LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 8/1 ts. 7-12
  • Modisa yo o Molemo le “Saka Ye” ja Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modisa yo o Molemo le “Saka Ye” ja Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Saka ja Dinku ja Pele, Tlaseng ga Molao
  • Saka je Lesha Tlaseng ga Modisa yo o Molemo
  • Masaka a Dinku le Modisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Masaka a Dinku le Modisa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • “Modisa eo o Molemō” le “Lecomanyane”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Modisa yo o Molemo le Masaka a Dinku
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 8/1 ts. 7-12

Modisa yo o Molemo le “Saka Ye” ja Gagwe

1, 2. (a) Kgosi Dafide o ne a tlhalosa Jehofa jang mo go Pesalema 23:1? (b) Ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanela go tshwantsha Jehofa le modisa mme Iseraele le dinku tsa gagwe?

“YEHOFA ke modisa oa me; ga nketla ke tlhōka sepè. O mpothisa mo mahuloñ a matalana: o nkgōgèla kaha metsiñ a a didimetseñ.” Ka mantswe ao mosimane yo e neng ya re nako nngwe a bo a le modisa ebile e le ra-katara, mme e ne ya re moragonyana ya nna kgosi ya tšhaba ya Iseraele, o ne a simolola mengwe ya melodi ya gagwe e e rategang thata.—Pesalema 23:1, 2.

2 E ne e se go tšhaba epe e nngwe mme go Iseraele wa bogologolo go bo mopesalema yo mongwe a ne a ka kwala mafoko a ga Pesalema 95:6, 7: “A re khubameñ ha pele ga Yehofa, Mmopi oa rona: Gonne ke èna Modimo oa rona, me rona re batho ba bohulō yoa ōna, le dinku tsa seatla sa ōna.” Lemororo kgosi ya one e ka tswa e ne ya tshwantshiwa le modisa, tšhaba ya Iseraela e ka tshwantshiwa le letsomane le le neng le na le Modisa yo mogolo thata, Jehofa Modimo. Ke Modisa yo o molemo thata yo o tshwanetsweng go ediwa ke banna bao ba direlang jaaka badisa ba tshwantshetso mo phuthegong ya batho ba ba ineetseng ba ga Jehofa.

3. Ke jang go lebisa Jehofa jaaka Modisa go neng go tshwanela le eleng malebana le Jesu?

3 Kgosi Dafide o ne a tshwantshetsa Jesu Keresete, mme fela e le gore wa moragonyana o ne a le mogolo go na le Dafide wa bogologolo, yo e neng e le rraagwe-mogolwagolwane wa segosi. Ka mo go tshwanelang he o ne a ka kgona go tsopola le go bua mafoko a ga Dafide: “Yehofa ke modisa oa me.” A moetapele wa gagwe, Johane Mokolobetsi, fa a ne a bua le bareetsi ba gagwe ba ba neng ba eme fa thoko ga tsela go Jesu Keresete yo a neng a atamela ga a ka a re: “Bōnañ, Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe”? (Yohane 1:29, 36) Fa a ne a bua kaga Jesu jaaka Kwana, ya lesaka ja dinku, Johane o ka tswa a ile a gakologelwa mafoko a ga Isaia 53:7: ‘O ne a tlisiwa fela jaaka kwanyana e ya tlhabong.’ Mme mo bukeng ya bofelo ya Bibela, go tswa go Tshenolō 5:6 go ya pele, Jesu yo o galaleditsweng go buiwa kaga gagwe jaaka Kwana ya tshwantshetso makgetlo a le 28.

4. Jesu o ne a tla a nna jang jaaka nku mo sakeng ja dinku mme saka jeo ja dinku e ne e le eng?

4 Ka botsalo jwa dikgakgamatso mo lefatsheng o ne a tsalelwa mo tšhabeng ya Iseraela, ka ngwaga wa 2 B.C.E. Ka gone o ne a tla tlaseng ga kgolagano ya Molao eo Jehofa, Modisa wa Iseraela, a neng a e dira le batho ba gagwe ba ba ikgethetsweng. Kgolagano eo ya Molao, ka Melao e e Shome ya yone, e ne ya tsereganngwa mo boemong jwa tšhaba ya Iseraele ke moperofeti Moshe. (Bagalatia 4:4, 5) Mme Jesu, jaaka leloko la batho bao ba ba ikgethetsweng, o ne a tsalwa jaaka nku ya tshwantshetso eo Jehofa a neng a le Modisa yo Mogolo-gadi wa yone. Ka gone Jesu ka boene o ne a le mo sakeng ja dinku tsa tshwantshetso, kamano e e rategang le Modisa wa Bomodimo jaaka bo sirelediwa ke kgolagano ya Molao wa ga Moshe ya seka-lobota.

5. Lebaka la go nna le pono e e farologaneng ya saka ja dinku ja ga Yohane 10:1 ke lefe?

5 A fano re kgetholola ‘saka ja dinku’ ja ga Yohane kgaolo 10, temana 1, le thulaganyo ya kgolagano ya Molao ya ga Moshe? Aitsane, ee! Tlhaloso ya pele ya saka ja dinku gore e ne e le kgolagano ya ga Aberahame e ne e theilwe mo ponong ya gore Yohane kgaolo 10 e ne e umaka ka tlhamalalo saka le le lengwe fela, mme fa e le gore go ne go ntse jalo, he kgolagano ya ga Aberahame e ne e tla bo e le yone tlhaloso e e tshwanetseng. Lefa go ntse jalo, tlhatlhobiso e e tswelelang pele ya kgaolo eno e bontsha gore Jesu tota o ne a bua ka saka ja dinku je le fetang le le lengwe. Ka gone, jaaka re tla bona, tlhaloso e nngwe e tla itshupa e tshwanela.

6. O ikutlwa jang kaga ditlhaloso tse di fetogileng tse di ntseng jalo mo kutlwisisong ya dintlna tsa Bibela?

6 Ditlhaloso tse disha tse di ntseng jalo di a tlhokafala nako le nako, ka go bo Diane 4:18 e re bolelela gore “me tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimèlañ pele hèla go ea motshegariñ o mogolo.” Ijoo wee, baganetsi ba boammaaruri ba batenegi ba “shènèla mènō” ditshenolelo tse di ntseng jalo tse di tswelelang pele, mme seno ga se re tshwenye. (Ditihō 7:54) Gona le moo, re leboga Jehofa gore “lesedi le yalecwe basiami; boipelō le yeōna bo yalecwe ba ba thōkgameñ mo peduñ.” (Pesalema 97:11) Re solofela gore o tla ipelela go itse gore tota setshwantsho sa ga Jesu kaga masaka a dinku se rayang go wena le ba bangwe botlhe ba Basupi ba ga Jehofa gompieno.

Saka ja Dinku ja Pele, Tlaseng ga Molao

7. Malebana le saka ja dinku ja Iseraele, Jesu o ne a tsaya jang boikarabelo jo bosha ka 29 C.E.?

7 Go tweng he, ka saka ja dinku jeo ja kgolagano ya Molao wa ga Moshe? Morago ga fa Jesu a sena go kolobediwa ke Johane Mokolobetsi, mme a sena go tlodiwa ka moya o o boitshepo wa ga Jehofa le go raelwa malatsi a 40 mo sekgweng sa Judea, Jesu Keresete o ne a tla jaaka Modisa wa semoya wa saka ja dinku ja Iseraele ka ngwaga wa 29 C.E. Jesu Keresete o ne a re o ne a romilwe ka tlhamalalo kwa “dinkuñ tse di timetseñ tsa ntlo ea Iseraela.” (Mathaio 10:6; 15:24) Go tlo go fitlheng kolobetsong ya gagwe e ne e le fela mongwe wa Baiseraele ba tlholego bao ba neng ba tshelela mo thulaganyong ya saka ja dinku ya kgolagano ya Molao wa ga Moshe. Mme jaanong, a sena go tlodiwa le go itshenkelwa ka moya wa ga Jehofa, Jesu Keresete o ne a ka tla mo sakeng ja dinku jeo mo boikarabelong jwa gagwe jo bosha jaaka “modisa eo o molemō.”—Yohane 10:11.

8. Molebedi wa kgoro wa tshwantshetso wa ga Yohane 10:3 e ne e le mang, mme jang jalo?

8 Johane Mokolobetsi e nnile ene wa ntlha go lemoga Jesu jaaka Modisa wa Boammaaruri yo o tlhomilweng ke Modisa yo Mogolo-gadi, Jehofa Modimo. Jesu o ne a sa tla go thukhutha saka ja dinku mme o ne a tla ka tiro e e tshwanetseng. Ka mo go tshwanelang o ne a ka itlisa jaaka Modisa wa semoya go saka ja dinku ja tšhaba ya Iseraele. Tumalanong le polelelo-pele ya ga Malaki 4:5 (bapisa Mathaio 11:12-14; Luke 1:13-17), Johane o ne a abetswe ke Modisa yo Mogolo-gadi go nna “molebedi oa kgōrō” wa tshwantshetso go saka ja dinku ja Iseraele. (Yohane 1:15, 17, 19-28; 10:3) Johane o ne a lemoga ditshwanelego tsa ga Jesu Keresete Jaaka Modisa yo mmotlana wa ga Jehofa Modimo mme o ne a ikemiseditse ka ponyo ya leitlho go mo amogela, go mo kgetholola jaaka Modisa wa Bomesia yo o neng a sale a boleleletswe pele yo o neng a tla bitsa dinku tsa gagwe ka maina mme a di gogela kwa mahulong.

9, 10. Jesu o ne a tshwanela jang tlhaloso ya gagwe ya modisa, mme badisa ba Iseraele ba ne ba dirisana jang le dinku tsa bone?

9 Jesu o ne a tshwanela tlhaloso ya gagwe ya Modisa wa Boammaaruri le yo o Molemo, jaaka e tlhalosiwa ka mantswe ano mo go Yohane 10:1-5: “Amarure, amarure, kea lo raea, Eo o sa tseneñ ka kgōrō mo sakeñ ya dinku, me a pagama ka go sele, ke èna legodu le senokwane. Me eo o tsènan ka kgōrō, ke modisa oa dinku. Me èna, molebedi oa kgōrō oa tla a mmulèle: me dinku di utlwe lencwe ya gagwè: me a bitse tse eleñ dinku tsa gagwè ka maina, a di gōgèle kwa ntlè. Me a re a sena go bolotsa tse e leñ tsa gagwè cotlhe, a di ètelèle pele, me dinku di mo sale moragō: gonne di itse lencwe ya gagwè. Me moeñ èna, ga di ketla di mo saka morago, me di tla mo tshaba: gonne ga di itse lencwe ya baeñ.”

10 Modisa mo Iseraeleng wa bogologolo o ne a tlwaelwa ke dinku tsa gagwe thata. O ne a na le pitso e e leng ya gagwe fela eo a e tlwaetseng eo ka yone a neng a tla bitsa dinku tsa gagwe di le mmogo go bona tlhokomelo ya gagwe ya botho. Gape-gape, o ne a raya nku nngwe le nngwe ya gagwe leina jeo eleng ja yone. Ka kutlo nku nngwe le nngwe e ne e tla arabela fa leina la yone le ne le bitswa. Dinku di ne di itse boitsholo le molotsana wa lentswe la modisa wa tsone mme ka jalo di ne di se ketla di arabela mantswe a baeng.

11. Re tshwanetse ra ikutlwa jang ka namana mabapl le boikarabelo jwa ga Jesu jaaka Modisa?

11 Se se dumalanang le seno, abo e le kgomotso go tlhomamisediwa gore Modisa wa rona wa semoya o itse mongwe le mongwe wa rona ka leina mme o ka neela mongwe le mongwe wa rona tlhokomelo ya botho le theetso! Ekete re ka se nne jaaka bontsi jwa bareetsi ba motlha wa ga Jesu bao ba neng ba seka ba tlhaloganya papiso ya gagwe e e utlwalang. Jaaka tlhagiso go rona, go kwadilwe jaana mo go Yohane 10:6: “Sechwanchō se Yesu a se bua nabō [bareetsi ba gagwe ba Bajuda]: mme ba seka ba tlhaloganya dilō tse o di buañ nabō, go re, ke dihe.”

12. “Baeñ” bao Jesu a neng a bua kaga bone e ne e le bomang, mme seo se ne se tshwanela jang?

12 Baiseraeie ba bangwe ba ba neng ba tla mme ba iphaka gore ke Bomesia ba ba solofeditsweng, kana Keresete, e ne e le bone bao Jesu a neng a ba bitsa baeng. Ba ne ba palelwa ke go supiwa jaaka Modisa wa Bomesia wa ga Jehofa ke “molebedi oa kgōrō” yo o tlhomiIweng wa gagwe, yo e neng e le Johane, ene yo o Jesu a neng a tla kwa go ene e le gore a tle a kolobediwe. Mo go seno, Jesu ga a ka a dira phoso. (Mathaio 3:1-7; Mareko 1:1-7; Luke 3:1-9) E ne e le ka boikalelelo jwa go sireletsa batho go bo Jesu a ne a bona jaanong go le molemo go ikgetholola jaaka Ene yo o Jehofa a neng a mo romela mo go bone jaaka Modisa wa semoya wa bonè le go baya mpaananeng badisa ba ba tsietso.

Saka je Lesha Tlaseng ga Modisa yo o Molemo

13. Modimo o ne wa dira phetogo efe malebana le saka ja gagwe ja dlnku?

13 Selo se se botlhokwa ka motho ke go tsena mo sakeng ja dinku je e leng lone, morago koo le gompieno. A seo ke go akantsha gore go ka nna le phetogo ya masaka a dinku ao a amogelwang ke Jehofa Modimo? Ee. Seo Jesu a neng a tswelela go se bua mo go Yohane kgaolo 10 mme e le seo mabaka a ditiragalo a se bontshang—ka bobedi ano a bontsha gore Modimo o ne o tla emisetsa saka ja dinku ja Iseraele tlaseng ga Molao ka saka je lesha. Elatlhoko seno jaaka re tswelela le mantswe a ga Jesu.

14, 15. Ke ka ntlha yang fa go bonala gore mo go Yohane 10:7-10 Jesu o ne a lebisitse go saka ja dinku je lengwe je lesha?

14 “Hoñ Yesu a ba a ba raea gapè, a re,” mo go Yohane 10:7-10, “Amarure, amarure, kea lo raea, Ke nna kgōrō ea dinku. Botlhe ba ba tsileñ ba nkèma pele ke magodu le dinokwane: me dinku ga dia ka tsa ba utlwa. Ke nna kgōrō: ha motho leha e le mañ a tsèna ka nna, o tla bolokwa, me o tla tsèna a ba a cwa, me o tla bōna bohulō. Legodu ga le tle, ha e se gore le ucwè, le go bolaea, le go senya; nna ke tsile gore di bōnè botshelō, me di bo bōnè ka letlōtlō.”

15 Elatlhoko mo temaneng eno gore Jesu o bua ka ga gagwe jaaka kgoro ya saka ja dinku leo jaanong a le umakang, kgoro ya go tsena mo sakeng jeno ja dinku ja Modisa yo Mogolo-gadi, Jehofa Modimo. Jesu e ne e se kgoro ya tshwantshetso mo sakeng ja dinku ja Iseraele wa tlholego, ka go bo a ne a ile a tsalelwa mo go lone ka kgarebana ya Mojuda ebong Maria. Jesu e ne e se motsereganyi wa seka-kgoro wa kgolagano ya Molao eo ka yone tšhaba ya Iseraele e neng ya tlisiwa mo kamanong e e kgethegileng le Jehofa Modimo. Jehofa Modimo o ne a sale a boletse pele ga botsalo jwa selefatshe jwa ga Jesu go tšhaba ya Iseraele: “Ke itsile lona hèla lo le losi mo ditshikeñ cotlhe tsa lehatshe.” (Amose 3:2) E ne e le go tswa go saka ja dinku ja tshwantshetso ja Sejuda go bo Modisa yo mmotlana wa boammaaruri wa ga Jehofa Modimo a neng a tla biletsa dinku tsa ntlha tsa letsomane la gagwe le go di gogela mo bohulong jwa semoya jo bo kgethegileng. Ka jalo Jesu o tshwanetse a bo jaanong a ne a simolola go bua ka saka ja dinku je lesha leo ene, jaaka Modisa yo o Molemo, ka tlhaloganyo nngwe a neng a le kgoro ya lone.

16. (a) Ke bosupi bofe jo bo neng bo le gone go le pele jwa gore Jehofa o ne a tla nna le saka ja dinku je lesha? (b) Jesu o ne a bontsha jang gore saka ja dinku je lesha le ne le tloga le nna gone?

16 Bajuda bao ba neng ba gana go nna barutwa ba seka-dinku ba ne ba ikutlwa gore la bone e ne e le lone fela saka ja dinku jeo Jehofa Modimo a neng a le gopotse ebile e le gore le ne le tla tswelela pele le eleng mo isagweng e e kgakala. Ba ne ba seka ba tsaya-tsia “kgōlaganō e ncha” eo Jehofa Modimo a neng a solofetsa go e tlhoma go ya ka polelelo-pele ya ga Yeremia 31:31-34. Seno se ne se raya kamano e ntšha le Jehofa Modimo mme, ka jalo, saka ja dinku je lesha ja tshwantshetso. Jesu Keresete e ne e se kgoro ya dinku go tsena mo bohulong joo bo neng bo setse bo siilwe ke nako, bo sa tlhole bo kopanyelediwa mo loboteng Iwa tshireletso Iwa ga Jehofa. (Bahebera 8:7-13) Mo bosigong jwa go keteka Tlolaganyo ya gagwe ya bofelo le barutwa ba gagwe ba Bajuda, Jesu o ne a bua mafoko mangwe a a botlhokwa fa a ne a ba fepa ka beine ya Tlolaganyo. O ne a neela beine bokao jwa tshwantshetso, ka gore: “Senwèlō se, ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me, eboñ a a chololèlwañ lona.”—Luke 22:20; Mathaio 26:27-29.

17, 18. (a) Saka jeno ja dinku je lesha leo Jesu a neng a tla nna Modisa yo o Molemo wa lone e ne e le lefe? (b) O ne a ka tshwantshiwa gape jang le kgoro ya saka jeno je lesha?

17 Jesu Keresete o ne a tla nna kgoro go bohulo jwa dinku jo bo nnelang ruri, joo bo neng bo tla gaisetsa kgakala bohulo jwa dlnku jwa pele bakeng sa Baiseraele ba tlholego tlaseng ga kgolagano ya Molao wa ga Moshe. Fa Jesu a ne a tlogela barutwa mono mo lefatsheng mme a tlhatlogela legodimong morago ga malatsi a 40 a tsogo ya gagwe, o ne a tlhatloga a ntse a tshotse tshwanelo ya gagwe ya botshelo jwa botho jo bo itekanetseng, tshwanelo eo a neng a seka a e latofatsa ka boleo bope mo nameng. (Isaia 53:3-12; Ditihō 8:30-35) Ka jalo, o ne a tlhomeletse go direla jaaka Motsereganyi le go dirisa tshwanelo eno ya botshelo, eo e neng e tshwantshediwa ke madi a gagwe, ka go kanela kgolagano e ntšha ebile e le botoka mo boemong jwa barutwa ba gagwe ba ba mo lefatsheng. Seno o ne a se dira boaphelong jwa letsatsi la Pentekoste ya 33 C.E. fa moya o o boitshepo o ne wa tshololelwa godimo ga barutwa ba Bajuda ba ba kutlo bao ba neng ba letetse mo Jerusalema.

18 Barutwa bano ka gone ba ne ba tlisiwa mo kgolaganong e ntšha, le bohulo jo bosha jwa dinku bo ne jwa nna gone, joo jwa kamano le Jehofa Modimo mo motheong wa kgolagano e ntšha e e kanetsweng ka madi a ga Jesu Keresete. Dinku tsa tshwantshetso mo bohulong jono jo bosha di ne tsa itshenkelwa ka moya wa ga Jehofa mme tsa tlodiwa ka moya wa gagwe. Jesu Keresete e ne e le kgoro go bohulo jono ga mmogo le Modisa yo o Molemo yo o tlhomilweng ke Jehofa go okamela dinku moteng ga bohulo jono, kana saka.

19. Polelelo-pele ya ga Sekaria 13:7 e ne ya dlragadiwa ka tsela efe?

19 Mo dikarolong tsa malatsi a mararo ao Jesu a neng a tshwerwe ebile a ne a sule a le mo lebitleng, o ne a tshwanelwa ke go lebisa tlhokomelo ya barutwa ba gagwe ba seka-dinku gotlhelele go Modisa yo Mogolo-gadi, Jehofa Modimo. Go tswa foo ke gone he go neng ga diragadiwa mafoko a ga Jehofa mo go Sekaria 13:7, eleng: “Itaea modisa, me dinku di tla haladiwa; me seatla sa me se tla retologèla mo mgo tse dipōtlana.” Seatla sa Modisa wa Mothatayotlhe, Jehofa, se ne sa retololelwa godimo ga barutwa ba ba botlana bano, go fitlhelela ba ne ba neelwa Modisa yo mmotlana yo o neng a tsositswe, Jesu Keresete.—Mathaio 26:31, 32.

20. Ke jang Yohane 10:16 e gogelang tebelelong ya saka je lengwe gape leo le neng le tla nna gone, mme goreng seo se tshwanetse go re ama?

20 Mme fa o gakologetswe saka ja dinku je lesha jeno tlaseng ga Modisa yo o Molemo, elatlhoko seo Jesu a neng a se bua mo go Yohane 10:16: “Ke bile ke na le dinku di sele, tse e señ tsa saka ye; le cōna ke na le go di lere.” A seno ga se supe gore go ne go tla nna le saka je lengwe ja bobedi, leo a neng a tla direla jaaka Modisa yo o Molemo wa lone? Fa go ntse jalo, le ne le tla nna teng leng mme dinku tsa teng e ne e le dife? Dipotso tseno di mo nakong tota, mme dikarabelo tsa tsone di na le bokao jo bogolo mo tsholofelong ya gago le ditebelelo tsa botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo a re tlhatlhobeng kgang eno.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Jesu o ne a tsalelwa jang mo sakeng ja dinku, mme Modisa wa tsone e ne e le mang?

◻ Jesu o ne a tla ka boikarabelo bofe jo bosha ka 29 C.E.?

◻ Johane Mokolobetsi o ne a direla mo boemong bofe malebana le saka ja dinku ja Iseraele?

◻ Saka ja dinku je lesha leo Jesu e neng e le Modisa yo o Molemo e ne e le lefe?

◻ Ke eng seo se supang gore saka je lengwe ja dinku le ne le sa ntse le tla tla?

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Jaaka molebedi wa kgoro wa tshwantshetso, Johane Mokolobetsi o ne a amogela Modisa yo o Molemo, Jesu

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Jesu o ne a gogela dinku tsa gagwe mo sakeng ja dinku je lesha. E ne e e lefe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela