Bosetlhogo jwa Motho Mo Go yo Mongwe
TIRAGALO—naga nngwe mo Afrika Bophirima, ka 1961. Mapodisi a bosole a ikopetse ka dibainete ka tshoganyetso a kgaupetsa pokano e e kagiso ya Bokeresete. Ba ne ba haka banna ba ba neng ba le gone mme ba ba betsa mo go setlhogo “ba bo ba ba tlogela ba ba tlhakatlhakantse le lorole fela.” Mokgweetsi wa pokano o ne a ketekwa mo go botlhoko ka molamu mo a neng a kgwa madi malatsi a le 90. Mapodisi ba ne ba solofetse gore banna bao ba tla swa.
“Bosetlhogo jwa motho mo go yo mongwe” ke tlhaselo, ke setlhogo se se ipoeletsang mo ditsong. Baasiria ba bogologolo ba ne ba bapola magolegwa a bone a ntwa mo dikoteng go tswa foo ba bo ba ba gata go tswa kwa motlhaneng go ya kwa sehubeng. Baroma ba ne ba na le tsela ya bone ya go dirisa kwata. Batlhaselwa ba bone lwantlha ba ne ba kgwathisiwa mo go botlhoko mo nama gantsi e neng e garoga mo marapong. Go tswa foo ba ne ba bofelelwa kana ba kokoteIwa mo dikwateng tse di tlhamaletseng mme ba tlogelwa foo go swa—ka bonya, ka mahumapelo.
Bopelompe le bobeloethata jo bo tsitsibanyang gantsi bo ile jwa sutšwa le ke baruti. Ba Aztecs ba Mexico ba ne ba ntshetsa modimo wa bone Huitzilopochtli ditlhabelo tsa batho ka go hatola mebele ba ntsha dipelo mo batlhasedwing ba bone ba ntse ba tshela. Lefa go le jalo, mo lekgolong la dingwaga la bo-16, Hernán Cortés wa Spain o ne a fenya ba Aztecs. A bodumedi jwa gagwe bo ne bo le botoka ka gope? Mo metlheng eo Spain Inquisition e ne e dirisa mafelo a pogisetso e e tsitsibanyang mmele mme ba tshuba “baikeodi” go fitlhelela ba a swa. Go teketwa, sebopego se se tlwaelegileng sa tlhokofatso, go ngamola ditokololo tsa motlhaselwa go fitlhelela di tswa mo malokololong a tsone. Mefuta e mengwe e ne e bile e le e e phatlolang pelo go feta—re tla go tlogela jalo.
‘Mme seo sotlhe e ne e le mo nakong e e fetileng,’ batho bangwe ba akanya jalo. ‘Batho gompieno ba pelonamagadi thata ebile ba tlhabologile.’ A go ntse jalo?
Tlhokofatso ga se e e seilweng ke nako gotlhelele. Go boammaaruri, go tshujwa phatlalatsa mo go boifisang mo go neng ka nako nngwe e le go ntsha bodutu matshwititshwiti a a kgatlhwang ke tlhokofatso a a pelompe le baruti ke dilo tsa nako e e fetileng. Mme mo sephiring mo matlwaneng a kgolegelo, tlhokofatso e santse e dirwa ka metlha ebile kgapetsakgapetsa—gantsi e le ka mefuta e e tlhabolotsweng eo e sa tlogeleng le eleng lotshwao lwa go ka latedisa bosupi. Mo nageng ya Amerika Borwa, motlhasedwi yo o neng a tlhokofadiwa ka tsela ya segompieno e e thubakanyang ka go baboIwa ka motlakase o ne a bolela seno: “Selo se le sengwe se se tlang mo mogopolong wa me ke: ba hatolaka nama ya me. Mme ba ne ba seka ba hatola nama ya me. . . . Ga ba a tlogela le eleng dipadi.”
Pego e nngwe ya dikgang e iphaka ka gore dinaga tse dintsi “di itsiwe ka go tlhokofatsa le go bolaya magolegwa a bopolotiki.” Pego eo e tswelela ka gore: “Batho gape ba ile ba ‘nyelela’ morago ga go tshwarwa—le ka motlha ba se ketla ba bonwa gape.” Komiti ya Ditshwanelo tsa Batho ya Merafe e e Kopaneng e ile ya re go gamolwe jaaka “bontwa dumela ba kgatelelo le borukutlhi” mebuso ya maloko a UN a a fetang lekgolo.
Dikgatlampolo di ile tsa tlwaelega go ralala lekgolo leno la dingwaga la bo-20. Ka 1915-16 sesole se se tlhaselang se ne sa dirisiwa go leleka ka dikgoka banni ba bantsi ba Armenia, ka nako ya tiro eo gongwe e neng ya tlogela Maarmenia a a dimilione a kgemethilwe. Go bolelwa gore ka ntlha ya matswela a diphetogo mo Russia, batho ba eseng masole ba ba dimilione tse 14 ba ne ba a swa magareng ga 1914 le 1926. Mo China, go tloga 1949 go ya go 1958, magareng a dimilione tse 15 le 30 a ne a nyelela mo “ditlhabantshong tsa go nyeletsa tsa bopolotiki.” Dikgatlampolo tsa Bajuda di ile tsa tlwaelega mo makgolong a mantsi a dingwaga; mme ga go epe ya tsone e e bobelompe jo bo maswe kana e kgolo jaaka kgatlampolo ya Bajuda ba ba fetang dimilione tse thataro tlaseng ga puso ya ga Hitler.
Lefa go ntse jalo, go na le ditlolo tse di ka tlogelwang ga mmogo le tse di ka tlhotlhomisiwang. Bosetlhogo bo ka iponatsa ka bojone fela ka go itlhokomolosa bao ba leng mo bothateng. Mo tekeletsong ya bosheng jaana mo kgannyeng nngwe mo Afrika Borwa, mosadi mongwe o ne a rapalala a sa rokgonyege fa tlase ga koloi ya gagwe kwa khoneng ya mheru o mogolo go bona boo go na le mongwe yo o tla emang le go thusa. Ga go ope yo o neng a dira jalo mo malatsing a mabedi.
Bosetlhogo gape bo iponatsa mo dinageng tse di ipelelang letlotlo la dijo. Go diragalang ka tsone? Bontsi bo a senngwa. Mme lefa go le jalo, go ya ka pego ya UN ya 1982, bana ba ba 40 000 ba a swa ka tlhaelo dikotla kana bolwetsi—letsatsi le letsatsi!
“Bosetlhogo jwa motho mo go yo mongwe,” ka gone, bo tswelela le eleng mo motlheng wa rona o o “tlhabologileng.” Mme gotlhe mo go ile ga simolola jang? A mongwe o ka go khutlisa?