LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 11/1 ts. 18-21
  • Go Leba Go Pota Lenyalo Ka Kwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Leba Go Pota Lenyalo Ka Kwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Baakanyeletsa Lenyalo Le Le Itumedisang
  • Ipaakanyetseng go Dira
  • Tlhagolelang Ikanyo mo Lenyalong la Lona
  • Oketsa Boipelo le Seriti sa Letsatsi la Gago la Lenyalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Manyalo a a Tlotlegang mo Matlhong a Modimo le a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • O ka Bontsha Jang Gore o Tlotla Jehofa ka Letsatsi la Gago la Lenyalo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Manyalo a Bokeresete Ao A Lereng Boipelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 11/1 ts. 18-21

Go Leba Go Pota Lenyalo Ka Kwa

1, 2. Manyalo mo Japane a neelana ka tlhagiso efe e e fapaaneng?

MAKASINE wa Time (wa December 6, 1982) o ne wa tlhalosa gore manyalo mo Japane ke ‘papadi ya R17 000 000 000,’ a batla a lekana “ka mo go gakgamatsang banyalani bangwe le bangwe ka R22 000.” Lefa go le jalo “kgolo ya tlhalano ya Japane e kwa godimodimo; banyalani ba le bararo mo go ba le some baa tlhalana.”

2 Go farologana le seo, koranta ya dikgang ya Hokuu Shimbun e ne ya bolela jaana ka lenyalo la Basupi ba babedi ba ga Jehofa mo Noshiro: “Botlhe e ne e le Bakeresete ba ba tlhaga, mme ba ikepetse mo thutong eo ba akanya gore, ‘Lenyalo le ka nna le le tlwaelegileng mme gape le nne le lesego la mongwe le mongwe.’” Fa le bapisiwa le manyalo a a tlhotlhwa kgolo, a a mabono-mantle ao a tlwaelegileng, bomotlhofo jwa lenyalo leno bo ne jwa dira gore go buiwe ka lone. “Le eleng fa go le jalo, lenyalo le ne le tletse ka boitumelo jwa go eleletsa banyalani molemo wa mo isagweng,” koranta ya dikgang e ne ya supa jalo.

3. Letsatsi la gago la lenyalo le ka ama boitumelo jwa gago jang?

3 Boikutlo jwa banyalani malebana le dipatlafalo tsa lenyalo bo ka supega ka tlhamalalo ka boitumelo jwa bone jwa mo isagweng. Ka ntlhayang? Go ya ka ngaka ya tsa boboko Dr. Sally Witte, “dipatlisiso di bontsha gore ga se fela dilo tse di maswe tse di go diragalelang tse di go hutsafatsang, mme gape le dilo tse di molemo.” Batlhalefi ba tsa tlhaloganyo ba tlhalosa gore go nyala go tlisa kgatelelo e kgolo go feta eo e tlisiwang ke go latlhegelwa ke tiro. Tota, fa lenyalo e le namane e tona go na le go nna e e bori, e e tsabakelang go na le go nna motlhofo, kgatelelo eo e tla utlwiwang e tla bo e le botlhoko thata.

4. Ke eng seo gantsi se diragalang morago ga manyalo a a tlotlomaditsweng?

4 Gape, ba bantsi bao ga jaanong ba nyalanang ba lebisa tlhokomelo ya bone thata—le ditebelelo tse di sa tlhomamang—mo lenyalong mo e leng gore morago ba swaba mo go utlwisang botlhoko. Mosadi yo mosha o ne a tlhalosa ka gore: “Mo dikgweding di le mmalwa, mongwe le mongwe yo ke neng ke mo itse o ne a lebega a itumetse, mme e seng nna fela. Mme go tswa foo lenyalo la fela mo motsotswaneng fela, mme fa re ya kwa gae morago ga modiro, ke ne ka hutsafala mo go botlhoko.” Monna mongwe yo mosha yo o neng a tsopolwa mo bukeng ya Getting Married o ne a re:

‘Lobaka lo o beeletsang ka lone lo tsewa e le lo lo galalelang thata ebile le kgatlhisa. Go tswa foo he go tsewa gore o nne le namane e tona ya lenyalo, e e maphatsiphatsi. O monna wa banna. Go tswa foo lo ka nna Iwa tsamaya go ya go ipela mmogo, mme seo le sone se tsewa gore o monna tota. O agelela tebelelo ya gore sengwe sa motlholo le se se gakgamatsang se tla diragala fa le sena go nyalana. Go tswa foo ka tshoganyetso go nna le tidimalo. Ka ponyo ya leitlho botlhe ba go tlogela le mosadi yono gore a sale le wena.’

5. Ke pono efe eo Bakeresete ba tshwanetseng go nna le yone ka lenyalo la bone?

5 Rotlhe re tla dumalana gore banyalani ba tshwanetse go lebelela lenyalo la bone jaaka le le itumedisang, le le kgethegileng, paka e e monate, ka go bo ba tsaya kgato e kgolo mo matshelong a bone. Lefa go le jalo ba tla tlatseletsa mo boitumelong jwa bone fa e le gore ba tla tila go otlelela lenyalo mo e leng gore le hupetsa sengwe le sengwe seo tota se leng botlhokwa-tlhokwa, e leng botshelo jwa bone jwa morago jaaka Bakeresete ba ba nyetseng.

Go Baakanyeletsa Lenyalo Le Le Itumedisang

6. Pele ga letsatsi la lenyalo, ke eng seo se leng botlhale?

6 Jesu o ne a bolela boammaaruri jo batho ba ba sa nyalang ba ka bo dirisang: “Gonne ke ohe oa lona eo e ka reñ ha a rata go aga kagō e e godileñ, me a se ke a dula pele, a bala madi a eōna, gore a tlè a itse ha a na le a a lekanyeñ go e shwetsa?” (Luke 14:28) Ee, go na le botlhale go akanyetsa thulaganyo pele o e simolola. Seo se boammaaruri le ka lenyalo. Bagakolodi ba bantsi ba lenyalo ba tlhagisa bagakololwa ba bone gore batho ba ba lebeletseng go nyalana ba tsenele dithuto dingwe kana ba ye sekolong, go ipaakanyetsa botshelo jwa bone jwa lenyalo le go itepatepanya le mathata a a ka nnang gone a magolo. Mogakolodi yo mongwe o ne a re: “Fa bananyana ba ba alogang go tswa kwa sekolong se segolwane ba ne ba itse ga lekgolo fela jaaka ba ne ba ka dira ka matswakabele a lenyalo jaaka ba dira ka dikhomputara, lenyalo le ne le tla nna le boitemogelo jo bo kgotsofatsang thata.”

7. O ka bona kae boikitsiso jo bo thusang kaga botshelo jwa lenyalo?

7 Basupi ba ga Jehofa ba ile ba baakanyetsa ka kaelo mo ntlheng eno, kaelo e e theilweng, e seng mo megopolong ya batho e e fapaaneng e e lolea kaga seo se tlisang katlego ya botshelo jwa lenyalo, mme kaga kgakololo e e itekanetseng ya Mosimolodi wa lenyalo. (Pesalema 119:98-105) Tora ya Tebelo le Awake! ka bobedi di neela ditlhogo tse dintsi tse di farologaneng tsa botshelo jwa lenyalo. O ka solegelwa molemo ke letlotlo la boikitsiso jo bo ntseng jalo ka go lebelela mo ditlhogwaneng le mo ditshupisong tse di kafa tlase ga “Marriage” go di-index tsa dikgatiso tsa Watch Tower Society, jaaka index ya 1976-1980. Ditlhogo tse dintsi kaga lenyalo di ile tsa ithutiwa mo phuthegong, di dumelela balekane ba ba lebeletseng go nyalana go utlwa dikakantsho tse di popota tsa banna le basadi ba Bakeresete bao ba nang le boitemogelo jwa botho ebile e le diithuti tse di tlhaga tsa Lefoko la Modimo.

8. Fa e le gore o rulaganyetsa go nyala, ke kgato efe e e botlhokwa e o tshwanetseng go e tsaya?

8 Fa e le gore o rulaganyetsa go nyala, o tshwanetse gape wa akanyetsa boikitsiso jo bo tshwanetseng jo bo gatisitsweng mo dithusong tse dingwe tsa go ithuta Bibela. Ka sekai, Happiness—How to Find Ita e na le dikgaolo tseo di tlotlang ka mathata a tsa madi, a dikobo le go fitlhelela katlego mo botshelong jwa lelapa. Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisab e tshotse kgakololo e nngwe gape e e thusang go tswa Lefokong le le itekanetseng la Modimo. Dikgaolo tse dingwe tsa yone ke “Go Thaa Motheo o o Molemo wa Lenyalo la Gago,” “Morago ga Letsatsi la Tseo.” “Monna Yoo o Gapang Tlotlo e e Boteng,” “Mosadi Yoo o Ratiwang Thata” le “Lorato, ‘Sebōhō sa Boitekanèlō.’” Rulaganyetsa go akaretsa boikitsiso joo le molekane wa gago wa mo isagweng pele ga lenyalo la lona. Abo go tla bo go le mosola jang ne go wena go tlotla ka boikitsiso joo mmogo le mokaulengwe yo o godileng wa Mokeresete yo o mo tlotlang yo o ka neelang dikakantsho tse di thusang. (Diane 4:1-9) Seno se tla le thusa ka bobedi go boloka dithulaganyo tsa lenyalo la lona di le mo seemong se se lekanyeditsweng go seo se leng botlhokwa segolo, eleng botshelo jwa lona mmogo jaaka banyalani.

Ipaakanyetseng go Dira

9, 10. (a) Ke ka ntlhayang fa pono ya mmatota kaga lenyalo e le botlhokwa? (b) Bakeresete ba thusiwa jang mo go nneng le yone?

9 Re ile ra ela tlhoko gore ba bantsi ba atamela letsatsi la lenyalo la bone ba solofela gore “sengwe sa motlholo le se se gakgamatsang se ile go diragala ka bofefo fela fa ba sena go nyalana.” Batho ba ba nang le pono eno e e sa utlwaleng ba tla thulana le go kgobega marapo, tlalelo le boitumologo. Boammaaruri ke gore lenyalo le le itumedisang le tlhoka tiro, tiro e ntsi thata go na le e e dirilweng mo lenyalong, go sa kgathalesege gore lenyalo le ne le le bogolo jo bo kana-kang. Kwa phuthegong ya kalafi ya tsa lenyalo e e neng ya rulaganyediwa ke Moporofesa E. M. Pattison, mosadi yo mosha yo o bidiwang Betty o ne a re: “Ke ne ke ijesa dijo tsa ditoro tsa motlholo kaga lenyalo, di nonotshiwa fela ke go tshela mmogo. Mme go ne go sena motlholo ope mo lenyalong—e ne e le namane e tona ya tiro.”

10 Go ithuta Lefoko la Modimo go tshwanetse ga thusa Bakeresete go ipaakanyetsa bommatota jwa botshelo jwa lenyalo. Ka ntlhayang? Santlha, ka go bo re itse gore batho botlhe ba ruile bosaitekanelang go tswa go Adame. Baroma 3:23 e re tlhomamisetsa ka gore: “Gonne botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalalèco ea Modimo.” Fela jaaka go le boammaaruri, motho yo o sa itekanelang yo o tlang go nna molekane wa gago o ile go tlhaela mo go tse dingwe tsa ditebelelo tsa gago. Fa fela tsela ya botshelo ya letsatsi le letsatsi e simologa, monna wa gago o ka nna pelokhutshwane, a galefa thata, ka dinako tse dingwe a nna botshwakga kana a ikgogona mo go diragatseng ditiro tsa gagwe tsa Dikwalo jaaka tlhogo ya lelapa. Kana, jaaka o tshela le mosadi wa gago, katamelo ya lenyalo e tla mo senola gongwe a le yo o lolea, a rata go laola bobe, kana ka dinako tse dingwe a nyatsa-nyatsa kana a kgatlhegela dithoto ka mo go gakgamatsang.

11, 12. Go nna ga gago Mokeresete go thusa jang mo go tokafatseng nonofo ya botshelo jwa lenyalo?

