LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 8/15 ts. 26-30
  • Batho ba ba Iketleeleditseng ba Spain Ba Dira “Go Bo Go Swela”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba ba Iketleeleditseng ba Spain Ba Dira “Go Bo Go Swela”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Bakaulengwe Ba Ne Ba Tla Arabela Jang?
  • Go Thulana le Dikgwetlho tse Disha
  • Ba Kgona Go Dira “Go Bo Go Swela”
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 8/15 ts. 26-30

Batho ba ba Iketleeleditseng ba Spain Ba Dira “Go Bo Go Swela”

BASUPI BA GA JEHOFA ba sale ba rera mo Spain fa esale 1919. Go tswa foo ka 1936 go ne ga tlhagoga ntwa ya selegae mme tiro ya bone e ne ya tla go emisiwa golo go le gongwe. Bagolwane ba mmuso ba ne ba gapa ofisi ya lekala e potlana ya Watch Tower Society mo Madrid mme ba thopa didirisiwa tse di gatisetsang. Babulatsela ba mafatshe a sele, kana bareri ba nako e e tletseng, ba ne ba tshwanelwa ke go tshaba mo nageng eo go tshaba go latlhelwa mo kgolegelong. Ka dikgakologo tsa 1939 General Franco o ne a fentse ntwa mme bobusaesi jwa Bokgokgontshi jwa Bokatoloki bo ne jwa robelelwa godimo ga batho. Setlhopha sa bodumedi se le sosi se se neng sa letlelelwa go dira kafa molaong le phatlalatsa e ne e le Kereke ya Roma Katoloki. Tlaseng ga boemo jo bo ntseng jalo, a Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tla tsamaye ba ke ba eme ka dinao?

Go ditlhopha tse di kwa bothokong tsa Basupi ba Spain morago koo, tshisibalo e ne e bonala e ka se kgonege. Lefa go ntse jalo ka 1970, morago ga dingwaga tse 34 tsa tiro ya go iphitlha, “mo kgokgotshwaneng,” Basupi ba ga Jehofa kwa bofelong ba ne ba neelwa tshwanelo ya semolao mo Spain. Morago ga patlisiso e khutshwanyane, ba ne ba bona kago e potlanyana mo Barcelona eo e neng e tla direla jaaka ofisi ya konokono le legae la Bethele le badiri ba lone ba ntlokgolo. Lelapa leo la ko tshimologong la Bethele le ne la simolola fela ka maloko a le 12. Ka 1972, fa kago e e agilweng sesha e ne e kgakolwa ke N. H. Knorr (yo ka nako eo e neng e le mookamedi wa Watch Tower Society), go ne go na le palogare ya Basupi ba le 15 668 ba ba neng ba rera kgwedi nngwe le nngwe mo Spain. Dingwaga tse nne moragonyana, palo eo e ne ya menagana go feta go pota 36 000 ka kwa! Didirisiwa tsa Bethele ya Barcelona di ne di setse di itshupa di le dipotlanyana bakeng sa ditlhokafalo tse di neng di le gone. Mme setsha se segolo se se lekanetseng se ne se ka bonwa kae?

Bothata bo le bongwe e ne e le melao ya dikgaolwana. Ka tlwaelo, lefatshe le kgaoganngwa ekane e le go dirisediwa madirelo kana bonno. Seo se neng se tlhokafala e ne e le setsha se se neng se ka dirisediwa ka bobedi maikaelelo ao, ereka maloko a lelapa la Bethele ao a dirang mo feketiring, mabetlelong le diofising a ne a tla bo a nna gape mo matlhatlaganyaneng a a tshwanang. Patlisiso ya naga e ne ya simolola ya sekidi sa naga se se tshwanetseng se se neng se tla dirisediwa go aga kana bakeng sa kago e e neng e setse e ntse e le gone eo e neng e ka siamela go atolosiwa mo isagweng. Dikgwedi le dingwaga di ne tsa pitikologa go se katlego epe.

E ne ya re labofelo ka 1980 bothata bone jwa fenngwa. Kago e kgolo ya feketiri e e makgati matlhano e ne ya bonwa dimmaele tse 15 (24 km) go tswa mo Madrid, kwa bothokong jwa motse wa Ajalvir. Kago eo e ne e le mokaneng e le ntšha mme e fedile go se go nene fela, mme bagolwane ba lefelo leo ba ne ba iketleeleditse gore neela molao wa dikgaolwana o o kopaneng koo. Mme go ne go na le bothata bo le bongwe jo bogolo—madi.

Bakaulengwe Ba Ne Ba Tla Arabela Jang?

Go feta dingwaga tse 30 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, mo U.S.A., ka boitumelo e ne e ntse e ntshetsa madi tiro ya go rera mo Spain kwantle go go duelwa gope. Mme ka ntlha ya dituelo ditiro tse dintsi-ntsi tsa madi, le ka ntlha ya go atolosiwa ga ntlo-kgolo ya Brooklyn ka nako eo, go ne go ka se kgonege ka Mokgatlho go ntshetsa didirisiwa tse disha tsa Bethele mo Spain madi. Fa e le gore Spain e ne e tla nna le matlhatlaganyane a lekala le lesha, Basupi ba Spain ba ne ba tla tshwanelwa ke go e ntshetsa madi ka bobone. Eno e ne e le kgwetlho ya bogolo jo bo fetang epe fela e e kileng ga lebanwa le yone mo tshimong ya Spain. Tota, go ne go lebega go ka se kgonege ka bakaulengwe ba Spain, ka matsananyana a bone a a kwa tlase, go ntsha madi a a lekanetseng go duelela ditshenyegelo tsa kago eno.

Mme o ka tswa o gakologelwa seo se neng sa dirwa fa Baiseraele mo motlheng wa ga Moshe ba ne ba neelwa tshiamelo ya go agela Jehofa motlaagana wa kobamelo. Moshe o ne a boleletse Baiseraele ka gore: “Ntshetsañ Yehofa chupèlō mo go lona: leha e le mañ eo pelo ea gagwè e ratañ, a a e lere, chupèlō ea ga Yehofa.” Ba ne ba ithaopela go ntsha gouda, selefera, majana a a tlhokegang le dilo tse dingwe. (Ekesodo 35:5-9) Ka mo go tshwanang, kgang e ne ya bewa ka botswerere mo pele ga diphuthego tse 751 mo Spain. Go ne ga tlhalosiwa ka tlhokafalo eno ka phepafalo mo dikopanong tsa kgaolo tsa 1980 go kgabaganya naga eo. Karabelo e ne e le eng?

Kwa bofelong jwa dikopano, batho ba ne ba ema lothetho go ntsha mekgabo ya bone, gouda le direng tsa selefera le dikagale, e le gore tseno di tle di rekisiwe go bonwe madi mme a ntshediwe kago e ntšha. Kwa kopanong ya San Sebastián mo nageng ya Basque, kgaitsadi wa motsofe o ne a ntsha sekagale sa gouda se se bokete. Fa a ne a botswa gore a o ne a tlhomamisega gore o ne a batla gore a ntshe selo se se tlhwatlhwa kgolo se se ntseng jalo, o ne a araba ka gore: “Mokaulengwe, go tla nna molemo o mogolo thata go duelela Bethele e ntšha gona le go bo se le mo letsogong la me!”

Banyalani ba ba botlana ba ne ba ntsha madi a bone a ba neng ba rulaganyeditse go a dirisa mo mosepeleng wa bone wa go ipelelana. Kgaitsadi mongwe wa mogodi o ne a tlisa mokoa wa madi a dipampiri a a neng a le soola ebile a kobile ao o neng a a fitlha kafa tlase ga mmu mo jarateng ya gagwe ka dingwaga tse dintsi.

Jaaka dibeke di ne di feta, banna le basadi, banyana le bagolo, bahumi le bahumanegi, ba ne ba ntsha ka pelo e e ratang mo eleng gore Spain e ne e ka kgona go nna le didirisiwa tse disha tse di neng di tlhokega tsa Bethele. Le eleng babulatsela ba ba kgethegileng, bao ba amogelang lemmenyana fela la madi kgwedi le kgwedi, ba ne ba ntsha meneelo. Ka sekai, banyalani bangwe ba ne ba intsha setlhabelo ba lesa loeto lwa bone go ya United States mme ba ntsha madi a bone a thekethe. Bana le bone gape ba ne ba romela meneelo ya bone kwa ofising ya lekala. Mongwe wa dingwaga tse di lesome o ne a re: “Ke motsalwa pele mo baneng ba batlhano, mme re ile ra utlwa ka kakantsho ya gore re romele madi bakeng sa Bethele e ntšha. Re eletsa go ntsha seo re ileng ra se boloka mo lebokosong la rona la madi. Lemororo e le matsananyana fela, re dumela gore a tla thusa mo go rekeng sengwe.”

Banana le bone ba ne gape ba ithulaganya ka ditsela tse di farologaneng e le gore ba tle ba kgone go ka bona madi ao ba ka a romelang kwa Mokgatlhong. Bangwe ba ne ba dira bompopinyana mme ba ba rekisa. Yo mongwe o ne a kgobokanya diphatsa tsa dikgong mo madirelong a petlo mme go tswa foo a di rekisa. Monana yo mongwe o ne a boloka madi e le gore a tle a reke katara mme a a ntshetsa tiro ya kago ya Bethele.

Go Thulana le Dikgwetlho tse Disha

Bakaulengwe ba Spain ba ne ba arabela sentle fela thata mo eleng gore mo go neng go ka se kgonege go ne ga nna selo sa mmatota. Kago ya feketiri e ne ya rekwa ka October 1980. Mme go ne go na le dikgwetlho tse dingwe tse disha tse di neng di tshwanetse go lebanwa le tsone. Kago e e sa wediwang jaanong e ne e tlhoka gore e agiwe le go fediwa. Matlo a a farologaneng a go nnwang mo go one a ne a tshwanetswe go agiwa. Setlhopha sa go aga se se ithaopileng se ne se tshwanelwa ke gore se bopiwe. Batlhalefedi ba ne ba tlhoka gore ba loge dipolane, ditiro tsa boenjenere, tsa go aga, tsa motlakase le tiro ya go loga diphaephe. Kwa tshimologong fela, seno sotlhe go ne go lebega se ka se kgonwe. Mme e ne e le kgwetlho eo e tshwanang le eo e neng e lebane le Moshe ka nako ya go agwa ga motlaagana. Ka jalo go ne ga ntshiwa taletso eno ya ya kwa baithaoping: “Me a motho moñwe le moñwe eo o pelo e e tlhalehileñ mo go lona a tlè, me a a dihè cotlhe tse Yehofa o di laotseñ.” (Ekesodo 35:10) Jaanong he batlhalefi ba ne ba tlhokelwa tiro ya go aga Bethele, mme go ne ga ntshiwa taletso e e tshwanang go badiri ba ba iketleeleditseng.

Mmulatsela mongwe yo o kgethegileng, enjenere, o ne a lalediwa le mosadi wa gagwe le ngwana, go direla dingwaga di le mmalwa. Mokaulengwe go tswa mo Madrid yo eleng ra-khamphane ya boalo dipolane jwa boranyane gape le ene o ne a ithaopela go direla mo go rulaganyeng go laola tiro ya kago. Rabologo-dipolane mo Barcelona yo eseng Mosupi o ne a utlwa ka tiro eno ya go aga e kgolo mme o ne a tlhotlheletsega go ithaopa go direla koo ka mafelo beke a le mmalwa. Lefa go ntse jalo, batlhalefi ba ba ntseng jalo ba sekae ba ne ba le gone gareng ga Basupi ba ga Jehofa mo Spain. Mme thuso ya tsa botlhalefedi gape e ne ya tswa le eleng kwa mafatsheng a a kwantle ga Spain. Bakaulengwe ba ne ba semelela go tswa dinageng tse dintsi—Gerika, Jeremane, Sweden, Great Britain le United States, go umaka di se kae fela.

Lefa go ntse jalo, ga se gore go ne go tlhokwa batlhalefi ba ba iketleeleditseng fela mme makgolo a badiri ba baithaopi ba nako e e tletseng le ba nakwana ba ne ba tlhokwa go tlhokomela namane e tona ya tiro ya diatla, gammogo le tiro ya selegae—go apaya, go tlhatswa le go phepafatsa. Basupi ba ne ba tla arabela jang? Fela jaaka Baiseraele ba ne ba arabela ka dipelo tse di iketleeleditseng.—Ekesodo 35:20-35.

Ka nako ya dingwaga tse tharo tseo di neng di tlhokwa go fetsa tiro e ya go aga, diketekete tsa Basupi go ralala Spain yotlhe di ne tsa ithaopela go thusa ka nako e e tletseng kana ka mafelo beke le ka malatsi a boitapoloso kwa Ajalvir. Mme thuso ya bone e e molemo le sekao di ne tsa direla go neela bosupi. Jang jalo? Ka nako ya lobaka Iwa dikgwedi tse di lesome, beng ba pele ba feketiri ba ne ba tswelela ka madirelo a bone mo makgathing a mabedi a kago fa Basupi ba ne ba direla mo karolong yotlhe ya setsha. Beng ba pele ba ne ba kgatlhwa fela thata ke tlhagafalo le boitshwaro jwa bakaulengwe mo ba neng ba ntsha mogopolo wa khamphane gore bahiriwa bape fela mo isagweng e tshwanetse ya nna Basupi—mme ba ile ba o kgomarela!

Ba Kgona Go Dira “Go Bo Go Swela”

Kwa bofelong jwa 1982 letsatsi la go fetsa le ne la tlhongwa bakeng sa go feleletsa didirisiwa tse disha tsa Bethele—October 9, 1983. Jaaka dikgwedi di ne di itlhaganela, se se ne se lebega e le namane e tona ya tiro e e ka se tweng sepe. E ne ya nna kgang e nngwe gore moago o mogolo le mafelo a bonno ao a lebege jaaka matlhatlaganyane a Bethele, mme go fetsa diketekete tse dikhutshwanyane tsa kago e ne e le selo se sengwe gape. Mo gare ga mpa ya bosigo ka Matlhatso, October 8, baithaopi ba ne ba sa ntse ba dira go feleletsa fale le fale mo bodulong jwa dimmabole le disiling tse di tsabakelang ka digalase mo phasiking. Lefa go le jalo, mo mosong wa October 9—letsatsi la kgakolo—koo, mo godimo ga thaba go okamela boemo jo bo tshwanang jwa Castilian (Spain) ka mebala ya yone ya ditlhare tsa letlhabula, go ne ga ema matlhatlaganyane a bosweu jo bo tsabakelang le jo bo bobodudu a Bethele mo metlhong e metala le makidi a dithunya a a mebalabala.

Makgolo a baeti ao a neng a thelesegela mo Spain le go tswa mafatsheng a mangwe ba ne ba gakgametse. Ke mang yo o neng a ka dumela gore phuthego e e neng ya lelekiwa gotlhelele le go dira gore e dire ka go iphitlha go fitlhelela 1970 e ne e ka nna le ntlo-kgolo e ntle mo go kalo mo dingwageng tse 13 fela moragonyana! Kwa ntle le pelaelo, Jehofa o ne a diragatsa mafoko a gagwe ka moperofeti Isaia: “Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmōtlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.”—Isaia 60:22.

Thulaganyo e ne ya simolola ka bontle jo bogolo ka maitemogelo le ka dikakgelo go tswa mo bakgalajweng bao ba neng ba tshela ka nako ya diteko tsa bo-1930 le barongwa bao ba kileng ba direla pele mo Spain. Ya re go tswa foo F. W. Franz mookamedi wa Watch Tower Society, a neela polelo ya kgakolo le ya neelo. Polelo eno e ne ya latelwa ka theetso e kgolo eseng fela ke ba ba 956 ba ba neng ba le teng kwa Bethele e ntšha mme le gape ba ba fetang 62 000 mo disetediamong tse di farologaneng tse 12 tse di neng tsa lomaganngwa ka founu go ralala naga eo. Ka meneelo ya bone le ka tiro ya bone ya boithaopo, bontsi jo bo neng bo le gone bo ne jwa ntshetsa meneelo matlhatlaganyane ano a mantle a masha a Bethele. Ka nako ya dingwaga tsa tiro e kgolo, ele ruri ba ne ba amegile ka mafoko a Kgosi e e botlhale Solomone: “Ha Yehofa a sa age ntlo, ba ba e agañ ba dihèla lehèla.” (Pesalema 127:1) Ka tshegofatso ya ga Jehofa ba ne ba le gareng ga batho ba ba iketleeleditseng bao ba neng ba dira gore sotlhe se se kgonege.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ponalo e e mo godimo ya Bethele ya Spain

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Makasine wa ntlha wa “Awake!” o tswa go M.A.N. rotary press

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela