Bua Lefoko la Modimo Ka Go Sa Boife mo Motlheng wa Nuclear
‘Bua lefoko la Modimo ka go sa boife.’—BAFILIPI 1:14.
1. Mo dingwageng tse 48 tse di fetileng Mmopi wa atomo le losagaripana Iwa yone o ne a dira gore go buiweng ka go sa boife?
MOTLHA wa nuclear o mo godimo ga rona. Lefatshe lotlhe jaanong le bopelwa ke tlhabano ya nuclear! Mmopi yo o Maatla otlhe wa atomo le losagaripana lwa yone o itse seo sentle. Lefoko la gagwe le a batlang le rerwa lefatshe ka bophara mo motlheng wa rona ke lefe? Mo motlheng wa rona o ile a nna le ‘monna wa tshwantshetso a apere leloba, mo lothekeng lwa gagwe a tshotse inka ya mokwaledi,’ a dira tiro ya go tshwaya.
2. Ke tiro efe ya go tshwaya e e tsweletseng, mme ka boikaelelo bofe?
2 “Monna” yono o ntse a tshwaya diphatla tsa batho ba ba fegelwang le ba ba sonelelwang ke dilo tsotlhe tse di ferosang sebete tse di dirwang, segolo bogolo mo sebakeng sa bodumedi jwa La-Bodumedi, leo le ipolelang go obamela Modimo. (Esekiele, kgaolo 9) Fa ba gopola tsela e baruti ba La-Bodumedi ba neng ba itshwara ka yone ka nako ya Dintwa tsa Lefatshe I le II, batho ba hutsafala fela thata ka seo ba dumelang gore baetapele bao ba bodumedi ba ka se dira ka nako ya ntwa ya nuclear e e ka nnang gone mo selekanyong se segolo sa lefatshe. Ka go solofela dilo tse di botoka tsa seo go tweng ke baetapele ba Bokeresete, ba tshwenyegile tota kaga seo jaanong baruti ba se dumelelang mo lefatsheng leno le le penologang ka boitsholo jo bo sa siameng, le le thubakanyo le le le kgaoganeng ka bodumedi. Mo tsamaisong ya dilo eo e atlholetsweng tshenyego ya pele pele, batho ba ba pelo di siameng bano ba ntse ba tshwaelwa poloko mo tsamaisong e ntšha le e e siameng ya dilo.
3. Ke khutsafalo efe e e leng botlhokwa gona le khutsafalo ya go lebelela go gatlampolwa ka mo go boitshegang, mme ke eng seo go dira tiro ya go tshwaya go ileng ga se biletsa?
3 Ga go bonale go na le tokafalo epe ya dilo mo lefatsheng. Kaga batho ba dipelo tse di siameng ba ba mo teng ga La-Bodumedi le ka kwa ntle ga lone, ke eng se se tla kokobetsang dipoifo tsa bone ka go gatlampolwa mo go thubakanyang mo thulanong e e fa gaufi? Tota, ba ka nna ba hutsafadiwa ke ponalo ya dilo. Mme, se se botlhokwa bogolo, a ba hutsafadiwa ke gobo leina la Modimo wa Bibela e e Boitshepo o a kopanyelediwa le go kgobiwa ka ntlha ya tsela eo ba ba iphakang go nna batho ba gagwe ba itshwereng ka teng? Lefa go ntse jalo, ‘monna yo o apereng leloba’ wa tshwantshetso ke mang yo o ntseng a tshwaya a ba a tshwaya bano ba bantsi ba ba hutsafetseng, mme o dira jalo jang? Tiro eno ya go tshwaya ga e anaanelwe ke baruti ba La-Bodumedi mme ba ile ba e ganetsa ka mabetwa-e-pelo. Ka gone he go ne ga tlhoka botlhoka-poifo jo bogolo gore tiro ya go tshwaya e tle e kgonwe go dirwa.
4. Monna yo o tshwayang o ne a tshwantshediwa ke mang, mme ke ditshwanelego dife tse di batlegang ka bao ba tshwayang mo gompienong?
4 Lefa go le jalo e ile ya tswelela pele le eleng ka kgoeletso e e gakgamatsang fa e sale 1935. E ile ya dirwa ke setlhopha se se ineetseng sa Bakeresete go Jehofa Modimo ka Jesu Keresete, le bao ba neng ba tshwantshediwa ke moperofeti Esekiele, moperisiti wa Iseraele wa bogologolo. Ke ene yo o neng a bona ponatshegelo ya ‘monna yo o neng a apere leloba ebile a tshotse inka ya mokwaledi mo lothekeng lwa gagwe.’ Ba ineetse go Modimo o o tshwanang le o Esekiele a neng a ineetse go one mme ka jalo, jaaka ene, ke basupi ba ga Jehofa. Esekiele wa motlha wa segompieno wa 1984 ke setlhopha sa boperesiti, e le sa Iseraele wa semoya, seo moaposetoloi Petere a neng a kwala mafoko a a fitlhelwang mo go 1 Petere 2:9: “Me lona, lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele, gore lo tlè lo bōnatsè go tlotlomala ga eo o lo biditseñ, a lo bitsa lo le mo lehihiñ a lo isa mo lesediñ ya gagwè ye le gakgamatsañ.”
5. Baperesiti ba ba botlana ba kae bao ba tla bong ba le tlaseng ga yoo Jehofa a mo ikanisang mo boperisitong jo bogolo?
5 Ka jalo, re lemoga setlhopha sa ga Esekiele sa gompieno go nna e le seo se dirilweng ka ba ba direlang ka tsela ya semoya jaaka baperesiti ba ba botlana, tlaseng ga Moperesiti yo Mogolo, Jesu Keresete, yoo Jehofa Modimo a mo ikanisitseng mo boperesitong kafa “mokgweñ oa ga Melekisedeke,” yoo e neng e le kgosi ya Salema wa bogologolo le “moperisiti oa Modimo Mogodimodimo.” (Pesalema 110:4; Genesise 14:18; Bahebera 5:10; 6:20; 7:10, 11, 15-17) Go tswa lekgolong la ntlha la dingwaga, leo go lone moaposetoloi Petere a neng a kwala lokwalo lwa gagwe, Jehofa Modimo o tlhophile maloko a “boperisito yoa segosi” jono, bao kgabagare ba tla nnang 144 000 tlaseng ga Moperisiti yo Mogolo, Jesu Keresete.—Tshenolō 7:1-8; 14:1-4.
6. Ke ba le kae ba “boperisito yoa segosi” bao ba sa ntseng ba le mo nameng mo lefatsheng, mme ba tshwantshetsa motho ofe wa tshwantshetso?
6 Gompieno go na le masalela a mabotlana fela a maloko a “boperisito yoa segosi” ao a sa ntseng a setse a le mo nameng mo lefatsheng, go ya ka pego ya lefatshe go tswa ketekong ya Sejo sa Morena sa Maitseboa ka Mopitlo 29, 1983. Bano ba direla mmogo jaaka monna wa tshwantshetso yo o apereng leloba, yo o tshwayang ba ba tshwanetseng mo diphatleng tsa bone.
7. Ke eng seo bao gompieno ba neng ba tshwantshediwa ke monna yo o neng a apere leloba a tshotse inka ba nang le go ikanya Jehofa gore o tla se ba direla?
7 Moperofeti Esekiele wa bogologolo o ne a tshwanelwa ke go ikokwaela lotheka go nna pelokgale fela thata e le gore a tle a se tshabe baganetsi ba Iseraele ba motlha wa gagwe. Mme Modimo Mothatayotlhe o ne a solofetsa ka gore o ne a tla thatafatsa sefatlhogo sa ga Esekiele fela jaaka difatlhogo tsa baganetsi ba gagwe go nna thata, ee, le eleng go kwakwalala. Ka jalo o ne a sa tshwanela go tshoswa ke baganetsi ba gagwe ba e seng ba sepe. (Esekiele 2:4; 3:8; Isaia 51:12) Ka mo go tshwanang, masalela a semoya a Bakeresete ba ba tloditsweng ao a dirang setlhopha se se neng se tshwantshediwa ke monna yo o neng a apere leloba ebile a tshotse inka mo lothekeng lwa gagwe a tshwanetse a ikanya mo Modimong wa ga Esekiele go thatafatsa difatlhogo tsa bone go tlhabantshanya ka natla tšararego ya baganetsi ba ba moteng le ka kwa ntle ga La-Bodumedi.
8. Jesu o ne a neela ditaelo dife tse di tshwanetseng mo gompienong?
8 Dingwaga tse di makgolo a a ferang bongwe tse di fetileng Morongwa yo Mogolo wa ga Jehofa, Jesu Keresete, o ne a romela barutwa ba gagwe ka molaetsa wa go bua lefoko la Modimo ka go sa boife mo nageng ya bone. Pele ga a ba phatlalatsa, o ne a re: “Le gōna lo se ka loa boiha ba ba bolaeañ mmele, me ba sa nonoha go bolaea mōea: me bogolo lo boihè èna eo o nonohileñ go senya mōea le mmele mo moletiñ.” (Mathaio 10:28) Mo godimo ga moo, mo bukeng ya bofelo ya Bibela o bolelela masalela a a tloditsweng a motlha wa rona: “U se ka ua boiha dilō tse u tlōgañ u boga botlhoko yoa cōna: bōnañ, diabolo o tloga a latlhèla bangwe ba lona mo tluñ ea kgolegèlō, gore lo lekwè; me lo tla bōna pitlaganō ka malatsi a le shomè. U nnè boikañō hèla le go ea kwa loshuñ, me ke tla gu naea serwalō sa botshelō.” (Tshenolō 2:10) Abo mafoko ao a kgothatsa jang ne!
9. (a) Go golegwa ga Basupi ba ga Jehofa ba bantsi mo go kana gompieno go supa gore ba utlwa ditaelo dife tse di neetsweng kwa godimo? (b) Mo kgannyeng ya ga Paulo go supega matswela afe a a fapaaneng?
9 Fa re lemoga gore gompieno go na le basupi ba ga Jehofa mo mafatsheng a a fetang 40 koo tiro ya bone e thibetsweng kana e leng tlase ga kgatelelo—kwa ntle le pelaelo e le Bakeresete ba bantsi jaanong go na le palo ya ba ba neng ba latlhelwa mo kgolegelong mo makgolong a ntlha le a bobedi a dingwaga—Basupi ba ga Jehofa gompieno ga ba boifisewe ke dilo tse ba tla tlogang ba di boga, go akareletsa le kgolegelo. Go golegwa ga Bakeresete go ka nna le matswela godimo ga Bakeresete ka bone go na le jaaka mmaba a ne a ikaeletse. Moaposetoloi Paulo yo o neng a le mo kgolegelong o ne a kwala a le mo kgolegong ya gagwe: “Me bontsi yoa bakauleñwe ba ba mo Moreneñ, ka ba ikantse dikgolegō tsa me, ba nna choshologō bogolo go bua lehoko ya Modimo ba sena poihō.”—Bafilipi 1:14.
10. (a) Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tlhomeletswe go bua molaetsa o o tswang motsweding ofe? (b) Ba tshwanetse ba tsaya boemo bofe jo bo tshwanang le jwa baaposetoloi ba dingwaga tse di makgolo a 19 tse di fetileng?
10 Gompieno, jaaka mo motlheng wa ga Paulo, basupi ba ga Jehofa ga se gore ba bua ka go sa boife molaetsa o o itiretsweng ke motho. Ke molaetsa o o mo nakong o o tswang mo Bibeleng e e Boitshepo, Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo Mogodimodimo, Jehofa. Mo Lefokong leo o bolelela batho ba gagwe ba ba ineetseng, le go kolobediwa gore ba tshwanetse ba nna basupi ba gagwe, ba supela bomodimo le Bogosi tsa gagwe. (Isaia 43:10, 12) Ereka a ba bolelela gore ba bue go tswa Lefokong la gagwe le le senang bogole, ke sebopiwa sefe, kwa godimo kana kwa tlase, se se nang le tshwanelo kana taolo ya go laela kana go ba patelela go emisa go o bua? Boemo jwa baaposetoloi ba Bakeresete ba dingwaga tse 1 900 tse di fetileng bo tshwanetse jwa tsewa, fa ba ne ba bolelela basimegi gore: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditihō 5:29.
11. A batho ba ile ba itira medimo ka go simolodisa bomo ya nuclear, mme go tweng ka taolo e e tswang mo go bone ya go ganetsa go buelwa pele ga molaetsa wa Bogosi?
11 Batho ga ba itira medimo ka bobone ka go simolodisa bomo ya nuclear, mme ba tshwanetse ba ikarabelela go Modimo Mogodimodimo gore ba tla e dirisa jang. (Elatlhoko Pesalema 82:6, 7.) Ka go dira bomo ya nuclear jaaka sekgoreletsi, mebuso e batla go tsweledisa bolaodi jwa yone mo lefatsheng, go na le go tsweletsa dikgatlhego tsa Bogosi jwa Modimo ka Jesu Keresete. Ba nkgelwa le go itshunya nko mo go bolelweng ga Bogosi joo ke balatedi ba boammaaruri, ba ba kutlo ba ga Jesu Keresete gompieno. Motlha ono wa nuclear ga o a siisa nako kana wa thela mmu mafoko a boperofeti jwa ga Keresete: “Me dilō tse e be e le tshimologō ea metlotsedi. Me lo itisè, gonne ba tla lo neèla mo makgotleñ; lo tla bediwa mo matluñ a thutō; lo tla èma ha pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ea me, go nna chupō mo go bōnè. Me Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele. Me e tla re ba lo gōgèla kwa ditshekoñ, me ba lo neèla balaodi, lo se ka loa tlhobaèlèla pele se lo tla se buañ; me hèla se lo tla se nèwañ mo nakoñ euō, lo buè shōna hèla; gonne e tla bo e se lona ba lo buañ, e le Mōea o o Boitshèpō.”—Mareko 13:8-11.
12. Go sa kgathalege kganetso e e thubakanyang, go ne go tshwanetswe ga rerwang pele, mme seno e ne e tla nna tshupo ya eng se se tlhomologileng mo go kana?
12 Metlotsedi ya lefatshe e ne ya simolola ka 1914. Pogiso e e boleletsweng pele ya balatedi ba ba ikanyegang le ba ba kutlo ba ga Jesu Keresete e ne ya latela mme e tswelela pele le gompieno jaana. Bosupi jotlhe bo bontsha gore re tshela kwa ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo,’ ee, e tla bofelong jwa yone jo bogolo jwa motlha ono wa nuclear. (Mathaio 24:3; Mareko 13:3, 4) Mme pele bokhutlo jo bo feletseng bo ka tla, “Mahoko a a Molemō” a na le go ‘rerwa pele.’ Ka jalo go ‘bua Lefoko la Modimo ka go sa boife’ ga lefatshe ka bophara mo boemong jwa Bogosi ke nngwe ya ditshupo tse di tlhomologileng fela thata tsa gore re tshela mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.’—Mathaio 24:14.
Go Ja lefoko la Modimo le Go Tswela Pele Go Le Bua Lefatshe ka Bophara
13. Masalela a a tloditsweng a ne a nna le boitemogelo bofe jo bo tlhalositsweng mo go Tshenolō kgaolo 10 morago ga Ntwa ya Lefatshe I, mme morago ga ntšhafatso e sena go bonwa, go ne ga neelwa taolo efe?
13 Johane, wa bofelo go falola mo barutweng yo o neng a tlhophilwe ke Jesu go nna moaposetoloi, o ne a fetsa tsela ya gagwe ya botshelo jwa selefatshe gautshwanyane le bofelo jwa lekgolo la ntlha la dingwaga. Mo nakong eno ya “bofelo jwa tsamaiso ya dilo” fa e sale 1914 go ile ga nna le masalela a Bakeresete ba ba ineetseng, le go kolobediwa ba ba tloditsweng ka moya wa ga Jehofa. Masalela ano a ne a tshwantshediwa ke Johane, mokwadi wa buka ya bofelo ya Bibela, Tshenolō. Mo ngwageng wa ntlha wa morago ga ntwa wa 1919 masalela ano a ne a nna le boitemogelo jo bo jaaka jo Johane a bo tlhalosang malebana le ene mo go Tshenolō kgaolo 10. Boitemogelo jono bo ne bo tla diragala gaufi le nako ya fa “bosaitsiweñ yoa Modimo,” kana “Sephiri se se boitshepo,” se ne se tla tlisiwa mo bokhutlong jwa sone. (Tshenolō 10:7, NW) Jaaka go ka bolelwa ga twe, morago ga go bona ntšhafalo ya semoya, ka go ja “lokwalōnyana” lo lo monatšana lo ba neng ba lo neelwa, bao ba neng ba bopa setlhopha seno sa segompieno se se neng se tshwantshediwa ke Johane, ba ne tota ba bolelelwa ga twe: “U na le go ba u perofesa gapè kaga batho ba le bantsi, le merahe, le dipuō, le dikgosi.”—Tshenolō 10:10, 11.
14. Thomo e e neng ya ya kwa go moaposetoloi Johane a le kwa Patamosa e diragadiwa ke mang?
14 Boo moaposetoloi Johane mo setlhakeng sa Patamosa o ne a kgona go diragatsa ka botlalo kabelo ya gagwe ya tirelo ya bogolo jo bo kalo le mo botsofeng jwa gagwe, ga re na pego e e tlhotlheleditsweng kaga se. Mme go tweng ka ba ba tloditsweng ba gompieno ba ba neng ba tshwantshediwa ke Johane? Setlhopha seno ke se se diragatsang boemo jwa gagwe jwa boperofeti ebile ba bona thomo ya gagwe e diragadiwa ka botlalo. Polelwana, “U na le go ba u perofesa gapè,” go supa gore go tsweledisa tiro ya gagwe ya bosupi go ne go kgorelediwa ke go nna lejwa kwa Patamosa. Go bonala sentle gore seo a neng a se bolelelwa koo tota se ne se lebisitswe go setshwani sa gagwe sa segompieno. E re go ntse jalo, re tlamega go botsa: Ke mo mafatsheng a le kae le dipuo tseo Basupi ba ga Jehofa ba buang Lefoko la Modimo ka go sa boife jaaka ba gakalela go rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, . . . mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō”?—Mathaio 24:14.
15. Ke go ya bokgakaleng jo bo kae go rerwa go dirwang jaanong?
15 1983 Yearbook of Jehovah’s Witnesses e bega mafatshe a le 205, ka dibuka tsa Bibela di gatisiwa ka dipuo di ka nna 190. Mafatshe ao go akarelediwa batho ba bantsho, basweu, basetlha, bahibidu le ba ba rokwa, le gape e le ba ditso tse di farologaneng, masika le makoko ga mmogo le diteme. Fa e sale Ntwa ya Lefatshe I palo ya “dikgosi” tse di busang e ile ya fokodiwa thata, mme go na le mefuta e mentsi ya babusi ba bopolotiki ba ba busang ga jaanong. Go sa kgathalege tlotla ya bone ya bosimegi kana seemo sa bone sa bopolotiki, molaetsa wa Basupi ba ga Jehofa gompieno o akareletsa le go dira mo go bone botlhe. Go thibelwa ga Basupi ba ga Jehofa mo mafatsheng a mantsi mo go kana go neela bosupi jwa seno.
16. Ka jalo ke polelo efe e e tswetseng pele kwa ntle go kgoreletso epe, go sa kgathalege dithapelo tsa bodumedi dife ka baetapele ba lefatshe?
16 Ka jalo go sa kgathalege Kgolagano ya Merafe le motlhatlhami wa yone, Merafe e e Kopaneng, tseo di neng tsa tlhongwa ka go batla le go boloka lefatshe le le kitlanyeng, go bolelwa ka botlhokapoifo ga Bogosi jwa Modimo ka Keresete jaaka tsholofelo e le yosi ya setho go ile ga gatela pele kwa ntle go kgoreletso epe. “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” a a ntseng jalo ga a a ka a bonala a le “molemō” go baetapele ba lefatshe, ka go bo a farologana thata le seo ba neng ba gopotse gore se molemo, ee, se siame, go setho se se tlhasetsweng. Ba ikutlwa gore ba ka tlhokomela ka bobone dikgang tsa selefatshe jaaka papadi ya bone. Fa e le gore ba utlwa go tlhokafala thuso e e fetang ya motho, ke “modimo oa lehatshe yeno” koo dithapelo tsa bone tsa bodumedi di neng tsa ya gone mme eseng go feta foo. Mosimolodi wa bomodimo wa “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” ga a tseisanye molelo le “lehatshe yeno” leo modimo wa lone e leng Satane Diabolo.—2 Bakorintha 4:4.
17. (a) Ke ka ntlha yang fa Lekofo la Modimo le le kwadilweng le padile go tlosiwa ke baganetsi? (b) Fa e sale 1919 Lefoko leo le ile la goelediwa ka mang?
17 Boperofeti jwa Bibela ka papamalo bo bolela gore lefoko la Modimo le ntse ka bo sa khutleng le gore le tla nna ka bosaengkae. (1 Petere 1:23-25) Nako kgolo ke eno dipolelwana tseo ga di a itshupa e le maaka. Bibela, Lefoko la Modimo le le kwadilweng ka tlhotlheletso, ga le a ka la phimolwa, go sa kgathalege maiteko otlhe a batho a go le senya ka dithibelo le melelo ya bodumedi. Ka mo go tshwanang, go rerwa ga Lefoko le le kwadiIweng leo la Modimo go ne go tlhoka mongwe gore a go goeletse le go go utlwatsa. Go bua Lekofo leo la Modimo ka botlhoka-poifo go ile ga kokomogela pele ka Basupi ba ga Jehofa fa e sa le ngwaga wa morago ga ntwa wa 1919 ka palo e e oketsegang ya melomo, go sa kgathalege maiteko a baba ba ba shakgetseng go hupetsa babui ba ba pelokgale.
18. Jehofa o tla tswelela pele go thatafatsa diphatla tsa ba ba ntseng jalo go fitlhelela leng?
18 A go ka nna le sebaka sa pelaelo gore Monei wa Selegodimo wa Lefoko leo o tla tswelela go thatafatsa diphatla tse di tshwanang le teemane tsa setlhopha sa gagwe sa ga Esekiele sa segompieno le balekane ba bone ba ba pelokgale go thulana le baganetsi ba ba tlhogo dithata go fitlhelela tshenyego e nyeletsa kganetso ya bone? Ga go na epe gotlhelele! O ile a atlegisa tsela ya basupi ba gagwe nako kgolo ke eno. O tla nna a dira gore tsela ya bone e tlhogonolofale go fitlhelela go “perofesa gapè kaga batho ba le bantsi, le merahe, le dipuō, le dikgosi” go sena go wediwa ka go sa boife. Go ka lebelelwa gore a dire seno, kgalaletsong ya gagwe le tlotlomalong ya bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe.
A O Ka Gakologelwa?
◻ Ke eng se se neng se tshwantshediwa mo motlheng wa rona ke ‘monna yo o neng a apere leloba yo o neng a tshotse inka ya mokwaledi,’ mme jaanong ke tiro efe e a e dirang?
◻ Ke ka ntlha yang fa botlhoka-poifo bo tlhokafala mo letlhakoreng la Basupi ba ga Jehofa?
◻ Fa moaposetoloi Johane a sena go ja “lokwalōnyana,” he o ne a tshwanelwa ke go dirang, mme seno se tshwantshetsa eng mo metlheng ya gompieno?
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Mo motlheng ono wa nuclear monna mongwe wa tshwantshetso a apere leloba o tsweledisa tiro ya botlhoka-poifo. A o kopanyelediwa mo tirong eo?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Jaaka Johane a ne a amogela lokwalo lwa tshwantshetso le taolo ya go “perofesa gapè,” ka jalo Bakeresete gompieno ba bolela molaetsa wa Modimo ka go sa boife