11 Go nna ga lona Bakeresete ba ba dumelang mo kgakololong e e itekanetseng ya Modimo ka bobedi go baakanyetsa motheo wa tokafatso. Le ka kgona go tlotla ka botlhale le ka boikanyegi ka dikgang tseo mongwe le mongwe a tla anaanelang go bona nyalano e e atamelaneng le tlhagiso ya Modimo. Dirisa botlhale le temogo mo go tlhopheng nako ya go tlotla ka dikgang tse di ntseng jalo, o sa e dire ka nako eo go bonalang molekane yo mongwe a kgopegileng kana a tenegileng ka yone. Molemo o mogolo o tla fitlhelelwa fa ka dinako tsa dipuisano o leka ka tlhoafalo go tila go ganetsa pono ya molekane wa gago. Mo boemong jwa moo, o tla reetsa le go tsaya kganetso kana kopo tsa molekane wa gagwe tsia.—Diane 15:28; 18:13.

12 Ka dinako tse dingwe dikgang tse di ntseng jalo di ka tlhaga fela ka tlwaelo fa monna le mosadi ba abalana thuto ya bone ya lelapa ya Dikwalo. Tsela eo ya tlholego e ka nna e e thusang ka go bo e otlelela ka bobedi keletso ya mmatota ya go amogela kgakololo ya Modimo gammogo le keletso ya go itumedisa molekane wa gago. Kgatlhego eno ya Dikwalo ya go itumedisa molekane e dumalana le seo moaposetoloi Paulo a neng a se kwala jaana: “Leha go nntse yalo le lona [banna] a moñwe le moñwe oa lona a ratè mosadi oa gagwè hèla yaka a ithata; le mosadi a ipōnè gore a boihè monna oa gagwè.”—Baefesia 5:33; bapisa 1 Bakorintha 13:4-7.

Tlhagolelang Ikanyo mo Lenyalong la Lona

13. Seemo ke sefe kaga ikanyo magareng ga balekane?

13 Le tla nna le thuso e kgolo mo go rarabololeng mathata ape a lenyalo kana dithulano fa balekane ka bobedi ba tlhagolela nonofo e e tlhaelang mo manyalong a selefatshe—ikanyo. Boemo jo bo befileng jo bo tlwaelegileng mo manyalong ao bo tshwana le seo se neng sa nna gone mo motlheng wa Iseraele: “Lo se ka loa ikanya tsala, lo se ka loa ikanya mogogi: u dibèlè meyakō ea molomo oa gago mo go èna mosadi eo o rōbalañ mo sehubeñ sa gago.” (Mika 7:5; Yeremia 9:4, 5) Go ne go se ikanyo epe magareng ga monna le mosadi, mongwe le mongwe wa bone a tshaba gore dikgang tsa sephiri ka go tlhoka lorato di ne di tla phatlaladiwa kana di gobololwe. Fa go sa ikanyege mo go ntseng jalo go ne go le gone, go ne go na le tsholofelo efe ya gore balekane ba tla dira mmogo go rarabolola dipharologano le go tokafatsa ditlamo tsa lenyalo morago ga fa letsatsi la lenyalo la bone le sena go feta?

14. Ke ka ntlhayang fa ikanyo e le botlhokwa jaana mo lenyalong, mme re ka bona jang seno mo Dikwalong?

14 Fa e le kaga botlhokwa jwa ikanyo Moporofesa Ned L. Gaylinc o ne a kwala jaana: “Go na le dipilara tse pedi tse di dirang lenyalo le le kgotsofatsang le le nnelang ruri. Lorato le go ikanyana.” Elatlhoko kafa Diane 31:11 e tlhalosang mosadi yo o molemo ka gone: “Pelo ea monna oa gagwè e mo ikantse, me ga a ketla a tlhōka papadi.” Tota, monna wa gagwe, mogolwane mo motseng oo, o tshwanetse a bo a ile a tshwara dikgang tsa phuthego tseo ka tshwanelo a neng a sa di tlotle le mosadi wa gagwe. Seno e ne e le bopelonolo ka go bo mosadi wa gagwe ka gone o ne a sa imelwe ke dikgang tse tota a neng a sa tshwanela go di itse. (Diane 31:23; 20:19) Kwantle ga moo, go tshwanetse ga bo go ile ga nna le kamano e e bulegileng ya go ikanyana. Mongwe le mongwe o ikanya lorato lwa yo mongwe le go ikutlwa a na le tsholofelo gore o ne a ka ntsha maikutlo a gagwe a moteng kwa ntle ga go nyadiwa kana kwantle ga gore dikgang tse di ntseng jalo tsa sephiri di bolelelwe batho.

15. Re ka ithutang kaga ikanyo mo lenyalong ka ditirisano tsa ga Jesu le balatedi ba gagwe?

15 Ikanyo e supiwa gape gareng ga ga Jesu le monyadi wa gagwe wa tshwantshetso wa Bakeresete ba ba tloditsweng. (Baefesia 5:22-32; 2 Bakorintha 11:2) Go ne go na le dilo di se kae tseo a neng a se ka a di bolelela baaposetoloi ba gagwe fa ba ne ba santse ba ka se kgone go di itshokela. Le gone Jesu ga a ka a ba bolelela letsatsi le nako tsa letsatsi le legolo la Modimo; tota, Jehofa o ne a sa le senolela le e leng Morwawe. (Yohane 16:12; Mathaio 24:36) Mme kwa ntle ga dikgang di se kae tse di ntseng jalo, Jesu o ne a ba buletse mafatlha a gagwe. O ne a sa itsiwe e le motho yo o boitobo jo bo feteletseng kana yo o sephiri le go sa ikanyeng bao ba neng ba tla nna monyadiwa wa gagwe wa semoya. Ka boitumelo le ka lobaka lo loleele o ne a tlotla le bone le e leng go bua le bone ka dilo tseo e neng e tlaare morago ba di tlhaloganye.—Yohane 13:7; Mareko 8:17.

16. Ikanyo e ka tlatseletsa mo lenyalong le le molemo jang?

16 Fa wena le molekane wa gago le tlhagolela ikanyo e e lorato, e tla nonotsha ditlamo tsa lenyalo la lona. O tla nna le tsholofelo ya gore o tla ntsha maikutlo a gago tota. Mme fa le ka tlotla ka pharologano ya lona ya mogopolo kana kgang eo molekane wa gago a direlang go e tokafatsa, ga go lebege e ka ganwa fela ka tlhamalalo kana go felela ka kganano ya go iphemela. Go na le moo, ka ikanyo o tla dumela gore molekane wa gago oa go rata le gore ruri o neela kgopolo kana kakantsho eo e tshwanelang kakanyetso ya gago e e tshwanetseng.—Diane 27:6.

17. Ke eng seo se eletsegang kaga lenyalo la rona, go sa kgathalesege gore re setse re le fetile kana le le fa pele ga rona?

17 Ikanyo eno e ka tlhotlhelediwa gape ka go akanyetsa mo maikutlong a gago a pepetletso, a lorato Iwa lefereo le letsatsi la lenyalo la lona. Go akanya ka dikgakologelo tse di ntseng jalo tse di bothitho go tla go thusa go tlodisa kgakalo kana tenego epe matlho. Ka jalo fa e le gore o beeleditse kana o rulaganyeditse letsatsi la lenyalo, dira seno ka tsela eo e tla go tlogelang ka dikgakologelo tse di itumedisang, tse di kagiso, tse di tlhamaletseng tseo di tla tlisang pepetletso le maikutlo a mangwe a a molemo le e leng nako e telele morago ga letsatsi la lenyalo la lona le sena go feta.—Sehela sa Dihela 3:11.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Tse di gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York.

b Tse di gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York.

c Mokaedi wa Kalafi ya tsa Thuto le Thapiso ya tsa Lenyalo le Lelapa, Unibesithi ya Maryland.

O Ithutileng?

◻ Ke dikgato dife tse di ka tlatseletsang mo taolong e kgolwane mo meketeng ya lenyalo?

◻ Matswela a morago ga mekete e mentsi ya manyalo a a mabono-mantle ke eng?

◻ Seno se ka ama ditebelelo tsa gago ka lenyalo le le itumedisang jang?

◻ Go nna ga gago Mokeresete go ka go thusa jang malebana le boitumelo jwa lenyalo?

◻ Ke ka ntlhayang fa go ikanyana magareng ga balekane go le botlhokwa mo go kana?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela