LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 11/15 ts. 21-22
  • “Lo Rapèlèlanè”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Lo Rapèlèlanè”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Rapelelana?
  • Re Rapelele Eng?
  • Dinonofo Tsa Bokeresete Di A Tokafadiwa
  • Nnang Lo Rapelelane
  • Rapelelanang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Go Atamela Modimo ka Thapelo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 11/15 ts. 21-22

“Lo Rapèlèlanè”

JEHOFA ke “Eo u utlwañ thapèlō.” (Pesalema 65:2) O utlwa dithapelo tsa bao ba ineetseng mo go ene ka dipelo tsa bone tsotlhe ka metlha, mme re ka tlhomamisega gore o a re reetsa fa re rapelelana.

Mme ke ka ntlha yang fa re rapelelana? Re tshwanetse go rapelela eng mo dithapelong tseo? Mme ke dinonofo dife tsa bomodimo tseo di tokafadiwang fa re rapelelana?

Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Rapelelana?

Dikwalo di tlhotlheletsa batho ba ga Jehofa gore ba rapelelane. Moaposetoloi Paulo o ne a kopa Modimo gore ekete ba bangwe le bone ba ka rapelelana. (Bakolosa 1:3; 2 Bathesalonia 1:11) Mo godimo ga moo, morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Lo rapèlèlanè.”—Yakobe 5:16.

Dithapelo tse di rapelelwang batlhanka ba bangwe ba Modimo di na le mosola. Seno se bontshiwa mo go Yakobe 5:13-18, koo Mokeresete yo o lwalang semoyeng a kgothalediwang gore a letle bagolwane ba phuthego ba “rapèlè ha go èna, ba mo tlotsè loukwane mo ineñ ya Morèna.” Motho yo o tshwenyegileng yono a ka nonotshiwa ke go utlwa thapelo ya bone mme a tlhatswega pelo gore Modimo o tla araba le dithapelo tsa gagwe. (Pesalema 23:5; 34:18) Kwantle ga go rapela le motho yoo, bagolwane ba ka nna ba leka go dira gore a itekanele gape mo semoyeng ka dikgopolo tsa Dikwalo tseo di alafang jaaka lookwane.

Jakobe o oketsa jaana: “Thapèlō ea tumèlō e tla boloka èna eo o bobolañ, me Morèna o tla mo kakatlolola.” Ee, “thapèlō ea tumèlō” ya bagolwane e tla thusa motho yo o lwalang semoyeng yono. Mo godimo ga moo, Modimo o tla mo “kakatlolola” gore a itekanele gape mo semoyeng fa a batla gore Dikwalo di mo thuse. Mme go tweng fa e le gore bolwetsi joo jwa semoya bo bakilwe ke boleo jo bo masisi? Gone mme, fa motho a ikwatlhaya, Jehofa o tla mo itshwarela.

“Me ke gōna,” Jakobe o a bolela, “lo ipolèlèlanè dibe, mme lo rapèlèlanè, gore lo tlè lo hodisiwè. Mokokotlèlō oa mosiami o thusa thata mo go diheñ ga ōna. Eliya . . . a rapèla ka thata gore pula e se ne; me e se ka ea na mo lehatshiñ ka dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro. Me a ba a rapèla gapè; me legodimo ya nesa pula, le lehatshe ya uñwa mauñō a yeōna.” (1 Dikogsi 17:1-7; 18:1, 42-45) Thapelo ya motho yo o siameng eo e dumalanang le go rata ga Modimo e na le maatla.—1 Yohane 5:14, 15.

Re Rapelele Eng?

Re ka rapelela sengwe le sengwe ka modumedi ka rona. Ka sekai, Paulo o ne a kopa ba bangwe gore ba mo rapelele gore a kgone go bua mafoko a a molemo. (Baefesia 6:17-20) Go tweng fa re itse gore mongwe o a raelwa? Re ka rapelela gore ‘a se dire bosula bope’ le gore Modimo o se ka wa mo tlogelela gore a lekwe mme o mo golole mo go yo o bosula, ebong Satane Diabolo. (2 Bakorintha 13:7; Mathaio 6:13) Mme fa motho a lwala mo mmeleng, re ka kopa Jehofa gore a mo neye maatla ao a a tlhokang gore a itshokele bolwetsi jwa gagwe.—Pesalema 41:1-3.

Go a tshwanela ka metlha go rapelela baobamedi ka rona ba ga Jehofa ba ba bogisiwang. Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba bogisiwa botlhoko, mme o ne a raya Bakeresete ba kwa Korintha a re: “Le lona lo nntse lo dumalanye mo go re thuseñ ka morapèlō oa lona; gore malebogō a ntshiwè ke batho ba le bantsi kaga rona, ka nèō e re e neilweñ ka ntlha ea mekokotlèlō ea batho ba le bantsi.” (2 Bakorintha 1:8-11; 11:23-27) Le eleng lefa re le mo kgolegelong re ka rapelela bakaulengwe ba bangwe ba ba bogisiwang, re ntse re gakologelwa gore Jehofa o utlwa “morapèlō oa basiami.”—Diane 15:29.

Segolo bogolo re tshwanetse go rapelela bakaulengwe ba rona bao ba nang le boikarabelo jo bogolo mo phuthegong ya ga Jehofa. Bano ba akaretsa bao ba okametseng phuthego le bao ba baakanyang dijo tsa semoya tseo di abiwang ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Ka sekai, re tshwanetse go rapelela maloko a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, mme re ka rapelela gore Modimo o a nee “mōea oa botlhale.”—Baefesia 1:16, 17.

Dinonofo Tsa Bokeresete Di A Tokafadiwa

Fa re rapelela badumedi ka rona, re itshupa gore re amega ka bone, ga re bogagapa, ebile re a ba rata. Go amega ka bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ka lorato re se bogagapa go dumalana le ntlha eno ya ga Paulo ka lorato gore “ga lo ko lo ipatlèla hèla.” (1 Bakorintha 13:4, 5) Go rapelela ba bangwe ke nngwe ya ditsela tsa go ‘se tlhokomele dilo tse e leng tsa rona fela mme gape le go tlhokomela tseo e leng tsa ba bangwe.’ (Bafilipi 2:4) Fa re rapelela ba bangwe gore ba itekanele mo semoyeng re iphitlhela re atamalana le bone mo loratong lwa bokaulengwe leo le supang gore balatedi ba ga Jesu ke bomang.—Yohane 13:34, 35.

Nonofo ya go amega ka ba bangwe e a gola mo go bao re ba rapelelang. (1 Petere 3:8) Re ba tlhomogela pelo, re batla go itse seo se ba kgatlhang le go itse fa ba tshwenyegile. Mo mmeleng wa motho, fa letsogo le lengwe le gobetse, le lengwe le a le tlhokomela mme le leka go alafa botlhoko jo bo bakilweng ke ntho. (Bapisa 1 Bakorintha 12:12, 26.) Ka mo go tshwanang, go rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba leng mo botlhokong go dira gore re ba utlwele botlhoko ebile go re thusa go nna re akanya ka bone. Ga re ne re bona molemo ope fa re sa gakologelwe Bakeresete ka rona mo dithapelong tsa rona, ka gonne Modimo le Keresete ga ba kitla ba ba latlha.—1 Petere 5:6, 7.

Fa re rapelela ba bangwe go tlhagolela dinonofo tse di farologaneng tsa bomodimo. Re nna bopelotelele mo go bone le go ba tlhaloganya botoka. Bohutsana jo bo ka tswang bo le gone bo a tlosiwa, mme go bulele dikakanyo tse di agang tse di dirang gore re nne bao ba rategang le ba ba itumetseng. Go rapelela ba bangwe gape go dira gore go nne kagiso le kutlwano mo gare ga batho ba ga Jehofa.—2 Bakoritha 9:13, 14.

Nnang Lo Rapelelane

Jaaka Paulo, re ka nna ra kopa ba bangwe gore ba re rapelele. Kwantle ga go rapela le rona, ditsala tsa rona di ka nna tsa re rapelela mo Modimong kwa thoko, di re bitsa ka maina, di umaka bothata jwa rona, mme di mo kopa gore a re thuse. Mme re tla bona thuso, ka go bo “Morèna o itse go golola badumedi mo thaeloñ.”—2 Petere 2:9.

Basupi ba ga Jehofa bao ba re rapelelang le bone ba a lekwa—gongwe ebile tsa bone di feta tsa rona. Lefa go le jalo ba bolelela Kgosi ya Bosakhutleng mathata a rona, gongwe ebile ba tsholola dikeledi mo boemong jwa rona. (Bapisa 2 Bakorintha 2:4; 2 Timotheo 1:3, 4.) Abo re tshwanetse go lebogela seno jang ne! A re rapelelaneng, go supa fa re anaanela seno le ka mabaka a mangwe a re setseng re tlotlile ka one.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela