A Bibela e Solofetsa Paradaise ya Selefatshe?
“PARADAISE ke leina la legodimo,” A go bolela jalo The World Book Encyclopedia. “Jesu o ne a dirisa lefoko leo ka tlhaloganyo e fa A ne a bua le legodu je le neng le swela mo sefapaanong.”
A mme tota Jesu Keresete o ne a solofetsa legodu le le swang leo paradaise ya selegodimo? Kana o ne a le solofetsa paradaise ya selefatshe?
Tsholofetso ya Botshelo jwa Selegodimo
Ga go na pelaelo epe ya gore Jesu o ne a baya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang tsholofelo ya botshelo jwa selegodimo pele. Bosigo jwa pele ga a bolawa, o ne a solofetsa: “Mo tluñ ea ga Rrè go na le mannō a le mantsi. . . . ke ea go lo baakanyetsa bonnō. Me ha ke ea go lo baakanyetsa bonnō, ke tla tla gapè, me ke tla lo icholèla; gore kwa ke gōna le lona lo nnè gōna.” Abo e le tsholofetso e e molemo-lemo jang ne ya botshelo jwa selegodimo!—Yohane 14:2, 3.
Jesu o tla busa kwa legodimog jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Mme Modimo o nnile a tlhopha gareng ga setho batho bao ba tla busang le ene. Bibela e re bolelela se Keresete a se dirang ka bano ba ba tlhophilweng: “Ua ba diha gore ba nnè bogosi yoa Modimo oa rona, le baperisiti ba ōna; me ba busa mo lehatshiñ.”—Tshenolō 5:10; 2 Timotheo 2:11, 12.
Moaposetoloi Johane o ne a bolela gore ba ba tswang “go rekwa mo lehatshiñ” go busa mo legodimong le Keresete ba tla nna palo ya 144 000. Ba tla bo e le “lecomanyane” fa ba bapisiwa le botlhe bao ba amogelang botshelo jo bo sa khutleng. (Tshenolō 14:1-3; Luke 12:32; Yohane 10:16) Go ba ba ntseng jalo bao ba neng ba nna le tsholofelo ya go tsholelwa kwa legodimong, Keresete o ne a solofetsa ka gore: “Eo o henyañ, ke èna eo ke tla mo naeañ go ya setlhare sa botshelō, se se mo Paradaisoñ ea Modimo.” (Tshenolō 2:7; Yohane 16:33; 1 Yohane 5:4) ‘Paradaise ya Modimo eno ya tshwantshetso e mo magodimong a a sa bonaleng.
Lefa go ntse jalo, a go tla bo go tshwanetse go tsaya gore legodimo ke lone fela paradaise e e beilweng fa pele ga balatedi ba ga Jesu? Ereka sesinyi seo se neng sa tlhomoga pelo se ne sa seka sa fenya lefatshe ka go latela tsela ya boikanyego go Modimo mme ebile e ne e le tshwanelo gore a bolaelwe ditiro tsa gagwe tsa boikepo, ke Paradaise efe eo Keresete a neng a e mo solofetsa?
Sesinyi Se Solofeditswe Paradaise Efe?
Mongwe wa disinyi tse di neng di pegilwe fa thoko ga ga Jesu o ne a re: “A ga u èna Keresete? ipolokè, le rona u re bolokè.” Lefa go le jalo sesinyi se se neng sa tlhomoga pelo se ne sa mo kgalemela. Go tswa foo, ya re a retologela kwa go Jesu, a re: “A u ko u nkgopolè mogañ u tlañ mo bogosiñ yoa gago.” Ke Jesu a mo fa tsholofetso e e gakgamatsang: “Amarure, kea gu raea, u tla nna le nna kwa Paradaisa gompiyeno.”—Luke 23:39-43.
Paradaise eno e e solofeditsweng e kae? Tsela eo temana eno e kwadilweng ka yona mo dithanolong tsa Bibela di le dintsinyana e ile ya tlhotlheletsa pono ya batho ba le bantsi mabapi le seno. DiBibela ka bontsi di balega jaaka Revised Standard Version: “Ammaaruri, kea go raya, gompieno o tla nna le nna kwa Paradaisa.” Ka gone, go ya ka dithanolo tse di ntseng jalo, mo go lone letsatsi leo Jesu le sesinyi ba suleng ka lone ba ne ba ya Paradaiseng. Lefa go le jalo, seo se ka nna jalo jang, ereka Bibela e bolela gore Jesu o ne a ya kwa Hades, kana Sheol, fa a swa? Moaposetoloi Petere, fa a ne a bua ka ga tsogo ya Gagwe go tswa foo malatsi a le mararo moragonyana, o ne a re: “Ga aa tlogèlwa mo Bobipoñ [Hades, Sheol ka Sehebera] . . . Yesu eo, Modimo o mo cositse.”—Ditihō 2:31, 32; Pesalema 16:10.
Ereka Jesu ka phepafalo a ne a le mo Sheol, kana Hades (lebitla le le tlwaelegileng la setho), pele fa a tsosiwa, Commentary on the Holy Scriptures ka J. P. Lange e re: “Lefa go ntse jalo, ka Paradaise eno, re tlhaloganye gore ga go tewe Paradaise ya selegodimo . . . mme e leng bontlhanngwe jwa Sheol eo e fapaaneng le Gehena, mme e le eo le yone e neng ya bidiwa Paradaise.”
D. D. Whedon go Commentary on the Gospels ya gagwe o re latlhelela lesedi mabapi le pono eno ka ga Paradaise, ka go tlhalosa: “Leina [Paradaise] le ne la fudusiwa ke Kereke ya Sejuda [go tloga go Paradaise ya Edena ya ntlha ntlha] go ya go karolo e e segofaditsweng ya Hades, kana boemo jo bo fa gare ga loso le tsogo. Kwantle go pelaelo le fa e ka nna efe e ne e le boikaelelo jwa ga Jesu go tlhalosa seno, ka lereo Paradaise, go legodu le le neng le e swa.”
A Paradaise ke “karolo e e segofaditsweng ya Hades”? Seno go bonala fa e ne e le pono eo e neng ya simologa mo barutising ba Sejuda; tota ruri ga se sengwe seo se rutwang mo Dikwalong tsa Sehebera tse di boitshepo. Bontsi jwa batho ba dikereke gompieno ga ba amogele pono ya gore Paradaise ke karolo nngwe ya Hades. The Catholic Encyclopedia e a tlhalosa: “Go ya ka phuthololo e e tumileng thata ya ba thutobomodimo ba Katoliki le batlhalosi, paradaise mo ntlheng eno e dirisiwa jaaka leina le le tshwanang la legodimo la basegofadiwa leo go lone legodu le tla tsamayang le Mmoloki.”
Bakwadi ba le bantsi ba Porosetanta ba dumelana le pono eno ya Makatoliki. J. G. Butler, mo kakgelong ya gagwe ya The Bible-Work, o phantsha a re: “Abo monna yo o swang yoo a ile a bona dilo mo letsatsing leo! Mo mosong wa lone a le senokwane se se atlhotsweng fa pele ga lekgotla la katlholo la selefatshe; pele ga maitsiboa a goroga mo thoteng ya Siona abo a amogetswe mo lekgotleng la selegodimo.”
Mme ako o iketle fela! Re ile ra bona gore, go ya ka Bibela, Jesu o ne a ya kwa Sheol, kana Hades, fa a sena go swa, eseng kwa legodimong. O ne a feditse malatsi a le mararo a ntse a sule, a sa ikutlwe mo lebitleng le le tlwaelegileng la setho. (Moreri 9:5, 10) Jalo o ne a ka se ka a bo a ile legodimong. Bibela ya re Jesu o ne a boela legodimong malatsi a le 40 morago ga go tsosiwa.—Ditihō 1:3, 6-11.
Ka phepafalo, Jesu o ne a solofetsa sesinyi fela gore o ne a tla tsosediwa mo Paradaiseng; Jesu o ne a sa re o ne a tla tshela mo Paradaiseng ka lone letsatsi leo. Ka gone thanolo e e tshwanetseng ya mafoko a ga Jesu ke e e reng: “Ammaaruri ke a go raya gompieno, O tla nna le nna mo Paradaiseng.” Palo e e rileng ya dithanolo tsa Bibela e balega ka tsela eno, e nngwe ya tsone ebong (Lamsa) e bua jaana mo mokwalong wa yone wa tlase: “Mekwalo ya bogologolo e ne e sena matshwao. Phegelwana e ne e ka nna ya tla pele kana morago ga gompieno.”
Jalo he Paradaise e Jesu a neng a e solofetsa sesinyi e ne e tla bo e le kae? Mme ebile e ne e tla ipelelwa leng?
Paradaise ya Selefatshe
Gakologelwa, re ne ra bua pelenyana kaga go bopa ga Modimo Paradaise ya ntlha ntlha mo Edena gone mono mo lefatsheng. Ka phepafalo e ne e le boikaelelo jwa Modimo go nna le Paradaise ya selefatshe eo batho ba neng ba tla ipelela botshelo jo bo sa khutleng mo go yone mo kagisong le polokesegong. A o akanya gore Modimo o tla dumelela boikaelelo jono jwa gagwe gore bo se diragadiwe? Legoka! “Ke tla diha go kgatlhèga ga me gotlhe hèla,” o a bolela. “Ke ikaeletse, le gona ke tla dihatsa; ke ikaeletse.” (Isaia 46:10, 11) Ee, Modimo o tla dira seo a se ikaeletseng! Mme tsholofetso ya gagwe ke go re: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Pesalema 37:29.
Jalo fa re bala ka ga tsholofetso ya ga Jesu ya Paradaise go sesinyi, re tshwanetse mo megopolong ya rona ra akanya ka lefatshe leno lotlhe le dirilwe lefelo le le ntle go ka tshela mo go lone, jaaka tshingwana e e ungwang, ka go bo seo e le sone se lefoko “paradaise” le se rayang. A Jesu o tla bo a le gone mono lefatsheng le sesinyi sele sa pele mo Paradaiseng? Nyaa, Jesu o tla bo a le kwa legodimong a busa jaaka Kgosi mo lefatsheng la Paradaise. O tla bo a na le monna yoo ka tlhaloganyo ya gore O tla mo tsosa mo baswing le go tlhokomela ditlhokafalo tsa gagwe, tsa mmele le tsa semoya ka go tshwana.
Ka phepafalo sesinyi e ne e se mofenyi yo o ikanyegang wa Mokeresete yo o neng a tshwanelegela botshelo jaaka mmusi-mmogo mo legodimong le Keresete. O ne a dira dilo tsa boikepo, fela jaaka go dirile le dimilione tsa batho ba bangwe bao Jesu a tla ba tsosang. (Ditihō 24:15) Mme ba ile ba dira dilo tseno tsa boikepo ka go bo ba ne ba sa itse thato ya Modimo. Ka jalo mo Paradaiseng ba tla rutwa gore thato ya Modimo ke eng, mme ba tla nna le sebaka sa go supa gore tota ruri ba rata Modimo ka go dira thato ya gagwe.
Sebopego sa Paradaise
Lemororo e digela ka gore Paradaise ke “lefelo le le farologaneng le lefatshe,” New Catholic Encyclopedia e re: “Kagiso le tshiamiso e e tshwanetseng tse di tla leriweng ke kgosi ya bomesia di tla tshwana le tsa Paradaise e e mo go Isaia 11:6-11.” Akanyetsa Paradaise e ntle eo e e tlhalosiwang moo. Morago ga go bolela kaga puso ya Kgosi ya Bomesia, Jesu Keresete, boperofeti jono jo bo amang pelo mo go Isaia kgaolo 11 bo tswelela pele go bolela jaana mo Isaiah chapter 11ditemaneng 6 go ya go 9:
“Me phiri e tla aga le kwanyana, nkwè e tla botha le potsane; le namane le ledumedi le e e amuleñ mmōgō: me ñwanyana eo monnye o tla di gōga. Kgomo e namagadi e tla hula e na le bera; bana ba cōna ba tla botha mmōgō: me tau e tla ya motlhaka yaka kgomo. Me ñwanyana eo anyañ o tla tshamèka ha mosimeñ oa kakè, ñwanyana eo o kgwisicweñ o tla baea seatla sa gagwè ha kutleñ ea shaushawane. Ga di ketla di utlwisa botlhoko leha e le go senya mo thabeñ eotlhe ea me e e boitshèpō: gonne lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.”
Ke kae koo maemo a Paradaise ao a tlhalosiwang fano ka bontle-ntle a tla diragadiwang teng? Baruti ba sedumedi ba La-Bodumedi ga ba dumele gore tota a tla diragadiwa mo lefatsheng. “Dibopego tsotlhe tsa ponalo e e kaiwang ke Isaia di supela go nna gone ga mebele ya selefatshe,’’ ga dumela jalo Moporofesa J. P. Lange. Mme o oketsa ka go re: “Mo karolong eno boporofeti bo ka se ke bo diragadiwe. Re tshwanetse ra akanyetsa ka motheo o mosha wa mebele ya semoya e e galaleditsweng e e diretsweng tiragalo eno.”
Lefa go le jalo a boporofeti jono bo tlhalosa kagiso le polokesego tseo batho ba tla di ipelelang mo paradaiseng ya selegodimo? Eseng jalo gotlhelele! Bo tlhalosa maemo gone mono lefatsheng. Gompieno mo teng ga phuthego ya Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara, go setse go na le boemo jwa letlotlo la semoya, kagiso le polokesego, jaaka fa di tshwantsheditswe ka tsela e ntle ntle ke moporofeti wa Modimo Isaia. Lefa go ntse jalo, a maemo a a ntseng jalo a paradaise fa go ntse go ya a tla atolosiwa gore a bo a diragadiwe ka tsela ya sebele tota?
Ke boammaaruri, bontsi jwa baruti ba sedumedi ba La-Bodumedi ba ka nna ba sotla ka mogopolo wa gore Modimo o tla dira gore diphologolo di agisane mme gammogo le bone batho. Mme re ka nna le ikanyo ya gore Modimo Mothatayotlhe o tla diragatsa diphetogo tse di gakgamatsang tseo mo sebakeng sa diphologolo. Jaaka motlhalosi mongwe wa Bibela a ne a tlhalosa jaana mabapi le boporofeti jwa Bibela: “Fa gotlhe e le gore ke ga tshwantshetso, go thusa ka eng go bo go na le ditlhaloso tse di atlabetseng tseo malebana le phetogo mo diphologolong? Go tla bonala gore fano gape re na le setshwani kana papiso le maemo a pele ga motho a wela mo boleong. Pele ga boleo bo tsena mo lefatsheng diphologolo di ne di thusa motho ebile ke ene a di teileng maina. Gotlhe mo Modimo a neng a go dirile go ne go le molemo. Tlhoano magareng a motho le diphologolo, re ka re fela, e ne e sa itsiwe.”
Ka boammaaruri, abo go na le dipapisa tse di ntle jang magareng ga tlhaloso eno ya seporofeti mo go Isaia ka puso ya ga Mesia le maemo ao a neng a le gone mo tshimong ya Edena! Koo, “kico ea go itse Yehofa” e ne e le kgolo, jaaka kwa ntle ga pelaelo epe Modimo a ne a buisana le morwawe wa selefatshe yo o itekanetseng, Adame. Bibela ka papamalo e bolela gore nako eo diphologolo di ne di neilwe “morōgo moñwe le moñwe o motala go nna diyō.” Di ne di sa je diphologolo tse dingwe. (Genesise 1:30) Mme le diphologolo di ne di ikobetse motho, di utlwa taolo ya gore di ye kwa go ene go di taya maina.—Genesise 2:19, 20.
Abo go tla nna go ntle jang go bona seemo se se ntseng jalo sa kutlwano le polokesego se tsosolositswe lefatshe ka bophara! Abo e tla nna tshiamelo jang go ipelela Paradaise e e galalelang ya selefatshe e mo go yone batho botlhe ba tla bong ba ratana le koo kagiso e e molemolemo gareng ga batho e tla supiwang ke go nyelela ga tlhoano mo sebakeng sa diphologolo! Ruri, Bibela e solofetsa Paradaise ya selefatshe!
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
A maemo ano e le ruri a tla nna gone mo lefatsheng?