LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 4/15 ts. 3-4
  • O Ne O Bopetswe go Tshela mo Paradaiseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ne O Bopetswe go Tshela mo Paradaiseng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Paradaise e go Buiwang ka Yone mo Baebeleng e Kwa Kae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • “Re Tla Kopana Kwa Paradaiseng!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • A Bibela e Solofetsa Paradaise ya Selefatshe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Paradaise mo Lefatsheng—A ke Tlhamane Kgotsa ke Selo sa Mmatota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 4/15 ts. 3-4

O Ne O Bopetswe go Tshela mo Paradaiseng

MMOPI wa rona yo o lorato o batla gore o ipelele Paradaise ya boipelo. O ne a tlholela batsadi ba rona ba ntlha legae je le ntseng jalo. Bibela e re: “Modimo a baea tshimo kaha ntlheñ ea botlhabatsatsi, mo Edena, me a baea gōna motho eo o mmopileñ. Me Yehofa Modimo a medisa mo mbuñ setlhare señwe le señwe se se kgatlhañ mo matlhoñ, le se se molemō go yewa.”—Genesise 2:8, 9, 15.

Legae leo la ntlha ntlha ruri e ne e le Paradaise, lefoko “paradaise” le raya “tshingwana.” E ne e le ‘‘Paradaise ya Boipelo,” se e leng leina je lengwe la ‘tshimo ya Edena.’ O akanyetsa legae leo le ntse jang? A mogopolo wa gago o bona dithunya tse di mebalabala, ditlhatshana, ditlhare tsa dikungwa, naga e ntlentle, metswedi le melatswana e e sisibetseng, e e phepa? A o bona gape le mekgatšha e metala e e dikanyeditsweng ke ditlhare tse di godileng, le moya o o nkgang monate wa lonko Iwa naga le dipina tsa dinonyane?

“Ee le go feta moo,” o ka nna wa araba. “Kagiso le polokesego le tsone di tla nna gone.” Mme ebile di ne di le gone mo tshimong ya Edena! Le e leng diphologolo di ne di agisane mmogo mme le mmogo le batsadi ba rona ba ntlha. “Señwe le señwe se se gagabañ ha hatshe se botshelō bo leñ mo go shōna, ke di neile morogō moñwe le moñwe o motala go nna diyō,” Modimo a bolela. “Me [Modimo] a [isa diphologolo] kwa monneñ, go bōna kaha o tla di raeañ maina ka gōna . . . Me monna a raea dikgomo cotlhe maina, le dinōnyane tsa loapi, le phōlōhōlō ñwe le ñwe ea naga.”—Genesise 1:30; 2:19, 20.

Abo e ne e le legae je le itumedisang ruri! Mme ereka jaana motho le diphologolo di ne di le kagisanong gammogo le Mmopi wa tsone wa legodimo, le ne le itekanetse. Ruri o tla itumelela go tshela mo Paradaiseng e e ntseng jalo ya boipelo!

Paradaise eo ya ntlha ntlha e ne e le kae? Bibela e bolela gore e ne e le mo lefatsheng, ebile e umaka le dinoka tsa yone tse nne, tse di akareletsang Euferatese e e sa ntseng e le gone le gompieno. Mme buka kgolo nngwe ya sedumedi e bua ka kakanyetso nngwe ya bosheng jaana ya “gore Edena wa ntlha ntlha o ne a le kwa legodimong.” Lefa go ntse jalo, pono e e ntseng jalo, ga e thulane fela le mokwalo wa Bibela mme gape le tlhaloso ya ga Jesu Keresete ya gore go kopana ga monna wa ntlha le mosadi mo Edena go ne ga ba dira “nama e le ñwe hèla.”—Mathaio 19:4-6; Genesise 2:21-24; 1 Bakorintha 15:50.

Lemororo Modimo o ne wa tlholela batho go tshela mo Paradaiseng ya selefatshe, bontsi jwa batho ba dikereke gompieno ba dumela gore paradaise e le yosi fela e e ka ipelelwang e tla bo e le kwa legodimong. Lefa go le jalo, ka mo go kgatlhisang, buka kgolo nngwe ya Bibela e bua jaana ka ga seno: “Tota motho ena, gantsi o gopola fa maipelo a legodimo a tshwana fela, kana bobotlana a emela, menate ya lefatshe jeno; mme mongwe le mongwe o solofela gore ruri ruri o tla iponela le go ipelela ka selekanyo se se tletseng ka kwa ga lebitla, seo a se tsayang se ratega thata mo lefatsheng.”

Batho ba akanya fa Paradaise e le selo se se bonalang ka jaana Modimo o ne wa tlholela motho go tshela mo lefatsheng le go ipelela dilo tsa selefatshe. (Pesalema 115:16) Seno se tsosa dipotso. Ka sekai, fa Jesu a ne a solofetsa sesinyi seo se neng se swela fa thoko ga gagwe a re, “U tla nna le nna kwa Paradaisa,” Paradaise eo e tlabo e le kae?—Luke 23:43.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela