LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 7/15 ts. 9
  • Matlhapa a Ipuelwa Fela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Matlhapa a Ipuelwa Fela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 7/15 ts. 9

Matlhapa a Ipuelwa Fela

Makasine wa “U.S. News & World Report” o bolela gore, puo ya matlhapa e nnile karolo ya tsela ya botshelo e e “tlwaeleglleng.” Mo setlhogong “The Cussword Comes Out of the Closet,” e tlhalosa e re: “Lefoko la ditlhaka tse nne le tlhagile kwa dibareng le dibarakising mme le ka utlwiwa le go bonwa ekane gongwe le gongwe—mo motlotlong kwa borekelong jwa dijo, mo dikgomaretsing tsa dikoloi, mo dikgoeletsong tse di dirwang kwa metshamekong, mo thelebisheneng le mo dibaesekopong. Batlhalefedi ba bantsi ba bona tshekamelo e e ka se ke e baakanngwe.”

Ke ka ntlha yang go le kgolo e e kalo ya matlhapa? Setlhogo se tsopola Reinhold Aman, moithuti wa diteme, yo o neng a lebisa go dingwaga tsa bo-1960 le bo-1970 fa maemo a loago a ne a wela tlase le tlotlo ya metheo ya gale e wela kwa tlase. O bolela ka gore: “Seo pele se neng se gateletswe ka ponyo ya leitlho se ne sa thunya. Go tswa foo seramatla sengwe le sengwe sa simolola go rogana go sena lebaka. Bana baa rogana. Batho ba maemo a a kwa godimo ka ponyo ya leitlho ba go fitlhela e le sejwalejwale.”

Batlhalefi bangwe ba pega molato kgolo e e kana ya matlhapa mo kokomaneng ya bo-nna. “Batho ba fitlhela matshelo a bone e le tlhakantsuke, a sa kgotsofatse, mme ba gaketse,” go etse tlhoko jalo Thomas Cottle, motlhatlhelela dithuto tsa balwala-tlhaloganyo wa Harvard. “Se se ipatelegileng morago ga kgakalo eno ke boganka,” bo a bonang e le bodiphatsa mo sethong.

Setlhogo se tswelela pele ka gore: “Batlhalefedi ba tlhalosa gore matlhapa ke tsela ya go phantsha maikutlo a a tsetsweng ke tlalelo.” A mme seno se siame? “Lo nnè bogale, me lo se ka loa leoha,” go gakolola jalo Bibela, ka go tila ‘kgalo’ le “dinyao” mme re bo re emisetsa boitshwaro jo bo ntseng jalo ka “e e molemõ hèla go agèlèla kaha go tlhõkahalañ ka gõna, gore e tlè e neè ba ba utlwañ letshegõ.”—Baefesia 4:26, 31; 5:4; 4:29.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela