Tharo-nngwe—A O Tshwanetse Go E Dumela?
AKA boammaaruri o dumela mo Tharo-nngweng? Makgolo a dimilione tsa La-Bodumedi a dira jalo. Ka gongwe o ile ka metlha wa e akanyetsa jaaka e e theilweng mo Bibeleng. A o itse se tota e leng sone? A o a e tlhaloganya? A o ka e tlhalosa?
Thuto ya Athanasia, nngwe ya dipolelo tsa pelenyana tse di feletseng kaga Tharo-nngwe, e e tlhalosa ka tsela eno:
“Tlhogo tse tharo tsa Modimo Rara. Morwa, le Moya o o Boitshepo tsotlhe di nngwe: kgalalelo e a lekana, borena ke jo bo sa feleng ka go tshwana. . . . Rara o maatla otlhe, Morwa o maatla otlhe, le Moya o o Boitshepo o maatla otlhe. . . . Ka jalo Rara ke Modimo, Morwa ke Modimo, le Moya o o Boitshepo ke Modimo. Mme lefa go le jalo ga se Medimo e le meraro, mme ke Modimo o le mongwe. . . . Mo Tharo-nngweng eno ga go ope yo o tlileng pele kana morago ga yo mongwe; ga go yo mogolo kana yo mmotlana mo go yo mongwe. Mme batho botlhe ba bararo ka bommogo ke ba bosafeleng, ebile ba a lekana.”
Ka jalo go ya ka thuto ya motheo ya Tharo-nngwe, Rara, Morwa le Moya o o Boitshepo ba lekana ka maatla, ka taolo le ka bosaengkae. Mme potso e e gwetlhang ke eno: A Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba dumela le go ruta Tharo-nngwe? Fa e le gore re dumela gore ba ne ba dira jalo, re lebane le dipotso di le dintsi tse di akabatsang tota.
Mo go Mareko 13:32, Jesu Keresete o ne a re: “Me kaga letsatsi yeuō kgotsa nakō euō [ya go ntshiwa ga katlholo ya Modimo e e tlang], ga go itse opè, leha e le baengele, ba ba kwa legodimoñ, leha e le Morwa, ha e se Rara hèla.”a (Bona lebokoso, “Goreng A Seyo?” mo tsebeng ya 7.) Mme fa e le gore Rara le Morwa ba a lekana go ka nna jang gore Morwa ga a itse dilo tse Rara a di itseng?’ Jesu o ne a na le dikarolo tse pedi,’ bangwe ba ka araba jalo. ‘Fano o ne a bua jaaka motho.’ Mme lefa go le jalo, le eleng fa go ne go ntse jalo, go tweng ka “Mōea o o Boitshèpō”? Fa e le gore ke motho wa boraro wa Tharo-nngwe, goreng a sa itse? Bothata jwa keetane bo lekana fela le jwa dilomaganyi tsa yone. Mme “Mōea o o Boitshèpō” ke karolo ya Tharo-nngwe.
Ka mo go tshwanang, mo pakeng ya go le pelenyana Jesu o ne a re: “Me ga go opè eo o itseñ Morwa, go re e mañ, ha e se Rara; le Rara, go re, e mañ, ha e se Morwa.” (Luke 10:22) Gape-gape, go tweng ka “Mōea o o Boitshèpō”? Fa e le gore ke karolo e e ikutlwang ya “Modimo wa tlhogo ditharo,” o o lekanang le Rara le Morwa, goreng o sa itse?
Dingwaga tse di fetang 20 morago ga Jesu a sena go swa le go tlhatlogela legodimong, moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka gore: “Gonne mañ eo o itsileñ mogopolō oa Morèna [Rara] ha e bo ne ne a ka mo ruta? Me rona re na le mogopolō oa ga Keresete.” (1 Bakorintha 2:16) Go ka kgonagala jang go nna “le mogopolō oa ga Keresete” mme lefa go le jalo go sa itsiwe “mogopolō oa Morèna”—fa e le gore Rara le Morwa ba a lekana?
Mo go Diane 8:22-24 re bala ka gore: “Yehofa o na a na le nna mo tshimologoñ ea tsela ea gagwè, pele ga ditihō tsa gagwè tsa bogologolo. Ke sa le ke emisiwa kwa bosasimologeñ, kwa tlholegoñ, lehatshe le e se le be le nne. E rile go sena ditsiba tse di boteñteñ, ka tsalwa.” Bakeresete ba pele ba ne ba utlwisisa fa tlhaloso eno e ne e dira go Jesu. Jaaka moithuti wa Tharo-nngwe Edmund J. Fortman a ne a kwala ka gore: “Paulo o ne a dirisa [Diane 8:22-31] go Morwa Modimo. Balwela-tumelo ba ne ba e dirisa go supegetsa Baditšhaba le Bajuda ka go nna ga pele ga Lefoko le seabe sa Gagwe mo popong.” (Bapisa Bakolosa 1:15-17; Tshenolō 3:14.) Mme fa e le gore Jesu o ne a na le tlholego, o ne a ‘bopiwa,’ a “emisiwa,” a “tsalwa,” lemororo seo e le pele ga botsalo jwa gagwe jwa selefatshe, o ka lekana jang le Rraagwe ka bosaengkae? Gape-gape, e ka nna sebopiwa fela (ka jalo, se se neng se na le tshimologo) se se neng se ka re: “Me ke tshela ka ntlha ea ga Rara.”—Yohane 6:57.
Jesu gangwe le gape o ne a lebisa Rara jaaka “Modimo oa me”—le eleng morago ga go boela ga gagwe kgalalelong ya selegodimo. (Mathaio 27:46; Yohane 20:17; Tshenolō 3:2, 12) Ke moobamedi yo o kwa tlase fela, yo o ka lebisang go yo mongwe jaaka “Modimo oa me.” Mme ke ka ntlha yang fa re sa bone le fa e le gangwe Rara a lebisa Morwa jaaka “Modimo oa me”? Mme ke ka ntlha yang fa le ka motlha re ise re ke re bone Rara kana Morwa ba lebisa “Mōea o o Boitshèpō” jaaka “Modimo oa me”?
Ke dipotso tse di gwetlhang maikutlo tseo, a ga go jalo?
Goreng Go Ne Go Se Na Karabelo?
Fa re akanya gore Jesu Keresete o ne a dumela le go ruta gore o ne a lekana le Modimo, go na le sengwe seo tota gape se akabatsang: Ke ka ntlha yang fa re sa bale mo “Testamenteng e Ntšha” kaga matswela ao tota a neng a tla nna gone ka ntlha ya thuto e e ntseng jalo? Matswela afe?
Sa ntlha, akanyetsa kafa thuto e e ntseng jalo e ka bong e ile ya ama barutwa ba ga Jesu. Kwa tshimologong , ba tshwanetse ba bo ba ile ba tsaya Jesu jaaka motho fela. (Bapisa Mareko 6:3.) Go tswa foo, ka nako nngwe, a re re gongwe Jesu o ne a itshenola go bone gore e ne e le Modimo ka sebele. Ba ka bo ba ile ba itshwara jang? O ne o ka itshwara jang fa e ne e ka re ka tshoganyetso wa iphitlhela o bapile le Modimo?
E rile a akanyetsa tebelelo e e ntseng jalo, Andrews Norton, mongwe wa diprofesa tsa ntlha kwa Harvard Divinity School mo lekgolong la dingwaga la bo-19, o ne a akabala ka gore: “Abo re ne re tla gamarega thata go feta selekanyo!” Mme fa e le gore motho o ne a tlaa lemoga gore o ne tota a le fa pele ga Modimo ka namana, “go ne go tla buiwa ga kae ka puo e e tlhaloganyesegang fela thata, gangwe le gape fa re ne re na le sebaka sa go bua kaga gagwe!”
Mme, ka boammaaruri jotlhe, jaaka o bala Diefangele a o bona boitshwaro jwa kgakgamalo mo barutweng ba ga Jesu? ‘Ke ka gone Jesu a neng a nna a ba senolela boammaaruri ka iketlo ka iketlo,’ bangwe ba ka rialo. Mme ke goreng, o ka se boneng tatediso ya kgakgamalo e e ntseng jalo le eleng mo dikwalong tsa “Testamente e Ntšha,” tseo di neng tsa kwalwa dingwaga morago ga loso le tsogo ya ga Jesu? Go a akabatsa, a ga go jalo?
Kwa ntle go seno, go na le matswela a tota a ka bong a ile a nna teng fa Jesu a ka bo a ile a ruta gore e ne e le Modimo. Go Bajuda bao ba neng ba dumela gore “Yehofa . . . ke Yehofa eo moñwe hèla,” e ka bo e ile ya nna tlhapatso go akantsha gore Keresete o ne a lekana le Modimo jaaka motho wa bobedi wa Tharonngwe. (Duteronome 6:4) Seno se tsosa dipotso tse pedi.
(1) Ke ka ntlha yang fa re sa bone bakwadi ba “Testamente e Ntšha” ba tlhalosa, ba phepafatsa, go tshwantsha le go femela tumelo eno ya motheo e e sa dumelesegeng gangwe le gape bakeng sa tsholegelo molemo ya Bajuda? Ga go thuto epe e e ka bong e ile ya tlhoka tlhaloso e e kalo kalo go na le eno!
(2) Mme goreng re sa bone Bajuda ba ba sa dumeleng, bao ka tšararego le ka tshotlo ba neng ba ganetsa Bakeresete, ba tlhasela tumelo ya motheo eo go bone e neng e ka ferosa sebete? Ga go tumelo epe ya motheo e e ka bong e ile ya dikanyediwa ke kgang e e kalo ya moruthutha!b
Ka gone, Professor Norton o ne a elatlhoko ka gore:
“Go bonala he gore, lemororo dipotso tse dingwe tse di neng di se bokete mo go kalo (ka motlhala, go rupisiwa ga basokologi ba Baditšhaba) e ne e le dikgang tsa pelaelo e e ntseng jalo le tsa moruthutha moo eleng gore taolo ya Baaposetoloi e ne e lekanetse fela go tlhomamisa boammaaruri, thuto eno ya motheo ya [Tharo-nngwe] e e matswakabele fela thata, e e madubedube mo go kalo, ebile e le thata go tlhaloganngwa, e ne ya tlisiwa ka bokukuntshwane, mme ya amogelwa kwantle ga ketsaetsego, kganano, kganetso kana kgopego.”
Go a akabatsa, gone tota!
Ka jalo ke ka ntlha yang fa go sena phepafatso ka bakwadi ba “Testamente e Ntšha”? Ga go ditlhaselo tsa Bajuda ba ba ganetsang? Ka go bo Jesu ka boene kana baaposetoloi ba gagwe ga ba a ka ba ruta seo se dumelwang ga motlhofo mo go La-Bodumedi—Tharo-nngwe! Ke kae he, koo thuto ya motheo ya Tharonngwe e tswang gone?
Tharo-nngwe—E Tlotla Modimo?
‘Tharo-nngwe e ne ya re moragonyana ya amogelwa ka ngwao, lemororo e sa rutwe mo Dikwalong,’ bangwe ba ka ganela jalo. Lefa go le jalo, seno se dumelana jang le mafoko a ga Paulo mo go Bagalatia 1:8: “Me leha e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele eo o cwañ legodimoñ, ha a ka lo rèrèla mahoko a a molemō a sele kwa ntlè ga a re a lo reretseñ, a a hutsègè.”
Bibela e ne ya tlhagisa ka botenegi go tswa go Bokeresete jwa boammaaruri, ka gore: “Mo metlheñ ea moragō, bañwe ba tla tenèga mo tumeloñ, ba tlhōkōmèla meōea e e timetsañ, le dithutō tsa badimo.” (1 Timotheo 4:1) Ereka, go ya ka New Catholic Encyclopedia, thuto ya Tharo-nngwe e ne ya se ka ya tlhagoga go fltlhelela “karolo ya bofelo ya lekgolo la dingwaga la bo-4,” re a botsa: A go ka bonala e le gore thuto ya motheo ya Tharo-nngwe ke matswela a botenegi go tswa go Bokeresete jwa boammaaruri? A Tharo-nngwe tota e ka tswa e le ‘thuto ya badimo’?
Eleruri lebaka le le tla tlhomamisang e tla nna loungo Iwa thuto ya motheo. Fa ba ne ba mo pateletsa ka gore ‘o na le ledimona’ Jesu o ne a fetola ka gore: “Ga ke na diabolo: me ke tlotla Rrè.” (Yohane 8:49) Ka jalo go tweng ka thuto ya Tharo-nngwe? A e ile ya go atamalanya le Modimo wa Bibela? A e ile ya tlotla Modimo ka go tlisa batho gautshwane le ene? Mabaka a bontshang?
“Thuto ya motheo ya Tharo-nngwe e e Boitshepo thata e bokete tota go e tlhalosa, mme ga go ope yo o e tlhaloganyang,” go dumela jalo moruti wa Katoliki Robert I. Gannon. E le gore go nniwe le motheo wa tumelo, batho ba ba akanyang sentle ba tlhoka ditlhaloso tseo di tla kgotsofatsang mogopolo o o tlhamaletseng. A ga go na phoso epe ka ga thuto ya Modimo e e ka se tlhalosiweng? A Modimo o ka tlotlwa ke thuto ya gagwe eo “go seng ope yo o e tlhaloganyang”? Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse ba itse Modimo o ba o obamelang. Ga go na nako ya masaitsiweng!—Yohane 17:3.
Ka jalo gape, kgakala le go tlisa batho gautshwane le Modimo, thuto ya motheo ya Tharo-nngwe e ile ya dira gore a tseeIwe boemo. Mo ngwaong ya Porosetanta, seno se ile sa gogela gore Rara a isiwe kwa tlase go boemo jwa go sa bonwe gotlhelele. A ke o botse mongwe gore fa ba re “Praise the Lord!” ba rayang, mme ba tla araba kwa ntle ga go farologana gore, “Aitse, tota ke Jesu Keresete!”
Gautshwane le Modimo—Kana Maria?
Mo ngwaong ya Roma Katoliki, matswela a ile a tswakanngwa gape le poifo ya gore Maria ke “Mmaagwe Modimo,” “Motsereganyi wa Sesadi wa Tshegofatso tsotlhe,” “Morekolodi-mmogo wa setho” le “Mohumagadi wa Legodimo”—tsotlhe e le matswela a a nnileng gone ka thuto ya Tharo-nngwe! Jaaka New Catholic Encyclopedia e tlhalosa: “Maria eleruri ke mmaagwe Modimo fa go diragadiwa mabaka a mabedi: gore ke mmaagwe Jesu le gore Jesu ke Modimo tota.”—Mokwalo o o sekameng wa rona.
Erile a supa bokgakaleng joo ka jone Rara a ileng a kgaramelediwa kwa morago, Arnold Toynbee mo go An Historian’s Approach to Religion o ne a tsopola Huguenot Pierre Bayle wa Mofora wa lekgolo la dingwaga la bo-17 yo o tlhapatsang ka gore Modimo o ne wa neela Maria lobopo lotlhe:
“Go tlogeng letsatsi leo go ya pele, Modimo ga o ise o ke o tlhole o tsenya letsogo mo go sepe, mme o ile wa ikaega, bakeng sa sengwe le sengwe, godimo ga botlhale jwa ga Maria; gore ditaolo di ile tsa isiwa go baengele ba le mmalwa go itsise Lefatshe ka phetogo eno ya puso, e le gore setho se ka itse go re ke mang le gore ke tsela efe ba neng ba tla itshupa mo ditirong tsa bone tsa mo isagweng malebana le mekokotlelo ya bone: mme le gore e ne e le . . . eseng go itebisa go Kgarebana Maria mo boemong jwa gagwe jwa motsereganyi wa sesadi kana mohumagatsana, mme eleng go itebisa go ene jaaka molaodi le mohumagadi mogolo wa dilo tsotlhe.”
Phapaanong le seo, Jehofa Modimo o batla kobamelo e e feletseng go ene. (Ekesodo 20:5) “Me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naea o sele,” o tlhagisa jalo.—Isaia 42:8.
Ka jalo he, mabaka a bontshang? Seno: Thuto ya motheo ya Tharo-nngwe ga e a ka ya tlotla Modimo ka go tlisa batho gautshwane le ene. Go na le moo, e ile ya emela Modimo botlhaswa fela thata. Ka gone go bonala sentle gore bao ba ikarabelelang mo go goleng ga yone ba ile ba tenegela Bokeresete jwa boammaaruri.
E Tswa Kwa Kae?
Tota, ditharo-nngwe tsa medimo di sa le di ntse teng pele Bokeresete bo nna gone, ka di ne di tlwaelegile mo ditlhamaneng tsa Egepeto le Babelona. Kgopolo eno e ne ya kukunela jang mo go La-Bodumedi? History of Christianity, e e gatisitsweng ke Peter Eckler, e tlhalosa ka gore:
“Fa e le gore Boheitane bo ne jwa fenn gwa ke Bokeresete, go ntse go le boammaaruri gore Bokeresete bo ne jwa leswefatswa ke Boheitane. Bomodimo jo bo phepa jwa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, (bao ba neng ba farologana le Bajuda ka bone fela ka tumelo ya gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng, bo ne jwa fetolelwa ke Kereke ya Roma, mo thutong e e lolea e e sa tlhaloganngweng ya tharonngwe. Dithuto tse dintsi tsa konokono tsa boheitane, tse di neng tsa itshimololelwa ke Baegepeto mme tsa tlhomamisiwa ke Plato, di ne tsa bolokwa jaaka tseo di tshwanetseng go dumelwa.”
“Di tshwanetse go dumelwa”? A o a dumela? Jesu Keresete ka papamalo o ne a tlhalosa gore barutwa ba gagwe ba boammaaruri ba tshwanetse go ‘obamela Rara . . . ka boammaaruri.’ (Yohane 4:23, 24) Ee, kobamelo ya rona e tshwanetse go nna tumalanong le boammaaruri jo bo fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, Bibela. Seno se akareletsa go amogela Jesu Keresete jaaka “Morwa Modimo,” eseng Modimo Morwa! (Yohane 20:31; 1 Yohane 4:15) Go batlega gore re gane gotlhe-gotlhe maaka a bodumedi a boheitane. Makasine ono o jaanong o o balang, ka makgolo a dingwaga o thusitse dimilione tsa batho ba ba pelo-e-phepa go obamela ka “boamarure” Modimo o le mongwe, “Jehofa Morena Modimo.”—Pesalema 140:7, New World Translation.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ditsopolo tsa Dikwalo di tswa mo Bibela e e Boitshèpõ kwantle lefa go supilwe ka tsela e sele.
b Bangwe ba ka supela go Yohane 5:17, 18, koo e reng: “Rrè o nntse a diha le gompiyeno, le nna kea diha. Me Bayuda ba gakalèla bogolo go mmolaea ka mouõ, ka go bo ga se go re, o tlola sabata go le gosi, me le gona, a re, Modimo ke Rragwè tõta, a itekanya le Modimo.” Lefa go ntse jalo, Johane o tlhalosa seo Bajuda ba ba sa dumeleng ba neng ba se akanya ka phosego gore Jesu o ne a raya sone, gore o ne “a itekanya le Modimo.” Seno se bonala sentle go tswa ntlheng ya gore ka phosego gape ba ne ba pega Jesu molato wa go roba Sabata.—Bapisa Mathaio 5:17-19.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]
Ke ka ntlha yang re sa bone Bajuda ba ba ganetsang ba tlhasela tumelo ya motheo eo go bone e neng e tla ferosa sebete?
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Goreng A Seyo?
Mabapi le lobaka Iwa “sepitla se segolo,” Mathaio 24:36 e balega ka gore, go ya ka “Authorized Version,” kana “King James Version”: “Mme fa e le kaga letsatsi jeo le nako eo ga go motho yo o e itseng, nnyaa, le eleng baengele ba legodimo, mme fa e se Rara a le esi fela.” Elatlhoko gore mafoko “leha e le Morwa” a tlogetswe lemororo a bonala mo dithanolelong tse dingwe tse dintsi. Goreng a seyo? Go bonala sentle gore temana eno e ne e tshwenya Batharo-nngwe! Ka go bo Morwa o ka se itse jang dilo tse Rara a di itseng—fa e le gore ba a lekana? Fa e ne e akgela go Mathaio 24:36, “The Codex Sinaiticus” le “The Codex Alexandrinus,” e e gatisitsweng ke bagolwane ba Musiamo wa Britani, e tlhalosa ka gore: “Mekwalo ya Bibela ya [Sinaiticus le Vaticanus] e oketsa ka leha e le Morwa morago ga legodimo, go bonala fa go balega ga kwa tshimologong go ne ga tlosiwa ka ntlha ya poifo ya go sa utliwisise thuto ya tumelo ya motheo.”
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Kemelo ya Tharonngwe mo lekgolong la dingwaga la bo-14 mo Kerekeng ya Katoliki ya Saint Peter’s mo Tagnon, mo Fora
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
A o ne o itse gore medimo ya ditlhogo tse tharo e sa le e nnile teng pele ga Bokeresete?