Modimo Morwa Kana “Morwa Modimo”?
“U Keresete, Morwa Modimo o o tshedileñ.”—MATHAIO 16:16.
1. (a) Ke pono efe e maloko a mantsi a dikereke a nang le yone kaga Jesu? (b) Ke kakgelo efe e e kgatlhisang eo Jesu a neng a e dira kaga seno?
A JESU e ne e le Modimo? Maloko a mantsi a dikereke tsa La-Bodumedi a ne a tla araba ka gore ee. A mme o itse gore go na le mongwe yo Jesu a neng a mmitsa “Modimo”? Bula Bibela ya gago go Yohane 20:17 mme o bale mafoko a ga Jesu ka sebele boaphelong jwa temana eo: “Ke tlhatlogèla kwa go Rrè, le Rra eno, le kwa go Modimo oa me, le Modimo oa lona.” Fa e le gore seo se a go gakgamatsa, o ka akabadiwa ke dilo tse dingwe tseo Bibela e di bolelang kaga Jesu le Modimo.
2. Ke dikakgelo dife tse dingwe tse di kgatlhisang tse Bibela e di dirang ka kamano magareng ga Jesu le Modimo?
2 Akanya go sekaenyana, kaga moengele yo a neng a bolela ka botsalo jwa ga Jesu go Maria. Ga a ka a re ngwana wa gagwe o ne a tla nna Modimo, mme o ne a tla nna “Morwa Modimo.” (Luke 1:35) Mme go na le gore di re, jaaka bangwe ba dira, “Modimo ka Boone” o ne wa tla mo lefatsheng go baakanyetsa ka thekololo, Dikwalo di re “Modimo oa roma Morwa ōna” go dira seno.—Bagalatia 4:4, 5; 1 Yohane 4:9, 10.
3, 4. Ke jang dipolelwana tsa ga Petere le Johane Mokolobetsi di sa dumalaneng le thuto ya La-Bodumedi kaga Tharo-nngwe?
3 Jesu o ne a botsa barutwa ba gagwe gore ba ne ba akanya gore ke mang. A Simone Petere o ne a fetola ka gore: “O Modimo”? Nnyaa. Petere o ne a re: “U Keresete, Morwa Modimo o o tshedileñ.” A Jesu o ne a leka go baakanya Petere? Nnyaa, Jesu o ne a re: “U segō, Simona Bara-Yona: gonne ga ua go senolèlwa ke nama le madi, ha e se ke Rrè eo o kwa legodimoñ.”—Mathaio 16:15-17.
4 Bakwadi ba bodumedi, bao ba dumelang gore Modimo ke Tharo-nngwe, ba bua ka “Modimo Morwa.” Lefa go ntse jalo, Johane Mokolobetsi ga a ka a bitsa Jesu “Modimo Morwa” mme “Morwa Modimo.” Barutwa ba ga Jesu ga ba a ka ba re, o “Modimo Morwa” mme, “Amarure u Morwa Modimo.” Go na le pharologanyo e kgolo magareng ga dipolelwana tseno.—Yohane 1:34; Mathaio 14:33.
A Rara O Mogolo?
5. Go ka bolelwang ka boemo jwa selegodimo jwa ga Jesu?
5 Bibela e bolela ka go nna gone ga ga Jesu pele ga a nna motho. O ne a nna gone pele ga ga Aberahame, o ne a na le Rraagwe wa selegodimo “pele lehatshe le e se le nne,” e ne e le “motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe” me “dilō cotlhe di bopilwe ka èna.” (Yohane 17:5; 8:58; Bakolosa 1:15-17) Jesu o ne a “ikokobetsa, a ineèla hèla le mo loshuñ, eboñ e e leñ losho loa mokgōrō. Ke gōna ka mouō Modimo le ōna o mo godisitseñ thata, me oa mo naea yeōna leina ye le hetañ maina aotlhe.” Bibela gape e re “Modimo oa Morèna oa rona Yesu Keresete,. . . [wa] mo cosa mo bashwiñ, me oa mo dudisa kaha lecogoñ ya ōna ye legolo mo mannoñ a selegodimo, Kwa godimodimo ga pushō eotlhe, le taolō, le thata, le bogosi, le maina aotlhe a a rewañ, e señ mo hatshiñ yeno yeosi, e leñ le mo go ye le tlañ.”—Bafilipi 2:8, 9; Baefesia 1:17, 20, 21.
6-8. Ke dilo dingwe dife tse Jesu a neng a di bolela kaga boemo jwa gagwe malebana le Rara?
6 Lefa go le jalo Jesu gangwe le gape o bontshitse eseng bolekane mme kutlo go Rraagwe. O ne a bolela gore o ne a romilwe ke Rraagwe, a lailwe ke Rraagwe, a laetswe seo a neng a tla se bua ke Rraagwe. (Yohane 3:17; 5:36; 6:38; 12:49, 50) Jesu o ne a bolela gore o ne a “weditse tihō” e Rraagwe a mo fileng yone go e dira, mme le gore balatedi ba gagwe “ba itsile ha [Rara] u nthomile.”—Yohane 17:4, 6, 18, 25.
7 Le eleng baba ba ga Jesu ga ba a ka ba mo pega molato wa gore o ne a re ke Modimo. Mo boemong jwa moo, ba ne ba re o ne a “itekanya le Modimo” ka go bitsa Modimo Rraagwe. Ba ne ba batla go bolaya Jesu ka go bo, jaaka thanolelo ya Katoliki ya Roma e e itsegeng e e baya: “O ne a bua ka Modimo jaaka Rraagwe tota, mme a itira molekane wa Modimo.” Jesu o ne a re: “Amarure, amarure, kea lo raea, Morwa ga a na go diha sepè ka esi, ha e se se o bōnañ Rara a se diha: gonne dilō tse o di dihañ, Morwa le èna o di diha hèla yalo.”—Yohane 5:18, 19, The Jerusalem Bible.
8 Go sa kgathalege boemo jwa gagwe jo bo kwa godimodimo, Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Yohane 14:28) Batho bangwe ba bolela gore seo se ne se le boammaaruri fela fa Jesu a ne a santse a le mo lefatsheng mme le gore ga se sa tlhole se le boammaaruri jaanong ka go bo a tlhatlogetse legodimong. Mme seo ga se seo Bibela e se buang.
Morago Ga Tlhatlogo ya ga Jesu
9. Paulo o ne a bontsha jang pharologanyo le eleng magareng ga Jesu yo o tsositsweng le Modimo?
9 Fa Jesu a se na go tlhatlogela legodimong, balatedi ba gagwe ba ne ba tswelela go ruta gore Rara o mogolo bogolo go Morwa. Go feta dingwaga tse 20 moragonyana, Paulo o ne a kwala kaga “Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete.” (Baroma 15:6) Leba ka kelotlhoko mafoko ao. Paulo o bua ka Modimo wa ga Jesu. Ka nako tsotlhe Paulo o ne a dira pharologanyo eno e seng fela magareng ga Rara le Jesu mme magareng ga Modimo le Jesu. O ne a kwala ka Modimo le Keresete. Tumediso ya ga Paulo e e lekanyeditsweng mo dikwalong tsa gagwe e ne e le: “A tshegōhaco e nnè le lona, le kagishō e e cwañ Modimoñ Rra oa rona, le Morèna Yesu Keresete.’’ (Baroma 1:7; 1 Bakorintha 1:3; 2 Bakorintha 1:2; Bagalatia 1:3; Baefesia 1:2; Bafilipi 1:2) Paulo gape o ne a kwala, e seng gore Keresete ke Modimo, mme gore ke “sechwanō sa Modimo,” ka gone a emela Modimo sebele. (2 Bakorintha 4:4) Lefa go ntse jalo, moranodi wa The Living Bible, yo o dumelang gore Modimo ke Tharo-nngwe, o ne a fetola temana eno go balega jaana, “Keresete, yo e leng Modimo.’’ Mme ereka seo e se sone tota seo e se buang, tlhalosonyana e e kwa tlase e ne ya oketsa ka gore: “Tota, ‘yo e leng setshwano sa Modimo.’”
10. Tshenolō e bontsha jang pharologanyo magareng ga Jesu le Modimo?
10 Buka ya Bibela ya Tshenolō gape e farologanya e seng fela magareng ga ga Jesu le Rara mme le magareng ga Jesu le Modimo. E bula ka gore: “Tshenolō ea ga Yesu Keresete, e Modimo o e mo neileñ.” (Tshenolō 1:1) Morago ga tlhatlogo ya ga Jesu dingwaga tse di fetang 60, Tshenolō e tsopola Jesu yo o galaleditsweng wa selegodimo a re: “Eo henyañ ke tla mo diha lekotwana mo tempeleñ ea Modimo oa me,. . . ke tla kwala mo go èna leina ya Modimo oa me, le leina ya motse oa Modimo oa me, eboñ Yerusalema o mosha, o o hologañ mo legodimoñ kwa Modimoñ oa me, le leina ye e leñ ya me ye lesha.’’—Tshenolō 3:12.
11. Pharologanyo eno magareng a Jesu le Modimo e dirwa jang mo kgaolong ya bofelo ya Bibela?
11 Pharologanyo eno magareng ga Modimo le Kwana Jesu Keresete e papamadiwa go fitlhelela kgaolong ya bofelo ya Bibela, koo setulo se segolo sa selegodimo sa Jerusalema o Mosha o o tsabakelang se sa tlhalosiweng jaaka setulo sa Tharo-nngwe e e ikgopolelwang, mme jaaka “setulō sa bogosi sa Modimo le sa Kwana.” (Tshenolō 22:1, 3) Dipolelwana tseno ga di bokete go tlhaloganngwa, kwa ntle fela fa o ile wa rutwa go leka go di dira gore di bue sengwe seo di sa se bueng.
“Kaha Lecogoñ ye Legolo ya Nonohō”
12. (a) Jesu o ne a tlhalosa jang boemo jo a neng a tla nna le jone morago ga tsogo ya gagwe? (b) Pesalema 110:1 e bontsha jang gore Jesu ga se Jehofa?
12 Baba ba ga Jesu, ba ba neng ba batla lebaka la go mmolaya, ga ba a ka ba botsa fa e le gore o ne a iphaka gore ke Modimo, mme boo e ne e le “Keresete, Morwa Modimo.” O ne a araba ka gore: “U boletse: leha go nntse yalo kea lo raea, kwa pele lo tla bōna Morwa Motho a dutse kaha lecogoñ ye legolo ya nonohō, mme a tla ka maru a legodimo.” (Mathaio 26:63, 64) Go le pelenyana Jesu o ne a tsopola a ba a dirisetsa mafoko a ga Dafide mo go ene: “Yehofa o raea morèna oa me, a re, Dula kaha lecogoñ ya me ye legolo, go tsamaee ke dihe baba ba gago sebèō sa gago sa dinaō.” Jesu ga a ka a re e ne e le Jehofa, kana karolo nngwe ya Tharo-nngwe e e seng ya dikwalo, mme o ne a re o ne a tla bo a le kafa letsogong je legolo ja ga Jehofa, a letetse nako le go dira ga maikaelelo a Modimo.—Pesalema 110:1; Mathaio 22:42-44.
13. Setefane o ne a bonang e le fela pele ga go neela botshelo jwa gagwe jwa tumelo?
13 Setefane, motho wa ntlha go swela tumelo ya gagwe mo go Keresete, o ne a newa ponatshegelo ya ga Jesu yo o tsositsweng mo legodimong. A o ile a bona Jesu a ntse jaaka Modimo, kana karolo nngwe ya Tharo-nngwe? Nnyaa. Jaaka Jesu le Dafide ba ne ba bolelela pele, o ne a bona Jesu “Kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo.” The Living Bible e re Setefane o ne a bona “Jesu Mesia a eme go bapa le Modimo, kafa letsogong je legolo!”—Ditihō 7:55, 56.
14. Ponatshegelo ya ga Daniele e bontshang kaga “moñwe eo chwanañ le moñwe morwa motho’’?
14 Pono e e atlabetseng ya seno e bonwa mo ponatshegelong e e gakgamatsang ya ga Daniele ya yo Mogologolo. Daniele o ne a kwala ka gore: “Me ka leba mo dipōnatshegeloñ tsa bosigo, me, bōnañ, ga tla mo maruñ a legodimo moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho, me a tla hèla kwa go eo mogologolo, me ba mo atametsa ha pele ga gagwè. Me a nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè: pushō ea gagwè ke pushō e e sa khutleñ, e e se ketlañ e heta, le bogosi yoa gagwè ke yo bo se ketlañ bo señwa.” (Daniele 7:13, 14) Jesu e ne e se yo Mogologolo, Jehofa Modimo, mme e ne e le Morwa motho. Mme elatlhoko gore ene yono o ne a tlisiwa fa pele ga Rraagwe wa selegodimo, go amogela “pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè.”—Bapisa Mathaio 25:31.
15. Tshenolō e bontsha gore boidiidi jono jo bogolo bo tla bo bo itseng?
15 Buka ya Bibela ya ga Tshenolō e bontsha ka botlalo gore boidiidi jo bogolo go tswa merafeng le dipuong tsotlhe bao ba tlang go nna kafa tlase ga bobusi jwa ga Keresete ba tla bo ba le batho ba ba itseng pharologanyo magareng ga Modimo le Kwana Jesu Keresete, ka go bo kgoeletso ya bone ya pako ke: “Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” Mo godimo ga moo, ba ba 144 000 ba ba emeng le Kwana Jesu Keresete mo Thabeng ya Siona ya selegodimo ba kwadiIwe “leina ya gagwè, le leina ya ga Rragwè, mo diphatleñ tsa bōnè.”—Tshenolō 7:9, 10; 14:1.
Morwa Mang?
16. Bajuda ba ne batla tlhaloganyang fa Jesu a ne a re Rraagwe ke ene yo ba neng ba mmitsa Modimo wa bone?
16 Bajuda ba ne ba itse kaga leina la Modimo. Ba ne ba itse gore Jesu o ne a bua kaga mang fa a ne a re: “Rrè ke èna eo o nkgalaletsañ: eo lona lo reñ, ke Modimo oa lona.” (Yohane 8:54) Modimo ono e ne e le mang? Boo ba ne ba tla le bitsa kana nnyaa, ba ne ba bona leina la gagwe mo dikaelong tsa bone tsa dikwalo, ebile le ne le le mo memenaganong mo masinagogeng a bone, mme le ne le kwadilwe ka ditlhaka tsa Sehebera mo thanolelong ya Bibela ya Segerika ya Septuagint e ba neng ba e bala le go e dirisa. (Bona setlhogo “Leina la Modimo le mo Dikwalong tsa Bokeresete,” tsebe 8.) Jehofa ga se leina le lengwe la ga Jesu. Fa Jesu a ne a re “Modimo ke Rraagwe” mme ene a ipitsa “Morwa Modimo,” bareetsi ba gagwe ba Bajuda ba ne ba tla tlhaloganya gore o ne a le Morwa ene yo leina la gagwe le neng le kwadilwe ka ditlhaka tsa Sehebera YHWH. O ne a sa re e ne e le Jehofa, mme gore e ne e le Morwa Jehofa.—Yohane 5:18; 11:4.
Kgolagano E Ntšha ya Bokeresete
17, 18. (a) Ke dintlha dife tse dikgolo tseo o di bonang mo polelelo peleng ya ga Jeremia ya kgolagano e ntšha, mme polelelo pele eno e botlhokwa go le kana kang? (b) Motsereganyi wa kgolagano eno o ne a dirang?
17 Polelelo-pele e kgolo ya ga Jeremia ka kgolagano e ntšha e bontsha gore eseng fela Bajuda mme Bakeresete gape, ba ne tla nna batho ba leina ja ga Jehofa. Fa e le gore baranodi ba Bibela ya gago ka tshwanelo ba dirisitse leina la Modimo koo le bonalang teng mo Sehebereng sa pele, o tla bala jaana:
“Bōnañ, metlha ee tla, go bua Yehofa, e ke tla dihañ kgōlaganō e ncha ka eōna le ba ntlo ea Iseraela, le ba ntlo ea Yuda, . . . Me kgōlaganō e ke tla e dihañ le ba ntlo ea Iseraele moragō ga metlha euō ke e, go bua Yehofa: ke tla tsenya molaō oa me mo teñ ga bōnè, ke o kwala mo peduñ tsa bōnè; ke tla nna Modimo oa bōnè, le bōnè ba tla nna batho ba me: Me ga ba ketla ba tlhōla ba ruta moñwe le moñwe oa ga gabō, moñwe le moñwe ñwana a rragwè, ba re, Itse Yehofa: gonne ba tla nkitse botlhe hèla, go simolola ka eo mmōtlana go ea go eo mogolo mo go bōnè, go bua Yehofa.”—Yeremia 31:31-34.
18 Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o tsaya dikgaolo tse nne tsa buka ya Bahebera (dikgaolo 7-10) go tlotla ka kgolagano eno e ntšha, eo Modimo o neng wa e tlhoma le Iseraela wa semoya. Paulo ga a akantshe gore Keresete ke modiri wa kgolagano eno (eo e neng ya nitamisiwa ka madi a gagwe), mme gore Keresete e ne e le “motsereganyi” wa yone. Modiri wa yone e ne e le Jehofa Modimo. Fa e le kaga motsereganyi wa yone, Paulo o kwala ka gore: “Gonne Keresete . . . o tsenye mo go ye e leñ legodimo tōta, go tla a bōnalèla rona yanoñ ha pele ga sehatlhōgō sa Modimo.”—Bahebera 8:6; 9:15, 24.
19. Polelelo-pele eno e re Modimo wa bao ba leng mo kgolaganong e ntšha ya Bokeresete e tla bo e le mang?
19 Jeremia a re Modimo wa Bakeresete mo kgolaganong e ntšha e tla bo e le mang? Jehofa! Ke Jehofa yo o neng a re: “Ke tla [dira] . . . Ke tla tsenya . . . Ke tla nna Modimo oa bōnè.” Mme polelelo-pele eno e re ka Bakeresete mo kgolaganong e ntšha: “Gonne ba tla nkitse botlhe hèla, go simolola ka eo mmōtlana go ea go eo mogolo mo go bōnè, go bua Yehofa.” Ka jalo botlhe bao eleng gore eleruri ba mo kgolaganong e ntšha ya Bokeresete—ga mmogo le Bakeresete ba bangwe ba ba ikanyegang ba ba kopanelang le bone—ba tla nna batho ba ba itseng le go direla Jehofa! Go feta dingwaga tse 400 tse di fetileng, John Calvin o ne a kwala ka gore: “Mafoko ano, ‘Itse Jehofa,’ a supela go dikarolo tsa ntlha tsa tumelo—Commentaries on the Book of the Prophet Jeremiah and the Lamentations, ka John Calvin, e ranotswe ke John Owen, tsebe 136.
Boemo jo bo Fetotsweng
20. Bareetsi ba ga Jesu ba ne ba tlhoka go lemogang?
20 Mo motlheng wa ga Jesu bareetsi ba gagwe ba ne ba itse Modimo wa ga Aberahame, wa ga isake le wa ga Jakobe. Borraabo-mogolo ba ne ba obamela Jehofa, mme ba ne ba na le tempele ya ga Jehofa mo gareng ga bone. Seo ba neng ba tlhoka go se itse e ne e le botlhokwa jwa go tlotla le go latela Jesu. Ka gone Jesu o ne a re botlhe ba ne ba tshwanetse gore ba “tlotlè Morwa hèla yaka ba tlotla Rara. Eo o sa tlotleñ Morwa, ga a tlotle Rara eo o mo romileñ.’’—Yohane 5:23.
21, 22. (a) Boemo jono bo fetotswe jang gompieno? (b) Ga re a tshwanela go tlhokomologang?
21 Gompieno boemo ke jo bo fetogileng. Maloko a dikereke tsa La-Bodumedi ba bua ka mo go fetileng thata ka Jesu mme ba tlhokomologa “Rara eo o mo romileñ.” E ne e le Modimo yo o neng a godisa Jesu le go mo tlotlomatsa “thata, me oa mo naea yeōna leina ye le hetañ maina aotlhe; Gore mañōlè aotlhe a khubamè ka leina ya ga Yesu, a dilō tse di kwa legodimoñ, le a dilō tse di mo lehatshiñ, le a dilō tse di kwa tlhatse ga lehatshe. Le gore diteme cotlhe di bolèlè ha Yesu Keresete e le Morèna, kgalalecoñ ea Modimo Rara.”—Bafilipi 2:9-11.
22 Ga re a tshwanela, jaaka bantsi ba ile ba dira, go tlhokomologa lebaka leo—gore boipolelo jwa rona ka Jesu bo tshwanetse go nna “kgalalecoñ ea Modimo Rara.” Bontsi jwa baetapele ba bodumedi gompieno, mme ka gone le matsomane a bone, ba ile ba lebala gotlhe ka Rara. Lefa go le jalo, mo thapelong go Rraagwe wa selegodimo, Jesu o ne a re: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure.” Mme seo ga se a lekanela. Re tshwanetse gape ra ithuta le go latela ene yo Modimo o neng wa mo roma. Ka gone, Jesu o ne a tswelela, “Le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”—Yohane 17:3.
[Dipotso tsa Poeletso]
◻ Ke dipolelwana dife tsa Bibela tse di bontshang pharologanyo magareng ga ga Jesu le Modimo?
◻ A mafoko a ga Jesu “Rara o mogolo bogolo go nna,” a ne a santse a le boammaarurl le eleng morago ga go boela ga gagwe kwa legodimong?
◻ Ke eng seo Dafide le Daniele ba neng ba se bolela seo se re thusang go tlhaloganya boemo jwa ga Jesu mo legodimong?
◻ Polelelo-pele ya ga Jeremia kaga kgolagano e ntšha e bontsha gore Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tla bo ba itse eng kaga Modimo?
[Lebokoso mo go tsebe 19]
“Modimo Morwa” Mogopolo wa Moragonyana
The “New Catholic Encyclopedia,” Bolumo 13, tsebe 426, e re: “Go botsa boo Testamente e Ntšha e lebisa Jesu jaaka Modimo Morwa” ke go “senka megopolo ya motheo kaga Gagwe eo e neng ya tlhagolelwa moragonyana fela jaana.”
Ka gone, Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba ruta gore e ne e le “Morwa Modimo,” mme e ne e le bora-dikereke moragonyana bao ba neng ba tlhagolela mogopolo wa “Modimo Morwa.”