LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 6/15 ts. 16
  • A“Lehoko” E Ne E le Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A“Lehoko” E Ne E le Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo Morwa Kana “Morwa Modimo”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Boammaaruri ka Rara, Morwa le Moya o o Boitshepo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Go Itse Modimo le Morwawe Sentle go Isa Botshelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • “Ba ba Bidiwang ‘Medimo’”
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 6/15 ts. 16

A“Lehoko” E Ne E le Modimo

BATHO bao ba dumelang gore Modimo ke Tharo-nngwe, le gore Jesu ke Modimo, ba supela go Yohane 1:1 le Yohane 20:28 jaaka bosupi jwa tumelo eno.

Mo dithanolelong tse dintsi Yohane 1:1 e re: “E rile mo tshimologoñ Lehoko a bo a nntse a leeō, me Lehoko a bo a nntse a na le Modimo, me Lehoko ea bo e le èna Modimo.” Lefa go ntse jalo, baranodi ba ba nang le digakolodi ba ile ba bona go tlhokafala go bolela gore go na le pharologanyo magareng ga ditiriso tse pedi tsa lefoko “Modimo’’ mo temaneng eno.

The New English Bible e re, “Seo Modimo a neng a le sone, Lefoko a bo a le sone.” Today’s English Version e re, “O ne a tshwana fela le Modimo.” An American Translation e re, “Lefoko a bo a na le bomodimo.”

Ke ka ntlha yang fa dithanolelo tseno ga motlhofo di sa re fela Lefoko “ea bo e le èna Modimo”? Ka go bo ka Segerika, seo temana eno e neng ya kwalwa ka sone, tiriso ya bobedi ya lefoko “Modimo” ga e tshwane le ya ntlha. Tlhaka e e tlhomameng “ho” e bonala pele ga tiriso ya ntlha ya lefoko Modimo mme e seng morago ga ya bobedi. Ka jalo The Anchor Bible e re: “Go boloka mo Seesemaneng pharologano e e bonokopela ya theos [modimo] e na kana e sena tlhaka eo, bangwe (Moffatt) ba ne ba tla ranola ‘Lefoko a bo a na le bomodimo.’”

Re ka tlhaloganya ga botoka mafoko a ga Johane fano fa re tlhatlhobisa ka botlalo seo a neng a se bolela. Elatlhoko gore o ne a kwala ka gore: “E rile mo tshimologoñ Lehoko a bo a nntse a leeō”. Seno tota, se ne se sa bue ka tshimologo ya Modimo, ka go bo Modimo ga a na tshimologo. (Pesalema 90:1, 2) E ne e le tshimologo ya dilo tse Johane fano a neng a di tlotla, go akareletsa le popō ya dilo tsotlhe tse dingwe ka “Lehoko.” Go tswa foo Johane a re: “Lehoko a bo a nntse a na le Modimo.” Motho yo o nang le yo mongwe tota ga a tshwane le yo o nang le ene.

Ntlha ya botlhokwa tota, ke seo Johane a neng a se raya fa a ne a kwala temana eno. A seo se tlisa bothata? Go nna jalo fa e le gore o batla gore e re Jesu ke “MODIMO,” ka go bo tota go papametse go tswa mekwalong ya ga Johane gore o ne a sa tlhaloganye Jesu e le “Modimo” ka tlhaloganyo ya gore Rara ke Modimo. Ka sekai, mo kgaolong eo e e tshwanang, Johane o ne a kwala ka gore: “Ga go motho opè eo o kileñ a bōna Modimo ka motlha opè; Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, eo o mo sehubeñ sa ga Rara, ke èna eo o o boletseñ.” (Yohane 1:18) A mongwe o kile a bona Modimo? Nyaa. A mongwe o kile a bona Jesu? Tota!

Thuto ya Athanasia ya La-Bodumedi, eo e tlhalosang Tharo-nngwe, e re “Ga go yo mogolo kana yo mmotlana mo go yo mongwe.” Lefa go le jalo Johane gangwe le gape o begile mafoko a ga Jesu ka boone a a bontshang kutlo go Rraagwe. O ne a ‘romilwe’ ke Rara, a abetswe ditiro ke Rara, a boleletswe seo a tla se dirang le go se bua ke Rara, mme o ne a bolela gore o ne a sa tla go dira thato ya gagwe “ha e se go rata ga eo o [mo romileng].’’—Yohane 6:38; 3:17; 5:36; 8:28; 12:49, 50.

Johane gape o ne a bega polelwana ya ga Jesu ka boene gore Rara ke ‘Modimo o o osi, o o boamarure,” le gore “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Yohane 17:3; 14:28) O ne a bega makgetlo a le marataro ao go one Jesu a neng a bitsa Rara “Modimo oa me.” Makgetlo a le matlhano ao Jesu o neng a bua ka “Modimo oa me’’ e ne e le morago ga tsogo ya ga Jesu le tlhatlogelo ya gagwe legodimong. (Yohane 20:17; Tshenolō 3:2, 12) Bobotlana makgetlo a mangwe a le matlhano gape, Johane ka kelotlhoko o ne a bega pharologanyo e seng fela magareng ga Rara le Kwana mme le magareng a Modimo le Kwana Jesu Keresete. (Tshenolō 1:1; 7:10; 21:22; 22:1-3) Johane o bolela gore o ne a kwala, e seng go supa gore Jesu ke Modimo, kana le eleng “Modimo Morwa” mme “gore lo dumèlè ha Yesu e le Keresete, Morwa Modimo.”—Yohane 20:31.

Dipolelwana tseno di bontsha gore Johane o ne a itse kamano magareng ga ga Jesu le yoo Johane a re bolelelang gore Jesu o ne a mmitsa “Modimo.” Yohane 1:1 ga e di ganetse. Thanolelo ya yone e e tshwanetseng ke e: “E rile mo tshimologong Lefoko a bo a le teng, me Lefoko a bo a na le Modimo, me Lefoko a bo a le modimo mongwe.’’ Eno ke thanolo e e tshwanang le eo o tla e bonang go Ditihō 28:6, koo batho ba Melita ba neng ba akanya gore Paulo e ne e le “modimo moñwe.”

Ka jalo, gotweng ka polelo ya kgakgamatso ya ga Thomase fa a ne a bona Jesu yo o tsositsweng: “Morèna oa me, le Modimo oa me!” (Yohane 20:24-29) Thomase o ne a tlhotlhelediwa fela thata ke temogo e e tlhomologileng ya gore Jesu Keresete e le tota o ne a tsositswe, le gore ba ne ba lebane difatlhego. Lefa go ntse jalo, ga go sepe mo pegong se se supang gore Thomase o ne a akanya gore Jesu o ne a lekana le Rara. Johane, yo o neng a bega mafoko a ga Thomase, o ne a tsopola Jesu jaaka a ne a re le eleng batho ba ne ba bidiwa “medimo.” Eleruri, Morena Jesu Keresete yo o tsositsweng o feta motho lefa e ka nna ofe. (Yohane 10:34, 35) Mme mo go yone kgaolo eo e e tshwanang eo go yone re balang mafoko a ga Thomase, Johane o ne a bega polelo ya ga Jesu gore Rara ke Modimo wa ga Jesu.—Yohane 20:17.

Paulo o ne a bontsha kafa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka tshwanelo ba neng ba tlhaloganya kamano magareng ga ga Jesu le Rraagwe wa selegodimo fa a ne a kwala ka gore “Leha go nntse yalo mo go rona, go Modimo o le moñwe hèla, eboñ Rara,  . . e bile go Morèna a le mohwe hèla, eboñ Yesu Keresete.”—1 Bakorintha 8:6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela