ya go bua le mokgwa wa dithapelo tsa lona; le e leng gore dithapelo tsa lona di tshwanetse go nna boleele bo bo kana-kang; le e leng palo ya dithapelo tsa lona, gore di dintsi go le kana-kang; le e leng thulaganyo kana botswerere jwa dithapelo tsa lona; mme o lebile bopelo-e-phepa jwa tsona.”—17th century English Puritan minister Thomas Brooks.
5. (a) Thapelo e ka re direlang? (b) Mabapi le thapelo, ke potso efe eo re tla e sekasekang?
5 Go rapela ka metlha, ka bopelo-e-phepa, go re atametsa gaufi le Jehofa. Thapelo e e boingotlo, e e tlhoafetseng e re thusa go diragatsa thomo ya rona ya go rera. (Mathaio 24:14; 28:19, 20; 2 Bakorintha 2:17) E re thusa go dira ditshwetso tse di itumedisang Rraarona wa selegodimo. Thapelo e re thusa gape go itshokela pogiso le go boloka bothokgami go Modimo. (Pesalema 109:3, 4; 119:86) E re neela sebaka sa go bontsha Jehofa tebogo e e tswang pelong. Mme go na gape le go rapelelana. Mme mabapi le go ne, dithapelo tse di ntseng jalo di ka re solegela molemo jang mmogo le badumedi ka rona?
Ke ka Ntlhayang fa Re Rapelelana?
6. Jesu o ne a rapelela bomang, mme ka jalo re ka rapelela bomang?
6 Jesu, Sekao sa rona, o ne a rapelela barutwa ba gagwe. Ka tlhoafalo, o ne a kokotlela Jehofa a re: “Kea ba rapèlèla: ga ke rapelele lehatshe, ha e se bōnè ba u ba nneileñ: ka gonne ke ba gago.” Lefa Jesu a ne a swela batho mo lefatsheng, gaa ka a rapelela “lehatshe” ka kgopolo ya mokgatlho wa batho ba ba ikgaogantseng le Modimo. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a rapelela bao ba tswang mo lefatsheng leo mme ba dumela mo go ena. (Yohane 3:16, 17; 17:8, 9; bapisa le 2 Petere 2:5; 3:6.) Ka ntlha ya sekao sa ga Jesu, he, re rapelela batho ba ba ntseng jalo ba ba ratang Modimo ka tshwanelo.
7. Ke sekao sefe sa baaposetoloi seo se tlhotlheletsang batho ba ga Jehofa go rapelelana?
7 Moaposetoloi Paulo o ne a rapelela badumedi ka ene. Ka sekai, o ne a raya Bakeresete ba Efeso a re: “Le nna, ke sena go utlwa kaga tumèlō e e mo go lona mo go Morèna Yesu, e lo bileñ lo e bōnatsa mo baitshepiñ botlhe; ke sa khutleñ go lo lebogèla, ke lo umaka mo merapeloñ ea me.” (Baefesia 1:15, 16) Go feta moo, Paulo gaa ka a etsaetsega go kgothaletsa gore ene mmogo le ba bangwe ba rapelelwe. Morago ga gore a tlhotlheletse Baefesia go ‘apara diaparo tsa phemelo tsa semoya tsotlhe’ mme ba amogele ‘tšhaka ya moya, lefoko la Modimo,’ o okeditse ka gore: “Lo nntse lo rapèla ka metlha eotlhe mo Moeeñ, ka thapèlō eotlhe le kokotlèlō, lo nnetse gōna ka bocwèlèlō pele yotlhe, lo nntse lo kokotlèlèla baitshepi botlhe, Le nna, gore, e tle e re ke cwa molomo, ke be ke nèwe puō ea go utlwatsa bosaitsiweñ yoa Mahoko a a Molemō ka botlhōka poihō.” (Baefesia 6:11-19) Sekao seno sa baaposetoloi, le sone, se tlhotlheletsa batho ba ga Jehofa go rapelelana.
