Didikadike tse ga Jaanong Di Tshelang mo Lefatsheng ga Di Ketla Di Swa
“Ke nna cogō le botshelō; eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela; Me leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè.”—YOHANE 11:25, 26
1. Gore motho a seka a swa gotlhelele mo lefatsheng la rona go tla rayang ka motho yo o sego yoo?
GORE motho a seka a tlhola a swa gotlhelele go tla raya gore motho yo o ntseng jalo yo o sego o tla tswelela a tshela mono lefatsheng go ya go ile jaaka monna kana mosadi yo o nang le go ka swa! Eo ke phetso e e utlwalang go e dira, a ga go jalo? A mme ebile ga e dumalane le mafoko a a fa godimo a a neng a buiwa ke Jesu Keresete go feta makgolo a dingwaga a 19 a a fetileng? Ee!
2, 3. (a) Ke tsholofelo efe e Dikwalo tsa Sehebera di e tshotseng? (b) Ke eng seo gantsi e leng tebelelo ya ditsamaiso tsa bodumedi tsa La-Bodumedi?
2 Dikwalo tsa Sehebera tse di boitshepo, go tloga go Genesise go ya go Malaki, ga di a tshola tsholofelo epe ya selegodimo, mme ka jalo Bajuda ba ba neng ba ngangatlela Dikwalo tseno ba ne ba sena tsholofelo kana keletso ya selegodimo. Mme Dikwalo tsa Sehebera di tshotse tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. (Pesalema 37:29; Yobe 14:13-15) Go Mojuda wa tlholego yo o rupisitsweng botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng tlaseng ga Bogosi jo bo solofeditsweng jwa ga Mesia e ne e le tsholofelo le tebelelo e e tshwanetseng.
3 Lefa go ntse jalo, ka kakaretso, eo ga se tebelelo ya ditsamaiso tsa bodumedi tsa La-Bodumedi. Ba dumela le go ruta gore rona batho re na le moya o o sa sweng mo teng ga mebele ya rona e e swang le gore mo losong loo lo ka se tilweng moya ono wa gololwa le go tlhatlogela mo sebakeng sa moya se se sa bonaleng. E re o le koo o atlholwe mme o bo o abelwe ke Modimo go ya paradaiseng ya selegodimo kana lefelong la kwatlhaelo la tlhokofatso e e sa feleng fa e le gore motho o ne a se Mokeresete yo o ikanyegang. Mme pono e e akaretsang ya La-Bodumedi ke gore lefatshe, letsatsi, ngwedi le dinaledi di tla tshujwa, di senngwa, mo ntweng ya lobopo lotlhe.
4. Ke ka ntlha yang fa go ka se tlhole o o swa mo lefatsheng go ka se lebege jaaka mafoko a a molemo go batho ba bantsi ba ba gopotseng ka seemo sa lone sa jaanong?
4 Go ya ka pono e e ntseng jalo ya bodumedi, go ka se nne boammaaruri le ka motlha gore “didikadike tse ga jaanong di tshelang mo lefatsheng ga di ketla di swa.” Lefa go le jalo, batho ba bantsi ba ka nna ba re botsa, ke mang yo o tla batlang go tshela mo polaneteng e e tlhasetsweng, jaaka e ntse gompieno, ke mauba, dikgogodi tsa bolwetsi, dithoromo tsa mafatshe, dintwa, matlhoo a meraferafe le a ditso, gammogo le go kokoanngwa ga dibetsa tsa ntwa tsa nuclear tseo di bopèlang go nna gone gotlhe ga motho mo lefatsheng? Fa ele gore matlhotlhapelo a a ntseng jalo a ne a ka tlhasela lefatshe la rona ka bosenang bokhutlo, batho ba bantsi ba ba itekanetseng mo tlhaloganyong ba ne ba tla batla go iphalotsa—le eleng ka loso tota!
Boikaelelo jwa kwa Tshimologong ka Lefatshe
5. Seemo sa lefatshe e ne e le sefe fa Modimo o ne o baya setho mo go lone, mme Modimo o ikutlwa jang tebang le setho?
5 Lefa go ntse jalo, kwa tshimologong fela ya go nna gone ga motho, Mmopi o ne a neela setho lefatshe jaaka legae la bosaengkae la bone. Ka nako eo eleruri e ne e le ‘lefatshe le le molemo.’ Pego ya Bibela ya popo e re bolelela gore, morago ga Mmopi a sena go baakanyetsa monna wa ntlha le mosadi maemo a selefatshe, o ne a ba baya mo godimo ga lefatshe, “Modimo oa bōna señwe le señwe se o se dihileñ, me, bōnañ, ga bo go le molemō thata.” (Genesise 1:31) Fa ele gore le ile la seka la bonala le le molemo thata go Mmopi, le ka motlha o ka bo a se kile a baya bana ba gagwe ba batho mono mo lekgetlong la ntlha. Mokwadi fela wa ntlha wa pego ya popo o re bolelela ka Modimo Mmopi: “Lehikwè, tihō ea gagwè e itekanetse: gonne ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō; Modimo o o boikañō, o o senañ tshiamololō.” (Duteronome 32:4) Modimo Mothatayotlhe ga a na pego ya tiro, kana mmereko, eo a tla tshwanelwang ke go e ikopela maitshwarelo go mongwe. Jaaka Rara yo o molemo, o ne a rata setho go tswa fela kwa tshimologong. O santse a ntse a rata setho.—Yohane 3:16.
6, 7. Ke ka ntlha yang fa re ka nna le tsholofelo ya gore popo ya Modimo ya lefatshe le motho yo o mo go lone ga e ketla e itshupa e le tiro ya lefela fela?
6 Ka mo go itumedisang go bopa ga Modimo lefatshe le motho mo godimo ga lone ga se tiro ya lefela fela. Erile o tlhoma mokgele wa go tlotla Modimo fa pele ga monna le mosadi wa ntlha, Modimo o ne a laola Adame le Efa gore ba ntsifale ka bana ba ba itekanetseng le go tlatsa lefatshe ka bona. Ba ne ba laelwa gape go dira lefatshe go nna Paradaise ya kgolokwe le go nna le taolo e e feletseng godimo ga dibopiwa tsotlhe tse di kafa tlase ga motho mo lefatsheng. (Genesise 1:28) Ka maswabi, morago ga dingwaga tse di fetang 6 000 tsa go nna gone ga motho le boitemogelo, setho se ile sa palelwa ke go dira seo se neng se se laetswe go se dira. Se se santseng se le maswe go feta, batho jaanong ba gomagometsa go inyeletsa mo go setlhogo go sa tlhole ba nna gone ka ditiro tsa bone tsa letlhoo. Mme ka ntlha ya go palelwa ga setho mo dilong di le dintsi, ga go a dira Modimo Mmopi go nna yo o paletsweng.
7 Boikaelelo jwa kwa tshimologong jwa Modimo mabapi le lefatshe la rona bo tla diragadiwa. Re na le tlhomamisetso ya Modimo kaga seo! (Isaia 55:11) Mo go Moreri 1:4 Bibela e re: “Kokomana e ñwe e hetèla koñ, me go tle e ñwe; me lehatshe le nnetse rure ka bosakhutleñ.” Mme mo go Isaia 45:18 Modimo Mmopi o ne a itebisa ka boene jaaka ‘Modiri wa lefatshe le Mmopi wa lone,’ mme a oketsa ka gore: “O no oa le tlhōmamisa, o no o se ka oa le tlhōlèla lehèla, oa le bopèla go uñwa: a re, Ke nna Yehofa; me ga go na opè o sele.” Mme “go uñwa’’ gone le tla ungwa ka nako e e leng yone ya Modimo ka lotso Iwa motho lo lo itekanetseng, lo lo segofaditsweng ka mpho ya botshelo jo bo sa khutleng!
8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe gore le nniwe bo sa ganediwe ke lebaka la gore magodimo le lefatshe la gompieno di tla feta? (b) “Magodimo a masha” le “lehatshe ye lesha” ke eng, mme tsholofetso ya Bibela mabapi le tsone ke eng?
8 Mafoko a a fa godimo a a re tlhomamisetsang boikaelelo jwa Modimo ga a ganediwe ke moaposetoloi Petere fa a ne a re tlhagisa ka gore magodimo le lefatshe ao a leng gone ga jaanong a tla feta. Nyaa, ka go bo fela morago ga go re gakolola ka phelelo eno ya mo isagweng, eo jaanong e atametseng fela thata, o tswelela ka gore: “Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” (2 Petere 3:10-13) Tsholofetso ya Modimo ya magodimo a masha ao le lefatshe je lesha e bolokilwe go Isaia 65:17. Gore tseno di tla tsaya lobaka lo lo kae, re bolelelwa jaana mo go Isaia 66:22: “Gonne yaka magodimo a masha a ke tla a dihañ a tla sala a nntse ha pele ga me, le lehatshe ye lesha, losika loa lona lo tla sala lo nntse yalo, le leina ya lona yalo, go bua Yehofa.”
9 A mme he wa utlwa, magodimo a masha le lefatshe je lesha a tla tswelela pele a le gone fa pele ga ga Jehofa; di tla ema ka tlhomamo, di tla nnela ruri; di tla tswelela! “Lehatshe ye lesha” le dirilwe ka lotso lwa motho lo lo tshiamo lo lo tla nnang mo kgolokweng ya lefatshe e e phepafaditsweng, eo Mmopi a neng a dira gore e ‘ungwe.’ (Isaia 45:18) “Magodimo a masha,” ao e leng maatla a selegodimo a masha a tshiamo, a tla bo a ikarabelela mo lefatsheng le le phepafaditsweng le banni ba lone ba ba siameng. Eleruri he, Jehofa Modimo o tla bo a ne a seka a tlholela kgolokwe eno ya lefatshe e e gakgamatsang go nna “lehèla.” Le santse le tla mo tlotlomatsa jaaka Modiri!
Go Falolela Mo ‘Lefatsheng je Lesha’
10, 11. (a) Mo dipolelelo peleng tsa bone, ke eng seo baithuti ba ditiragalo tsa lefatshe ba sa se tseeng tsia, mme ka jalo re ka falola eng, mme re falolela mo go eng? (b) Re ka ithutang mo go faloleng ga ga Noa le lelapa la gagwe ka Morwalela?
10 Seemo seo baithuti ba ditiragalo tsa lefatshe gantsi ba se kayang ga se tlogelele ope tsholofelo ya gore go tla nna le motho yo o tla falolang mo lefatsheng go tsena mo tsamaisong ya dilo e ntšha le e e botoka. Se se kgatlhisang ke gore megopolo ya bone ga se megopolo ya Mmopi wa lefatshe, lefa e le gone gore ditsela tsa bone ke ditsela tsa gagwe. (Isaia 55:8-11) Megopolo ya bone ga ya theiwa mo go seo se diragetseng morago koo mo metlheng ya monna Noa. Dibomo tsotlhe tsa nuclear le dithunyi tse dingwe tse di boitshegang tsa merafe ga di ka ke tsa bapisiwa le maatla a Morwalela
wa kgolokwe oo ka nako eo o neng wa porometsega go tswa kwa godimo go fedisa lefatshe la bogologolo le le neng le le thubakanyo. Ka boutlwelo botlhoko Jehofa Modimo Mmopi o ne a dira dipaakanyetso tsa lelapa la setho go falola bofelo jo bo senyang jwa lefatshe ka nako eo e le gore ba tle ba tswelele ba nne mo lefatsheng.
11 Mabapi le bafalodi ba setho ba lefatshe leo la bogologolo, go ne go na le ba le robedi fela ba bone, ebong, Noa le mosadi wa gagwe, barwa ba bone ba bararo le basadi ba bone. Ka meya eno ya batho e e robang bobedi lotso lwa rona lo ne lwa fiwa tshimologo e ntšha, mo tshiamong. (2 Petere 2:5; 3:6) Seno se direla jaaka malebela a isagwe e e fa gaufi. (Genesise 9:1-7) Seo e se bontshang ke gore, fela jaaka Noa le lelapa la gagwe ba ne ba falola bofelo jwa lefatshe mo motlheng wa bone, ka jalo le rona re ka falolela bofelo jwa lefatshe mo tsamaisong e ntšha ya dilo eo e leng gaufi-ufi fela thata!
12, 13. (a) Ke ka ntlha yang fa didikadike gompieno di sa boife bofelo jwa tsamaiso eno e kgologolo ya dilo? (b) Ke mabapi le eng thapelo e e neng ya rutwa ke Morwa motho e re tlhomamisetsang sone kaga lefatshe la rona la sebele?
12 Didikadike gompieno mo lefatsheng di lemoga gore “magodimo a masha” le “lehatshe ye lesha” di fela fa pele ga rona. Ga ba boife bofelo jwa lefatshe leno le le gologolo, le eleng fa bo tla diragala jaaka ekete molelo o o dikanyeditseng ka bobedi legodimo le lefatshe. Ba itse go tswa Lefokong le le boikanngo la Mmopi gore fela jaaka dilo tsotlhe di ntse lefatshe la rona la sebele le tla falola jaaka le ne la dira kwa bofelong jwa lefatshe la ntlha mo metlheng ya ga Rraabo mogolwagolwane Noa. Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a akgela seno ka ga lefatshe la rona: “Magodimo ke magodimo a ga Yehofa; mme lehatshe o le neile bana ba batho.”—Pesalema 115:16.
13 “Bana ba batho” ba ne ba direlwa, eseng legodimo, mme e leng lefatshe, koo Mmopi a neng a ba laela gore ba nne gone. Ke gone mono mo lefatsheng mo Morutisi yo Mogolo yo o neng a ipitsa “Morwa motho” o neng a ruta barutwa ba gagwe go rapela Mmopi, ka go re: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 24:37; 6:9, 10) Gore thapelo eo e arabiwe ke ‘Moutlwi wa thapelo’ ka go tla ga Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo, lefatshe la rona le tshwanetse go falola bofelo jo bo atamelang jwa tsamaiso ya jaanong ya dilo e e atlhotsweng. (Pesalema 65:2) Mo godimo ga lone, setho se se falotseng se tla dira thato ya Rre wa selegodimo fela jaaka baengele mo legodimong ba e dira ka boikanyegi.
14. Ke bomang bao ba tla simololang pele “lehatshe ye lesha,” mme lefatshe je lesha leo le tla atolosiwa jang?
14 Ka gone abo go na le tebelelo e e gakgamatsang e e fela fa pele ga badiri ba thato ya Modimo mo lefatsheng le le phepafaditsweng! Bafalodi ba batho ba lefatshe la jaanong, bao ba lebeletseng pele go tirelo e e sa feleng ya Rre wa selegodimo mo lefatsheng la Paradaise, ba tla simolola “lehatshe ye lesha” tlaseng ga “magodimo a masha” a Bomesia. Kgabagare “lehatshe ye lesha” jeno je le solofeditsweng le tla atolosiwa ka tsogo ya setho se se suleng se se rekolotsweng seo se tla rutwang tshiamo le bao ba tla tlamegang go dira se se siameng. (Yohane 5:28, 29) Ponong ya seno, rona ba re nang le tebelelo ya go falola bofelo jwa lefatshe jeno re tshwanetse ra dirang?
15, 16. (a) Ke eng seo moaposetoloi Petere a se bontshitseng e le tsela e e tshwanetseng ya ba ba lebeletseng go falola bofelo jwa lefatshe leno? (b) Noa e ne e le motho wa mofuta ofe mo metlheng ya pele ga Morwalela, mme o ne a duelwa ka eng ene le lelapa la gagwe?
15 Eo ke potso e e molemo. Go feta dingwaga tse di 1 900 tse di fetileng moaposetoloi Petere o ne a bontsha gore karabo ya potso eo e tshwanetse ya nnang, fa a ne a kwala a re: “Me ereka yana dilō tse cotlhe di nnetse go nyèrèga, ana lona lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō le ka poihōmodimo, Lo nntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologelecwe go tla ga letsatsi ya Modimo, ye e leñ yeōna magodimo ka a sha a tla nyèrègañ ka yeōna, le dipopō tsa magodimo a tla tlhapologa ka mogote o o tukañ?” (2 Petere 3:11, 12) Fa e le gore go ne go tshwanela ka moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng go kwala mafoko ao dingwaga tse di 1 900 tse di fetileng ka nako ya maatla a magolo a Pusokgolo ya Roma, abo he go tshwanela jang segolo bogolo ka mafoko ao a tlhagiso go lebisiwa go Basupi ba ga Jehofa ka nako eno ya metlha ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. “Go tla ga letsatsi ya Modimo” mono go tla felela ka go nyerologa, jaaka ekete mo pitseng e e nyerololang, ga “lehatshe le ditihō tse di mo go yeōna” tsa tshwantshetso.—2 Petere 3:10.
16 Mo malatsing a bofelo a pele ga bofelo jwa lefatshe la pele ga Morwalela, “Noa e ne e le monna eo o siameñ, a itekanetse mo ditshikeñ tsa gagwè: Noa a sepela le Modimo.” (Genesise 6:9) Go sepela ga ga Noa ka tsela e e ntseng jalo jaaka tlhogo ya lelapa la gagwe le le botlana go ne ga ba direla molemo wa gore ba bolokwe ba tshela ke Modimo yo a neng a sepela le one. Morago ga Noa le lelapa la gagwe ba sena go tswa ba tshela mo arakeng ya phalolo, ba ne ba dirisiwa go simolola tsamaiso e ntšha ya dilo mo tshiamong tlaseng ga lesego la ga Jehofa Modimo. He Modimo wa dira kgolagano le bafalodi bano ba Morwalela gore le ka motlha ga a ketla a tlisa godimo ga lotso lwa motho mo lefatsheng Morwalela wa kgolokwe.—Genesise 9:8-17.
17. Ke go ya bokgakaleng jo bokae Noa a neng a neelwa tlhagiso, mme ke seemo sefe se se dumalanang le seo mo metlheng ya gompieno?
17 Noa o ne a fiwa tlhagiso e e lekanetseng kaga go tshologa mo go tlang ga metsi ao a neng a nonofile go penologela lefatshe lotlhe. Basupi ba ga Jehofa le bone ka go tshwana mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20 ba ile ba neelwa tlhagiso kaga bofelo jwa lefatshe leno. Tlhagiso eno e theilwe mo Bibeleng e e tlhotlheleditsweng le mo tiragatsong ya dipolelo-pele tsa yone tseo di go phepafatsang sentle gore re atamela bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo e e thubakanyang.
Go Amogela Baswi Gape mo Lefatsheng
18. Ke eng seo didikadike tsa Basupi di se ipelelang gompieno mabapi le seo se ileng sa bonatshega mo tsogong ya baswi ba lefatshe jaaka go tlhalosiwa go Tshenolō?
18 Gompieno didikadike tsa Basupi ba ga Jehofa bao ba ‘sepelang le Modimo’ ba ipelela seo se neng sa bonatshega go Tshenolō 20:11-14, koo re balang ka gore: “Me ka bōna setulō se segolo se seshweu sa bogosi, le èna eo o dutseñ mo go shōna, eo lehatshe le tshabileñ sehatlhōgō sa gagwè, le legodimo; me ga se ka ga hitlhèlwa ha a ka nnañ gōna. Me ka bōna bashwi, bagolo le bannye, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi; me dikwalō diñwe tsa menololwa: me lokwalō lo loñwe loa menololwa, lo e leñ lokwalō loa botshelō: Me bashwi ba atlhōlwa ka dilō tse di kwadilweñ mo dikwaloñ, kaha ditihoñ tsa bōnè. Me lewatlè ya ntsha bashwi ba ba mo go yeōna; le losho loa ntsha bashwi ba ba mo go lōna, le Bobipō yalo: me ba atlholwa botlhe kaha ditihoñ tsa bōnè. Me losho loa latlhèlwa mo bodibeñ yoa molelō, le Bobipō yalo. Lo ke lōna losho loa bobedi, eboñ bodiba yoa molelō.”
19. Batho ba ba tsositsweng ba ba neng ba sule ba tla boela mo lefatsheng le le mo boemong jo bo ntseng jang, mme tshwaro ya bone e tla nna e e ntseng jang eo ka yone ba tla simololang botshelo sesha?
19 Go ya ka polelo-pele eo ya Bibela bao ba tsositsweng mo baswing ga ba ketla ba tla mo lefatsheng le go senang batho mo go lona. Didikadike tsa basupi ba ga Jehofa ba ba ineetseng, le go kolobediwa ba solofetse go falola magodimo le lefatshe tsa bogologolo tsa tshwantshetso tseo di tshabileng, go amogela baswi ba ba tsositsweng mo lefatsheng leo le tla bong le ntse le tlhabololelwa go nna Paradaise ya lefatshe ka bophara. (Luke 23:43) Tsamaiso e ntšha ya dilo e tla bo he jaanong e setse e simolotse. Ka mo go itumedisang bafalodi ba bofelo jwa lefatshe leno le legologolo ba tla bo ba setse ba baakanyeditse ka mo go lekanetseng go boa ga batho ba ba suleng ba ba rekolotsweng.
20. Ke ditaelo dife tseo di neng tsa neelwa ke Jesu morago ga go tsosa Lasaro le morwadia Jairo mo baswing tseo di supang seo bafalodi ba tla tshwanelwang ke go se direla dibilione tse di tsositsweng?
20 Didikadike tseo tsa bafalodi di tla gakologelwa kafa, fela morago ga Jesu a sena go tsosa tsala ya gagwe e e rategang Lasaro mo phupung koo kwa Bethania, gaufi le Jerusalema, a neng a laela bao ba neng ba lebeletse kgakgamatso eno go fapolola Lasaro mo diphapong tsa gagwe tsa phitlho. Ka mo go tshwanang, fa Jesu a ne a tsosa morwadia mmusi wa Sejuda Jairo mo baswing, “a laola gore a hiwè diyō.” (Luke 8:55; Yohane 11:44) Kwantle le pelaelo ditaelo go tswa legodimong di tla neelwa bafalodi go dira dipaakanyetso tse di tshwanetseng tsa go boa ga dibilione tsa batho ba ba suleng.
21, 22. (a) Ke thulaganyo efe eo ka yone bafalodi ba tla thusang baswi ba ba tsositsweng go itirisetsa ka botlalo melemo ya loso lwa ga Keresete? (b) Ke ka ntlha yang fa “lehatshe ye lesha” e tla re fela kwa tshimologong e be e le la tshiamo?
21 Go tla nna gape le tiro e kgolo ya go ruta e e tshwanetsweng go dirwa. Seno se tumalanong le boikaelelo jwa Modimo jwa batho ba ba suleng ba ba boang gore ba itseele sebaka se se tletseng sa melemo ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Ke fela ka go dira thato eno ba tla laolelwang go tshela mo lefatsheng le le tshwanang le la Edena, ka boitekanelo jwa setho. Gone jaana “boidiidi yo bogolo” jwa ba ba lebeletseng go falola ‘pitlagano e kgolo’ ba ipaakanyetsa go abalana mo thulaganyong e e gakgamatsang eo ya thuto. Bone ka bobone ba ntse ba ikatameletsa melemo ya setlhabelo sa loso lwa “Kwana oa Modimo,” Jesu Keresete. (Yohane 1:29) Seno ke se se bontshiwang mo go Tshenolō 7:9-14 koo, gareng ga dilo tse dingwe, go bolelwang ka gore mabapi le bone: “Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo, me ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” Ka jalo, ka ntlha ya go amogela melemo ya thekololo ya ga Keresete, ba tshwantshediwa jaaka ba “ba apereñ dikobō tse dichweu.”
22 Go bolelwa jaana gape ka bano ba “boidiidi yo bogolo,” ka tsela ya tshwantshetso: “Ba o dihèla motshegare le bosigo mo tempeleñ ea ōna.” (Tshenolō 7:15) Ka nako ya ‘pitlagano e kgolo’ e e fela fa pele, dikobo tsa bone tse ditshweu ga di ketla di tlosiwa mo go bone, mme kwantle go ketsaetsego epe ba tla tswelela ba neela tirelo e e boitshepo go Jehofa Modimo tlaseng ga tshireletso ya gagwe. (Tshenolō 7:17) Bone, ka “dikobō tse dichweu” tsa bone tsa tshwantshetso, ba tla nna karolo ya ntlha ntlha ya “lehatshe ye lesha,” mo e leng gore mo go lone, go tswa fela kwa tshimologong ya lone, ‘go tla aga tshiamo.’—2 Petere 3:13.
[Dipotso tsa poeletso]
◻ Ke pono efe ka botshelo mo isagweng e batho ba nako e e fetileng le ba gompieno ba ileng ba tshwarelela go yone?
◻ Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe, mme Bibela e supela seno jang?
◻ Ke jang seo se diragaletseng Noa le lelapa la gagwe se re neelang tsholofelo ya gore didikadike tse ga jaanong di tshelang ga di ketla di e swa?
◻ Ke bomang bao ba tla amogelang baswi gape, mme ke dipaakanyetso dife tseo ba tla di direlwang?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Noa le lelapa la gagwe ba ne ba falola Morwalela. Didikadike di tla falola bofelo jwa lefatshe leno
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Jaaka Lasaro a ne a amogelwa gape a tshedile, ka jalo bafalodi ba Hara-Magedona ba tla amogela gape ba ba neng ba sule