Itise mo Mminong O O Senyang Maitsholo!
“Nthuta motlhala oa gago, Yehofa, u ntsamaisè mo tseleñ [ya thokgamo].”—PESALEMA 27:11, “NW”.
1. Ke jang mpho ya ga Jehofa ya mmino e leng ya mofuta wa yone fela?
JEHOFA MODIMO ka bopelontle o ne a fa batho mpho ya mmino. Seno e ne e le pontsho ya mofuta wa yone fela ya bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang, ka jaana e re ntswa mmino o sa tlhokwe go tshegetsa botshelo, o kgonisa batho go ntsha maikutlo a bone—mahutsana a bone, maipelo a bone. (Genesise 4:21) O ka lere kgomotso morago ga kutlo botlhoko kana boipelo jo bogolo mo nakong tsa boitumelo. Ka mo go tshwanetseng he, Jakobe o ne a kwalela Bakeresete ka ene a re: “A moñwe mo go lona o tlhokohetse? a a rapèlè. A moñwe oa itumèla? a a opèlè pakō.”—Yakobe 5:13.
2. Mmino le kopelo di ile tsa nna le kamano efe le kobamelo ya ga Jehofa?
2 Kopelo le mmino ke bogologolo di ntse di tsamaisana mmogo le kobamelo ya ga Jehofa. Batho ba gagwe ba bogologolo ba ile ba mmaka ka boipelo ka dipina mo dinakong tsa kgololo. (Ekesodo 15:1-21; Baatlhodi 5:1-31) Modimo o ne a laola gore go tlhongwe thulaganyo ya mmino ya tirelo ya tempele ya gagwe. (Pesalema 68:24-26) Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba opela dipako morago ga Sejo sa Maitseboa sa Morena. (Mareko 14:26) Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ka e ne go ntsha maikutlo a bone ka ‘dipina tsa semoya, ba bina, ba opela ba kotekeletsa Morena ka dipelo tsa bone.’ (Baefesia 5:19) Mme le go tla motlheng ono, go opela ke selo sa ka metlha mo kobamelong ya basupi ba ga Jehofa.
3. Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore mmino o na le nonofo?
3 Kwantle ga pelaelo mmino o na le nonofo. O ka fitlha mo dipelong le go kgobera maikutlo. Ka jalo, dipina tsa merafe le dipopelelo di a dirisiwa go tsosa tlhagafalo ya go rata naga. Dikolo tsa lefatshe di na le dikopelo tsa “tlhabano” go tlhotlheletsa batabogi. Babapatsi ba dirisa melodi e e gapang maikutlo go rekisa dilwana tsa bone. Bosupi jo bo ntseng jalo jwa nonofo ya mmino bo tshwanetse jwa dira Bakeresete go nna ba itlhokometse.
Goreng Boitiso bo Tlhokafala?
4. Mabapi le mmino, ke malebana le eng seo baobamedi ba ga Jehofa ba tshwanetseng go itlhokomela segolo bogolo?
4 Satane Diabolo le ene o lemoga nonofo e kgolo ya mmino, mme fa gongwe o a o dirisa go ama pelo le go gogela batho kgakala le kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa. Ka gone, mo kgannyeng eno, Bakeresete ba ba ikanyegang ba tshwanetse go ‘dibela pelo, gonne matso a botshelo a tswa mo go yona.’ (Diane 4:23) Re tshwanetse ra tlhokomela segolo bogolo gore mmino o re o reetsang ga o re gogele kgakala le ‘tsela ya tshiamo’ go re isa boitshwarong jo bo senyang maitsholo, jo bo tlontlololang Modimo.—Pesalema 27:11.
5. Mo go tlhopheng mmino, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhaola fela thata?
5 Jehofa o nnile pelotshweu mo go feng batho mpho ya mmino. Mme abo gantsi e ile ya seka ya dirisiwa ka tshwanelo jang ne! Ka gone, mo go kgetheng mmino, re tshwanetse ra nna batho ba ba tlhophang thata le go farologanya. Le eleng kwantle ga go reetsa mafoko, gantsi re ka bolela gore ke moya wa mofuta ofe o dipina tse di rileng di diretsweng go o tlhagisa. A sa ntse a le kgakala fela, Moshe o ne a kgona go lemoga gore mmino o o neng o utlwala mo bothibelelong jwa Iseraele e ne e se “modumō oa ba ba dudueletsañ phenyo, le gōna ga se kurueco ea ba ba lelañ ka go heñwa.” Fa kgabagare a goroga mo bothibelelong mme a bona kafa batho ba neng ba dira ka teng, o ne a itse gore mmino e ne e le wa mofuta o o neng o gogela kwa boitshwarong jo bo sa laolesegeng jwa kobamelo ya medimo ea disetwa. (Ekesodo 32:15-19, 25) Jalo rona gompieno re tshwanetse go tlhatlhoba gore mmino oo re o reetsang o tlhagisa mokgwa wa mofuta mang, kana moya. A ke o o re agelelang, kana a ke mmino o o senyang maitsholo?
6. Diabolo o ile a dirisa mmino jang, mme jalo ke mafoko afe a ga Paulo ao a tshwaegang tota segolo bogolo?
6 Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga gore Satane o eletsa go senya maitsholo kana go bodisa batho ba ga Jehofa. Ka jalo, Paulo o ne a kgothaletsa badumedi-kaene go ikgaoganya le basiamolodi, mme a botsa a re: “Tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? kgotsa lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi? Me Keresete o na le kutlwanō ehe le Beliale?” (2 Bakorintha 6:14-17) Gompieno, Diabolo ka boferefere o ile a dirisa dibopego tse di farologaneng tsa tshiamololo mo mminong, ka gone a leka ka natla go hepisetsa batho mo boitshwarong jo bo nyatsegang mme ka gone a ba theose mo Modimong. Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba tlhoka gore ba nne podi-matseba mo dikotsing tseno.
Se Nne le Kabalano le Badimona!
7. Mokeresete o ka itse jang fa e le gore a go na le tlhotlheletso ya bodimona mo mminong mongwe o o rileng?
7 Mo sebakeng sa mmino go na le dikotsi tsa semoya. Ka motlhala, baopedi ba bantsi ba ba tumileng ba kopanyelediwa mo maselamoseng. Bangwe ba dumalana pepenene gore ba obamela Satane, mme ebile tlhotlheletso ya bosatane gantsi e iponatsa mo mminong wa bone le dikopelong. Mme Mokeresete o ka itse jang fa e le gore go na le tlhotlheletso ya bodimona mo mminong o o rileng? Mo dipakeng tse dingwe go lekanye fela go bona khabara ya rekoto. Mo teng ga yone o ka fitlhela go tshwantshitswe batho ba ba apereng jaaka baloi, badimona kana bodiabolo. Kana khabara e ka nna ya bo e na le ditshwantsho tseo di sekametseng mo metlholong kana mo maselamoseng. Leina la setlhopha sa mmino kana rekoto di ka nna tsa se supa fa se amana le badimona, fela jaaka le tsone ditlhogo kana mafoko a dipina. Ka sekai, o ka nna le phetso efe mo ditlhogong tsa dipina tse di tshwanang le “Tlhomogelopelo go Diabolo” le “Bana ba Lebitla”? New York Post e ne ya bega gore nngwe ya dipina tse di ntseng jalo e ne e le “go dumela ga matlhabisa ditlhong” gore baopedi ba ne ba “tshwaraganetse tiro e e bosula le Satane.”
8. Ka go tsenya mmino motswako, ke melaetsa ya mofuta ofe e e ileng ya tsenngwa mo direkotong dingwe tsa mmino?
8 Go ile gape ga nna le dikgatiso tsa melaetsa e e seng ya dikwalo le e leng ya sedimona ka boitseanape jo bo bidiwang “backward masking,” jo bo diriswang ke palo e e rileng ya ditlhopha tsa baopedi. Fa rekoto nngwe ya pina nngwe e e tumileng thata e tshamekelwa kwa morago, e nna e re, “Dira phetso ya go goga motokwane.” Fa e tshamekelwa kwa morago, rekoto e nngwe e e tumileng thata e tshotse molaetsa ono: “Ke tla opela ka go bo ke nna le Satane. . . . Ga go na ka gope, Satane moratiwa.”
9. Ke megopolo ya mofuta ofe eo e ka tsenang mo go mongwe yo o reetsang mefuta e e rileng ya mmino, mme ke jang seno se ka nnang kotsi?
9 Gone le gale, ga ntsi, batho ga se gantsi ba tshamekela direkoto kwa morago. Lefa go le jalo, fa go reeditswe direkoto tse di rileng tsa mmino, megopolo e e seng ya dikwalo kana ya bodimona e ka tsenngwa mo tlhaloganyong e e bulegetseng ditlhotlheletso tse di sa tshwanelang. High Fidelity Magazine e ne ya tsopola moeteledipele wa lephata lengwe la khamphane ya direkoto a re: “Mofuta wa kamogelo e e tlhokafalang ya mmino o mosha wa rock le wa classical o tshwana tota-tota. . . . O tshwanetse wa ineela mo go one mme o ba lese ba gape tlhaloganyo ya gago.” A mme seno se botlhale? Mogopolo o o sa sirelediwang mo semoyeng o go tlogela o bulegetse tlhaselo ya badimona!—Bapisa Mathaio 12:43-45.
10. Bakeresete ba ba ikanyegang ba tshwanetse go leba jang sengwe le sengwe fela sa bodimona?
10 Go badumedi-ka-ene ba ba rategang moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Dilō tse Badichaba ba di isañ ditlhabèlō ba di isetsa badimo, e señ Modimo: me ga ke rate loa bo lo na le kabalanō le badimo. Ga lo kake loa nwa senwèlō sa Morèna, le senwèlō sa badimo; ga lo kake loa yèla mo lomatiñ loa Morèna, le mo lomatiñ loa badimo.” (1 Bakorintha 10:20, 21) Boitsholo jo bo sa siamang le go kopanyelediwa mo tirisabadimong, mo maselamoseng kana go sepe fela sa bodimona ga di a tshwanela le fa e le ka gope mo botshelong jwa Mokeresete yo o ikanyegang.—Duteronome 18:10-12; Bagalatia 5:19-21.
11. Ke eng seo Mokeresete a tshwanetseng go se dira fa a tla go lemoga gore o na le direkoto tsa mmino o o nang le bodimona?
11 Ponong ya kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya bomodimo, he, ke eng seo Mokeresete a tshwanetseng go se dira fa a tla go lemoga gore o na le direkoto tsa mmino tseo di nang le tlhotlheletso ya bodimona? Ruri, o tshwanetse go di senya, ka jaana batho ba ga Jehofa ba sa tshwanela go nna le “kabalanō le badimo.” Tlaseng ga maemo a a tshwanang, Bakeresete ba pele kwa Efeso ba ne ba tsaya kgato kwantle go tiego epe, ka jaana re a bala: “Le bantsi ba bōnè ba ba dihañ ditihō tsa tseanyo, tse di horañ, ba kgobokanya dikwalō tsa bōne, ba di hisa ka molelō ha pele ga batho botlhe: me ba bala madi a cōna, me ba hitlhèla a le dipondo di le makgolo a mashomè matlhano.” (Ditihō 19:19) ‘Barati ba ga Jehofa’ bao ba ne ba ila se se boikepo mme ba ne ba seka ba kgorelediwa ke megopolo ya go latlhegelwa ke dilo tse di bonalang. Go na le moo, molemong wa bone o mogolo wa semoya, ba ne ba senya dithoto tseo di neng di na le bodimona.—Pesalema 97:10.
Tila Moya wa Lefatshe
12, 13. (a) Ke moya ofe wa lefatshe o gantsi o tsamaelanang le mmino wa motlha wa segompieno le baopedi, mme seno se ile sa supiwa jang? (b) Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go dirisa jang Bagalatia 6:7?
12 Ga re a tshwanela le e leng go tlodisa matlho moya wa lefatshe wa bofafalele o gantsi o tsamaelanang le mmino wa segompieno le baopedi. (Bapisa Baefesia 2:1-7.) Ka motlhala, e ne ya re fa khonsata nngwe e phimolwa, diketekete tsa barati ba yone tsa dira mekubukubu, mo The Toronto Star e neng ya bega: “Ba ne ba tika mapodisi a le 268 ka mabotlele, ditšhaene le dibetsa tse dingwe mo kgoberegong ya metsotso e 30 . . . Ba ne ba roba ditilo di le 200 tseo di neng di noseleditswe mo dikotaneng tsa tshipi le go kokotelelwa mo konkoreiting. Ba ne ba tikela bontsi-ntsi jwa ditilo tsa tshipi mo seraleng. . . . Ba ne ba khumola dikwatana tsa tshipi tse di retologang, ba phatlakanya difenesetere mo matlwaneng a dithekhethe le mo lefelong la boikhutso la setediamo, le go senya dikoloi di le mmalwa tse di ka kwa ntle ga setediamo.” A Mokeresete o tshwanetse le ka motlha a nna le batho ba ba ntseng jalo?
13 Mo ditiragalong tse di ntseng jalo bojalwa le diokobatsi ga ntsi di itseelwa fela. Mme gape, mmino le boitshwaro jwa baopedi di etleetsa moya wa bofafalele. Ka phepafalo, mofuta wa mmino o o tshamekiwang mo dipakeng tse di ntseng jalo, ga mmogo le dilo tse di etsang bodimona, diokobatsi le thubakanyo, ke tse di ka senyang maitsholo fela. A Mokeresete he, o ka reetsa mmino o o tshwanang mo legaeng ja gagwe kwa ntle ga go amiwa ke kgobalo? Legoka! Mme ga go mosupi ope yo ikanyegang wa ga Jehofa yo o ka itlhokomolosang molao-motheo wa Bibela: “Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ ke shōna se o tla se robañ.”—Bagalatia 6:7.
14. Ke ka baka lang fa go sa tshwanela go reetsa kana go binela pina eo e akantshang ka boitshwaro jo bo sa siamang?
14 Lefa go le jalo, bangwe ba ile ba ikutlwa ka gore: ‘Ga ke reeletse mmino mafoko; ke rata modumo wa one fela. Oa kgatlha fa o o bina.’ Mme go ka nna le kotsi gape mo go seno. Go ya ka The Times-Herald ya Newport News, Virginia, “sebini se se tlhaga sa disco se ka binela pina e se e ratang thata bosigo jotlhe kwa ntle ga go lemoga sepe se se oketsegileng ka mmino go na le modumo o o boaboelelang.” Gone go ntse jalo, mmino o ka ne o na le modumo o o gapang go ka o binela, mme ke eng se mafoko a re kgothaletsang go se dira? Ke eng seo se tsenang mo mogopolong wa moreetsi? Ka sekai, mosupi yo o ikanyegang wa ga Jehofa o ka binela jang mmino wa pina eo e mo kgothaletsang gangwe le gape, gore a ye go dira boaka?—1 Bakorintha 6:9, 10.
15. Ke ditshekamelo dife tse di senyang maitsholo tse di leng gone mo mminong wa segompieno?
15 Legale, melotsana e e senyang maitsholo ga e felele fela mo mminong wa rock le wa disco. Mo mafatsheng a le mantsi kana mafelong go na le dibopego tsa mmino tse di ka neng di tumile fela thata mo mafelong ao go sa kgathalesege go bo e na le medumo kana e dirisa melotsana eo Bakeresete ba boammaaruri ba ka e fitlhelang ba sa e amogele. Malebana le “country music,” setlhogo sengwe go The News & Observer ya Raleigh, North Carolina, se ne sa tlhalosa ka go re: “Badimo ba diholo tsa maitiso ba nnile ba nna le seabe mo dipineng tsa selegae, mme ga go ise go ke go diragale mo ditiragalong dipe tsa fa e sale mmino o nna gone go bo ditiro tsa bone tsa botlhaswa di beilwe pepeneneng jaaka go ntse gompieno.” E lebisa go tshekamelo e nngwe gape ya mmino o o tumileng mme e le wa boitsholo jo bo sa siamang, The Spokesman-Review e re: “Basadi ba opela kaga thobalano bosigo le thobalano mo bodilong jwa tantshe le thobalano mo sekhutlong sa mmila.” A dipina tse di ntseng jalo ga se sepe fela fa e se go senya maitsholo?
16. Ke thuso efe e e gone mo mothong yoo pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsang go reetsa le go binela mmino o o senyang maitsholo a kafa dikobong?
16 O seka wa lebala gore pelo e e sa itekanelang ya motho e boherehere, e botlhoko. (Yeremia 17:9) A pelo ya gago e go tlhotlheletsa go reetsa kana go binela seo o itseng gore se phoso mo matlhong a ga Jehofa? Fa go ntse jalo, itise! Senka thuso ya ga Jehofa ka thapelo gore o tle o ‘lekele go lemoga se se kgatlhang Morena le go sa nne bolekane le ditiro tsa lehihi.’ (Baefesia 5:10-12; Pesalema 5:1, 2) Kgano ya gago e e tiileng go reetsa kana go binela mmino o o senyang boitsholo e ka nna ya ba ya nna jaaka kgalemo mo go ba bangwe bao dipelo tsa bone di ba tsietsang.
17. Mabapi le mmino, o akanya gore re ka dirisa jang kgakololo e e go (a) Baefesia 5:3? (b) Tito 2:11-14?
17 Bao ba nwetseng mo moyeng wa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo ba ka nna ba ipelela mmino o o senyang maitsholo a kafa dikobong. Mme seno se ka nna boammaaruri jang mo Bakereseteng ba ba ikanyegang? Ba gakololwa jaana: “Me boaka, le mashwè aotlhe, leha e le boiphètlhō, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi.” (Baefesia 5:3) A ka tshwanelo re “ikgaogantse le boikèpō le dithatō tsa lehatshe”? He a re tlhokomeleng e seng fela se re se buang mme gape le mo go se re se reetsang, gore se seka sa akareletsa dipina tse di kaga boitsholo jo bo sa siamang. A re ‘tsheleng ka go ikgapa, le ka tshiamo, le ka poihomodimo, mo motlheng wa gompieno.’—Tito 2:11-14.
18. Mabapi le boikutlo jwa rona tebang le baopedi ba ba rileng, ke dipotso dife tse di ka bodiwang?
18 Mme ke jang wena ka bowena o ikutlwang kaga baopedi ba lefatshe? Ipotse: A ke etsa bangwe ba bone mo kaparing ya me, go ipaakanya mmeleng le puong? Ke tlotla go le kana kang kaga bone le mmino wa bone? A ke ba dira medimo ya me ka go apara dikipara kana dibaki tseo di bapatsang baopedi ba ba ntseng jalo, kana le e leng go kaletsa dinepe tsa bone kana ditshwantsho mo kamoreng ya me? A seno se itumedisa Jehofa yoo tshisimogo ya me e tshwanetseng ya ya go ene? A ke sala morago kgakololo e e tlhamaletseng ya Bibela ya gore “tshabañ kōbamèlō ea medimo ea disetwa”?—1 Bakorintha 10:14; Baroma 1:24, 25.
Farologanya Molemo le Bosula
19. Malebana le mmino, ke ka ntlha yang fa dinonofo tsa mogopolo tse di thapisitsweng sentle di tshwanetswe tsa dirisiwa?
19 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Diyō tse di loileñ ke tsa banna ba ba godileñ, eboñ bōnè ba ea reñ ka ba nntse ba diha, maikutlō bonè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.” (Bahebera 5:14) Batsadi ba Bakeresete le basha ba tlhoka go dirisa dinonofo tsa bone tse di thapisitsweng sentle go farologanya molemo le bosula. Ba tshwanetse ba lemoga le go gana gotlhelele dithaelo tse di boferefere tsa mmino o o senyang maitsholo. Jaaka motlhala wa boitsholo wa “sengwe le sengwe se siame” o ntse o tsenelela kwa teng mo lefatsheng leno le le okametsweng ke Diabolo le mmino wa lone, basupi ba ga Jehofa, bannye le bagolo, ba tshwanetse ba fetsa maikutlo go feta le e leng pele gore ba tla inaakanya matshelo a bone le maemo a a kwa godimo a Rraarona wa selegodimo.—Pesalema 119:9-16; 1 Yohane 5:19.
20. Ke eng se se hakiwang mo kgannyeng ya mmotlana yo o tshwaregang mo moyeng wa dipina tse di belaetsang?
20 O se ka wa ba wa tlhola o lebala gore mmino o na le nonofo. O ka ama pelo. A o ipona o tshwarega mo moyeng wa dipina tsa lefatshe tse di belaetsang? He, tsaya kgato gone jaanong jaana go dibela pelo ya gago. Gape, rapela Jehofa ka tlhagafalo go bona thuso ka moya wa gagwe o o boitshepo.—Diane 4:23; Luke 11:13; Bagalatia 5:22-24.
21. Batsadi ba Bakeresete ba ka thusa bana ba bone jang go tila mmino o o senyang maitsholo?
21 Batsadi, lo dirang go thusa bana ba lona go farologanya mmino o o amogelesegang le wa mofuta oo o senyang maitsholo? Jaaka Bakeresete, a ka tshwanelo lo ka ba dumelela go reetsa dipina tseo di buang kaga bodimona, boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, kgobololo ya diokobatsi le thubakanyo? Jalo he, pele ga lo ka reka rekoto kana go dumelela bana ba lona go reetsa mmino o o rileng, ipheng nako go tlhatlhoba khabara ya rekoto go bona fa e le gore a e kaega e ka neela tlhotlheletso e e bodisang. Akanyetsang ditlhogo le metswako ya dipina. Fa dipina di senya maitsholo, buisanyang ka seno ka bopelonomi le babotlana ba lona. Lo ka nna lwa supa gore Bakeresete botlhe ba tshwanetse go ‘nna banyana mo kilong mme mo tlhaloganyong ba nne banna’ ba sa senke kitso ya dilo tse di bosula kana ba tlatsa ditlhaloganyo tsa bone ka megopolo e e senang boitsholo. (1 Bakorintha 14:20) Morago ga puisanyo e e ntseng jalo, kwantle ga pelaelo lona le bana ba lona lo tla nyeletsa direkoto tse lo nang natso tse di sa batlegeng kafa Dikwalong mme lotlhe lo fetse ka gore le ka motlha ga lo kitla lo reetsa mmino o senyang maitsholo.
22. (a) Ke ka baka lang fa re sa latlhegelwe ke sepe se se nang le mosola ka go gana mmino o o senyang maitsholo? (b) Boikutlo jwa rona le pono ya rona e tshwanetse go nna dife fa re tlhopha mmino?
22 Go na le mmino o o farologaneng thata o o amogelesegang kafa Dikwalong e bile e le o o agelelang, go akareletsa le dipina tsa Bogosi tseo di ipelelwang ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng ka bophara. Jalo ga re latlhegelwe ke sepe se se tlhokafalang ka go ganana le mmino o senyang maitsholo. Ka go ithuta Bibela ka metlha le dikgatiso tse di tsamaelanang le yone tsa Bokeresete, ekete re ka thapisa dinonofo tsa rona tsa tlhaloganyo go farologanya molemo le bosula. Jalo he a re ngapareleng se se siameng. Fa mmino ope fela o thulana le maemo a tshiamo a Modimo, o gane. Ineele mo taong ya gagwe mme o nitame mo “tseleñ e e bōnalañ [e e thokgameng (NW)].” (Pesalema 27:11) Ka ditsela tsotlhe, itise mo mminong o o senyang maitsholo! Ka nako e e tshwanang, ekete mmino o o o ikgethelang ka sebele o ka galaletsa Modimo, yo o “naeañ dilō cotlhe ka letlōtlō, gore re di yè monate.”—1 Timotheo 6:17.
O Ka Araba Jang?
◻ Ke bosupi bofe jo re nang najo jwa gore mmino o na le nonofo?
◻ O ka lemoga jang fa e le gore go na le tlhotlheletso ya bodimona mo mminong o o rileng?
◻ O tshwanetse go dirang fa direkoto tsa gago tsa mmino di itshupa di na le tlhotlheletso ya bodimona?
◻ Fa pelo ya motho e mo tlhotlheletsa go reetsa kana go bina mmino o o senyang maitsholo, ke thuso efe e e gone?
◻ Batsadi ba Bakeresete ba ka thusa jang bana ba bone go tila mmino o o senyang maitsholo?
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Mmino o o senyang maitsholo ga wa siamela batho ba ga Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
A Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go etsa baopedi ba lefatshe ka moaparo, tsela ya go ipaakanya mmeleng le mokgwa wa botshelo?