8. Ke ka ntlhayang fa go tshwanela gore Bakeresete ba ba tloditsweng le ba “boidiidi yo bogolo” ba rapelelane?
8 Basupi ba ga Jehofa ba dira bokaulengwe jwa lefatshe ka bophara. Balatedi ba ba tsetsweng ka moya ba ga Keresete ba ne ba na le “bolekane” le Modimo, Morwa ona le Bakeresete ka bone ba ba tloditsweng. (1 Yohane 1:3, 7) Lefa go ntse jalo, Jesu o bontshitse gore barutwa botlhe ba gagwe ba ne ba tla ratana, mme moaposetoloi Petere o rile: “Ratañ bokauleñwe.” (1 Petere 2:17; Yohane 13:34, 35) He, abo go tshwanela jang ne, gore Bakeresete ba ba tloditsweng le balekane ba bone, “boidiidi yo bogolo,” ba rapelelane! (Tshenolō 7:9) Mme mafoko a dithapelo tseo a tshwanetse go nna afe?
Gore Re Nne le Kutlwano, Kaelo le Botlhale
9. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go rapelela kutlwano ya bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete?
9 Re tshwanetse go rapelela kutlwano e e lorato mo bokaulengweng jwa rona jwa Bokeresete. Jesu o ne a rapelela gore balatedi ba gagwe ba nne mo bonngweng le ene le Rraagwe, mme Paulo o ne a kgothaletsa baobamedi ka ene ba ga Jehofa go nna ba ‘itekanetse mmogo, ba le mo mogopolong o le mongwe fela le mo tshekatshekong e le nngwe fela.’ (1 Bakorintha 1:10; Yohane 17:20, 21) Moya wa mmatota wa bokaulengwe o ne wa nna letshwao le le sa tlogeng ka metlha la bao ba ineetseng go Jehofa. ‘Go molemo jang, go monate jang, fa bana ba monna ba aga mmogo ka pelo e le nngwe fela!’ (Pesalema 133:1-3) Mme tsela e le nngwe ya go tlatseletsa mo kutlwanong eo ke ka go e rapelela.
10. Ke ka ntlhayang fa re rapelela kaelo le tshegetso tsa moya o boitshepo?
10 Re tshwanetse go rapela Jehofa gore ka moya wa gagwe a kaele le go tshegetsa ditiro tsa batho ba gagwe. Bangwe ba ka ne ba na le dikabelo tse di bokete thata mo tirelong ya Modimo—dilo tseo di neng di se kitla di diragadiwa ka nonofo ya motho fela. Jalo Bakeresete ba ba ikanyegang bano, le rona ka borona, re tlhoka thuso ya ga Jehofa ka moya wa gagwe o o boitshepo.—Sekaria 4:6; bapisa le Luke 11:13; Ditihō 8:14, 15.
11. Fa e le ka botlhale, re ka bo rapelela jang ka tshwanelo?
11 Re ka rapelela gore bakaulengwe ba rona ba neelwe botlhale jo bo tswang go Modimo. Paulo o rapeletse Bakeresete ba Kolosa gore ba “tladiwè ka kicō ea mo e leñ go rata ga [Modimo], mo botlhaleñ yotlhe yoa semōea, le mo tlhaloganyoñ, Gore lo tsamaeè mo go chwanetseñ Morèna, lo nntse lo kgatlha gotlhe.” (Bakolosa 1:9, 10) Gape go matshwanedi go rapelela bao ba kaelang tiro ya go rera le go gatisa dibuka tsa rona gore ba nne le “mōea oa botlhale.” (Baefesia 1:15-17) A o rapelela bao ba okamelang tiro ya go rera ka Bogosi le bao ba baakanyetsang dibuka tseo di tlamelang ka “diyō [tsa semoya] ka dipaka tse e leñ cōna”?—Mathaio 24:45-47.
Gore Re Atlege mo go Rereng Go sa Kgathalesege Dipogiso
12. 2 Bathesalonia 3:1 e amana jang le go rapelana?
12 Re tshwanetse gape re rapelele gore badumedi ka rona ba atlege mo go anamiseng molaetsa wa Bogosi. Paulo o tlhotlheleditse jaana: “Ba ga e cho, lo re rapèlèlè, gore lehoko ya Morèna le sianè, le galalediwè, hèla yaka le nntse mo go lona.” (2 Bathesalonia 3:1 bapisa le Baefesia 6:18, 19.) Ee, Paulo o ne a kopa badumedi ka ene go rapelela gore ene le badiri ka ene ba atlege mo go itsiseng “lehoko ya Morèna.” Le rona, re tshwanetse go rapelela go anamisiwa go go bofefo ga Lefoko la Modimo le botswelelo-pele jwa dikgatlhego tsa Bogosi. Ke boammaaruri gore, dithapelo tse di ntseng jalo di akareletsa le ba bangwe—botlhe bao ba tlhagafaletseng go dira thato ya ga Jehofa mo “metlheñ [eno] ea bohèlō.”—2 Timotheo 3:1-5.
13. (a) Ke eng seo 1 Timotheo 2:1, 2 e se bontshang mabapi le go rapelela balaodi ba lefatshe? (b) Re ka rapelela eng fa re bogisiwa jaaka baboledi ba Bogosi?
13 Batho ba ga Jehofa ba ka rapelela le balaodi ba lefatshe ka tshwanelo. Paulo o rile: “Ke gōna, sa ntlha, ke laea go re, a mekokotlèlō, le merapèlō, le merapèlèlō, le malebogō, a dihèlwè batho botlhe; A a dihèlwè dikgosi le botlhe ba ba leñ bagolo.” Mafoko a ga Paulo a tswelela go bontsha gore dithapelo tseno kwa bofelong di rapelela batho ba Modimo, “gore re ke re tshelè mo boiketloñ le mo tidimaloñ, ka poihōmodimo eotlhe le ka tshisimogō.” (1 Timotheo 2:1, 2) Se se itumedisang ke gore, Bajuda bao ba neng ba le batshwarwa mo Babelona ba ne ba bolelelwa go rapelela kagiso ya motse oo, ‘gonne mo kagisong ya ona e ne e tla nna kagiso ya bona.’ (Yeremia 29:7) Ka jalo, jaaka Basupi ba ga Jehofa, re rapelela balaodi ba lefatshe ka tshwanelo gore ekete rona le bakaulengwe ba rona ba semoya re ka tshela botshelo jo bo iketlileng, jo bo didimetseng jo bo re kgonisang go tsweledisa thomo ya rona jaaka baboledi ba Bogosi. Mme fa re bogisiwa, re ka rapela ka boikanyo gore rona le Basupi ka rona re newe thuso ya bomodimo e e tlhokegang gore re bue lefoko la Modimo ka bopelokgale tlase ga maemo a a ntseng jalo. Mme re ka tlhomamisega gore dithapelo tseo di tla arabiwa.—Ditihō 4:29-31; 5:29.
14. Ke motheo ofe wa Dikwalo o re nang le one wa go rapelela bakaulengwe ba rona ba ba bogisiwang gore ba amogele thuso le kgomotso tsa Modimo?
14 Ruri go matshwanedi go rapelela gore bakaulengwe ba rona bao ba bogisiwang ba amogele kgomotso le thuso tsa ga Jehofa. Mo kgaolong ya Asia, koo motse wa Efeso o neng o le teng, moaposetoloi Paulo o ne a ‘gatelelwa thata a bo a tlhoboga le jona botshelo.’ Ebu, a ka ne a lwele le dibatana tsa kwa botlhabanelong jwa Efeso! Lefa go ntse jalo, Paulo o reile Bakeresete ba Korintha a re: “Le lona lo nntse lo dumalanye mo go re thuseñ ka morapèlō oa lona; gore malebogō a ntshiwè ke batho ba le bantsi kaga rona, ka nèō e re e neilweñ ka ntlha ea mekokotlèlō ea batho ba le bantsi.” (2 Bakorintha 1:8-11; Ditihō 19:23-41; 1 Bakorintha 15:32) Kwa ntle ga pelaelo he, re tshwanetse go rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona bao ba bogang, gore ba bone thuso le kgomotso tsa ga Jehofa gompieno.—2 Bakorintha 1:3-7.
15. Ke eng seo re ka se direlang badumedi ka rona bao ba bogisiwang le e leng fa rona ka borona re le mo kgolegelong?
15 Batlhanka ka rona ba ga Jehofa ruri ba tlhoka dithapelo tsa rona fa ba lebane le pogiso, tlalelo kana dikotsi. Mo dinakong tse di ntseng jalo, re ka ne re kgaogantswe le bone ebile re sa kgone go ka ba thusa ka tsela epe e nngwe. Ebu, le rona ka borona re ka isiwa kgolegong! Lefa go ntse jalo, re ka dira molemo o mogolo ka go rapelela badumedi ka rona. Fela fa re santse re tshela, baba ba rona ba ka se thibele thapelo e e ntseng jalo. E ka nna ya mo pelong. Mme e dira tota.—Bapisa le Nehemia 2:4-6.
Gore Re Nne le Boitekanelo Jo Bo Siameng Jwa Semoya
16. Tumalanong le 2 Bakorintha 13:7, re ka rapelela Bakeresete ka rona jang?
16 Re ka tshwanelwa gape ke go rapelela Bakeresete ka rona gore ba ‘se dire bosula bope, mme ba dire se se tlotlegang.’ (2 Bakorintha 13:7) Thapelo e e ntseng jalo e e lorato le e e seng ya bogagapa e bontsha gore tota re batla gore ba tswelepele ba tshela tlase ga kamogelo ya Modimo. Moaposetoloi Paulo o kwadile jaana: “Re nntse re lo rapèlèla ka gōna mouō, gore Modimo oa rona o le kaeè go chwanèla picō ea lona, o bo o dihahatse kelecō ñwe le ñwe ea molemō, le tihō ñwe le ñwe ea tumèlō, ka thata.” (2 Bathesalonia 1:11) Epaferase o ne a rapelela gore Bakeresete ba Kolose ba ‘eme ba itekanetse, ba nne tlhomamo e e tletseng mo go rateng gotlhe ga Modimo.’ (Bakolose 4:12) Lefa mafoko ao a ne a lebisitswe go Bakeresete ba ba tloditsweng, dithapelo tsa rona gompieno di ka bontsha boikutlo jo bo tshwanang ka botlhe bao ba ineetseng go Jehofa.
17. Ke dithapelo dife tse di tshwanetseng mabapi le boitekanelo jwa semoya jwa bakaulengwe ba rona?
17 Re ka rapelela baobamedi ka rona gore ba nne le boitekanelo jwa semoya. Fa bangwe ba lwala semoyeng, bagolwane ba ba tlhophilweng ba dira sentle fa ba ba rapelela le go rapela mmogo le bona, ba senka gore ba busediwe mo maemong a bone. Morutwa Jakobe o kwadile jaana: “Thapèlō ea tumèlō e tla boloka èna eo o bobolañ, me Morèna o tla mo kakatlolola.” (Yakobe 5:13-16; 1 Samuele 12:18-25) Mo dithapelong tsa rona tsa bonosi re ka bitsa bakaulengwe ka rona ka maina le go tlhalosa keletso ya gore ba nne ba “itekanèlè mo tumeloñ.” (Tito 1:13; 2:1, 2) Lefa go ntse jalo, go phoso go rapelela bao ka go rata ba ganang paakanyetso ya Modimo ya tetlanyo.—Bahebera 10:26-29.
Melemo ya Go Rapelelana
18, 19. Melemo e mengwe ya botho eo re e bonang mo go rapelelaneng ke efe?
18 Re ka tlhomamisega gore go tla lemogiwa melemo e mentsi fa re rapelelana. Ka sekai, dithapelo tsa rona di tla nna tse di humileng segolo. Go rapelela badumedi ka rona kwantle ga pelaelo go tla tokafatsa boikutlo jwa rona ka bone. Ruri, dithapelo tse di ntseng jalo di ka re dira pelotelele, go se nne pelotshetlha, go nna lorato, go amega ka ba bangwe ka mo go oketsegileng. Go feta moo, dithapelo tseo re di rapelelang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya di tla bontsha Jehofa gore re kgatlhegela phuthego ya gagwe, ditiro le katlego tsa yona.
19 Go gomotsa thata go itse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya baa re rapelela, fela jaaka re ba rapelela. Abo go gakgamatsa jang ne, go itse gore dithapelo tseo re di rapelelang basupi ka rona ba ga Jehofa di utlwiwa ke ‘Moutlwi wa thapelo!’ Ka jalo, go tsweledisa dikgatlhego tsa Bogosi pele fa re ntse re godisa lorato le kutlwano mo dithulaganyong tsa rona, a re rapelelaneng.
Karabo ya Gago ke Efe?
◻ Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna batho ba ba rapelang?
◻ Ke eng seo thapelo e ka re direlang sone?
◻ Ke ka ntlhayang fa re rapelelana?
◻ Re ka rapelela dilo dife mabapi le badumedi ka rona?
◻ Melemo e mengwe ya go rapelelana ke efe?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
A le rapelela gore basupi ka lona ba ga Jehofa ba atlege mo go anamiseng molaetsa wa Bogosi?
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
A o tle o rapelele Bakeresete ba ba bogisiwang?