LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 8/15 ts. 24-25
  • Dikgatiso tsa Bibela: A Ga Se Ga Dikwalo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso tsa Bibela: A Ga Se Ga Dikwalo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikwalo—A Di Lekanetse ka Botsone?
  • Dikgatiso tse di Kwadilweng
  • Go Solegelwa Molemo ke go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Bala Lefoko la Modimo Mme o mo Direle ka Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ngangatlela Lefoko la Modimo Thata
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Bibela—Buka E E Tshwanetseng go Balwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 8/15 ts. 24-25

Dikgatiso tsa Bibela: A Ga Se Ga Dikwalo?

MOSO mongwe wa Sontaga mo Connecticut, mo U.S.A., monna mongwe o ne a araba go kokota ga lebati la gagwe mme a fitlhela mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a eme fa kgorong. Mosupi o ne a bua le ene ka ga Bibela mme a mo neela dingwe tsa dibuka tseo di tlhalosang dikgang tse di botlhokwa go tswa Bibeleng. Lefa go ntse jalo, monna yoo o ne a di gana. O ne a supela go Bibela eo e neng e le mo loring ya gagwe kwa pele: “Ke tlhoka Bibela fela.”

A o ne o tla dumelana le monna yono? Tota, fa e le gore o ne a raya gore ga go sepe seo se ka tseelang Bibela sebaka jaaka motswedi wa boammaaruri, he Bakeresete botlhe ba tla tshwanelwa ke go dumelana le ene. Mme dibuka tseo di neng di tshotswe ke Mosupi di ne di sa direlwa go tseela Bibela sebaka. Di ne di diretswe go tlhalosa Bibela, go tlotlomatsa dikarolo tsa yone tseo di neng di ka nna mosola mo botshelong jwa monna yoo mme ka gone di agelela tlotlo le kitso mo bukeng e e botlhokwa eo. A ga go tlhokafale kana ebile go phoso go bala dibuka tse di ntseng jalo?

Dikwalo—A Di Lekanetse ka Botsone?

A Dikwalo di akantsha gore go bala Bibela—lefa gone go le botlhokwa mo go kalo—ke gona gotlhe mo go tlhokafalelang go bona kitso ya mmatota ya boammaaruri? Eseng jalo. Ka sekai, morutwa Jakobe o ne a re ka ga Bajuda: “Gonne e sale ka metlha ea bogologolo Moshe o nntse a na le ba ba mo rèrañ galè mo motsiñ moñwe le moñwe, ka a balwa mo matluñ a thutō ka bosabata botlhe hèla.” (Ditihō 15:21) Lefa go le jalo go sa kgathalege mmalo otlhe oo wa Bibela, bontsi jwa Bajuda le ka motlha ga ba ise ba ke ba lemoge gore Jesu e ne e le Mesia.

Moopafadiwa wa Mo-Ethiopia yo o umakiwang mo go Ditihō kgaolo 8 le ene gape e ne e le mmadi wa Bibela. Morutwa Filipo o ne a mo utlwa a balela kwa godimo go tswa bukeng ya ga Isaia fa moopafadiwa a ne a le mo mosepeleng go ya lapeng la gagwe a le mo kareng. A seo se ne se lekanetse mo goreng a bone kitso ya boammaaruri? Filipo o ne a mmotsa: “A u tlhaloganya se u se balañ?” O ne a araba ka gore: “Nka tlhaloganya yañ, ha moñwe a sa nkgogè?’’ (Ditihō 8:30, 31) Ka boikokobetso o ne a lemoga tlhokafalo ya gore a thusiwe go tlhaloganya Bibela.

Gakologelwa gape, taolo eo Jesu a neng a e tlogelela balatedi ba gagwe pele fela a tla tloga a tlhatlogela magodimong: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” (Mathaio 28:19, 20) Go phepafetse gore, go ne go tlhokafala go dira mo go fetang fela go laletsa basokologi ba basha mo go baleng Bibela phatlalatsa kana go ba neela Bibela le go ba tlogela gore ba e ipalele. Mokeresete gape o ne a tshwanetse go ba ruta.

Gape, moaposetoloi Paulo o ne a bona tlhokafalo ya sengwe se se fetang fela go kgothaletsa go bala Bibela fa a ne a raya Timotheo a re: “U tlhōkōmèlè go bala, le go laea, le go ruta, ke tlè ke tsamaeè ke tlè.” (1 Timotheo 4:13) Go bala Bibela go ne go le botlhokwa-tlhokwa fela thata—Paulo o baya go bala lwantlha mo lenaneong la gagwe. Mme gape se se botlhokwa e ne e le go thusa bareetsi go tlhaloganya bokao jwa seo se neng se balwa (go ruta) le go ba kgothaletsa go se dirisa mo matshelong a bone (go laya).

Kgabagare, mo bukeng ya Ditihō re bona setshwantsho se se phepafetseng go re barutwa le baaposetoloi ba ne ba dira mo go fetang fela go balela batho Bibela. Ba ne ba dira gore e tlhaloganyesege mo go bone. “Me Yudase le Silase, ka le bōnè e le baperofeti, ba laea bakauleñwe ka mahoko a le mantsi, ba ba nitamisa. Me Paulo le Barenabase ba dièga mo Antioka, ba ruta, ba rèra lehoko ya [ga Jehofa], ba na le ba bañwe ba le bantsi.”—Ditihō 15:32, 35.

Dikgatiso tse di Kwadilweng

‘Mme seo ga se dibuka tse di kwadilweng,’ o ka nna wa rialo. Go boammaaruri. Lefa go ntse jalo, a go na le pharologano e e kalo magareng ga polelo e e kwadilweng le e e buiwang? Tota, lemororo ba ne ba sena didirisiwa tse di gatisang baaposetoloi le Bakeresete ba bangwe ba pele ba ne ba dirisa lefoko le le kwadilweng go anamisa mafoko a a molemo. Ba ne ba kwalela diphuthego tse di farologaneng dikwalo di le mmalwa e le gore ba tle ba nne ba tlhaeletsanye le bone fa ba seyo kwa go bone. Dingwe tsa tseno tota di ne tsa nna karolo ya Bibela, mme bontsi jwa tsone ga di a ka tsa nna karolo ya yone.

Mo lokwalong lwa ntlha lwa ga Paulo go Bakorintha leo re le boloketsweng mo Bibeleng, re bala mantswe a a latelang: “Ke lo kwaletse mo lokwaloñ loa me, ka re, lo se ka loa nna le bokopanō le baakahadi; . . . Me gompiyeno ke lo kwalèla, go re, e tle e re ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi, me a le moakahadi, . . . lo se ka loa tlwaèlana naè.” (1 Bakorintha 5:9-11) Fano, Paulo ka phepafalo o lebisa mo lokwalong lwa go le pele Iwa Bakorintha, leo re senang le lone gompieno. A Bakeresete ba Korintha ba ne ba ikutlwa gore ba ne ba sa tlhoke lokwalo loo lo neng lwa seka lwa nna karolo ya Bibela? Gotlhelele nnyaa. Ba ne ba anaanela gore e ne e le thuso e e kwadiIweng go ba thusa go tlhaloganya boammaaruri jwa Dikwalo le go dirisa melao-metheo ya Dikwalo mo matshelong a bone.

Fa a ne a kwalela phuthego ya Kolosa, moaposetoloi o ne a lebisa go lokwalo lo longwe loo lo seng gone, mo nakong eno a ne a lebisitse go leo le neng lwa kwaleIwa Bakeresete ba Laodikea. O ne a re: “Me e tla re lokwalō lo, lo sena go balwa mo go lona, lo dihè gore lo balwè le mo phuthegoñ ea Balaodikea; le gore lona lo balè lokwalō lo lo cwañ Laodikea.” (Bakolosa 4:16) Ka jalo, ga se gore go ne go kwalelwa diphuthego tse di farologaneng dikwalo fela mme dikwalo tseo di ne di fapaanelwa go balwa ke phuthego nngwe le nngwe. Fa e le gore didirisiwa tsa magatisetso a segompieno di ne di le gone mo metlheng ya bone, a o ka akanyetsa kafa baaposetoloi ba ka bong ba ile ba itseela sebaka sa go tlatsa motlha wa lefatshe la bone ka boikitsiso kaga Jesu?

Tota, bogatisetso jwa sesheng bo gone gompieno, mme Basupi ba ga Jehofa ba bo dirisetsa go tlatsa lefatshe ka Dibibela le dikgatiso tse di ithutang Bibela tse di gatisitsweng. Go ka se nne le kganano ya seno e se ya Dikwalo. Fela jaaka Bakeresete bao Timotheo a neng a ba direla, le go rona gompieno re bala Bibela. Mme le rona re tlhoka gore re rutwe kafa re ka e tlhaloganyang ka gone le go laiwa kafa re ka dirisang seo mo matshelong a rona.

Dikgatiso tsa go ithuta Bibela di ka nna mosola fela fa e le gore ga di tlontlolole Lefoko la Modimo le gore a di galaletsa Modimo, di kaela mmadi go kobamelo ya boammaaruri, di mo thusa gore a ikgaoganye le lefatshe le go mo thusa gore a gole gautshwane le Modimo fa mo ntlheng e nngwe a tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu Keresete. Re dumela gore o tla fitlhela gore dikgatiso tsa Bibela tseo di ntshiwang ke Basupi ba ga Jehofa di fitlhelela dipatlafalo tseno tsotlhe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela