LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 4/15 ts. 8
  • O Bolokilwe ke Pampitshana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Bolokilwe ke Pampitshana
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Bolelele Gore O a Ba Rata
    Maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 4/15 ts. 8

O Bolokilwe ke Pampitshana

“Ke ne ke feditse mogopolo gore mo mosong ono ke ne ke ya go ipolaya,” ga bolela jalo mosadi mongwe fa a bua le tsala ya gagwe ka founu. O ne a bolela go re o ne a tla tsena mo koloing ya gagwe a ba a e faposa mo borogong.

Tiragalo eno e ne ya bolelelwa Basupi ba ga Jehofa ba babedi ke tsala ya bone jaaka ba ne ba mo etetse mo mosong mongwe. Erile a ntse a tsweletse, tsala ya bone ya bolela gore o ne a tswelela ka go botsa mosadi yoo gore ke eng se se fetotseng mogopolo wa gagwe.

“Ke ne ke ipaakantse mme ka tswa ka kgoro ya lebati la me,” mosadi a fetola jalo. “Mme e ne ya re jaaka ke ne ke dira jalo, ke ne ka bona pampitshana e e neng e bua ka mongwe yo o amegang, mongwe yo o go ratang, e lebisitse go Modimo.” Lekametlwana leo, kana pampitshana eo, e ne ya mo emisa go tsweledisa thulaganyo ya gagwe. Mme e ne e tswa kae?

“Lekametlwana leo le ne le tlogetswe ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa,” mosadi a tlhalosa jalo. E ne ya boloka botshelo jwa gagwe!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela