LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 8/15 ts. 18-23
  • Go Utlwana mo Kobamelong Tlaseng ga Modisa le Kgosi Ya Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Utlwana mo Kobamelong Tlaseng ga Modisa le Kgosi Ya Rona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Utlwana mo Kobamelong
  • Go Lemoga Kgosi
  • “Kgōlaganō ea Kagishō” ya ga Jehofa
  • “Ke Tla Dira Gore ba Nne Setšhaba se le Sengwe”
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • ‘Ba Tla Itse Fa Ke Le Jehofa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Buka ya Bibela ya bo 26—Esekiele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Ke Tla Tlhoma Modisa a le Mongwe Fela”
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 8/15 ts. 18-23

Go Utlwana mo Kobamelong Tlaseng ga Modisa le Kgosi Ya Rona

“Morèna Modimo o bua yana: a re, Boñañ, ke tla tlosa bana ba Iseraela . . . , Me kgosi e le ñwe hèla e tla nna kgosi e e ba busañ botlhe hèla.”—ESEKIELE 37:21, 22.

1, 2. (a) Dithobane tse pedi tsa Esekiele 37:16 di emelang? (b) Go ne ga diragalang ka “ditbobane” tseno tse pedi?

KUTLWANO ya Bogosi, ra rialo ee. Mme seno se tshwanetse tumalanong le karolo ya bofelo ya kgaolo 37 ya boperofeti jwa ga Esekiele. Koo, mo Eze 37 temaneng ya 16, Jehofa o bolelela Esekiele go tsaya dithobane tse pedi. E nngwe o tshwanetse a kwala, “Ea ga Yuda, le ea bana ba Iseraela bankana ba gagwè.” Mo go e nngwe o tshwanetse a kwala, “Ea ga Yosefe, thobane ea ga Eferaime, le ea ba ntlo ea Iseraela botlhe bankana ba gagwè.” Dithobane tseno di emelang?

2 Di emela dikarolo tse pedi tsa bogosi jwa Iseraela, joo bo neng jwa kgaogana ka Juda kwa borwa le Eferaime kwa bokone. Bongwe le bongwe jwa one bo ne jwa ya mo botshwarweng—bogosi jwa bokone ka 740 B.C.E. mme bogosi jwa borwa ka 607 B.C.E. Mme ka 537 B.C.E. masalela go tswa ditsong tsotlhe tse 12 tsa Iseraela a ne a boela mo Jerusalema, go ya go tlhoma gape koo kobamelo e e kutlwano ya ga Jehofa. Seno se bontshiwa jang mo boperofeting jwa ga Esekiele?

3. Jaaka go bontshitswe mo go Esekiele 37:19, ke eng seo se tshwanetseng sa rena gareng ga batho ba ba tsosolositsweng ba Modimo?

3 Reetsa mafoko a ga Jehofa go Esekiele, mo Eze 37 temaneng ya 19:

“U ba reè, u re, Morèna Modimo o bua yana: a re, Bōnañ, ke tla tsaea thobane ea ga Yosefe, e e mo seatleñ sa ga Eferaime, le dicō tsa Iseraela bankana ba gagwè; me ke tla di baea mmōgō naeō, eboñ le thobane ea ga Yuda, me ke tla di diha thobane e ñwe hèla, me di tla nna thobane e le ñwe hèla mo seatleñ sa me.”

Wa bona he, kutlwano e tshwanetse ya rena gareng ga batho ba ba tsosolositsweng ba ga Jehofa!

Go Utlwana mo Kobamelong

4. Esekiele 37:21 e ne ya diragadiwa jang (a) ka 537 B.C.E.? (b) mo metlheng ya segompieno?

4 Batho ba Modimo ba ne ba se ketla ba tlhola ba kgaogantswe ka merafe e mebedi, ka boikanyegi jwa bone bo kgaogane magareng ga magosi a bokone le a borwa, mme tota ba ne ba ne ba tla nna “morahe o le moñwe hèla mo lehatshiñ.” Esekiele o bua mafoko a kgomotso go bone, jaaka a laetswe ke Jehofa:

“Me u ba reè, u re, Morèna Modimo o bua yana: a re, Bōnañ, ke tla tlosa bana ba Iseraela kwa merahiñ, kwa ba ileñ gōna, ke tla ba phutha mo ntlheñ cotlhe, ke ba isa mo lehatshiñ ya ga bōnè: . . . Me kgosi e le ñwe hèla e tla nna kgosi e e ba busañ botlhe hèla.” (Esekiele 37:21, 22)

Fela jaaka mafoko ano a ne a diragadiwa malebana le masalela a Iseraela a a utlwanang fa a ne a boa go tswa botshwarweng ka 537 B.C.E., ka jalo masalela a Basupi ba ba tloditsweng ba ba tsosolositsweng ba metlha ya segompieno ba ile ba itemogela boipelo jwa go utlwana mo lefatsheng la bone la separadaise la tlhogonolofalo ya semoya.—Bona gape Esekiele 36:33-36.

5. Batho ba Modimo ba ile ba ntlafadiwa jang mo lesweng?

5 Ka nako e e tshwanang, batho ba Modimo ba ile ba ntlafadiwa mo lesweng lotlhe la semoya leo le neng la dirwa ke mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka wa ga Satane, “Babelona o Mogolo.” (Tshenolō 17:5; 18:2, 4) Kgololo ya bone mo dithutong le mekgweng ya bodumedi jwa maaka ke tiragatso e kgolo ya motlha wa segompieno wa boperofeti jo bo neng bo dira ka tsela e potlanyana go Iseraela wa bogologolo ka nako ya tsosoloso ya one go tswa botshwarweng mo Babelona ka sebele:

“Le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba itshèkolola ka medimo ea bōnè ea disètwa, leha e le ka dilō tsa bōnè tse di tlhoesègañ, leha e le ka ditlolō dipè tsa bōnè; me ke tla ba golola mo ditenegoñ cotlhe tsa bōnè, tse ba leohileñ ka cōna, me ke tla ba tlhapisa: yalo ba tla nna batho ba me, le nna ke tla nna Modimo oa bōnè.”—Eseklele 37:23.

6. (a) Ke ka ntlha yang fa Iseraele wa semoya jaanong a ipela mo botsalanong le Modimo wa gagwe? (b) Ke kutlwano efe e re tshwanetseng ra e elatlhoko, le eleng fa mongwe a ka fapoga mo boammaaruring?

6 Kobamelo ya medimo ya disetwa e e ferosang sebete ya ditumelo tsa La-Bodumedi le boheitane e ile ya seegelwa kwa thoko ke batho ba ba tsosolositsweng ba ga Jehofa. Ga ba sa tlhole ba na le medimo ya ditshwantsho kana ba latela dingwao tsa bodumedi jwa selefatshe, jaaka go keteka “diholitei” tse di tlontlololang Modimo. Kobamelo ya bone ga e a lebisiwa go medimo e meraro mo go o le mongwe, ka mo go tweng ke modimo wa tlhogo wa Tharo-nngwe ya bosaitseweng, mme ba a utlwana jaaka batho ba le bangwe bao ba obamelang Modimo o le mongwe, Jehofa. Ka kutlwano ba galaletsa Morena Modimo wa lobopo, mme seno se a ba kitlanya mmogo mo kutlwanong e e sa itsiweng ke batho bape mo lefatsheng! (Isaia 52:8) Le eleng fa molekane wa pele a ka tlhagolela segakolodi se se bosula, a fapoga mmele wa boammaaruri o o baakantsweng ke Jehofa, re fela re le kutlwano le phuthego ya Modimo mo tirong ya yone le mo katamalanong ya yone e e galalelang le Modimo wa rona.—Diane 3:32; Bahebera 10:22, 23.

Go Lemoga Kgosi

7. Mo godimo ga kobamelo ya boammaaruri, ke maatla afe a mangwe a a kitlanyang ao a solofeditsweng batho ba Modimo?

7 Fa Iseraela wa bogologolo a ne a tsosolosediwa mo “lehatshiñ” ja gagwe, kobamelo ya boammaaruri e ne ya nna maatla a a ba kitlanyang. Mme bogosi bo ne jwa seka jwa tsosolosiwa. Mme ke ka ntlha yang he, fa Jehofa mo go Esekiele kgaolo 37, ditemana 22 le 24 a bua ka “kgosi” godimo ga bone? Ditemana 24 le 25 di balega ka gore:

“Me motlhanka oa me Dafide o tla nna kgosi e e ba busañ; ba tla nna le modisa a le moñwe hèla: le gōna ba tla sepela mo dikatlholoñ tsa me, ba tla tlhōkomèla ditaō tsa me, ba di diha. Me ba tla aga mo lehatshiñ ye ke le neileñ Yakobe motlhanka oa me, ye borra ba lona ba kileñ ba aga mo go yeōna: me ba tla aga gōna, bōnè, le bana ba bōnè, le bana ba bana ba bōnè, ka bosakhutleñ: me Dafide motlhanka oa me o tla nna kgōsana ea bōnè ka bosakhutleñ.”

8. (a) Ke ka ntlha yang fa ditemana tseno di tshwanetse tsa dira go Iseraele wa semoya? (b) Re lebisa jang go nako ya tiragatso?

8 Karolo eo ya boperofeti ga e ise e ke e diragadiwe mo Iseraeleng wa nama, le gona ga e ketla e tlhola e diragadiwa gope. Ka gone tiragatso e tshwanetse ya nna go Iseraele wa semoya. Mme e leng? Tota, ke leng kgosi e e nang le “tshiamèlō ea gōna” e neng ya tla go nna gape mo setulong sa bogosi sa ga Dafide? Seno se ne sa diragala kwa bofelong jwa “metlha e e laotsweng ya Baditšhaba” mo ngwageng wa segompieno wa 1914. Jaaka Metlha ya Baditšhaba e ne e fela, ‘bogosi jwa lefatshe bo ne jwa nna bogosi jwa ga Jehofa le jwa ga Keresete wa gagwe,’ Ene yo o neng a tshwantshetswa ke Dafide ebile e le yo o tla “busañ ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—Esekiele 21:26, 27; Luke 21:24; Tshenolō 11:15.

9. Ke dilo dife tse pedi tse di direlang jaaka tsa mmatota mo go re kitlanyeng gompieno?

9 Ka jalo, gompieno, ga se fela gore rona Basupi ba ga Jehofa re kutlwano mo kobamelong ya boammaaruri—lefa gone kobamelo e e ntseng jalo e le botlhokwa—mme gape re kutlwano mo go phuthiweng ga rona tlaseng ga “kgōsana” ya Kgosi! Ka bobedi kobamelo ya rona le Bogosi ke tsa mmatota go rona. Mme ka bobedi di direla go re kitlanya mo bokaulengweng jwa rona jwa lefatshe ka bophara.

10. (a) Re leba jang Modisa le Kgosi ya rona? (b) Re diragatsa jang “dikatlholō” tsa ga Jehofa?

10 Abo re rata Kgosi eo ya rona jang ne! Ke “modisa a le moñwe hèla” go rona rotlhe—Modisa yo o pelonolo yo o re gogelang kwa metsing a botshelo jo bosakhutleng. O itse mongwe le mongwe wa rona ka leina ebile o kgatlhegela mo go re bitseng le go re gogeleng kwa mahulong a matalana a semoya. Mme fela jaaka dinku tsa letsomane re tshwanetse ra fela re le kutlwano, ‘re sepela mo ditaong tsa katlholo tsa ga Jehofa.’ Re tshwanetse ra ipoloka re kgaogane le go latela dikarolo tse tharo tsa phuthego ya ga Satane: dipolotiki tsa yone tse di bodileng, kgwebo ya yone e e bogagapa le bodumedi jwa yone jwa disetwa. Ka kutlwano fela jaaka eo ya ga Jesu le barutwa ba gagwe ba pele re bontsha gore ga re sa tlhole re le ba “lehatshe.” Mme seno se akareletsa gape, go befela boitsholo jo bo maswe jwa lefatshe. (Yohane 17:14, 16, 20, 21; 18:36) Ga go a tshwanela ga nna le dikgaogano magareng ga rona, jaaka re boloka ditao tsa ga Jehofa mme eleruri re “di diha.”

11. Tsela ya rona ya botshelo e fapaana jang le eo ya ditumelo tsa lefatshe?

11 Abo tsela eno ya botshelo e farologaneng jang ne le eo ya ditumelo tsa lefatshe! Mo go bone, kafa mokgweng sengwe le sengwe se itshiametse fela. Ba letlelela mokgatlho o o boitaolo ka boitshwaro jwa one jo bo leswe. Ka dinako tse dingwe ba na le maemo a a farologaneng mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Ka sekai, mo dinageng tse di humileng, ba tshwarelela mo thulaganyong bobotlana ya monna a le mongwe—mosadi a le mongwe; fa mo karolong e nngwe ba dumelela boloko go bao ba tlwaetseng go nna mme e le bao ba sa ntseng ba tswelela ba ntse jalo, le sika loo tshadi. (Bapisa Mathaio 19:4-6; 1 Timotheo 3:2, 12.) Mme rona bao re utlwanang tlaseng ga ga Keresete, Modisa le Kgosi, re latela ditao tsa Bibela le melao-metheo mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe. Mme fa merafe e ya ntweng, re gana go bolaya bakaulengwe ba rona ba morafe o mongwe, ka go bo ka mantswe a ga Isaia go bolelwa jaana ka rona: “Le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”—Isaia 2:3, 4.

12. Re itshupa jang go nna mo kutlwanong, “yaka lecomane mo gare ga bohulō yoa yeōna”?

12 Kutlwano eno ya masalela a Baiseraele ba semoya ka botswerere e tlhalosiwa gape, ke lokwalo lo lo mo go Mika 2:12, koo Jehofa a reng: “Ke tla ba baea mmōgō yaka dinku tsa Bosera: yaka lecomane mo gare ga bohulō yoa yeōna, ba tla cosa modumō o mogolo ka ntlha ea bontsi yoa batho.” Seno ke sengwe seo re se elang tlhoko kwa dikopanong tsa batho ba ga Jehofa: dikete-kete di reetsa ka kelotlhoko, ka tidimalo, ka tlhagafalo ba batla go utlwa lentswe lengwe le lengwe jaaka re hula tlaseng ga bodisa jwa ga Jehofa le Modisa le Kgosi ya gagwe. Merafe ya botlhabatsatsi, bantsho, basweu—masalela a a tloditsweng le “dinku di sele”—botlhe ba kutlwano mo bohulong jono. Dikokoano tsa rona, dikopano tsa rona, dipokano tsa rona tsa phuthego, di baakanyetsa ka bosupi jo bo ka se ganediweng gore kutlwano ya Bogosi ke ya mmatota kgolokwe yotlhe gompieno!

13. Letsomane le ile la nna “modumō o mogolo ka ntlha ea bontsi yoa batho” jang?

13 Lefa go ntse jalo, go tweng ka mafoko a ga Mika, “Ba tla cosa modumō o mogolo ka ntlha ea bontsi yoa batho”? Re itemogelang pele le morago ga dipokano tsa rona? Aitsane, modumo wa bolekane jo bo itumetseng, jaaka mo metlotlong e e botshe re abalana mo boipelong jwa bolekane jwa rona jwa Bokeresete le go bua ka tirelo ya rona go Modimo wa rona. Mme phuthego ya lefatshe ka bophara e ile ya nna “modumō” gape, ka ntlha ya gore e ntse e oketsegela pele fela; jaaka diphuthego tse disha di tswelela go bopiwa, le pina e e kutlwano ya kgalaletso go Jehofa e gelebetegela pele ka modumo o mogolo go ralala lefatshe.—Pesalema 96:1-3.

14. Bontsha kafa lefatshe le etseng tlhoko kutlwano ya rona ka teng.

14 Kutlwano eno e e itumedisang, fela jaaka eo ya letsomane mo bohulong, ga e tsamaye lefatshe le sa e bone. Ka sekai, ka nako ya Dikopano tsa Kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa tsa “Kutlwano ya Bogosi” tsa 1983, mapodisi mo Taegu, mo Korea, ba ne ba romela basimegi ba bone ba le 30 kwa holong ya kopano mo letsatsing la ntlha, mme ya re ka ba bona dilo di relela sentle le kafa Basupi ba neng ba laola dikoloi sentle ka teng kwa ntle, ba ne ba romela bagolwane ba le babedi fela mo malatsing a mararo a a neng a setse. Kwa Taejon, mogolwane wa holo o ne a akgela ka gore: “Go bonala gore batho ke lona le tshwanetse Iwa bo lo tlhotlheleditswe go tswa legodimong—seno se gakgamatsa tota.” Polelo e go lebegang e re potile ka kwa, mme o ne a opa kgomo lonaka ti! Mo Rangoon, mo Burma, mongwe wa ba Komiti ya Holo ya Gandhi o ne a akgela ka gore: “Fa e le gore lefatshe lotlhe le ne le na le mokgatlho wa batho ba ba ntseng jaaka lona, go ne go se ketla go nna le mathata mo lefatsheng.”

“Kgōlaganō ea Kagishō” ya ga Jehofa

15. Ke kagiso efe e e eletsegang e e tlhalosiwang mo go Esekiele 37:26?

15 Kagiso ya boammaaruri ke ya bao fela Modisa le Kgosi ya rona, Keresete Jesu a ba gogelang mahulong. Ke kagiso eo e tlang le kutlwano, mme kutlwano eo eleruri ke ya Bogosi jwa mmatota gareng ga Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe gompieno. Abo Jehofa a tlhalosa ka mo go gakgamatsang jang seno mo mafokong a gagwe go Esekiele Eze kgaolo 37, temana 26:

“Gapè ke tla diha kgōlaganō ea kagishō nabō: e tla nna kgōlaganō e e sa khutleñ nabō: me ke tla ba baea, ke tla ba ntsihatsa, ke ba ke baea helō ga me ga boitshepō mo gare ga bōnè ka bosakhutleñ”!

Kagiso le Modimo! Kagiso eo e ka nnang ya bosakhutleng, malebogo a ya go setlhabelo se se lorato seo Modisa le Kgosi ya rona a neng a se dira fa a ne a sa ntse a le mono mo lefatsheng!

16. Ke eng seo se ileng sa gogela kwa go ntsifadiweng ga “dinku”?

16 Ereka jaanong Iseraele wa semoya a ile a ntsifadiwa go ya palong e e tletseng ya 144 000, boidiidi jo bogolo jwa “dinku di sele” bo kopanela le bano mo tirelong e e boitshepo mo motlaaganeng wa ga Jehofa. “Dinku” ga di ne di fela go nna di ntsifaletswa pele—gone jaana di setse di fitlha go dimilione! Ka kutlwano go dikologa lefatshe, baboledi bano ba Bogosi ba tsamaya ka ntlo le ntlo. Kobamelo eno ya phatlalatsa ke ya mmatota ebile e na le boikaelelo go rona, e re kgetholola jaaka batho ba le bosi mo lefatsheng lotlhe bao ba kgatlhegelang go tlotlomatsa leina la ga Jehofa le mo go boleleng Bogosi jwa gagwe jwa kagiso. Abo re itumela go le kana kang go abalana mo kgolaganong eo ya kagiso!

17. (a) Ke kgothatso efe e Jehofa a e neelang mo go Esekiele 37:27, 28? (b) Re itse jang gore tlhokomelo e e lebelang ya ga Jehofa ga e a lekanyediwa fela mo go Iseraela wa semoya?

17 Mo go Esekiele 37, ditemana 27, le 28, re bala mafoko a ga Jehofa a a digelang a kgothatso go letsomane la gagwe le le kutlwano jaana:

“Le motlaagana oa me o tla nna le bōnè; ke tla nna Modimo oa bōnè, le bōnè ba tla nna batho ba me. Me merahe e tla itse ha e le nna Yehofa eo ke itshepisañ Iseraela, mogañ hèlō ga me ga boitshèpō go nnañ mo go bōnè ka bosakhutleñ.”

Abo re ipela go le kana kang gore tshireletso ya ga Jehofa e tsharololelwa godimo ga batho ba gagwe jaaka motlaagana! Mme ga se gore tlhokomelo e e lorato eno ya go lebela e lekanyeditswe fela go Iseraela wa semoya, ka go bo re bala jaana malebana le “boidiidi yo bogolo” gore “me eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi o tla tsharolola motlaagana oa gagwè godimo ga bōnè.” Ga ba sa tlhole ba utlwa mogote ope wa go sa amogelwe ke Jehofa o ratha go bone.—Tshenolō 7:9-17.

18. (a) Jehofa o ‘itshepisa Iseraela’ jang? (b) “Boidiidi yo bogolo” go tla jang gore le jone bo nne le boemo jo bo tshiamo fa pele ga Modimo?

18 Abo re itumela go le kana kang gape, gore Jehofa o nna mo gare ga Iseraela, a tlhoma motlaagana wa gagwe mo gareng ga bone “ka bosakhutleñ”! Fela jaaka karolo eno ya kobamelo ya gagwe e le boitshepo, ka jalo gape bao ba tlang go obamela koo ba tshwanetse ba nna boltshepo, ba itsheka, ba lomololetswe tirelo ya Modimo wa bone. Bakeresete ba ba tlodltsweng go buiwa ka bone jaaka bao ba ileng ba “tlhapisiwa, . . . itshepisiwa, . . . siamisiwa mo ineñ ya Morèna Yesu Keresete le mo Moeeñ oa Modimo oa rona.” (1 Bakorintha 6:11) Mme jaaka lokwalo lo lo tsopotsweng fa godimo mo go Tshenolō 7:9-17 lo bontsha, “boidiidi yo bogolo” jo bo nang le ditsholofelo tsa selefatshe le bone gape ba ile ba tlhatswa “dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana,” e le gore ba tle ba neele Modimo tirelo e e boitshepo “motshegare le bosigo mo tempeleñ ea ōna.” Abo go nna le namane e tona ya matswela a a boitshegang ka ntlha ya tirelo ya kgolokwe eo e e kitlaneng!

19. (a) Merafe e tla patelesega jang go dumalana le mafoko a ga Esekiele 38:23? (b) Go fitlhelela nako eo, re tshwanetse ra itlhomana go dira eng?

19 Lefa go ntse jalo, boipelo jwa rona jo bogolo, jaaka re gatela pele ka kutlwano ya Bogosi, e tla nna go goroga kwa letsatsing la itlotlomatso la ga Jehofa. Ka nako eo leina la gagwe le le galalelang le tla itshepisiwa—le phimolwa kgobo yotlhe e e leswe e e ileng ya koegwa godimo ga lone. Merafe e tla patelesega go bona kgololo ya batho ba leina la ga Jehofa. Mme se se botlhokwa segolo, jaaka morena Modimo a bolela: “Me ba tla itse ha ke le Yehofa.” (Esekiele 38:23) Ekete re ka tshwarelela ka thata mo kutlwanong ya rona ya Bogosi, e jaanong e leng ya mmatota, go fitlhelela leina le le galalelang la ga Jehofa eleruri le itshepisiwa mo lobopong lotlhe!

Esekiele 37:15-28 e ile ya diragadiwa jang malebana le:

◻ Mo go direng batho ba ga Jehofa “thobane e le ñwe hèla”?

◻ Go tlhomeng ‘kgosi le modisa a le mongwe’?

◻ “Kgōlaganō ea kagishō” ya Modimo le batho ba gagwe?

◻ Motlaagana wa Modimo “o nna le bōnè”?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

“Kgōlaganō ea kagishō” ya ga Jehofa e ne le batho ba gagwe ba ba utlwanang jaanong mme e ba tlhomamisetsa tlhogonolofalo mo lefatsheng la Paradaise

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela