Re Ka Boloka Jang ‘Lorato Lwa Ntlha’ Lwa Rona?
1. Mo metlheng eno ya bofelo, a batho ba Modimo botlhe ba latlhegetswe ke ‘lorato lo ba neng ba na nalo pele’?
“BATHO ba gago ba italetsa ka pelo e e thamileñ mo letsatsiñ ya thata ea gago.” (Pesalema 110:3) Jaaka boperofeti jono bo ne jwa bolelela pele, batlhanka ba Modimo gompieno ba ile ba natlafala thata mo go direng thato ya gagwe, ba ngaparela ka thata lorato Iwa bone lwa ntlha go Jehofa. Jaaka batho ba ba rulagantsweng, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba boloka tlhagafalo ya bone le matlhagatlhaga a tirelo ya gagwe ka metlha go ralala ‘bokhutlo jono jwa lefatshe leno le le boima.—Mathaio 24:3, 14.
2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa motho-ka-esi a ka latlhegelwa ke ‘lorato lwa gagwe lwa ntlha’? (b) Fa e le gore re ka bona boikutlo jo bo ntseng jalo bo gola mo go rona, re tshwanetse ra dirang?
2 Lefa go le jalo, go ka kgonega ka Mokeresete ka bongwe go latlhegelwa ke lorato lo a neng a na le lone pele. Mathata a letsatsi le letsatsi a ka mo gogela mo go reng a lebale dilo tse dikgolo tse Jehofa a mo diretseng tsone. O ka nna a lapisiwa ke go letela go diragadiwa ga maikaelelo a ga Jehofa mme a ka nna a simolola go gogelwa ke melemo ya dilo tse di bonalang tse di neelwang ke lefatshe, kana ka gongwe a ikutlwa gore a senye nako e ntsi mo boitloso-bodutung go na le jaaka a ne a dira pele. Maikarabelo a Bokeresete, jaaka ao a go nna gone mo dipokanong kana dikopano, go baakanyetsa dipolelo le a go arola mo tirelong ya tshimo di ka simolola go ikutlwatsa di le mokgweleo.
3 Fa re bona maikutlo a a ntseng jalo a simolola go gola mo go rona, re tshwanetse go latela kgakololo ya ga Jesu go phuthego ya Efeso, e le gore re tle re tlhagolele gape ‘lorato lo re neng re na le lone pele,’ re lekela go dira “ditihō tsa ntlha.” (Tshenolō 2:4, 5) Re tshwanetse ra lemoga gore re tlhoka go boelwa gape ke tlhagafalo ya rona ya pele ya lorato lwa rona go Jehofa le matlhagatlhaga le tlhoafalo ya rona go tirelo ya gagwe. Re ka dira seo jang?
Tlhagolela Lorato Lwa ga Jehofa
4. Re ka etsa jang boikutlo jo bo molemo jwa mopesalema? (Pesalema 119:97)
4 Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a re: “Ana ke rata molaō oa gago yañ! Ko ōna go tlhatlhanya ga me ka letsatsi yeotlhe.” (Pesalema 119:97) Abo e le tsela e e molemo jang ne ya go ikutlwa ka molao wa Modimo! Go duela fela thata go direla Jehofa ka boikutlo jo bo ntseng jalo go na le go nnela go ipateletsa go dira seo re itseng fa se siame. Re tlhoka go tlhagolela keletso ya go dira se se siameng, re batla go se dira ka go bo re batla.—Pesalema 25:4, 5.
5. (a) Paulo o ne a hakelang se se ka sireletsang bomoya jwa rona? (b) Re ka boloka seno jang go tswelela se dira?
5 Satane o tla eletsa go re gatelela mo go reng re latlhegelwe ke ‘lorato Iwa ntlha,’ ka go bo ke ene mmaba yo mogolo wa bomoya jwa rona. Go mo tlhabantsha, moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Baefesia gore ba apare “dibolaō cotlhe tsa Modimo.” (Baefesia 6:13) Se se akarelediwang mo dibolaong tseo ke dikarolo tse di botlhokwa-tlhokwa tse nne tsa Bokeresete: boammaaruri, tshiamo, tumelo le tsholofelo ya poloko. (Baefesia 6:14-17; 1 Bathesalonia 5:8) Tota, re ithuta ka dikarolo tseno fa fela jaaka re tsena mo phuthegong. Mme dibolao tsa tshipi di ka rusa fa e le gore ga di dirisiwe. Ka mo go tshwanang, fa e le gore ga re boloke ditlhokafalo tseno, dibolao tsa rona tsa semoya di tla senyega le go palelwa ke go re sireletsa ka tshwanelo. Re tshwanetse ka natla yotlhe, re thibele seo gore se se diragale.
Ithute O Bo O Tlhatlhanye
6. Morongwa mongwe o ne a rarabolola jang bothata jwa go boloka bomoya jwa gagwe fa a ntse a le mo kgolegelong?
6 Ka 1958 morongwa Stanley Jones o ne a simolola go tsena kgolegelo ya dingwaga tse supa mo China a tswaletswe a le nosi-nosi. O ne a kgona jang go boloka lorato Iwa gagwe go Jehofa lemororo a ne a kgaogane le bakaulengwe ba gagwe ba Bokeresete ebile a sa tshola Bibela? O bolela gore o ne a kwala dikwalo tsotlhe tseo a neng a ka di gakologelwa mme o ne a oketsa tseno ka ditsopolo dipe tsa Bibela tseo a neng a ka di bona ka dikgatiso tsa dikoranta tsa “bodumedi” tseo ka dinako tse dingwe a neng a tle a di romelelwe. Ka gone o ne a ikgobokanyetsa ditemana tsa Bibela di le dintsinyana tseo di neng tsa thaya motheo wa thuto ya botho le thulaganyo ya tlhatlhanyo. Ereka a ne a dikaganyeditswe ke batho ba ba neng ba le kgatlhanong le ditumelo tsa gagwe, o ne a itse gore fa a ne a ka palelwa ke go boloka pelo le mogopolo wa gagwe di tletse ka dikakanyo tsa Modimo, tumelo ya gagwe e ne e tla fifala ka pele.
7. Re lebane le dikgatelelo dife, mme re tshwanetse go itshireletsa jang mo go tsone?
7 Go boammaaruri gore, bontsi jwa rona ga re mo kgolegelong. Lefa go le jalo, ka nako e ntsi re atlenegetswe ke go akanya ga lefatshe leno. Boitloso-bodutu joo lefatshe le bo neelang, lemororo ka metlha bo se kgatlhanong le melao-metheo ya Bokeresete ka tlhamalalo, eleruri ga bo godise dilo tse di jaaka boammaaruri, tshiamo, tumelo le tsholofelo ya poloko. Ka jalo, fa e le gore ga re senye nako re thatafatsa dipelo le megopolo ya rona, go bonala fa re tla koafala semoeng mme lorato lwa rona lo tla tsidifala.
8. Ke lesego lefe le le tlelang motho yo o ithutang le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo?
8 Fa e le gore re senya nako re ithatafatsa ka thuto ya botho le tlhatlhanyo, re tla nna jaaka monna yo “go itumèla ga gagwè go [leng] mo molaoñ oa ga Yehofa” mme a akanya mo molaong oo motshegare le bosigo. Mopesalema o bolela jaana kaga monna yoo: “Me o tla nna yaka setlhare se se tlhomilweñ mo dinokaneñ tsa metse, se se unwañ louñō loa shōna mo motlheñ oa shōna, se lekakaba ya shōna, le yeōna, le se keñ le shwaba; me leha e le eñ se o se dihañ se tla segōhala.”—Pesalema 1:2, 3.
9. Re ka godisa jang lorato lwa go ithuta Bibela le go tlhatlhanya mo go yone?
9 Fa re bua boammaaruri tota, bontsi jwa rona ga se ka metlha re sekametseng mo go baleng. Lefa go le jalo, fa re batla, re ka ithapisetsa go ipelela go ithuta. Akanya ka mongwe yo o batlang go intsha bodutu ka go tlola-tlola. Lwantlha dinama tsa gagwe gongwe di tla opa. Lefa go le jalo, ka iketlo, mmele wa gagwe o tla fetoga le seemo, mme ka bofefo, fa a tswelela le gone, motlolatlodi o tla ipelela itshidilo ya gagwe. Paulo o ne a bolelela Timotheo: “Me u itshikinyè mo poihoñmodimo.” (1 Timotheo 4:7) Go ithuta Bibela ke karolo ya poifomodimo. (Diane 2:1-6) Lwantlha go ka tlhoka go itaya gore o go ngaparele. Lefa go le jalo, ka bofefo, re tla bona kgatlhego e kgolo mo go ithuteng dintlha tse disha kana mo go boneng kutlwisiso e e botengnyana ya dilo tseo re ntseng re di itse. Thuto ya rona he e tla re fa boipelo jwa mmatota.—Pesalema 119:103, 104.
10. Ke ka ntlha yang fa setlhogo sa thuto se akarelediwa makgetlo a le mantsi mo dithusong tsa go ithuta?
10 Bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore ereka jaana ba itse dithuto tsa motheo tsa Bibela ga ba sa tlhole ba tlhoka go senya nako mo thutong ya botho. Ba ka nna ba ngongoregela le eleng gore kgang e e tshwanang e ntse e akarediwa kgafetsa-kgafetsa mo dikgatisong tsa Bibela tseo di ithutiwang. Lefa go le jalo Bibela e bua ka tlhokafalo ya dikgakololo. (Pesalema 119:95, 99; 2 Petere 3:1; Yude 5) Fa e le gore re ka se ikgakolole boammaaruri ka metlha, ka maemo a tshiamo a ga Jehofa, kaga tumelo ya rona le tsholofelo ya rona ya poloko, pelo ya rona e tla tlhotlhelediwa ke dilo tse dingwe.
11. Dingwe tsa dilo tse Paulo a neng a buisana ka tsone mo lokwalong Iwa gagwe go Baefesia ke dife?
11 Akanyetsa lokwalo lwa ga Paulo go Baefesia. O ne a ba gakolola kaga boemo jo ba neng ba le mo go jone pele ga ba nna Bakeresete, mme o ne a bua ka phuthego eo jaanong ba neng ba le karolo ya yone. (Baefesia 2:12; 4:4-6, 17, 18) O ne a umaka boikaelelo jwa ga Jehofa jo bo gakgamatsang ka setho mme le karolo ya motho mo kamanong le boikaelelo joo. (Baefesia 1:8-12; 2:4-6) Mme o ne a ba gakolola ka melao-metheo ya Bokeresete eo e neng e tla ba thusa gore ba atlege mo lelapeng le mo phuthegong.—Baefesia 4:1, 2; 5:21–6:4.
12. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a bolelela Baefesia dilo tse ba neng ba setse ba ntse ba di itse?
12 Dingwe tsa dilo tse Paulo a neng a di kwala di ka tswa di ne di le disha go Bakeresete ba Baefesia, mme bontsi jwa tsone di ne di akareletsa seo ba neng ba se utlwa go le pele. Lefa go le jalo, Paulo o ne a batla go ba gakolola kaga dikgang tseno mme ka gongwe go ba baakanyetsa ka temogo e ntšha mo go tsone. Ka gone o ne a thusa Baefesia go shafatsa dibolao tsa bone tsa semoya mme ba “nonohèlè go tlhaloganya le baitshepi botlhe yo e leñ boatlhamō, le bolele, le bogodimo, le boteñ.”—Baefesia 1:15-17; 3:14-19.
13, 14. (a) Go ithuta le go tlhatlhanya go tla re thusa jang? (b) Ke dilo dife tse dingwe tse di akarelediwang mo ‘dibolaong tsotlhe tsa Modimo’?
13 Thuto ya rona ya botho gape, e tla re shafatsa le go humisa go tlhaloganya ga rona dintlha tse dintsi tsa motheo, ga mmogo le go re thusa go tlhaloganya dilo tse di botengnyana tsa Lefoko la Modimo. (1 Bakorintha 2:10) Ka tsela eno, ‘dibolao tsa rona tsotlhe tsa Modimo’ di tla thibela Satane mo go direng gore re latlhegelwe ke lorato lwa rona lo lo tlhagafetseng go Jehofa le Morwawe.
14 Gareng ga dilo tse dingwe, moaposetoloi Paulo o ne a umaka dikarolo tse dingwe tse pedi tsa dibolao tsa rona tsa semoya tseo re iseng re tlotle ka tsone. O ne a bolela gore Bakeresete ba tshwanetse gore ‘le mo dinaong tsa bone ba bo ba rwele iketleetso ya mafoko a a molemo a kagiso’ le gore ba tshwanetse go amogela “chaka ea Mōea, e e leñ lehoko ya Modimo.” (Baefesia 6:11-17) Dikarolo tseno di re thusa jang bo boloka ‘lorato lo re neng re na nalo pele’?
Nna O Tlhagafetse Mo Therong ya Bogosi
15. Ke tsela efe e e sa tlwaelegang eo morongwa mongwe yo o neng a le mo kgolegelong a e boneng e thusa ‘go nna a totafetse mo tirong ya Morena’? (1 Bakorintha 15:58)
15 E ne ya re fa ka 1958, morongwa Harold King a ne a simolola go nna dingwaga tse nne le sephatlo mo kgolegelong mo China, a lebana le bothata jo bo tshwanang le jwa ga Stanley Jones: o ne a tla boloka ‘lorato lwa ntlha’ lwa gagwe jang, boineelo jwa gagwe jo bo tiileng go Jehofa bo tshela. O bega ka gore: “Go boloka kanaanelo ya me ya dilo tsa semoya e tshela, ke ne ka rulaganyetsa tiro ya go ‘rera.’ ” O ne a baakanya dithuto tsa Bibela mo dikwalong tseo a neng a di gopola mme a rerela batho ba a ba ikakanyetsang fela mo tlhaloganyong. Kgabagare, a tshwara thuto ya Bibela mo kakanyong ya gagwe. Matswela? Fa a ne a gololwa, o ne a setse a ikemiseditse ebile a tlhoafaletse le go rerela batho ba mmatota!
16. Lebaka le lengwe la botlhokwa la go bo re tshwanetse go tshwarega mo tirelong ya ga Jehofa ke lefe?
16 Ya gagwe e ne e le tsela e e sa tlwaelegang ya go dirisa boammaaruri jo bo botlhokwa: Go nnela boitekanelong ruri mo semoeng re tshwanetse go tshwarega mo tirelong ya Modimo. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Itlameleng megopolo ya lona go direla.” (1 Petere 1:13, NW ) Mme moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa ka gore: “Ke gōna ba ga echo ba ba ratègañ, lo tlhōmamè, lo nitamè, lo nntse lo totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe, ka lo itse ha tihō ea lona e se ketla e nna lehèla mo Moreneñ.”—1 Bakorintha 15:58.
17. Ke eng se se neng sa lemotshega ka Bakeresete ba ba ikanyegang mo phuthegong ya Filadelefia?
17 Go lemotshega sentle gore lefa Bakeresete ba Efeso ba ne ba letlelela ‘lorato lo ba neng ba na le lone pele’ go tsidifala, ba bangwe ba phuthego e e neng e le mo tikologong ba ne ba nna ba tshwaregile, mme lorato lwa bone lo no lo sa ntse lo tiile. Jesu o ne a bolelela phuthego e e ikanyegang ya mo Filadelefia jaana: “Kea di itse ditihō tsa gago—bōna, ke gu kaetse-moyakō o o bulegileñ, o go señ opè eo o ka o cwalañ.”—Tshenolō 3:8.
18. Ke tiro efe e e tla thusang go boloka ‘lorato Iwa rona lwa ntlha’ lo tshela?
18 Ke ditiro dife tse di tla thusang mosupi wa segompieno wa ga Jehofa go boloka ‘lorato lo a neng a na le lone pele’? Gareng ga dilo tse dingwe, ke ditiro tse di tumalanong le taolo ya ga Jesu ya gore: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19) Harold King o ne a lemoga botlhokwa jwa seno. Moaposetoloi Paulo le ene fela jalo. Ke ka gone Paulo a neng a gakolola Baefesia gore “le mo dinaoñ lo bo lo rwele iketleeco ea Mahoko a a Molemō a kagishō” le gore ba bo ba tlhomeletswe ka “chaka ea Mōea, e e leñ lehoko ya Modimo.”
19. Ke Jang go rera, mo eleng tshupo ya tlhagafalo ya rona, le gone gape go agelelang tlhagafalo ya rona?
19 Go na le katamalano e kgolo thata magareng ga tlhagafalo le tiro ya go rera le go dira barutwa. Go boammaaruri gore, tlhagafalo e re dira gore re batle go dira tiro eno. Mme ka ntlha e nngwe tiro ya go rera, e tla tlhotlheletsa tlhagafalo ya rona. Morago ga go rerela mosadi mongwe wa Mosamaria, Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Seyō sa me ke go diha go rata ga eo o nthomileñ.” (Yohane 4:34) Go ruta boammaaruri go ne ga mo otla, ga mo agelela. Ka mo go tshwanang, fa re bua le ba bangwe kaga Bogosi jwa Modimo, seno se gatiseletsa mabaka a botlhokwa mo mogopolong le mo pelong ya rona mme se aga matsetseleko a rona mo go femeleng boammaaruri. (1 Petere 3:15) Gape-gape, jaaka moya wa Modimo o re tshegetsa mo tirong eno, re ‘tuka mo moyeng’ mme re o bona o dira mo go ba bangwe.—Baroma 12:11.
20. Ke jang go rera le thuto ya botho di nyalanang mmogo go re boloka re nonofile?
20 A go rerela ba bangwe go tseela thuto ya botho sebaka? Nnyaa. Tekatekano e a tlhokafala magareng ga ditiro tseno tse pedi. Fa re ja dijo tse di rileng bobe mme re se ke re ikotlolola, kgabagare mmele wa rona o a gobala. Mo letlhakoreng je lengwe, fa re ka itshidila mmele thata kwantle go go ja dijo tse di lekanetseng, kgabagare re a ‘felelwa’ mo mmeleng. Ka mo go tshwanang, fa re ka tshwarega thata-thata mo thutong ya botho kwantle go go rerela ba bangwe, go bonala fa re tla tlhoka tekatekano. Moaposetoloi Petere o ne a nyalanya ‘tiro’ le go “itlama mo megopoloñ.” (1 Petere 1:13) Fa re rerela ba bangwe kwantle go thuto ya botho—segolo bogolo fa e le gore batho ba re ba rerelang ga ba arabele gotlhelele—he re ka nna ra ‘felelwa.’ Lefa go ntse jalo, fa re tshwarega mo thutong ya botho mme re bo re tsamaya re ya go bolelela ba bangwe seo re se ithutileng, re tla sala re ntse re itekanetse mo semoeng.
Swela Lobaka Molemo
21, 22. (a) Ke sekgoreletsi sefe se segolo seo Satane a se tsholeditseng mo go bolokeng ga rona ‘lorato lwa rona lwa ntlha’? (b) Paulo o ne a hakela Baefesia gore ba fenye sekgoreletsi seno jang, mme ke ka ntlha yang re tshwanetse go latela kgakololo ya gagwe?
21 Erile fa Stanley Jones a ne a tlhalosa bongwe jwa mathata a magolo a a neng a thulana le one mo kgolegelong, o ne a re: “Ke ne ke na le nako e le ntsi thata.” Bothata jwa gagwe bo ne bo farologane tota le joo bo itemogelwang ke Basupi ba ga Jehofa ba bantsi. Bontsi jwa rona re tlhaelelwa ke nako mo go tlhobosegileng. Ke ka ntlha yang go ntse jalo? Moaposetoloi Johane o ne a re: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Lefatshe la ga Satane le boloka batho ba tshwaregile mo go maswe ka metlha mo e leng gore re nna le sebaka se se botlanyana sa go akanya, re sa umake sepe ka go ithuta. Ga re karolo ya lefatshe, mme eleruri re utlwa manokonoko a tsela ya lone ya go tshela. A dirisa tlhotlheletso ya lone, “eo o boshula” o tla batla go re boloka re tshwaregile mo e leng gore tirelo ya rona go Modimo e tla hupediwa.
22 Paulo o ne a lemoga bothata jono mme a neela Baefesia kgakololo eno e e botlhokwa thata-thata: “Lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, e señ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale; Ka go shwèla lobaka molemō, ka metlha e, e boshula. Ke gōna se nneñ boeleele, me lo tlhaloganyè go rata ga [Jehofa].” (Baefesia 5:15-17) Fa e le gore re ka palelwa ke go swela lobaka molemo go ‘dira thato ya ga Jehofa,’ kgatelelo ya go tshela mo ‘metlheng eno e e boikepo’ go bonala sentle fa e tla tsidifatsa lorato lwa rona.
23. Ke mofuta ofe wa thuto ya botho le tiro ya go rera tseo di tla re thusang go boloka ‘lorato lwa rona lwa ntlha’ lo tshela?
23 Go boammaaruri gore, Bakeresete bangwe ba na le ditlamego tse di boima kana gore ba a lwala mme ka gone ba lekanyeditswe mo go reng ba ka dira go le go kae mo tirelong ya Modimo. (Luke 21:1-4) Mme tumalanong le kgakololo ya ga Paulo go malata a Bakeresete, boo ke eng seo re ka tswang re se dira se tshwanetse sa dirwa ka ‘mokgwa wa moya otlhe.’ (Baefesia 6:5, 6) Thuto ya botho ga e ketla e ipedisa le ka motlha fa e le gore re swatola metsotso e se mekae fela magareng ga dithulaganyo tsa thelebishene. Ka mo go tshwanang, bodihedi jwa rona jwa tshimo gotlhe bo ka se boloke ‘lorato lwa ntlha’ le tlhagafalo tsa rona di tshela fa e le gore re senya lemmenyana fela la dioura kana tse pedi kgwedi nngwe le nngwe magareng ga dinako tsa boitapoloso.—Bapisa 1 Timotheo 4:8.
Rapelela Thuso
24. Paulo o ne a umakela Baefesia thuso efe e nngwe e e botlhokwa fela thata mo bomoyeng Jwa rona?
24 E rile a wetsa puisano ya gagwe ya “dibolaō cotlhe tsa Modimo,” Paulo o ne a kgothaletsa badumedi ka ene go amogela “chaka ea Mōea, e e leñ lehoko ya Modimo: lo nntse lo rapèla ka metlha eotlhe mo Moeeñ, ka thapèlō eotlhe le kokotlèlō.” (Baefesia 6:17, 18) Fa re nna re atamelana thata ka go buisana le Jehofa ka thapelo, ga re ne re latlhegelwa ke ‘lorato lwa ntlha,’ le eleng fa re ka tshwaneIwa ke go itshokela dikgatelelo tse dintsi kana, jaaka Johane, re ile ra direla ka dingwaga tse dintsi mo tsamaisong eno ya dilo. Paulo o ne a bolela jaana mo lokwalong lo longwe: “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.”—Bafilipi 4:13.
25. Mo tshobokanyong, Jehofa o dirile dipaakanyetso dife go re thusa go tila go latlhegelwa ke ‘lorato lo re neng re na nalo pele’?
25 Bontsi jwa rona bo a tle bo lape nako le nako. Mme molaetsa wa ga Jesu go phuthego ya Baefesia o bontsha gore re ka latlhegelwa ke ‘lorato lo re neng re na nalo pele’ mme re tshwanetse go go tila. Fela jaaka Jehofa a ne a thusa Baefesia ka Paulo, Timotheo le ba bangwe, gompieno o re thusa ka phuthego ya gagwe. Fa mo ntlheng e nngwe, re ithapisetsa go ipelela go ithuta le go tlhatlhanya le go ‘tlamela megopolo’ ya rona ka tiro e e molemo ya go bolelela ba bangwe seo re se ithutang, re e tla re rapela Jehofa go re thusa go itshoka mo go direng thato ya gagwe, mme he re dira tiro e e molemo. Ka go dira tumalanong le seo moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bagalatia, “a re se lapeñ mo go diheñ molemō: gonne re tla rōba mo motlheñ o e leñ ōna, ha re sa ñodiege.”—Bagalatia 6:9.
O Ne O Ka Araba Jang?
□ Fa re sa rulaganyetse nako ya go Ithuta le go tlhatlhanya mo Lefokong la Modimo, lorato lwa rona go Jehofa lo ka nna Iwa diragalelwa ke eng?
□ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa ka rona go ithuta eseng fela boammaaruri jo bosha mme gape boammaaruri le melao-metheo eo re kileng ra e utlwa go le pele?
□ Ke ka ntlha yang fa go rerela ba bangwe go le botlhokwa-tlhokwa mo go bolokeng ‘lorato Iwa ntlha’ Iwa rona?
□ Ke jang go ithuta le tiro ya go rera di tsamaisanyang mmogo mo go re bolokeng re itekanetse semoeng?
□ Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tlhokomologa thapelo jaaka re lekela go boloka ‘lorato lo re neng re na nalo pele’?
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Go ithuta go ka ipedisa, ebile go boloka lorato lwa rona go Modimo lo le losha
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Go bua le ba bangwe ka boammaruri go nonotsha lorato lwa rona go Jehofa