“Lorato Loa Gago Loa Ntlha”
“Me ke gu nyaletsa se, ka re, u tlogetse loratō loa gago loa ntlha. Ke gōna, a u ko u gakologèlwè kwa e rileñ u wa ua bo u cwa gōna, me u ikwatlhaeè.”—TSHENOLŌ 2:4, 5.
1, 2. (a) Ke mafoko afe a kgakololo ao Jesu a neng a a lebisa phuthego ya Baefesia? (b) Mafoko ano a ka nna a bo a ile a bakang?
A O MOSUPI wa ga Jehofa yo o feditseng dingwaga tse dintsi tsa tirelo e e boikanyego? Fa go ntse jalo, o ne o ka ikutlwa jang fa mongwe yo o neng o mo tlotla fela thata a ne a ka bua le wena ka tsela e e fa godimo? A o ne o tla e itumologela? Kana a o ne o tla ikutlwa gore o dirile phoso ebile o ne a bua le motho o sele?
2 Aitse, mo e ka nnang dingwaga tse 1 900 tse di fetileng phuthego kana setlhopha, kwa Efeso mo Asia Minor e ne ya bolelelwa mafoko ao ka molaetsa o e neng ya seka ya o lebisiwa ke ope fela fa e se Jesu Keresete yo o tsositsweng. Mafoko a gagwe a tshwanetse go bo a ile a ba kgaola pelo. Bakeresete bao mo Efeso ba ne ba itshoka mo ineng la ga Jesu ebile ba ne ba ganana le tlhotlheletso ya batenegi go feta dingwaga tse 40. (Ditihō 18:18, 19; Baefesia 1:1, 2) “Kea di itse ditihō tsa gago,” Jesu a bolela, “le letsapa ya gago, le bopelotelele yoa gago, le kaha u sa rateñ batho ba ba boshula ka gōna, le yaka u lekile ba ba ipitsañ baaposetoloi, me e se bōnè, me ua hitlhèla e le batsietsi hèla.” (Tshenolō 2:2) Jaaka re a tle re bolele, ba ne ba sa ntse ba le “mo boammaaruring.” Ka jalo bothata e ne e le eng?
3. Bothata jwa Bakeresete ba Baefesia e ne e le eng?
3 Ba ne ba latlhegelwa ke ‘lorato lo ba neng ba na le lone go le pele.’ Ba ne ba sa tlhole ba direla ka tlhagafalo e e tshwanang ya lorato Iwa Bokeresete go Jehofa jaaka go ne go ntse pele. Ka ntlha ya gona moo, ba ne ba nyafala. Ka jalo, Jesu o ne a ba tlhagisa: “U gakologèlwè kwa e rileñ u wa ua bo u cwa gōna, me u ikwatlhaeè, me u dihè ditihō tsa ntlha.”—Tshenolō 2:5.
4. Ke tlhagiso efe eo re ka e tsayang mo boitemogelong jwa Baefesia?
4 Go na le tlhagiso fano go batlhanka ba ga Jehofa gompieno. Go bonala fa go ka kgonagala le eleng ka bao ba nang le dingwaga tse dintsi tsa boitemogelo jaaka Bakeresete ba ba tlhaga go ka tsidifala. Ba ka nna ba bonala ka kwantle ekete ba nonofile, mme mo teng ba ka nna ba bo ba latlhegetswe ke lorato lo ba neng ba na le lone go Jehofa. Mo lokwalong lwa Bakorintha, Paulo o ne a tlhagisa ka gore: “Eo o gopolañ, go re, o eme, a a itisè gore a se ka a wa.” (1 Bakorintha 10:12) Go re thusa mabapi le seno, a re boneng kafa Baefesia ba neng ba bona lorato Iwa bone ka gone le kafa ba neng ba thusiwa ka teng go le boloka.
Bokeresete mo Efeso
5, 6. Ke jang le leng mafoko a a molemo a neng a tla go rerwa mo Efeso?
5 Mo lekgolong la dingwaga la ntlha la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, motse wa Efeso o ne o humile thata, o saila ka batho ebile e le one boremelelo jwa bodumedi jwa modimo wa sesadi wa seheitane Aretemise (kana, Diana). Thuto kaga Jesu jaaka Mesia wa ga Jehofa e ne ya utlwiwa e le lwantlha mo e ka nnang ka 52 C.E. fa Paulo a ne a goroga a tswa Korintha le banyalani Akwila le Peresila. Paulo ka boene o ne a se ka a kgona go nna, mme Akwila le Peresila bone ba nna. Fa sebui se se tlhomologileng, Apolose, a ne a simolola go ruta koo “ka kèlèlèlō” kaga Jesu, banyalani bano ba Bakeresete ba ne ba thusa go tlhatswa ditlhoka-kutlwisiso tse a neng a na le tsone kaga kolobetso. Apolose o ne a ya a nna modiri yo o tlhagafetseng mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga.—Ditihō 18:24-28.
6 Dikgwedi di se kae moragonyana, Paulo o ne a boela kwa Efeso mme a fitlhela setlhopha sa barutwa ba le 12 ba ba neng ba kolobeditswe ka kolobetso ya ga Johane. Karabelong ya mantswe a ga Paulo, ba ne ba boa ba kolobediwa gape. Go tswa foo, mo dikgweding tse tharo o ne a nna a rera mo sinagogeng. Mme ya re fa bontsi jwa Bajuda bo sa arabele, Paulo le barutwa ba basha ba ya kwa holong ya sekole sa ga Turano koo a neng a simolola dithuto tsa letsatsi le letsatsi.—Ditihō 19:8-10.
7, 8. Ke ditiragalo dife tse di tshwaegang tse di neng tsa nna gone fa phuthego ya Efeso e simolola go gola?
7 Jaanong ga simolola lobaka lo lo kgatlhisang thata mo Efeso. Jehofa a dira ditiro tse di maatla tsa go fodisa ka Paulo. Batho bao fela ba neng ba ama diaparo tsa gagwe ba ne ba fodisiwa, mme go rera lefoko ga gagwe ga utlwaleIwa mo kgaolong eo yotlhe. (Ditihō 19:11-17) Mo lokwalong lo a neng a lo kwala ka nako eo, Paulo o ne a bolelela phuthego e e mo Korintha, mo ntlheng e nngwe ya Lewatle la Aegean: “Ke tla dièga mo Efeso go ea go hitlha mo lobakeñ loa Pentekoste; Gonne ke bulecwe kgōrō e kgolo gōna, le e go nañ le tihō mo go eōna, me go na le baganetsi ba le bantsi.”—1 Bakorintha 16:8, 9.
8 Paulo o ne a diega mo Efeso go feta dingwaga tse pedi. Bantsi ba ne ba ithuta ka lorato lo lo golo thata loo Jehofa a neng a le bontshitse ka go romela Morwawe yo o tsetsweng a le nosi e le gore ba ba bontshang tumelo ba ka bona botshelo Jo bo sa khutleng. Ba ne ba amogela boammaaruri, mme lorato lo baneng ba lo bontsha Jehofa le Morwawe lo ne lo nonofile. Le ba ba neng ba dira ditiro tsa tseanyo pele, tse di forang “ba kgobokanya dikwalō tsa bōnè, ba di hisa ka molelō ha pele ga batho botlhe: me ba bala madi a cōna, me ba hitlhèla a le dipondo di le makgolo a mashomè matlhano. Lehoko ya [ga Jehofa] ya tota ya henya ka nonohō e e kalo.” (Ditihō 19:19, 20) Akanya fela gore seo e ne e le bosupi jo bogolo go le kana kang!
9. Bogolo Jwa lorato lwa phuthego e ntšha eno bo ne jwa lekwa jang?
9 Ka bofefo fela, bogolo jwa lorato Iwa Baefesia bo ne jwa lekwa. Mo Efeso, bathudi ba bantsi ba selefera ba ne ba itshetsa fela thata ka go dira ditempelana tsa selefera tsa ga Diana (Aretemise). Ya re ka ba ne ba tsaya fa phuthego e potlana e bopela go itshetsa ga bone, mongwe wa bone, Demeterio, a rera le bathudi ba selefera ka ene mme ba tsosa leheretlho. Matshelo a Bakeresete a ne a le kotsing go fltlhelela fa mokwaledi wa motse a kgaodisa batlhasedi. (Ditihō 19:23-41) Go ka nna ga bo go na le diteko tse di tshwanang tse di sa kwalwang mo Bibeleng, ereka Paulo a ne a umaka go ‘Iwa le dibatana mo Efeso.’ (1 Bakorintha 15:32) Lefa go ntse jalo, lorato lo lo tlhaga lo Baefesia ba neng ba na le lone go Jehofa lo ne lwa ba thusa go re ba itshoke.
10. Go tswa foo Paulo o ne a leka go kgothatsa bagolwane ba Efeso jang?
10 Kwa bofelong, Paulo o ne a tlogela Efeso. Mme ka 56 C.E., fa a ne a le mo tseleng ya go ya kwa Jerusalema, o ne a iphitlhela a le mo Mileto, dimmaele tse di ka nnang 30 fela (48 km) go tloga foo. Ka jalo o ne a bitsa pokano ya bagolwane ba Efeso mme a ba tlhagisa gore ba latele sekao sa gagwe le gore ba dise letsomane la Modimo le le mo tlhokomelong ya bone. O ne a ba tlhagisa segolobogolo ka “diphiri tse di setlhogo” tseo di neng di tla bonala mo gareng ga bone mme ba ne ba tla tsietsa barutwa. O ne a senola gape gore gongwe o ne a se ketla a tlhola a ba bona go lebanwe difatlhogo gape. Ka gone “ba lela botlhe mo go botlhoko, ba wèla mo thamuñ ea ga Paulo, ba mo atla.”—Ditihō 20:17-38.
11. Ke eng seo Paulo a neng a se utlwalela kaga Baefesia fa a ne a le mo Roma?
11 Fa Paulo a goroga kwa Jerusalema a feta a tshwarwa mme ya re labofelo a romelwa kwa Roma jaaka legolegwa. Ya re a le koo, megopolo ya gagwe ya akanya gape ka bakaulengwe ba gagwe ba Efeso, mme a kwala lokwalo lo lo bonalang mo Bibeleng ka setlhogo se se reng “Baefesia.” Lorato lwa ga Jehofa le Morwawe mo letlhakoreng la Bakeresete ba Efeso lo no lo sa ntse lo tiile mo ntlheng eno, ereka Paulo a ne a ba raya a re: “Ke gōna ka mouō, le nna, ke sena go utlwa kaga tumèlō e e mo go lona mo go Morèna Yesu, e lo bileñ lo e bōnatsa mo baitshepiñ botlhe, Ke sa khutleñ go lo lebogèla.”—Baefesia 1:15-17.
12. Paulo o ne a kwala kgakololo efe fa a ne a le kwa Roma eo e ka bong e ile ya thusa Baefesia go boloka ‘lorato lo ba neng ba na le lone pele’?
12 Mo lokwalong lwa gagwe, Paulo o ne a neela kgakololo e e molemo e go neng go ikaeletswe ka yone go ba thusa go boloka lorato Iwa bone lo tshela. O ne a ba gakolola gore ba ne ba tshela mo metlheng e e boikepo mme, ka jalo, ba tshwanetse ‘ba swela lobaka lono molemo,’ ba sa letle dikgang tse dingwe go hupetsa go dira thato ya Modimo. (Baefesia 5:15-17) Paulo o ne gape a gakolola Baefesia gore baba ba bone tota e ne e se batho bao ba neng ba leka go ba ganetsa. Go na le moo, o ne a re, “Gonne . . . re lwa . . . . le mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ.” a selegodimo.” Ka jalo, o ne a ba kgothatsa fela thata go apara diaparo tsa phemelo tsa semoya mme ba nne ba atamelane le Modimo ka thapelo.—Baefesia 6:11-18.
13. Timotheo o ne a kgona jang go thusa Baefesia?
13 Paulo o kwaletse Baefesia lokwalo lwa gagwe mo e ka nnang ka 60 kana 61 ka Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. (Baefesia 1:1) Moragonyana fela Timotheo o ne a etela kwa Efeso, mme ya re a sa ntse a le koo, a amogela lokwalo lo tswa kwa go Paulo leo re lo bitsang Timotheo wa Ntlha. Mo go lone Paulo o ne a kgothaletsa lekawana leno go nna kwa Efeso gore a “laeè batho bañwe, gore ba se ka ba ruta ka thutō e sele, Leha e le go tlhōkōmèla mainane le dipalō tse di senañ bokhutlō tsa ditshika, e le mo go tlhotlheletsañ dikgañ hèla.” (1 Timotheo 1:3, 4) Kwantle le pelaelo go nna gone ga ga Timotheo mo motseng oo go thusitse Bakeresete ba bantsi ba Baefesia go boloka lorato Iwa bone lo lo tlhaga go Jehofa go sa khathalege tlhotlheletso e e bosula go ba dikologa.
14. (a) Jehofa o ne a nonotsha Baefesia jang? (b) Go sa kgathalege seno, ba ne ba diragalelwa ke eng?
14 Mo e ka nnang ka 65 C.E., Paulo o ne a kwalela Timotheo lokwalo Iwa gagwe lwa bobedi. Mo go lone a umaka gore o ne a rometse morongwa yo mongwe, ebong Tukiko, kwa Efeso. (2 Timotheo 4:12) Re bala labofelo ka Efeso koo go fitlhelela Jesu a ne a romela molaetsa wa gagwe o o kwadilweng mo bukeng ya ga Tshenolō. Bakeresete ba kwa Efeso e ne e le maungo a go rera ga ga moaposetoloi Paulo. Ba ne ba solegelwa molemo mo maetong a morago-rago a Bakeresete ba ba tlhomologileng ba ba jaaka Timotheo, ba ne ba amogetse kgakololo ka lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng ka moya o o boitshepo. Ebile e ne e le karolo ya “mmele o le moñwe hèla.” (Baefesia 4:4) Lefa go le jalo ba ne ba latlhegelwa ke ‘lorato lwa ntlha lo ba neng ba na le lone.’
Kgakololo E E Tiileng E Ne E Tlhokwa
15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ka ikutlwa gore go ne go ka lebelelwa gore Baefesia ba ne ba tla latlhegelwa ke tlhagafalo nngwe ya lorato lo ba neng ba na le lone pele? (b) A mme Jesu ene o ne a ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo kaga gone?
15 Bangwe ba ka nna ba leba selekanyo se se rileng sa go tsidifala ga lorato lo lo tlhaga lwa Baefesia jaaka sengwe se se tlhaloganyesegang. Kana ebu, phuthego e ne e setse e na le dingwaga tse di fetang 40 mo Efeso fa Jesu a ne a romela molaetsa wa gagwe ka Johane. Bantsi, kwa ntle le pelaelo, ba ne ba sa gakologelwe ka sebele sekao se se molemo sa ga Akwila le Peresila kana thero e e matlhagatlhaga ya ga Apolose. Moaposetoloi Paulo o ne a setse a sule dingwaga tse 30. Jerusalema o ne setse a feditse dingwaga tse di masome mabedi le botlhano a ntse a sentswe. Ka jalo go ka nna ga solofelwa gore Bakeresete ba Baefesia ba ne ba tla wela tlase, ba tla latlhegelwa ke go gopola ka go potlaka ga dipaka le tlhagafalo ya bone.
16 Lefa go ntse jalo, Jesu ga a ka a mpampetsa tshekamelo e e ntseng jalo. Bangwe ba ba neng ba nna Bakeresete ka lobaka lo lo tshwanang le Iwa Baefesia kana le eleng go feta ba ne ba sa latlhegelwa ke ‘lorato lwa ntlha.’ Moaposetoloi Johane, ene yo o neng a kwalela Baefesia molaetsa wa ga Jesu, o ne a setse a na le dingwaga tse di ka fetang 20 a ntse a le molatedi wa ga Keresete fa Paulo a ne a tlisa molaetsa wa mafoko a a molemo mo Efeso. Mo godimo ga moo, ba phuthego ya Filadelefia ba ne ba neela bosupi jo bo nonofileng gore ba ne ba sa latlhegelwa ke ‘lorato lo ba neng ba na le lone pele.’—Tshenolō 3:7-11.
17. Kgakololo ya ga Jesu e ne e le efe go Bakeresete ba Baefesia?
17 Ka gone, ga se gore Jesu o ne a se kakanyetso fa ka go tia a ne a bolelela Baefesia gore fa ba ne ba sa ikwatlhae ebile ba sa tlhagafatse lorato lwa bone gape, le bone ka go tshwana ba ne ba tla latlhegelwa. O ne a re: “Ke tlosa setlhōmō sa gago sa lobōnè mo bonnoñ yoa shōna, ha u sa ikwatlhaee.” (Tshenolō 2:5) Seno e ne e se pōpō e e kalo ka go bo e ne e le tlhagiso e e lorato go Bakeresete bao, e ba kgothaletsa gore ba dire ka botlhale mme ka gone ba se latlhegelwe ke ditshiamelo tsa bone.
Goreng ‘Lorato Lwa Ntlha’ Lo Latlhegile
18, 19. (a) Baiseraele ba ne ba na le tlhagafalo e e kana kang fa ba ne ba gololwa kwa Egepeto? (b) Ke ka ntlha yang fa ba ile ba latlhegelwa ke tlhagafalo eo?
18 Ke ka ntlha yang fa batho ba latlhegelwa ke lorato lwa bone lwa kwa tshimologong go Jehofa le tlhagafalo ya go dira thato ya gagwe? Bibela ga e re bolelele gore go ne ga diragalang ka Baefesia. Mme go na le dikai tse dingwe mo Bibeleng tsa sengwe se se tshwanang se se diragatseng. Gakologelwa Baiseraele ba ba neng ba ntshiwa mo Egepeto ka Moshe. Ereka ba ne ba iponela ka matlho ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa di felelediwa ka go senngwa ga ga Faro le masole a gagwe mo Lewatleng je Lehibidu, batho ba Modimo ba ba golotsweng ba ne ba tlhagafala fela thata-thata. “Yehofa emañ eo o nau mo medimoñ?” ba opela ka go dudueleletsa godimo. (Ekesodo 15:11; Pesalema 136:1, 15) Moragonyana, fa Jehofa a ne a dira kgolagano le bone, ba ne ba dumalana jaana ka bongwefela jwa pelo: “Gotlhe mo Yehofa o go buileñ re tla go diha, re go utlwa.”—Ekesodo 24:7.
19 Lefa go le jalo ka bofefo fela boikutlo jwa Baiseraele bo ne jwa fetoga. Tlhaelo ya metsi ya lobakanyana, tlhaelo ya dijo tsa bone tse di farologaneng, go boifa Bakanana le tse dingwe jalo di ne tsa ba lebatsa ditiro tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa le kgolagano e a e diriieng le bone. Aitsane, le eleng fa ba ne ba le kgakala le Egepeto, lefatshe la bokgoba jwa bone, la simolola go bonala le gogela! Ba ne ba lebala botlhogo jwa botlhoka pelo jwa Baegepeto mme ba nnela go akanya fela ka ‘ditlhapi, makatane, magapu, boleke, booie le gareleke tseo ba kileng ba ne ba dija koo.—Dipalō 11:5.
20, 21. (a) Ke dikgang dife tse di kgatlhisang tse Bajuda ba neng ba di utlwa mo motlheng wa ga Kurose, mme di ne tsa nna le matswela afe? (b) Ke eng se se neng sa dira gore tlhagafalo ya bone e nyere?
20 Gakologelwa gape, Bajuda ba ba neng ba boa mo botshwarong jwa Babelona ka 537 B.C.E. Akanya ka fa ba neng ba ipela ka teng fa ba ne ba utlwa kitsiso ya ga Kurose: “Yehofa . . . o ntaotsè gore ke mo agèlè ntlo kwa Yerusalema, o o kwa lehatshiñ ya Yuda. Leha e ka bo e le mañ eo o gōna mo go lona oa batho botlhe ba gagwè, a Modimo oa gagwè o nnè naè, me a a tlhatlogèlè kwa Yerusalema, o o kwa Yuda, me a a agè ntlo e e mo Yerusalema ea ga Yehofa, Modimo oa Iseraela, (ke èna Modimo).’ (Esere 1:2, 3) Dikete tse di masome di ne tsa arabela, mme go ne ga nna le boipelo jo bogolo fa labofelo go ne ga thewa motheo wa tempele e ntšha.—Esere 2:64; 3:10-13.
21 Lefa go ntse jalo, tlhagafalo eo e ne ya re ka bofefo ya nyera. Baba ba ba mo tikologong ba ne ba nna kgatlhanong le seo mme ba loga leano la go ntsha taolo ya semmuso go emisa tiro ya go aga tempele. (Esere, kgaolo 4) Bajuda ba ne ba simolola go ikagela matlo a mantle. (Hagai 1:4) Tota, ba ne ba sa ntse ba ikaya jaaka baobamedi ba bodumedi jwa Sejuda. Ba ne ba sa latlha tumelo ya bone. Mme ba ne ba latlhile lorato lo lo tlhaga lo ba neng ba na le lone go le pele go Jehofa le dikgatlhego tsa kobamelo ya boammaaruri. Kwa ntle ga pelaelo, ba ne ba akanya go re ba ne ba lekalekane kana ba ne ba le kakanyetso mo go seo ba neng ba se dira. Mme Jehofa o ne a seka a dumalana. O ne a romela baperofeti Hagai le Sekaria go tlhotlheletsa tlhagafalo ya bone le go ba kgothaletsa go fetsa go aga ntlo ya ga Jehofa.—Esere 5:1, 2.
22, 23. (a) Ke eng se se ka dirang gore Bakeresete gompieno ba latlhegelwe ke lorato lo ba neng ba na le lone pele? (b) Ke dipotso dife tse di salelang kakanyetso ya rona?
22 Sengwe se se tshwanang se ka diragalela Bakeresete mo motlheng wa rona. Mathata a letsatsi le letsatsi a go tshela mo lefatsheng le e seng la Bokeresete a ka fifatsa boipelo jwa bone. Jaaka nako e ntse e feta, boammaaruri bo ka khutlela go tlhola bo le bosha le go kgatlhisa. Go ka nna ga diragala gore, jaaka nako e ntse e phimola kgakologelo ya gore go ne go ntse jang go nna mo lefatsheng, Mokeresete o ka nna a tswela pelo seo go tweng ke kgololesego, tlhaelo ya boikarabelo, tseo batho ba lefatshe ba nang le tsone. (Baefesia 2:11, 12) Kana Bakeresete ba ka koafadiwa ke boikutlo jwa batho ba ba ba dikologileng. Ba ka nna ba tlhagolela boikutlo jwa gore tirelo ya Modimo e batla motho yo o kakanyetso yo o kgobileng kgetsi, go repisa go se kaenyana fela.—Yeremia 17:9.
23 Sengwe se se tshwanang le sone seo se tshwanetse sa bo se diragaletse Bakeresete ba Baefesia, mme Jesu o ne a ikutlwa gore ba ne ba ka nna botoka. Tota, ka moaposetoloi Paulo ba ne ba setse ba ile ba amogela kgakololo e le ntsi eo, fa e ne e dirisiwa, e neng e ka thusa go tsosolosetsa ‘lorato lo ba neng ba na le lone go le pele.’ Kgakololo eno e e mosola e ne e le eng? Mme ebile a e tla re thusa go boloka ‘lorato Iwa ntlha’ lwa rona gompieno? Re tla tlotlisanya ka seno mo setlhogong se se latelang.
A O Ka Gakologelwa—
□ Ke bothata bofe jo bo neng bo le gone mo phuthegong ya Efeso?
□ Jehofa o ne a ba neela thuso efe?
□ Ke ka ntlha yang fa Baiseraele mo motlheng wa ga Moshe ba ne ba latlhegelwa ke tlhagafalo ya bone?
□ Ke eng se se neng sa dira gore Baiseraele ba motlha wa ga Esere ba latlhegelwe ke matlhagatlhaga a bone?
□ Ke eng se se ka gogelang kwa goreng re latlhegelwe ke ‘lorato lo re neng re na le lone pele’?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Gongwe ka ntlha ya mabaka a dithoto tse di bonalang, maloko a phuthego ya Efeso a ne a tlogela lorato lo ba neng ba na le lona pele
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Hagai o ne a botsa Bajuda: ‘A ke nako ya go nna matlong a a khurumeditsweng kwa godimo ka dimati, fa ntlo ya Modimo yone e tlogetswe fela?’