LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 8/1 ts. 3-6
  • A Re Baeti mo Lefatsheng—Go ya Legodimong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Re Baeti mo Lefatsheng—Go ya Legodimong?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Gotweng Kaga Isagwe ya Lefatshe?
  • Lefatshe Le Tshujwa?
  • A Lefatshe la Rona le Tla Tsamaya le Senngwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go na le Lebaka Lengwe Le Le Molemolemo la Go Bo Botshelo Bo le Gone
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • “Le mo Lefatsheng, Jaaka Kwa Legodimong”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Legodimo le Ntse Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 8/1 ts. 3-6

A Re Baeti mo Lefatsheng—Go ya Legodimong?

A POLANETE ya rona ke lefelo fela la go tsalelwa go lone, go tshela dingwaga di se kae tsa matshwenyego mme e re morago ga foo, fa re le molemo, re emelele re ye botshelong jo bo segofaditsweng mo legodimong—kana, fa re le bosula, bakeng sa botshelo jwa tlhokofatso mo molelong? Fa e le ka lefatshe ka bolone, a nako e tla tla ya gore le tshujwe e sale e le molora fela?

Baetapele ba bantsi ba bodumedi ba tla araba ka gore ee. A mme o dumalana le dipono tse di ntseng jalo? Mme he Bibela e reng ka ga lefatshe le boikaelelo jwa Modimo mo go bopeng batho mo godimo ga lone? Pesalema 115:16 e re: “Magodimo ke magodimo a ga Yehofa; me lehatshe o le neile bana ba batho.”

Fa re seegela kwa thoko dithuto tsotlhe tsa bodumedi tse di lolea mme re leba go pego ya Bibela re bolelelwa gore go tswa fela kwa tshimologong ya botshelo jwa motho mo lefatsheng Modimo o ne a dira batho ba ntlha ba babedi mo setshwanong le mo tshwanong ya Gagwe. (Genesise 1:26-28) Ga go na le fa e le kgopodisonyana e e kana ya gore boikaelelo jwa Modimo ka bone e ne e le gore bone le bana ba bone e ne e tla re kgabagare ba swe mme ba ye legodimong kana ba ye lefelong lengwe le sele. Jaaka ba ne ba diragatsa taelo ya bone e ba neng ba e neilwe ke Modimo ya gore “atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe,” kgolokwe e ne e tla re kgabagare e bo e tladitswe ka ditlogolwana tsa bone.

Lefelo le le kgethegileng, eleng tshingwana ya Edena, e ne ya rulaganngwa ke Modimo e le gore batho ba ntlha ba tle ba nne le legae je le itekanetseng. Pego e tlhalosa ka gore: “Me Yehofa Modimo a tsaea monna, a mmaea mo tshimoñ ea Edena, go e baakanya le go e lebèlèla.” (Genesise 2:8, 15) Eno e ne e tla katolosiwa jaaka fa go ne go tlhokafala, go fltlhelela lefatshe lotlhe kgabagare le nna Paradaise ka letlotlo la dijo le le sa feleng le dijo tse di phepa le ditsompelo tse dingwe.

Gore lefatshe e ne e se ketla e nna fela legae la bojaki kana boetelo go ya lefelong lengwe le le rileng go phepafadiwa ke mafoko a Modimo a a latelang go Adame: “Me Yehofa Modimo a laola monna, a re, U ka ya hèla setlhare señwe le señwe sa tshimo ka go rata: Me setlhare sa kicō ea molemō le boshula, shōna u se ka ua se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.”—Genesise 2:16, 17.

Fa a ne a raelwa ke Diabolo, Efa mme ya re morago ga foo Adame a tsuologela taolo eno mme ba ne ba amogela katlholo e e tshwanetseng ya Modimo, loso. Mme a ke o ipotse, ‘Go tweng fa e le gore ba ne ba seka ba tsuologa?’ Tlhaloso go bonala e le gore ba ne ba tla tswelela ba tshela—ba sa swe le ka motlha. Ee, Adame le Efa ba ne ba ko ba sa ntse ba tshela le gompieno, ka botsogo jo bo itekanetseng le boitumelo.

Gotweng Kaga Isagwe ya Lefatshe?

Albert Barnes, mo bukeng ya gagwe Notes on the New Testament, o sobokanya tumelo e e tlwaelegileng ya La-Bodumedi ka isagwe ya lefatshe. A lebisa go 2 Petere 3:10, moakgedi yono o ne a kwala ka gore:

“Lefatshe le lone, le ditiro tse di leng mo go lone, di tla tshujwa. Ke gore, boo ke ditiro tsa Modimo kana tsa motho—merogo yotlhe le popo yotlhe ya diphologolo, le dithaba tsotlhe le ditoropo tsotlhe le mafelo a segosi otlhe le ditiro tsa batlhalefi tsotlhe, tsa go taka, tiro ya bobetli, dibuka, tseo motho a di dirileng.”

Jaaka go tlhalositswe fano, tumelo ya La-Bodumedi go tswa bogologolong e sa le e ntse e le gore e tla re nako nngwe lefatshe le bo le sa tlhole e le bonno jwa motho kana la setshedi sepe fela se se tshelang. Naledi ya rona, mo ponong ya ba le bantsi, e tla bo e diragaditse boikaelelo jwa yone, ka go bo mo go bone lefatshe ke lefelo fela le le gogelang legodimong kana diheleng.

Lefa go ntse jalo, mo ntlheng eno o tla bo o dira sentle go akanyetsa se, A boikaelelo jwa Modimo kaga lefatshe le motho bo ile jwa fetoga fa Adame le Efa ba ne ba leofa? O tla fitlhela gore ga go ope yo o ka supang ntlha e le nngwe mo Bibeleng e e rialong. Se se fapaaneng, dingwaga tse dintsi morago ga batho ba ntlha ba babedi ba sena go leofa, moperofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa go kwala ka gore:

“Gonne go bua yana Yehofa eo o tlhodileñ magodimo; ke èna Modimo; o o bopileñ lehatshe oa le diha; o no oa le tlhōmamisa, o no o se ka oa le tlhōlèla lehèla, oa lo bopèla go uñwa.” Isaia o ne a nopola Jehofa a re: “Kgakololō ea me e tla èma, ke tla diha go kgatlhèga ga me gotlhe hèla.” (Isaia 45:18; 46:10) Mopesalema o ne a kwala gape kaga Ene: “Boikañō yoa gago bo hitlha mo tshikatshikeñ; u tlhōmamisitse lehatshe, me le nntse.”—Pesalema 119:90.

Ka gone o ka bona gore Bibela ka phepafalo e tlhalosa gore Modimo, mo go bopeng lefatshe, o ne a le dira karolo e e nnetseng ruri mo lobopong le gore boikaelelo jwa gagwe jo bo popota mo go le bopeng e ne e le gore le nniwe ke batho. Boikaelelo joo ga bo a fetoga. Modimo o tla tlhomamisa gore boikaelelo jwa gagwe bo tle bo diragadiwe ka botlalo.

A mme Bibela ga e bontshe gore batho bangwe ba tla ya legodimong? Ee, Bibela e ruta gore palo e e lekanyeditsweng e tla ya legodimong ka lebaka le le kgethegileng. Modimo ga a tlhoke batho kwa legodimong; lefa e le gone gore o tshwanetse a ba tseela kwa legodimong e le gore a tle a ba neele boitumelo jo bo sa feleng. Go sa nneng jalo, ke ka ntlha yang fa kwa tshimologong a ne a sa ba bope kwa legodimong, ba gololesega mo pogong yotlhe le khuduego tseo ba ileng ba di ralala fa ba ne ba le mo lefatsheng?

Lefa go le jalo, fa Adame le Efa ba ne ba ikgethela go tsuologela Modimo, ka go diragatsa kgono ya bone ya boikgethelo eo a ileng a bae neela jaaka dibopiwa tse di botlhale, Modimo o ne a dira ka bofefo go tlhomamisa gore boikaelelo jwa gagwe kaga lefatshe le motho mo godimo ga lone bo tla tsweledisiwa. Diteng tsotlhe di ne tsa seka tsa senolelwa batho go fitlhelela makgolokgolo a dingwaga morago. Lefa go le jalo go bonala go tswa mo go tlhaloseng seo Bibela e se bitsang “bosaitsiweñ yo bo [boitshepo]” gore go tswa fela foo Modimo o ne wa senola boikaelelo jwa gagwe jo bo gakgamatsang bakeng sa kgololo ya setho. Seno e ne e le “pele ga mothèō oa lehatshe,” ke gore, pele Adame le Efa ba ka tsala bana bao ba neng ba ka gololwa, jaaka morwa wa bone yo o ikanyegang Abele.—Baroma 16:25; Baefesia 1:4.

Tshedimosetso e nyennyane fela ya boikaelelo jono e ne ya neelwa fa tsholofelo ya “losika” leo le neng le tla tsalwa ke “mosadi” yo o rileng e ne e dirwa le gore “losika” lono lo ne lo tla tapeta tlhogo ya “noga,” lo tlisa kgololo go mathata ao a tlisitsweng ke botsuolodi. (Genesise 3:14, 15) Jaaka go phuthuloga ga sethunya se sentle, boikitsiso jo bo oketsegileng kaga “losika” bo ne jwa senoIwa ka iketlo ka iketlo mo e leng gore, morago ga go tla ga ga Jesu, bokao jwa “bosaitsiweñ yo bo [boitshepo]” bo ne jwa senoga. Ee, Modimo o ne wa itsise gore “losika” lono lo ne lo tla dirwa ka Morwawe yo o tsetsweng a le esi le dilekane tse 144 000 tseo di neng di tla “rekwa mo bathuñ.” Ba le mmogo le Keresete ba tla bopa Bogosi, kana puso e ntšha, godimo ga lefatshe.—Tshenolō 14:3, 4; Bagalatia 3:16, 26-29.

Modimo o ne wa se ka wa bitsa ka maina, kana wa itsetse pele, batho bao ba neng ba tla tsewa go tswa mo lefatsheng go ya magodiong go dira puso eno, mme o ne a itsetse pele gore setlhopha se se ntseng jalo se ne se tla nna teng go ya kafa thatong ya gagwe ya bomodimo. Ke bomang bao ba neng ba tla tlhophelwa go bo bopa, Modimo o ne o tla tlhomamisa moragonyana, morago ga fa Morwawe a se na go tla mo lefatsheng mme a bula tsela ya botshelo jwa selegodimo.

Morago ga “bosaitsiweñ yo bo [boitshepo]” jono bo sena go senolwa ka botlalo, moaposetoloi Paulo, jaaka mongwe wa bao ba neng ba kgethelwa go ya legodimong, o ne a ka kwala kaga jone go ba bangwe bao ba neng ba na le tsholofelo e e tshwanang. Malebana le bopelonomi jo bo sa tshwanelang joo ka gone bo neng jwa bontshiwa ke Modimo, Paulo o ne a re:

“E o e re totiseditseñ ka botlhale yotlhe le matsètsèlèkō, Ka o re itsisitse bosaitsiweñ yoa go rata ga ōna, kaha go kgatlhegeñ ga ōna, mo o go ikaeletseñ [tsamaiso], Yoa go hitlhisa sebaka sa botlalō yoa metlha mo go èna, go tla o shōpanyetsa dilō cotlhe mo go Keresete, eboñ dilō tse di kwa magodimoñ, le dilō tse di mo lehatshiñ; ka re, mo go èna, Eo le rona re bileñ ra dihwa boshwa mo go èna, ka re go laolecwe [eseng batho ba ba rileng mme setlhopha sa palo e e lekanyeditsweng] galè kaha boikaeleloñ yoa ōna o o dihañ dilō cotlhe kaha kgakololoñ ea go rata ga ōna.”—Baefesia 1:8-11; Tshenolō 14:1-4.

Lefatshe Le Tshujwa?

Mme go tweng ka mafoko a ga Petere a gore “magodimo a gompiyeno a beecwe molelō, le lehatshe”? (2 Petere 3:7) Ga go bonale fa Petere a ka bo a lebisitse go magodimo le lefatshe tsa sebele tse Bibela e reng di tla nnela ruri. (Moreri 1:4) Ga go na lebaka lepe la gore Modimo a fedise magodimo koo a nnang gone, lefa e le yone mebele yotlhe e e bonalang ya selegodimo. Mme kgolokwe ya lefatshe ka boyone ga e ya dira molato ope mo e ka senngwang, go sa kgathalege seo batho ba ileng ba se dira mo go kgotleleng le go leswefatseng bogodimo jwa lone. Jehofa ka boene o re bolelela gore lefatshe le ne lwa bopiwa ka tsela e e leng ya mofuta wa lone fela le bontle mo barwa ba gagwe ba selegodlmo ba neng “botlhe ba thèla loshalaba loa boitumèlō.”—Yobe 38:4-7.

Boikaelelo jotlhe jwa Modlmo mo go phutheng palo e e rileng go nna kwa magodimong ke go tlisa go rata ga gagwe mo lefatsheng, ee, go diragatsa thapelo e e saleng e builwe bogologolo, “Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:10) Gape gape, Jesu, fa a ne a lebisa go Pesalema 37:10, 11, o ne a akareletsa mantswe ano mo Therong ya gagwe e e tlwaelegileng ya mo Thabeng: “Go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.” (Mathaio 5:5) O ka bona he ka tlhamalalo go tswa mafokong ano gore Jesu ga a ka a ikutlwa gore lefatshe e ne e le lefelo la boetelo fela. Lemororo “lecomanyane” le le lekanyeditsweng le tla rua puso godimo ga lefatshe bakeng sa nako e e tlhalositsweng, tsholofetso ya ga Jesu gape e atolosetsa go akareletsa dibilione tsotlhe tsa setho tseo di tla ruang lefatshe. (Luke 12:32; Tshenolō 7:9, 10) Seo ga e ketla e nna fela bakeng sa nako e khutshwanyane ya mahutsana, jaaka re itse gompieno, mme bakeng sa boitumelo ka bosaengkae!

Fa Petere a lebisa go “magodimo” ao a tla tshujwang, o bua kaga “magodimo” a tshwantshetso. Ano ke mebuso eo e okameng batho bao ba dirang “lehatshe.” Jaaka McClintock le Strong’s Cyclopedia e tlhalosa:

“E ka tswa e le kae fela koo pono ya ponatshegelo ya boporofeti e tlhalosiwang, legodlmo le supela . . . tshobokanyo yotlhe ya maatla a a busang, ao, malebana le babusiwa ba lefatshe, e leng legodimo la bopolotiki, le okame le go busa babusiwa, jaaka legodimo la tlholego le okame le go busa lefatshe.”—Vol. IV, tsebe 122.

Babusi ba bogoromente bao ba bopiIweng ka batho ba ba sa itekanelang mme ebile gantsi e le ba ba gatelelang ba ile ba palelwa tota, mme ba tla nyeroloIwa ka “letsatsi ya ga [Yehofa],” jaaka Petere a ne a bontsha. Ba tla emisetswa ka “magodimo a masha” ao a dirilweng ka Jesu Keresete le palo e e lekanyeditsweng ya bao ba yang legodimong go bopa puso ya Bogosi. Ke ka gone Petere a neng a ka kwala ka gore: “Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.”—2 Petere 3:12, 13.

Kaga bao ba bopang “magodimo a masha,” puso eno e ntšha ya selegodimo bakeng sa lefatshe, Bibela e re: “Go segō, go bile go boitshèpō èna eo o nañ le kabèlō mo cogoñ ea ntlha: bauō, losho loa bobedi ga lo na thata mo go bōnè; me ba tla nna baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.”—Tshenolō 20:6.

Go busa bomang? Go tshwanetse ya bo e le babusiwa mo lefatsheng—go sa nneng jalo temana eno e ne e se ketla e raya sepe. “Lehatshe” je legologolo le tla bo le tlile bokhutlong jwa lone, jaaka ekete ka molelo, fa batho ba ba boikepo le makgotla a bone ba tla bo ba fedisiwa, go tlogelwa fela mokgatlho wa selefatshe o ‘mosha.’ Fa bokebekwa, boganana le botsuolodi e tla bo e le dilo tsa nako e e fetileng, e bile gape botsogo jo bo itekanetseng le letlotlo la boitumelo e le leruo la motho mongwe le mongwe yo o tshelang, eleruri seno e tla nna mokgatlho wa batho o ‘mosha,’ “lehatshe ya lesha”!

Re ka tlhomamisega jang gore tota tota ditsholofetso tseno tsa Modimo di tla diragadiwa? Ereka jaana di sa le di diriIwe bogologolo, Modimo o ntse a dirang go tlhomamisetsa gore ditsholofetso tseo kgabagare di tla nna tsa mmatota? Bakeng sa dikarabelo tsa dipotso tseno, re go laletsa gore o bale ditlhogo tse pedi tse di simololang mo tsebeng ya 7.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]

Keresete o tla busa jaaka Kgosi godimo ga dimilione tsa babusiwa bo batho bao ba ipelelang Paradaise ya selefatshe e e tsosolositsweng

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Modimo o ne wa baya Adame le Efa kae mme wa ikaelela gore ba tshele kae?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela