LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 5/1 ts. 22-23
  • Thuto E E Molemo-lemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto E E Molemo-lemo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ineele go Bala
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • A Ke Tshwanetse go Tlogela Sekolo?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Thuto—E Dirisetse go Baka Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Thuto E E Nang le Boikaelelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 5/1 ts. 22-23

Thuto E E Molemo-lemo

GO ILE ga bolelwa gore ka go bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake!, ga mmogo le dikgatiso tse dingwe tsa Basupi ba ga Jehofa, motho o tla amogela morago ga lobaka lo lo rileng Iwa dingwaga, kitso e e bonalang le e e atlabetseng. Go tshwantsha, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a kwala lokwalo lo lo latelang:

“Ke ne ka tlogela sekolo ka lokwalo lwa bo-9 mo e ka nnang dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano tse di fetileng. Ga ke ise ke ke ke ye sekolong sa sepe sa thuto fa e sale nako eo. Ka tshwanelo, boboko jwa me bo ka bo bo setse bo rusitse, gotlhelele. Ka ntlha ya mabaka a tsa itsholelo—ke ne ka tshwanelwa ke go bereka ka nako e e tletseng go otla lelapa la me—ke ne ka bona go tshwanela gore ke boele kwa sekolong go dira lokwalo Iwa dipoloma lo lo golwane. Ke ne ka simolola sekolo malatsi a mabedi a a fetileng mme morutabana a fetsa ka gore a nneele tlhatlhobo e e tshwanang le eo ke neng ke tla tshwanelwa ke go e pasa gore ke bone dipoloma tsa me. Tlhatlhobo eo e ne e akaretsa dilo tse di jaaka boitseanape, molao, go ithuta matshelo a batho le go bala sentle. Ke ne ka bolelela morutabana gore ke ka se kgone go e kwala ka jaana ke ne ke itse gore ke ne ke se ketla ke dira sentle mo go yone. Mme a ganelela mo go reng ke e kwale.

“Matswela ya nna gore ke e pase fela thata-thata. Lotshwao lwa go pasa lo lo neng lo tlhokafala gore ke bone dipoloma e ne le 35, lo e neng e le lotshwao Iwa palogare. Ke ne ka fitlha mo tekanyong ya go ya go 55, kana boemong jwa ngwaga wa bone mo kholetšheng. Ke ka ntlha yang ke bolela seno? Ka go bo motswedi wa me o mogolo wa go bala mo dingwageng tse di robang bobedi tse di fetileng e nnile dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa. Ke mmadi yo mogolo fela thata wa tsone le go e tla ke tlhotlhomisa.

“Mo tlhatlhobong e ke neng ka e kwala, ke ne ka lemoga gore bontsi jwa dikarabo bo ne bo bonala mo bontsing jwa ditokololo tsa bosheng jaana tsa rona. Ka sekai, mo boitseanapeng go ne go na le dipotso kaga “fluorocarbons,” kgang e e neng ya tlotliwa go Awake! Go ne go tshwana kaga dipotso mabapi le dipalo tsa boitseanape, molao le dithuto tse dingwe, go akareletsa le dikgang tsa ditiragalo tsa bosheng jaana. Ditiragalo tse di ntseng jalo di ne tsa akarediwa mo karolong ya ‘Watching the World’ ya Awake! Gape, go bala sentle ga me go ne go le kwa godimo fela thata-thata. Seno e ne e le ka ntlha ya gore ke ne ka bala fela thata, e le gone mo go tlhokafalang fa e le gore o tla lepalepana le bogolo jwa dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa.

“Malebogo a ya go Jehofa Modimo ka ntlha ya go ruta batho ba gagwe ka ditsela tsotlhe. Ke ntse ga ke dumele maduo a tlhatlhobo e, mme ka jalo ke tshwanelwa ke go abanala boitemogelo jono le lona. Lo tshwanetse lwa itse gore dimakasine le dibuka tsa rona di mosola go le kana kang ruri, ebile tiro e lo e dirang ya go re di re baakanyetsa e re sologela molemo fela thata-thata ka ditsela tsotlhe. Ke lo leboga fela thata lona le Jehofa go bo lo nneile thuto e ke neng ke sa lemoge gore ke na le yone go fitlhelela e lekwa ka tlhatlhobo. Seno se nneile tsholofelo e se kae kaga me, eo ke neng ke e tlhoka fela thata ka nako eo morwalo wa tsa madi o neng o tla wela mo magetleng a me.”

A o batla go gola ka kitso, go bona thuto e e mosola o o kwa godimo fela thata e e ka se bonweng le eleng mo dikholetšheng dipe fela? O ka dira jalo ka go bala makasine ono ka metlha le molekane wa yone, Awake! Ga se fela gore dimakasine tseno di tla go thusa go itse ditiragalo tsa lefatshe mme di tla go thusa gape go bona gore ditiragalo tseno di diragatsa boperofeti jwa Bibela jang mabapi le bokhutlo jwa tsamaiso eno yotlhe ya dilo. Ee, go bala ka metlha dikgatiso tseno ga se fela gore go tla tokafatsa kitso ya gago ka dikgang tsa selefatshe mme go tla go baakanyetsa gape ka kitso e e tla go tsenyang mo tseleng ya go tshelela ruri mo tsamaisong e ntšha ya tshiamo ya Modimo.—Yohane 17:3; 2 Petere 3:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela