Go Anamisetsa Lefoko la Modimo Kgakala mo Lefatsheng Le Le mo Poifong
1. Moperofeti yo mogolo go botlhe mo ditsong tsa setho o ne a bolelela pele eng ka seemo se se sa lekanngweng sa poifo ya lefatshe?
MOPEROFETI yo mogolo mo ditsong tsotlhe tsa motho, Jesu Keresete, o ne a bolelela pele malebana le motlha o o fetogang wa lefatshe o o neng wa itelekela ka go tlhagoga ga Ntwa ya Lefatshe I ka 1914 boemo jwa tlhaloganyo jwa merafe-rafe ka tsela eno: “Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ: gonne dinonohō tsa legodimo di tla reketlisiwa.”—Luke 21:26, 27.
2. Ke bafe bao ba sa boifeng, mme ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?
2 Lefa go ntse jalo, lefa go ka bonala go gakgamatsa, go na le bao ba sa boifeng le go idibadiwa ke ka go bo ba itlhobogile. Ke basupi ba ga Jehofa bao jaanong ba fitlhelwang mo mafatsheng a le 205. Ba dira seo Jesu a neng a se gakolola: “Me e tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.”—Luke 21:28.
3. Ke ka ntlha yang fa Bogosi jwa Bomesia bo se ka jwa tlhongwa kwa Jerusalema mo Iseraele, mme ke ka ntlha yang fa Kgolagano ya Merafe le motlhatlhami wa yone di se ka tsa tlosa motlha wa nuclear?
3 Gompieno mabaka a papametse go feta pele gore “metlha e e laotsweng ya ditšhaba,” “metlha ea Badichaba,” e ne ya fela boaphelong jwa 1914 le gore ka nako eo Bogosi jo bo neng bo solofeditswe jwa ga Jehofa Modimo ka Jesu Keresete bo ne jwa tlhongwa kwa magodimong go busa gareng ga baba ba jone. (Luke 21:24, NW) Ka jalo, go tla go fitlha nakong eno Bogosi jwa Bomesia ga bo ise bo ke bo tlhongwe mo Jerusalema wa selefatshe. Ka mo go utlwalang, gape, Kgolagano ya Merafe e ne ya palelwa ke go nna “boemedi jwa sepolotiki jwa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” Motlhatlhami wa Kgolagano eo, Merafe e e Kopaneng, morago ga dingwaga tse di fetang 35 le ntse le dira, ga e a diragatsa dithapelo tsa La-Bodumedi; ga le a phimola motlha wa nuclear.
4. Kgolagano ya Merafe e ne e le morero kgatlhanong le eng?
4 Go tsweng fela ka nako eo kgolagano ya merafe e neng ya akanyediwa ka yone gautshwane le go fela ga Ntwa ya Lefatshe I, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhagisa ka go sa boife gore dilo tse di ntseng jalo tse di itiretsweng ke batho go emela selo sa mmatota, puso ya segosi ya ga Jehofa ka Keresete, di tla palelwa. Ba ile ba kaela tsela ya bone ya kgato eo ka polelelo pele ya ga Isaia 8:12: “Lo se ka loa re, Go morèrō, kaga señwe le señwe se batho ba ba reñ, Go morèrō; le gōna lo se ka loa boiha se bōnè ba se boihañ: leha e le go boborana kaga shōna.” Leano leo le itiretsweng ke motho eleruri ke “morèro,” ee, morero kgatlhanong le dikgatlhego tse di galalelang tsa Bogosi jwa Modimo ka Keresete. Ka jalo he, o ka bona jang lesego le tshegetso ya Kgosi ya dikgosi, Jehofa Modimo?
5. (a) Go sa kgathalege diteng tsa “lokwalō,” lo ne lwa utlwala jang fa Esekiele a ne a ja “momenaganō oa lokwalō”? (b) Ke boitemogelo jwa mofuta ofe fa re tsenngwa Lefoko la Modimo mo melomong ya rona ele gore re tle re direle jaaka basupi ba gagwe?
5 Molaetsa wa Bogosi o Basupi ba ga Jehofa ba sa ntseng ba o bolela ke o o gwetlhang, eleruri, mo bathong ba ba sekametseng ka tsela nngwe mo lefatsheng. Ba ile ba nna le boitemogelo jo bo tshwanang le joo jwa moperofeti Esekiele, fa a ne a le setshwarwa kwa lefatsheng la Babelona, dingwaga pele ga tshenyego ya Jerusalema ka Bababelona ka 607 B.C.E. Fela jaaka moaposetoloi moragonyana kwa setlhakeng sa Patamosa, Esekiele o ne a fiwa “momenaganō oa lokwalō.” Moperofeti o a re bolelela: “Loa bo lo kwadilwe kaha teñ le kaha ntlè: me ga bo go kwadilwe mo go lōna dikhutsahalō, le selelō, le tatlhègō.” (Esekiele 2:9, 10) Morago ga go utlwa ditaelo tsa Modimo tsa go ja “momenaganō oa lokwalō” lono, Esekiele o akgela ka gore: “Mo ganoñ ya me oa bo o nntse yaka dinotshe ka monate.” (Esekiele 3:1-3) Gompieno, gore ope wa rona a tsenngwe Lefoko la Modimo mo ganong ele gore a tle a direle jaaka motshodi wa molaetsa ke tshiamelo e e monate, go sa kgathalege diteng tsa Lefoko leo, le eleng dikhutsafalo, le selelo, le tatlhego. (Bapisa Pesalema 19:7-10.) Basupi ba ga Jehofa ba tseela godimo Lefoko la Modimo le le senotsweng le ba neng ba le ja morago ga ngwaga wa ntwa wa 1919 go ya pele. Le ne la ba nonotsha, fela jaaka dinotshe tsa mmatota di ne tsa nonotsha Jonathane.—1 Samuele 14:26, 27.
6. Jaaka letsatsi la pusoloso la Modimo le atamela, ke ka ntlha yang fa bopelokgale bo tlhokafala, mme Basupi ba ga Jehofa ba ka tlhomamisega ka eng?
6 Jaaka “letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona” le itlhaganela jaana, go biletsa bopelokgale mo letlhakoreng la Basupi ba ga Jehofa go supela go “dikhutsahalō, le selelō, le tatlhègō” e e fa pele mo isagweng e e gaufi go mokgatlho otlhe wa setho. (Isaia 61:1, 2) Batho ba ba batlang kgololo ba lefatshe leno le le bopelwang ga ba ikemisetsa go reetsa molaetsa o o ntseng jalo o o tswang mo melomong ya Basupi ba ga Jehofa. Mme ereka Modimo o ba romela go anamisa Lefoko la gagwe, ba ka tlhomamisega gore o tla ba tshegetsa go fitlhelela letsatsi la gagwe la pusoloso.
7. Jehofa o ne a tla lekanya Esekiele jang le kabelo ya gagwe?
7 Gone ga go monate gore batho ba gane go reetsa, mme a re tseeng tsia seo Modimo o neng wa se bolelela Esekiele: “Me ba ntlo ea Iseraela ga ba ketla ba gu reetsa; gonne ga ba ketla ba reetsa nna: ka go bo botlhe ba ntlo ea Iseraela ba phatla e e logwadi, le pelo e e leshōkō. Bōna, ke gwaladitse sehatlhōgō sa gago sa chwana le dihatlhōgō tsa bōnè, ke gwaladitse phatla ea gago ea chwana le diphatla tsa bōnè. Ke thatahaditse phatla ea gago ea nna yaka lencwètshipi ye le thata bogolo go lekgèthu: u se ka ua boiha, u bo u se ka ua tseañwa ke pōnalō ea bōnè, leha ba le ntlo e e borukhutlhi. . . . Me tloga u eè kwa go bōnè ba bochwarō, kwa baneñ ba batho ba ga eno, me u buè nabō, u ba bolèlèlè, u re, Yehofa Modimo o bua yana; u buè hèla leha ba utlwa, leha ba gana.”—Esekiele 3:7-11.
8. Setlhopha sa ga Esekiele se ne sa lebana jang le seemo se se thibelang morago ga Ntwa ya Lefatshe I, mme go tweng fa e le gore baruti ba ko ba reeditse?
8 Seemo se se thibelang se se ntseng jalo ke sone se se neng sa lebana le masalela a Bakeresete bao ba neng ba tsalwa ka moya wa Modimo go nna bana ba gagwe ba semoya ebile e le bao ba neng ba tlodiwa ka moya wa gagwe go nna basupi ba gagwe ba ba tlhophilweng. Ba dira setlhopha sa ga Esekiele sa lekgolo la dingwaga la bo-20. Ka jalo, jaaka Esekiele, ga baa ka ba ikgogona ka ntlha ya ditšararego tse di thibelang tsa batlhalefi ba baruti ba La-Bodumedi, ba ba apereng dipura-pura tse di tsabakelang, bao ba ka nnang ba iphaka e le Baiseraele ba semoya. Fa e le gore baetapele ba ba ntseng jalo ba bodumedi ba ne ba ile ba nolofatsa diphatla tsa bone le go utlwa sentle molaetsa wa Bogosi jaaka o boleIwa ke masalela a a tloditsweng fa e sale ka 1919, La-Bodumedi le ka bo le se ka lwa itatlhela mo ntweng ya lefatshe ya bobedi ka bogolo jo bo kalo kalo ebile e le e e senyang lefatshe ka bophara go na le ya ntlha.
9. Masalela le balekane ba bone ba ba ineetseng ba ile ba lekanngwa jang le kabelo ya bone?
9 Gompieno, le eleng ka pōpō e e golang ya ntwa ya nuclear go sa kgathalege lekgotla la Merafe e e Kopaneng, baetapele ba bodumedi ga ba a ka ba fetoga mo ponalong ya bone malebana le baboledi ba Bogosi. Ka jalo masalela a a tloditsweng jaaka baemedi ba Bogosi le balekane ba bone ba ba ineetseng, le go kolobediwa go tswa merafeng yotlhe ba ne ba tshwanelwa ke go thatafatsa difatlhogo tsa bone jaaka teemane ka ntlha ya kganetso e e kwakwaletseng ya bodumedi. Ba ganeletse mo go bueng Lefoko la Modimo ka go sa boife.
10. Ke ka lebaka lefe Basupi ba ga Jehofa ba ka bong ba ile ba reediwa ke baruti le maloko a bone, mme ke lebaka lefe le badumedi ba ba ntseng jalo ba tla tshwanelwang ke go dumalana nalo?
10 Segolo bogolo baruti ba La-Bodumedi le maloko a bone a ne a tshwanetse go utlwisisa molaetsa le kgakololo ya Basupi ba ga Jehofa. Basupi ba tsaya se ba tshwanetseng go se bua go tswa bukeng eo e e tshwanang Bibela eo badumedi ba se go tweng ke lefatshe la Bokeresete ba iphakang go e amogela le eo mekgatlho ya bone ya Bibela e e anamisetsang kgakala ka dipuo tse dintsi. Go ile ga itshupa go tshwana fela le jaaka Jehofa Modimo a ne a boleletse Esekiele, go ya ka Bibela e e Boitshèpō: “Me bana ba ke gu romañ kwa go bōnè ba makgakga, ba pelo e e leshōkō: me u tla ba raea, u re, Morèna Modimo o bua yana, a re, Me bōnè, leha ba utlwa, kgotsa ba gana go utlwa, (gonne ke lekgotla le le borukhutlhi.) ba tla bo ba itse ha go kile ga ne go le moperofeti mo go bōnè.”—Esekiele 2:4, 5.
11. La-Bodumedi le ile la bontsha dinonofo tsa mofuta ofe malebana le masalela a a romilweng a ga Jehofa, mme o ile a kgonisa masalela go tsweledisa thomo eno e e gwetlhang jang?
11 Makgakga le pelo e e lesoko di ile tsa itshupa mo letlhakoreng la yo o iphakang go nna Iseraele wa semoya, La-Bodumedi, malebana le masalela a a tloditsweng ao Morena Modimo Jehofa a ba romileng go isa molaetsa wa gagwe wa bofelo ka nako ya “bokhutlō yoa lehatshe.” (Mathaio 24:3, 14) Modimo Mothatayotlhe o ne a itse gore o ne a tla tsenya botlhoka-poifo mo setshwaning sa segompieno sa ga Esekiele joo bo neng bo tla kgotla masalela a a tloditsweng ano go sikara le go isa thomo eno e gwetlhang.
12. Ka gone ke tatofatso efe ya maaka e Jehofa a tla bong a e tlosa, mme ke tiragalo efe e e akofang e e tla mo tlogelang a na le pego e e phepa?
