LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 8/1 ts. 12-17
  • Bohulo jwa Bosheng jwa “Dinku di Sele”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bohulo jwa Bosheng jwa “Dinku di Sele”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Modisa eo o Molemō” le “Dinku di Sele” tsa gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Modisa yo o Molemo le Masaka a Dinku
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • KAROLO E E BONALANG YA PHUTHEGO YA MODIMO
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Baobamedi ba Boammaaruri—Ba Tswa Kae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 8/1 ts. 12-17

Bohulo jwa Bosheng jwa “Dinku di Sele”

“Ke bile ke na le dinku di sele, tse e señ tsa saka ye; le cōna ke na le go di lere, me di tla utlwa lencwe ya me; me di tla nna lecomane le le leñwe hèla, le modisa a le moñwe hèla.”—YOHANE 10:16.

1. Ke koketso efe malebana le saka ja dinku ja Iseraele wa semoya e e neng ya diragala ka 36 C.E.?

KA TSHIMOLODISO ya saka ja dinku je lesha ja Iseraele wa semoya mo letsatsing ja Pentekoste ka 33 C.E., lesaka ja dinku ja pele bakeng sa Bajuda ba tlholego tlaseng ga kgolagano ya Molao wa ga Moshe le ne la feta jaaka leo le neng la diragatsa boikaelelo jwa lone. Dingwaga tse tharo le sephatlo moragonyana go ne ga tla tshokologo, kolobetso le go tlodiwa ka moya ga mosimegi wa sesole sa Roma Korenelio le lelapa la gagwe le le dumelang le ditsala kwa Kaesarea. Ka gone bao e neng e se basokologela Sejudeng, Baditšhaba ba ba sa rupang ba ne ba tlisiwa mo sakeng ja dinku leo Jesu Keresete e neng e le “kgōrō” ya lone. (Ditihō, kgaolo 10) Saka jeno le kopanyeletsa “Iseraele oa Modimo,” Baiseraele kafa moyeng, kana Baiseraele ba semoya. A e ka tswa e le gore bape ba bano—Mojuda kana Moditšhaba—ga se ba “saka ye”—saka jeo le phuthilweng go ya ka thulaganyo ya kgolagano e ntšha? Gotlhelele nnyaa!—Bagalatia 6:16; Yohane 10:16.

2. Jesu o sa ntse a direla jang jaaka Modisa yo o Molemo wa bao ba leng mo kgolaganong e ntšha?

2 Nako kgolo ke eno go sa ntse go na le masalela a Iseraele wa Modimo a a sa ntseng a le mo lefatsheng, lebaka leno le supa gore Jesu Keresete, Motsereganyi wa kgolagano e ntšha, o ile a nna Modisa yo o Molemo le Boikanngo. Ka jalo le eleng gompieno, morago ga go feta ga makgolo a dingwaga a a 19, Jesu Keresete yo o galaleditsweng ka tshwanelo o ka bolela, kwa ntle go boipelafatso jwa lefela, seo a neng a se bua pele ga loso le tsogo tsa gagwe, koo re balang ka gore mo go Yohane 10:14, 15: “Ke nna modisa eo o molemō; me tse e leñ tsa me kea di itse, le tse e leñ tsa me dia nkitse, Hèla yaka Rara [Modisa yo o Mogolo-gadi] a nkitse, le nna ke itse Rara: me ke beèla dinku botshelō yoa me.”

3, 4. Ke ka ntlha yang “dinku di sele” di tshwanetse go farologanngwa le “lecomanyane”?

3 Mo ntlheng eno Jesu o ne a tswelela go bua polelo e e gakgamatsang mme e le ya bobelonamagadi: “Ke bile ke na le dlnku di sele, tse e señ tsa saka ye [kana, “bohulo,” New International Version; Today’s English Version]; le cōna ke na le go di lere, me di tla utlwa lencwe ya me; me di tla nna lecomane le le leñwe hèla, le modisa a le moñwe hèla.” (Yohane 10:16) O ne a lebisitse go bomang jaaka “dinku di sele”?

4 Ereka “dinku di sele” tseo e ne e se tsa “saka ye,” di ne di sa tshwanela go akarediwa gareng ga Iseraele wa Modimo, maloko ao a a neng a na le go rua boswa jwa semoya kana jwa selegodimo. Segolo bogolo, Baiseraele bano ba ne ba tla bopa “lecomanyane” ka go bo Jesu a ne a re ka barutwa ba gagwe bao ba neng ba solofetse go tshololelwa moya o o boitshepo ka Pentekoste: “Lecomanyane, se boiheñ; gonne Rra eno o natehèlwa ke go lo naea bogosi.” (Luke 12:32) Letsomanyane ja dinku tseo he di tla neelwang Bogosi jwa selegodimo le tseo dl tla busang le Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete, mo Bogosing joo batla fitlha palong ya 144 000 fela ya Baiseraele ba semoya.—Tshenolō 7:1-8; 14:1-5.

5. O ka dirisa Tshenolō 14:4 jang go bontsha gore dlnku di sele ka tlhamalalo di na le tsholofelo e e farologaneng le eo ya letsomanyane?

5 Tshenolō 14:4 e re: “Bauō ba cwa go rèkwa mo bathuñ, gore ba nnè mabucwèla pele a Modimo le a Kwana.” Baiseraele ba semoya bao ba ba 144 000 ba ka nna jang mabutswapele a tshwantshetso go tswa gareng ga setho fa e le gore go ne go se ketla go nna le maungo a mangwe a morago? Go phepafetse sentle he gore, kwa ntle ga Baiseraele ba semoya ba ba 144 000 bao ba bopang letsomanyane Iwa dinku tsa segosi mo sakeng ja dinku ja kgolagano e ntšha, go tshwanetse ga nna le dinku tse dingwe tseo di tshwanetseng go phuthwa morago. Mme go ile ga nna fela jalo tota, a ga go jalo?

6, 7. Tshenolō 22:17 e diragadiwa jang, mme ke bafe bao ba sa lalelediweng go “Tla”?

6 Mo go Tshenolō 22:17 go ne ga bolelelwa pele ka gore “Mōea le monyadwi ba re, Tla. Le eo o utlwañ, a a kè a re, Tla. Le eo o nyorilweñ a a tlè: eo o ratañ, a a tseè metse a botshelō, a a tseè hèla a sena thèkō.” Monyadwi wa semoya wa ga Keresete ga se gore o lebitsitse taletso ya “Tla” go ene, ke gore, go bao Jehofa Modimo a sa ntseng a tla ba dira karolo ya setlhopha sa monyadwi e le gore ba tle ba dire ba ba 144 000 go felela. E ile ya nna ka nako ya “bofelo jwa tsamaiso ya dilo” eno e e neng ya simolola ka 1914 re ileng ra utlwa taletso eo e atolosiwa ke “monyadwi,” tumalanong le moya o o boitshepo wa Modisa yo Mogolo-gadi.—Mathaio 24:3, NW.

7 Mafoko ao a taletso a atolosediwa go batho mono mo lefatsheng, bao ba batlang go fitlhelela boitekanelo jwa botshelo jwa setho mo setshwanong le mo tshwanong ya Modimo mo Paradaiseng eo Bogosi jwa Modimo ka Keresete bo tla e tsosolosetsang mo lefatsheng. Gompieno, ka nako ya bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo, balalediwa bano ke “dinku di sele” tsa polelelo-pele ya lobaka lo loleele ya ga Jesu mo go Yohane 10:16. Ga se ba “saka ye” leo Modisa yo o Molemo Jesu Keresete a neng a le umaka. Ba amogela taletso ka masalela a “dinku” ao a leng a “saka ye,” mme ba ile ba kopanela le masalela a semoya mo go atolosetseng taletso eno go ba bangwe go fitlha bofelelong jwa tsamaiso eno ya dilo.

8. Ke pono efe e e neng ya tsewa malebana le dinku di sele ka 1905?

8 Mo tokololong ya March 15, 1905, ya Zion’s Watch Tower, go ne ga gatisiwa setlhogo se se reng “Modisa wa Boammaaruri, Dinku tsa Boammaaruri, Saka ja Boammaaruri.” Se ne sa dira pharologano magareng ga dinku tsa “saka ye” le tseo di bidiwang dinku di sele. Se ne sa otlelela gore “saka ye” le dirisana le phuthego ya Bakeresete bao ba tsewang ka nako ya seo se bidiwang “motlha wa Efangele eno.” Mo ditlhogwaneng tse di reng “Dinku di Sele tsa Saka je Lengwe” le “Baruaboswa-Mmogo ba Tsholofetso e e Tshwanang” (ditsebe 89, 90) e ne ya tlhalosa ka gore:

“Letsomane leo Morena a neng a le phuthela kwa go ene ka nako ya setshwantsho seno e ne e se Iseraele wa tlholego, mme eleng Iseraele wa semoya . . . Ka jalo pono ya gore bangwe ba ile ba tsaya gore bao re leng Baditšhaba kana ‘dinku di sele’ bao ba umakiwang ba setse jaanong ba tlisiwa mo sakeng le le lengwe ga go boammaaruri. . . . Go bonala gore ‘dlnku di sele’ tseno tse di umakiwang mo setshwantshong seno ke bao ba tla nnang dinku tsa Morena morago ga ‘lecomanyane’ le sena go wediwa.”

9, 10. (a) Ke ka ntlha yang fa setshwantsho sa dinku le dipodi se ka se dire ka nako ya Dingwaga tse di Sekete? (b) Dinku di sele di ne di tla phuthwa leng?

9 Mo serapeng sa morago ga setlhogo seo “dinku di sele” di ne tsa tshwantshiwa le “dinku” tse di tlhalosiwang mo setshwantshong sa ga Jesu sa dinku le dipodi, jaaka se tlhalosiwa mo go Mathaio 25:31-46. Ka ngwaga wa 1905 go ne ga akanngwa gore setshwantsho seo se dira ka nako ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete morago ga ‘ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe’ kwa lefelong la botlhabanelo la Hara-Magedona. (Tshenolō 16:14-16) Lefa go ntse jalo, re tshwanetse ra gakologelwa gore setshwantsho sa dinku le dipodi e ne e le karolo ya bofelo ya karabelo ya ga Jesu go potso ya barutwa ba gagwe gore sesupo e ne e tla nna eng sa go “nna gone ga [gagwe] le sa bofelo jwa tsamaiso ya dilo.” (Mathaio 24:3, NW) Ka jalo tiragatso ya setshwantsho seno e tshwanetswe ya itemogelwa ka nako ya bofelo jwa tsamaiso ya dilo e e neng ya simolola ka 1914.

10 Ka gone he go lemogiwa gore Modlsa yo o Molemo Jesu Keresete ga a ka a tswelela ka go tlisa “dinku di sele” tsa ga Yohane 10:16 mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa Basamaria ba ba rupisitsweng ba ne ba simolola go sokololelwa mo Bokereseteng. Lefa e le gore o ne a dira jalo fa mosimegi wa masole a Roma, Korenelio wa Moditšhaba yo o sa rupang a ne a sokololwa ka 36 C.E. Mme he, ke leng Modisa yo o Molemo a neng a itlhomelela go tlisa dinku di sele tsa gagwe? Makgolo a dingwaga moragonyana, ee, mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20, go ya ka mabaka a kgang.—Ditihō 8:4-17; 10:9-48.

11. Baiseraele ba semoya ba ne ba kgonosetse mo go eng go fltlhelela ka 1935?

11 Re lemoga gore go fitlhelela dikgakologo tsa ngwaga wa 1935 masalela a Baiseraele ba semoya bao ba neng ba le moteng ga “saka ye” ba ne ba tshwaregile ka go phuthela mo sakeng jeo kana bohulong joo ba bofelo ba ba neng ba tlhoka go tlatsa boloko jwa Baiseraele ba semoya ba ba 144 000. Bano ba ne ba tla nna ba bofelo go tlisiwa mo kgolaganong e ntšha jaaka e tsereganngwa ke Modisa yo o Molemo, yo o neng a swa jaaka Kwana a Modimo go baakanyetsa “ka madi a kgōlaganō e e sa khutleñ.” (Bahebera 13:20; Pesalema 50:5) Mme he go ne ga diragalang ka 1935?

12. Ke selo sefe se se sa tlwaelegang se se neng sa tlhaga malebana le kopano ka 1935?

12 Kopano ya kakaretso ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya tshwarwa kwa motsemogolo wa United States of Amerlca, mo Washington, D.C., eo go yone Diithuti tsa Bibela tseo di boifang Modimo tseo di neng di tshwana le Jonadabe yo e neng e se Moiseraele di neng tsa lalediwa segolo bogolo go nna teng. Mo letsatsing la bobedi la kopano May 31, mookamedi wa nako eo wa Watch Tower Bible and Tract Society o ne a kgatlha batla-kopanong ka polelo ya gagwe mo go Tshenolō 7:9-17, malebana le “bontsi jo bogolo.” (Tshenolō 7:9, Authorized Version) O ne a tlhalosa gore “bontsi jo bogolo” jono bo ne bo dirilwe ka “dinku di sele,” tseo di neng di tshwantshediwa ke Jonadabe, kana Jehonadabe, monna yo eseng Moiseraele yo o neng a patile Jehu kgosi ya Iseraele, mo go bontsheng tlhagafalo bakeng sa ga Jehofa a le kgatlhanong le baobamedi ba modimo wa maaka Baale. (2 Dikgosi 10:15-28; Yeremia 35:6-19) Ka gone Jehu o ne a supa go “sa itshokele phigisano epe malebana le Jehofa,” kana go ya ka Bibela e e Boitshèpō, “tlhōahalō ea me ka ga Yehofa.”—2 Dikgosl 10:16.

13, 14. (a) Ke bafe ba ba neng ba nna bo-Jonadabe ba motlha wa segompieno? (b) Ke eng seo ba neng ba tshwanela gore ba se dlre. mme ka ntlha yang?

13 Makgolo a bao ba neng ba batla go nna jaaka Jonadabe ebile ba le gareng ga “dinku di sele” tsa Modisa yo o Molemo ba ne ba arabela taletso e e phatlaladitsweng eo le go nna gone kwa kopanong ya Washington. Go nna setshwani sa bo-Jonadabe ba motlha wa segompieno go ne go tlhokafala kafa Dikwalong go dira boineelo jo bo feletseng ka Modisa yo o Molemo wa gagwe le go bontsha boineelo jono ka go nwediwa gotlhelele mo metsing, jaaka dinku tse eleng tsa “saka ye” di ne tsa dira. Ka jalo e ne ya nna gone, ka Matlhatso, June 1, 1935, batla-kopanong ba le 840 ba neng ba kolobediwa mo metsing, ba supa kolobetso e kgolo thata e e neng ya diragala mo letsatsing la Pentekoste ya 33 C.E. kwa Jerusalema. Abo e ne e le tsela e e kgatlhisang ya go rulaganya eo ka yone Modisa yo o Molemo a neng a supa gore jaanong o ne a itlhomeletse go tlisa tlaseng ga tlhokomelo ya bohulo jwa gagwe dlnku di sele tseo di neng tsa reetsa lentswe la gagwe jaaka tseo di ratang Modisa wa tsone! Abo seno e tshwanetse ya bo e ile ya nna boipelo go ene jang ne! Morago ga kopano ya Washington ka 1935, karolo ya polelo mo go tlhaloseng Tshenolō 7:9-17 e ne ya gatisiwa mo ditsebeng tsa makasine wa Tora ya Tebelo mo ditokololong tsa yone tsa August 1 le 15, 1935, tlaseng ga setlhogo se se reng “Bontsi jo Bogolo” (Dikarolo 1 le 2).

14 Dikete-kete godimo ga dikete tsa babadi ka nako eo ba ne ba bona tshiamelo ya bone eleruri go nna dinku di sele tsa Modisa yo o Molemo le go abelwa saka je le tshwanetseng kana bohulo. Ka ntlha ya sone seo ba ne ba kolobediwa mo sebakeng sa ntlha-ntlha fela mo tshupong ya boineelo jwa bone jo bo botlhale jo ba neng ba bo dira go Modisa yo Mogolo-gadi ka Modisa yo mmotlana wa gagwe Jesu Keresete. Ereka ba lemoga gore Modisa yo mmotlana wa ga Jehofa o ne a neela botshelo jwa gagwe jwa botho mo boemong jwa dinku tsotlhe, le bone, tota, “ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè” tsa go kgethololwa mo “madiñ” a ga “Kwana” eno ya Modimo le go di ‘sweufatsa’ gore ba tle ba kgone go falola tlhatlhojo ya bomodimo.—Tshenolō 7:14.

15. Dinku di sele di ile tsa nna bogolo jo bo kana kang, mme seno se neela bosupi jwa eng?

15 Bofelo jwa tsamaiso ya dilo jo bo neng jwa simolola ka bofelo jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914 bo ne jwa seka jwa fela ka 1935 ka ntlha ya go retololela tlhokomelo e e nayang botshelo ya Modisa yo o Molemo go dinku di sele. Mme e ile ya tswelela fela go fitlhelela ngwageng eno ya 1984, ereka go sa ntse go tla fitlheleIwa bokhutlo morago ga go rerwa ga bofelo-felo ka Bogosi go sena go fitlhelelwa. Bao ba setseng ba itshupa ba le mo sakeng ja dinku di sele kwa diketekong tsa Sejo sa Maitseboa sa Morena ba setse ba fitlha dimilioneng, ka dipalo palo tse dintsi-ntsi tsa ba bangwe ba sa ntse ba le mo tseleng ya go tla mo sakeng jeo. Ba setse jaana ba feta kgakala-kgakala bao ba ileng ba bidiwa ba palo ya ba ba 144 000, e le palo eo e ileng ya lekanyediwa ya bao ba beelwang tekanyetso bao ba neng ba tlisiwa mo ‘sakeng je,’ leo le boloketsweng Baiseraele ba semoya, barua-boswa mmogo le Modisa yo o Molemo mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. Lebaka leno le neela bosupi jo bongwe gape gore ga se ba “saka ye” ja “lecomanyane” ja Modisa yo o Molemo.—Luke 12:32.

16, 17. (a) Kamano ke e e ntseng jang magareng ga dinku di sele le letsomanyane? (b) Mafoko a ga Jesu kaga go nna “lecomane le le leñwe hèla” a ile a bona tiragatso efe?

16 A ditsholofelo tse di farologaneng—tsholofelo ya selegodimo ya dinku tsa “saka ye” le tsholofelo ya selefatshe bakeng sa dinku di sele tseo di sa tswang go baakanyetsa ka saka je lengwe—e ne ya ba tlhotlheletsa mo goreng ba kgaogane jaaka ekete ga ba ntshanye seinong ka sepe? Ditiragalo tsa fa e sale ngwaga wa 1935 di araba ka gore, Gotlhelele Nnyaa! Jesu, Modisa yo o Molemo, o ne a bolelela pele gore go ne go se ketla go nna jalo, ka go bo a ne a tswelela ka gore: “Me di tla nna lecomane le le leñwe hèla.” (Yohane 10:16) Re elatlhoko gore ga a ka a re, “Letsomane le le lengwe fela mo sakeng le le lengwe fela.” Mme lemororo go ka tswa go na le masaka a a farologaneng, go ne go tla nna le “Modisa a le moñwe hèla” hela, mme yono o itshupa e le Kgosi ya Modisa yo o saleng a busa kwa magodimong fa e sale bofelo jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. Se se tshwanelang lebaka leno, “dinku” di na le tiro e le nngwe go e diragatsa eo di e ntshetsanyang seinong, ‘go rerwa ga mafoko ano a a molemo a Bogosi mo lefatsheng lotlhe go nna tshupo mo merafeng yotlhe,’ pele bofelo jwa tsamaiso eno ya lefatshe le legologolo bo tla.—Mathaio 24:14.

17 Ga go le ka tsela epe eo ka yone dinku di sele di ikutlwang gore di arogantswe le letsomanyane. Fa di le mmogo, di dlra letsomane le le lengwefela la dinku tsa Modisa yo o Molemo. Dinku di sele di ipelela botsalano jo bo atamalaneng jwa bone le letsomanyane, di go tsaya e le tshiamelo e kgolo go direla ka lobakanyana lo lo rileng le dikgosi le baperesiti ba mo isagweng, ereka jaana di tla nna babusiwa ba bone ka nako ya Bogosi jwa Dingwaga tse di Sekete.

18. (a) Isagwe e tsholetse kgolagano e ntšha eng le dinku tse di tloditsweng tsa “saka ye”? (b) Dinku di sele di na le tebelelo efe?

18 Fa ka nako e e leng ya Modimo, masalela a Baiseraele ba semoya ba fetsa tsela ya bone ya selefatshe mme ba fetela ponong ya go tsena mo tefeng ya bone ya selegodimo, kgolagano e ntšha e e neng e theilwe mo mading a Motsereganyi, Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete, e tla khutlela go tlhola e dira, ereka jaana e tla bo e diragaditse ka katlego boikaelelo jwa yone. Malebana le seno go ketekwa ga Sejo sa Maitseboa sa Morena mo Letsatsing ja Tlolaganyo ga ngwaga le ngwaga go tla khutla. Go tswa foo he gape, “saka ye” ja letsomane ja Baiseraele ba semoya le tla khutla go tlhola le nna teng. Dinku di sele tse di ineetseng, tse di kolobeditsweng di tla sala mo lefatsheng go tsena mo masegong ao Bogosi joo, jo bo bopilweng ka Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete, le baperesiti le dikgosi ka ene tse di 144 000, ba tla a tshololelang mo go bone. Letsomane leo le tla tlogelwang mo lefatsheng leo le phepafaditsweng le tla bo le dirilwe ka dinku di sele tse di utlwanang fela. Di tla tswelela go reetsa lentswe la Kgosi le Modisa wa tsone, mme seno se tla gogela kwa goreng di bone botshelo jo bo sa feleng mo boitekanelong jwa setho mo lefatsheng la Paradaise.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Ke eng seo se supang gore dinku di sele di farologane le tseo tse di mo letsomanyaneng?

◻ Tshenolō 22:17 e diragadiwa jang gompieno?

◻ Ke leng le kae dinku di sele di neng tsa simolola go itlhagisetsa kwa pele?

◻ Ereka dinku di sele di le mo sakeng je le farologaneng go na le la batlodiwa, ba letsomane le le lengwe fela jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Setlhogo “The Great Multitude,” se se neng sa gatisiwa ka 1935, se ne sa thusa go kgetholola “dinku di sele”

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Jaaka go bidiwa ga “lecomanyane” go ne go ya bokhutlong, Jesu o ne a phutha boidiidi jwa “dinku di sele”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela