Lefoko la Modimo Le Tshedile
A O Boifa Se Ba Bangwe Ba Se Akanyang?
“BASUPI BA GA JEHOFA ga se Bakeresete,” mosetsanyana yono wa sekolo o bolela jalo. “Ga ba keteke le eleng Keresemose.” Ba bangwe mo tlelaseng ba kopanela le ene mo go sotleng Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya ditumelo tsa bone.
A re re ka gongwe o mosha wa Mosupi ebile o le gone fa dilo tseno di buiwa. Bao ba leng mo tlelaseng ga ba lemoge gore tota Keresemose ke moletlo wa boheitane le gore Bakeresete ba pele ga ba ise ba ke ba e keteke. Le eleng gone go itse gore dilo tse dingwe tse di buiwang ka Basupi le tsone gape ke maaka. Go tweng fa e le gore mongwe wa balekane ba sekolo o retologela kwa go wena mme a goela kwa godimo mo ba bangwe ba utlwang: “O mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, a ga go jalo?” O ne o tla reng?
O ne tla bo o le mo boemong jo bo tshwanang le jo moaposetoloi Petere a neng a le go jone bosigo jwa pele ga go bolawa ga ga Jesu Keresete. Mo bosigong joo Jesu o ne a gogelwa kwa ntlong ya moperesiti yo mogolo koo go neng go na le pokano ya baetapele ba bodumedi. Petere o ne a ba latela mme a letela a le ka kwa ntle mo lapeng. Mongwe wa basetsana ba malata a moperesiti yo mogolo o ne a bona Petere mme o ne a re: “Monna eo le èna, o na a nna naè,” mme Petere a itatola.
Morago ga lobakanyana motho mongwe o ne a bona Petere mme a re: “Le wèna u moñwe oa bōnè.” Petere a araba ka gore: “Monna, ga se nna.” Moragonyana ga mo e ka batlang e nna oura, ba bangwe ba ne ba simolola go bolela ka gore: “Amarure, monna eo le èna, o na a nna naè; ka e le Mogalilea.” He Petere, jaaka o mmona fano, a fetola ka gore: “Monna, ga ke itse se u se buañ.”—Luke 22:54-60; Mareko 14:53-71.
Mme seno se ne se se boammaaruri. Petere o ne a itse Jesu sentle bontlenyane. Tota, dioura di se kaenyana fela go le pele, o ne a tlhomamisetsa Jesu: “Morèna, ha ke na nau ke iketleeditse go ea tluñ ea kgolegèlō, le mo loshuñ.” (Luke 22:33) Ke eng se se neng sa tsala phetogo eno ya boikutlo ka tshoganyetso mo go Petere? Poifo. Mo bosigong jono boammaaruri bo ne bo sokamisiwa. Seo se neng se siame se ne sa dirwa gore se bonale se sa siama, ebile yo o neng a sena molato a na nao. Ka jalo, ka ntlha ya poifo ya gore ba bangwe ba ne ba tla akanya eng le gore gongwe ba ne ba tla dirang, Petere o ne a seka a bolela boammaaruri. O ne a seka a tlotla Modimo kana Morwawe, Jesu Keresete.
Maemo a a tshwanang a ka nna a tlhagoga gompieno. Go boammaaruri gore Petere o ne a ikotlhaela ka mmaanete ditatolo tsa gagwe mme o ne a bona boikwatlhao jo a neng a bo batla ka matlho a mahibidu mo go kalo. (Luke 22:61, 62) Mme abo go le botoka jang ne go tila boitemogelo jo bo ntseng jaaka jo! A o ikemiseditse go lebana le maemo a a tshwanang le a Petere a neng a thulana le one—ka sekai, ka nako ya Keresemose? A o dirile boikemisetso jo bo tiileng jwa go emela boammaaruri le go tlotla Jehofa Modimo le Morwawe go sa kgathalege maemo ao a ka tlhagang?