12 Modimo o o ka se kgobiweng o ikaeletse go tlosa go ka pegwa molato ope fela ka ntlha ya tlhokomologo, ka go bo a paletswe ke go neela tlhagiso e e lekaneng go ba ba kaeletsweng. Maemo a ntse a re pitlelela go ya bokgakaleng jwa gore re itshupe gore re bomang. Ka jalo ba ba sa tseeng tsia ba tla tlamega go lemoga lebaka la gore moperofeti yo o tswang kwa go Jehofa o ne a le gareng ga bone. Seno e tla nna fa Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, a tla bo a senyediwa ruriruri ke maatla a bopolotiki ao a neng a ntse a dira boaka jwa matlhabisa ditlhong jwa semoya le one. Seno se tla tlogela Modimo wa kobamelo e e itshekileng ka pego e e phepa.
13. Ke ka go bo Jehofa a ile a tshelela tsholofetso efe go masalela a a tloditsweng, mme ke mo boemong bofe a ileng a direla jaaka sekao se se molemo go “dinku di sele”?
13 Puo ya botlhoka-poifo e e supiwang ke masalela a a tloditsweng go tla go fitlha jaanong e ile ya nna ka lebaka la gore Jehofa o ile a tshelela tsholofetso ya gagwe: “Bōna ke gwaladitse sehatlhōgō sa gago sa chwana le dihatlhōgo tsa bōnè, ke gwaladitse phatla ea gago ea chwana le diphatla tsa bōnè. Ke thatahaditse phatla ea gago ea nna yaka lencwètshipi ye le thata bogolo go lekgèthu: u se ka ua boiha, u bo u se ka ua tseañwa ke pōnalō ea bōnè, leha ba le ntlo e e borukhutlhi.” (Esekiele 3:8, 9) Ka gone ereka a ba thatafaditse, masalela a ile a direla jaaka sekao se se amang pelo go boidiidi jo bo golang jwa “dinku di sele” tseo Jesu Keresete, Modisa yo o Molemo, a neng a solofetsa go di phuthela kafa letlhakoreng la masalela a gagwe a a tloditsweng. (Yohane 10:16; Tshenolō 7:9-17) Jaaka Basupi ba ga Jehofa, “dinku di sele” tseno di ile tsa nna pelokgale le eleng jaaka tau.
14, 15. (a) Ke ka ntlha ya pharologano efe go bo bontsi jwa basupi ba ga Jehofa moteng le ka kwa ntle ga mafatshe a La-Bodumedi ba bogang mo kgolegelong? (b) Matswela a pogo e e ntseng jalo mo Basuping ba ba gololesegileng a farologane jang le seo se ka neng se ka lebelelwa?
14 Basupi ba ga Jehofa ga ba etse Babelona o Mogolo. Ka jalo, moteng le ka kwa ntle ga mafatshe a La-Bodumedi, ba ha le bakaulengwe mo tumelong ya Bokeresete bao ba bogang mo dikgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone jo bo kwa godimo. Seno ga se a tsenya poifo mo Basuping bao ba sa ntseng ba gololesegile le go sa latlhelwa mo kgolegelong, se gatiseletsa gape seo se neng se le boammaaruri mo kgannyeng ya bakaulengwe ba Bakeresete ba ga moaposetoloi Paulo mo Roma. Mo tshekong ya kgotla ya ditsheko Paulo o ne a ikuela go Kaesare mo Roma go re a atlholwe ka tshiamo, mme moatlhodi o ne a fetsa ka gore: “U ipileditse Kaesare: u tla ea kwa go Kaesare.” (Ditihō 25:10-12) Ka jalo Paulo o ne a isiwa a le mo dikeetaneng kwa Roma le go golegwa koo, a letetse tsheko. E ne e le tlaseng ga maemo ao, fa a ne a kwalela Bakeresete ka ene ba ba rategang mo motseng wa Filipi, mo Gerika, a neng a re:
15 “Me bontsi yoa bakauleñwe ba ba mo Moreneñ, ka ba ikantse dikgolegō tsa me, ba nna choshologō bogolo go bua lehoko ya Modimo ba sena poihō.”—Bafilipi 1:14.
16. Go sa kgathalege go golegwa ga bakaulengwe ba Bokeresete, basupi ba ga Jehofa ba ba gololesegileng ba ne ba bontsha nonofo efe fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I, mme ke ka ntlha yang fa nonofo e e tshwanang e tlhokafala gompieno?
16 Sengwe se se tshwanang le seno, fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e fela mo ngwageng wa 1918, bagolwane le maloko a babereki ba ntlo-kgolo ya Watch Tower, Bible and Tract Society ba ne ba iphitlhela ba le mo kgolegelong ka ditatofatso tsa maaka. Ereka kagiso e ne e tsene, dikgato tsa bopelokgale di ne tsa tsewa ka potlako go batla kgololo ya bone. Ka 1919 ba ne ba gololwa mo kgolegelong mme kgang ya bone ya tshololwa mo kgotleng ya ditsheko. Ka gone ba ne ba bolelwa fa ba sena molato mo ditatofatsong tseo tsa maaka. Tiro ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo ka Keresete e ne ya tsewa ka bopekgale jo bogolo go feta le eleng pele, ka go dipela Babelona o Mogolo le dinyatsi tsa gagwe. Gompieno, ka go na le basupi ba ga Jehofa ba bantsi mo kgolegelong go feta morago koo ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, go mo magetleng a bakaulengwe ba bone ba ba gololesegileng ka kwa ntle “go bua lehoko ya Modimo ba sena poihō.”
Bao Ba Tlhabisang La-Bodumedi Ditlhong ka go Reetsa
17. (a) Fa e le kaga bao ba neng ba tla bo ba ikemiseditse go reetsa, Jehofa o ne a bolelela Esekiele eng? (b) E ne e le morago ga go lebisa maiteko go bomang go neng ga retolosetswa tlhokomelo go bao ba neng ba sekametse mo go reetseng, mme jang?
17 Potso e e kgatlhisang e ne e le, Ke bomang bao ba neng ba tla itshupa go bonala e tla tla e nna bareetsi ba ba kgatlhegang? Mabapi le seno Jehofa o ne a raya Esekiele a re: “Gonne ga ua roñwa kwa chabeñ e e loleme lo sele, leha ele ba ba puō e e thata, . . . ba mancwe a bōnè u sa kakeñ ua a tlhaloganya. Rure, ha ke ka bo ke ne ke gu roma kwa go bauō, ba ka bo ba gu reetsa.” (Esekiele 3:5, 6) Moperofeti o ne a tlamega go tswela pele a bua lefoko la Modimo go batho ba gaabo, go bao ba tšhaba ya Iseraele. Ka mo go tshwanang, go fitlha bogareng jwa dingwaga tse masome mane tsa lekgolo la dingwaga la bo-20, masalela a a tloditsweng a Iseraele wa semoya a ne a lebisa maiteko a bone mo go phutheleng maloko a bofelo a Iseraele wa semoya mo ‘lesakeng’ la “lecomanyane,” bao Rre wa selegodimo a kgatlhegelang go ba naya Bogosi, go busa le Morwawe tshegofatsong ya setho se se golotsweng. (Luke 12:32) Ka jalo ka nako e e leng yone ga neelwa kakanyetso ya mafoko a Morwawe mo go Yohane 10:16 le nyalano ya one le Tshenolō 7:9-17.
18, 19. Ke ka ntlha yang fa go ne go biletsa botlhoka-poifo ka 1935 go kgetholola “bontsi jo bogolo” le “dinku” tseo tse di neng di tla dirwa “lecomane le le leñwe hèla” le masalela a a tloditsweng?
18 Mo go Yohane 10:16, Jesu, Morwa Modimo, o ne a re: “Ke bile ke na le dinku di sele, tse e señ tsa saka ye le cōna ke na le go di lere, me di tla utlwa lencwe ya me; me di tla nna lecomane le le leñwe hèla, le modisa a le moñwe hèla.”
19 Go bao ba neng ba tla kgethololwa jaaka “dinku di sele” go reetsa lentswe la “modisa a le moñwe hèla” mo nakong eno go ne go tla tlhoka botlhoka-poifo. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba boga mo go botlhoko mo diatleng tsa masole a bosetšhaba tlase ga ga Adolf Hitler, ka tshegetso ya Kereke ya Roma Katoliki eo Hitler wa Mo-Nazi a neng a le leloko la yone. Ka jalo mo leseding la seemo sa lefatshe se se ntseng jalo, go ne go biletsa tumelo e kgolo, tlhatswego-pelo le botlhoka-poifo mo letlhakoreng la mookamedi wa Watch Tower Society go supela pele, ka 1935, gore “bontsi jo bogolo” jwa ga Tshenolō 7:9-17 (AV) bo ne bo tla dirwa “dinku di sele” tseo di boleletsweng pele gore tseno di ne di tla dirwa “lecomane le le leñwe hèla” le masalela a a tloditsweng a a neng a le a “saka ye.” Lefa go le jalo, o ne a tshwanelwa ke go ‘bua lefoko la Modimo a sena poifo.’ Mme seno o ne a se dira.
20. Bao ba nnang “dinku di sele” ba ile ba arabela jang, ka jalo “lecomane” le ne la golela dilekaneng tse kae gompieno?
20 Go tswa fela kwa tshimologong, makgolo a makgolo-kgolo a arabela, ba dira boineelo jo bo sa pota-poteng go Jehofa Modimo ka “modisa a le moñwe hèla” mme le go supa boineelo jo ka go kolobediwa mo metsing. Mme go tla go fitlha jaana, go sa kgathalege itshunyo-nko ke Ntwa ya Lefatshe II, “dinku di sele” tseo di ile tsa dira “lecomane” lwa maloko a dimilione tse pedi le sephatlo kana go feta, mo mafatsheng a le 205. Bontsi jwa mafatshe ano a ka kwa ntle ga se se bitswang La-Bodumedi, jaaka Japane, koo go nang le palogare ya ngwaga le ngwaga ya baboledi ba ba ineetseng ba ba fetang 70 000 ba molaetsa wa Bogosi, Korea ka ba ba fetang 30 000 mme Nigeria ka ba ba fetang 100 000.
21. Ke go arabeleng ga bomang go pitso ya “modisa a le moñwe hèla” mo La-Bodumedi a tlhabisiwang ditlhong ka gone?
21 Go bua boammaaruri, La-Bodumedi le le tlhogo-e-thata, le le kgwaraletseng pelo le ntse le tlhabisiwa ditlhong ke karabelo e e ntseng jalo go pitso ya “modisa a le moñwe hèla” mo mafatsheng ao puo e e buiwang koo e ka tswang e le thata ebile ka gongwe e ka se buege go ba La-Bodumedi, segolo bogolo puo ya bodumedi ya ditsamaiso tsa tumelo ya bone. Bao ba nnang “dinku di sele” tsa ga Keresete ba bontsha bopelokgale jo bo itumedisang jaaka ba tlhokomologa seo lefatshe le ka tswang le se akanya mme ba kokoanela go “modisa a le moñwe hèla” jaaka Moetapele le Mmoloki yo o neetsweng ke Modimo. Jaaka Modisa wa bone, ba bua Lefoko la Modimo ka go sa boife.
22. Thulano le lefatshe, Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse ba bua Lefoko la Modimo ka boikutlo bofe jwa tlhaloganyo?
22 Seemo sa lefatshe sa poifo se dubegela pele. E le tlaseng ga tlhotlheletso ya badimona merafe e ntse e phuthelwa kwa lefelong la botlhabanelo la Hara-Magedona kwa ntweng ya makgaola-kgang. Basupi ba ga Jehofa ka polokesego ba tla ema mo ditlhakoreng ba ile go lebelela jaaka Modimo wa bone o bona phenyo. Ka go falola Ntwa ya dintwa tsotlhe, ba tla kopanela le masomosomo a legodimo a a ipelang mo go utlwatseng dikgalaletso tsa Modimo o o sa fenngweng, Jehofa, le Ramasole wa gagwe yo Mogolo, Jesu Keresete. (Tshenolo 16:13-16) Eno jaanong ga se nako ya go kata ka sa morago! Gatelang pele he, lona letsomane la Basupi ba ga Jehofa ba ba kutlwano, mo go ‘bueng lefoko la Modimo ka go sa boife’ go fitlhelela lefatshe le tlala ka kitso ya kgalaletso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.—Isaia 11:9; Esekiele 47:1-5.
A o ne wa elatlhoko?
◻ Esekiele o ne a nna le boitemogelo bofe kwa Babelona, mme seno se bona jang setshwani sa sone sa segompieno?
◻ Malebana le maikutlo a seruti, ke ka ntlha yang fa batho ba Modimo ba tlhoka go nna sebete mo go anamiseng Lefoko la gagwe?
◻ Batho ba ga Jehofa ba ba ineetseng ba ile ba bolela molaetsa wa bone jang kwa “chabeñ e e loleme lo sele”?
◻ Ke boikutlo bofe jo o tshwanetseng go bo bontsha jaanong le mo isagweng?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Basupi ba ga Jehofa ba sebete fa ba thulane le kganano le bopelo-e-thata jwa seruti