Go Swela Tumelo Ya Motheo
ONE A tsalelwa mo Tudela, mo Spain, ka 1511. O ne a ithuta kalafi mo Paris mme moragonyana a e dirisa mo ditoropo-dikgolong di le mmalwa tsa Fora. O itsege sentle ka tlatseletso ya gagwe malebana le phitlhelelo ya tsamaiso ya go pompa madi a ya pelong le makgwafong.
Lefa go le jalo, mo bontsing jwa botshelo jwa gagwe jaaka mogodi o ne a patelediwa go tshela jaaka motshabi, le eleng go fetola leina la gagwe. Ka August 13, 1553, a le mo tseleng ya go ya Italy, o ne a ema mo Geneva, mo Switzerland. O ne a lemogiwa, mme a tshwarwa, mme ka August 14, o ne a sekisediwa botshelo jwa gagwe, ka tlhotlheletso ya molwela-diphetogo wa Moporosetanta John Calvin. Phetso? O molato! Katlholo? Loso! Ka jalo ka October 27, 1553, kwa bothokong jwa Geneva, o ne a tshubelwa mo koteng ka molelo.
E ne e le mang? Michael Servetus. O ne a le molato wa eng? Go bolaya? Boikgagapeledi? Kana bokebekwa bongwe fela jo bo boifisang? Nnyaa, o ne a bolawa jaaka moikeodi ka go bo a ne a latofatsa thuto ya motheo ya tumelo ya La-Bodumedi ya “Tharo-nngwe e e Boitshepo thata.”
Nako kgolo ke eno Tharo-nngwe ke kgang ya moruthutha. Ka sekai, moefangele wa Mo-Amerika Billy Graham a re: “Bibela e ruta gore Jesu Keresete ke Modimo tota, mme ga go ka tsela epe a leng monnye go Modimo Rara.” Mo letlhakoreng le lengwe, dingwaga di le mmalwa tse di fetileng karolo e e papamaditsweng ya The Denver Post moruti wa Pentekoste o ne a ntsha $1 million (U.S.) go ope fela yo o ka bonang thuto ya tumelo ya Tharo-nngwe mo Bibeleng. O ne a bolela fa Tharo-nngwe e le botlhajana jo bo itiretsweng ke motho “jo bo sa nyalaneng le go sa tlhaloganyesegeng ka gope.”
‘Mme go na le pharologanyo efe?’ o ka nna wa botsa. ‘A tota go a kgathalesega gore o dumela eng? Ee, go ntse jalo. Ka ntlha yang? Ka go bo Jesu Keresete o ne a re: “Botshelo jo bo sa khutleng bo raya go itse wena Modimo o o osi wa boammaaruri, le go itse Jesu morongwa wa gago jaaka e le Keresete.” (Yohane 17:3, An American. Translation) Boleng jwa rona jwa bosakhutleng bo ikaegile ka go itse ka boammaaruri “Modimo o o osi wa boammaaruri.” Ka jalo boammaaruri ke bofe? A Jesu Keresete ke “Morwa Modimo” kana Modimo Morwa? Go na le pharologanyo e kgolo thata!