Didikadike Di Ipaakanyeletsa Botshelo jo bo Sa Kgaupediweng mo Lefatsheng
1. (a) Ke mafoko afe a ga Jesu go Maratha wa Bethania ao jaanong a leng mo nakong tota go ka gakologelwa ke didikadike? (b) Ke karolo efe ya mafoko ao e jaanong didikadike di e ipelelang, mme ka ntlha yang?
GO DIDIKADIKE tse ga jaanong di tshelang go tla bo go tshwanela segolo go gakologelwa mafoko a ga Jesu Keresete go Maratha wa Bethania: “Ke nna cogō le botshelō; eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela; Me leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè.” (Yohane 11:25, 26) Eleruri go a kgatlhisa go didikadike tseo di batlang botshelo jo bo sa feleng mo lefatsheng la tshiamo go lemoga gore ke gone he jaanong mafoko ao a ga Jesu a dirang fa a ne a re: “Leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè.”
2. (a) Fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, Jesu Keresete o ne a le “cogō” go batho bafe? (b) Mo mafokong a gagwe go Maratha, ke nako efe segolo bogolo eo Jesu a neng a supela pele go yone, mme ke ka ntlha yang a ne a na le go nna “botshelō” le e leng go didikadike tse di neng di tshela ka nako eo?
2 Le eleng fa a ne a le mo lefatsheng, Jesu o ne a nna “cogō” go Lasaro le batho ba bangwe ba a neng a ba tsosa. Mme mafoko ano a gagwe, a a neng a buiwa fela pele ga a tsosa Lasaro, a ne a lebisa segolo bogolo kwa isagweng e e kgakala-kgakala go tloga nakong eo. Jesu o ne a supela pele go nako eo fa a tla bo a le tsogo le botshelo e seng fela go balatedi ba gagwe bao e neng e tla nna baruaboswa le ene mo Bogosing jwa selegodimo mme gape le go setho se se suleng se se tla bonang botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la rona tlaseng ga Bogosi jwa gagwe. Le eleng mo kgannyeng ya bao ba tla tshelang mo lefatsheng mo nakong ya Bogosi jwa gagwe ebile e le bao ba se ketlang ba tlhoka tsogo mo mabitleng a selefatshe, Jesu o tla tshwanela go nna “botshelō.” Ka ntlha yang go le jalo? Ka go bo ba tla bo ba sa ntse ba le tlase ga katlholelo ya loso ka ntlha ya sebe se ba se ruileng go tswa go Adame yo o sa utlweng. Ka jalo ba tla bo ba santse ba le mo boemong jwa go swa.—Baroma 5:12.
3. Jesu Keresete o nna “botshelō” go batho bao ba tshelang ga jaanong ka ntlha ya go bontshiwa ga nonofo efe, mme ke jang nonofo eno e bontshiwang gompieno?
3 Go batho bao ba tshelang mo lefatsheng jaanong, Kgosi Jesu Keresete yo o busang o nna “botshelō” ka ntlha ya gore ba bontsha tumelo mo go ene, tumelo eno e supiwa ka ditiro. Ka nako eno ya “bokhutlō yoa lehatshe,” ditiro tseno di tla akareletsa go tsaya karolo e e tlhagafetseng ya tiragatso ya polelelo pele ya ga Jesu mo go Mathaio 24:14 go rera mafoko a a molemo a Bogosi pele ga “bokhutlō” jwa tsamaiso bo tla. (Mathaio 24:3; Mareko 13:3, 4) Babontshi ba tumelo bao ba falolang bofelo jwa tsamaiso ya dilo ya jaanong le bao ba lebileng pele botshelong mo Paradaiseng e e tsosolositsweng ga ba ketla ba tshwanelwa ke go swa gotlhelele. (1 Yohane 2:17) Ba tla ‘boela malatsing a bokau jwa bone,’ ee, ba boela morago kwa boitekanelong jwa setho jaaka joo monna wa ntlha, Adame, a neng a na le jone. Re na le motheo wa go dumela gore go na le didikadike tse di tshelang jaanong tsa balebeledi ba ba ntseng jalo ba botshelo jo bo sa kgaotsegeng mo lefatsheng.
4. (a) Ke jang polelo-pele ya ga Jesu e supelang motheong wa go ipelela botshelo jo bo sa kgaotseng jo bo sa feleng mo lefatsheng? (b) Ke “motho” ofe yo o tla bolokelwang go tsena mo tsamaisong o ntšha ya dilo?
4 Jesu o ne a baakanyetsa ka motheo wa tsholofelo e e ntseng jalo fa a ne a neela polelo-pele mabapi le nako e e sa lekanngweng ya mathata eo “bokhutlō yoa lehatshe” bo neng bo tla fela ka yone. O ne a re: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me e tla re ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutshadiwa.” (Mathaio 24:21, 22) Ka jalo malatsi a “sepitla se segolo” a tla khutshwafadiwa, mme ka mo go tshwanetseng, “motho” mongwe o tla bolokelwa mo tsamaisong e ntšha ya dilo. Motho yo o ntseng jalo segolo bogolo ga e ne e nna ope fa e se “baitshenkedwi” bao ba tla bong ba sa ntse ba le mo lefatsheng ba letetse go galalediwa ga bone mo Bogosing jwa selegodimo le Jesu Keresete. Morago ga gore ba falole sepitla se segolo, motho yo o ntseng jalo yo o neng a “bolokwa” o tla tsena mo tsamaisong e ntšha ya dilo tlaseng ga puso ya ene yo o tla nnang Rara wa Bosakhutleng wa bone.—Mathaio 24:31; Mareko 13:20, 22, 27; Tshenolō 17:14; Isaia 9:6, 7.
Kotsi e e Bakiwang ke Sebatana
5. Ke maina a bomang a a sa kwalwang “mo lokwaloñ loa botshelō”?
5 Ke mang yo leina la gagwe le tla fitlhelwang le kwadilwe mo “lokwaloñ loa botshelō” lo go buiwang ka lone mo go Tshenolō 17:8? A la gago? A la me? Go re neela tlhagiso e e mo nakong, temana eo e re: “Sebatana se u [Johane] se bonyeñ, se ne se leeō; me ga se tlhole se leeō; me se tloga se tlhatloga mo moletiñ o o senañ bolekeleco, me se ea tatlhegoñ. Me ba ba agileñ mo lehatshiñ ba tla gakgamala, eboñ bōnè ba e sa leñ ka lehatshe le thaiwa maina a bōnè a se kañ a kwalwa mo lokwaloñ loa botshelō.”
6. (a) Ke leng “sebatana” sa tshwantshetso se neng sa hologela mo moleteng, mme se ne sa tlhatloga ka sebopego sefe? (b) Ke tsela efe e diphatsa e e tlhokang go tilwa?
6 “Sebatana” seo sa tshwantshetso se ne sa itsiwe pele jaaka Kgolagano ya Merafe. Se ne sa nwela mo moleteng wa go sa dire ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II ya dingwaga tsa 1939-45 mme he sa tlhatloga mo moleteng ka sebopego sa Merafe e e Kopaneng morago ga ntwa eo. Ka jalo fa esale 1945 seemo se se bodiphatsa se gone seo se ka amang mmatli wa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise. O ka nna a tsielediwa mo go tseyeng tsela eo e tla mo tshwanololang gore leina la gagwe le kwalwe mo “lokwaloñ loa botshelō.” Ka jalo, re tlhoka jaanong go bontsha “mogopolō o o nañ le botlhale” mo boikutlong jwa rona tebang le “sebatana” sa tshwantshetso.—Tshenolo 17:9.
7. (a) Sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo sa ga Tshenolō kgaolo 17 se bidiwang mo go Tshenolō 13? (b) Ke ka tsela efe “sechwanchō sa sebatana” e leng sebopego sa sebatana sa kwa tshimologong, mme ditlhogo tsa sone tse supa di emelang?
7 “Sebatana” seno sa tshwantshetso sa Tshenolō kgaolo 17, seo se tlhalosiwang jaaka se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, tota ke moriti wa “sebatana” sa kwa tshimologong se go buiwang ka sone mo go Tshenolō kgaolo 13. Sebatana seno se se mmala o bohibidu jo bo letlhololo se itshupa e le seo se bidiwang “sechwanchō sa sebatana.” (Tshenolō 17:3; 13:14-18) Fela jaaka mofuta wa sone, “sechwanchō sa sebatana” seno se na le ditlhogo di supa, tseo di rayang “dikgosi di shupa.” “Dikgosi” tse tlhano tsa tshwantshetso tseo di oleng di ne di tshwantshetsa maatla a lefatshe a Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia le Puso-Kgolo ya Gerika e e neng ya tlhongwa ke Alexander yo Mogolo. “Kgosi” ya borataro e ne e le Mmuso-Mogolo wa Roma wa motlha wa ga moaposetoloi Johane. “Kgosi” ya bosupa e e neng e tla tla morago ga motlha wa ga Johane e ne ka ditiragalo ya itshupa e le Maatla a Lefatshe a Anglo-American. Mme “kgosi” ya boroba bobedi, sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, jaaka “sechwanchō” sa sebatana sa ntlha, se ne sa itlhagisa lekgetlo la ntlha jaaka Kgolagano ya Merafe.—Tshenolō 17:9-14.
8. (a) Ke eng seo “dinaka tse shomè” tsa sebatana di se emelang? (b) “Dinaka tse shomè” di tla busa ka lobaka lo lo kae jaaka dikgosi le sebatana sa tshwantshetso, mme ke eng seo se tla diragalelang bao ba lebelelang sebatana seno ka go se kgatlhegela?
8 Fa ele ka ga “dinaka tse shomè” tseo di leng mo ditlhogong tse supa tsa sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, di tlhalosiwa di raya “dikgosi di shomè,” seo se raya gore, mebuso yotlhe ya bopolotiki eo e emetsweng mo lekgotleng la Merafe e e Kopaneng. “Dikgosi” tseno di tla ipelela tlotlomalo ya selefatshe kana taolo fela ka lobaka lo lo khutshwane, jaaka go ka twe, “nako e le ñwe hèla.” Seo se supela gape lobaka lo lo khutshwanyane fela Iwa botshelo jwa botlhe bao ba lebang “sechwanchō sa sebatana” se se tsogileng ka go se kgatlhegela le go se tshegetsa. Ba ba ntseng jalo maina a bone ga a kwalwa “mo lokwaloñ loa botshelō.” Ka jalo bao ba sa batleng go swa mo lefatsheng la rona ga ba ketla ba kopanela le bone mo kobamelong ya “sechwanchō sa sebatana.”
9. Ke mela efe ya tlhabano eo jaanong e setseng e segiwa, mme matswela a tlhabano eno e tla nna eng?
9 Mela ya ntwa jaanong e setse e simolotse go segiwa. “Dinaka tse shomè” di gomagometsa go tlhasela. Tshenolō 17:14 ya re: “Tse, di tla tlhabana le Kwana, me Kwana o tla di henya, gonne ke èna Morèna oa barèna, le Kgosi ea dikgosi; le bōnè ba o nañ nabō, ba tla henya, e le ba ba bidicweñ, ba itshenkecwe, ba boikañō.” Seno se supela gore masalela a a sa ntseng a le mo lefatsheng a a biditsweng, a a itshenketsweng le a a boikanngo a tla lebana le tlhaselo ya “dinaka tse shomè.” Lefa go nntse jalo, “dinaka tse shomè” tseno di tla fenngwa ke Kwana, seo se rayang gore “sechwanchō sa sebatana” se tla “ea tatlhegoñ.” (Tshenolō 17:8) Baetleetsi; bakgatlhegi le batshegetsi ba sebatana seo le bone ba tla senngwa. Maina a bone ga a fitlhelwe a kwadilwe mo “lokwaloñ loa botshelō.”
10. Ke eng seo masalela a a biditsweng le a a itshenketsweng a santseng a na le gore a se supe?
10 Go sa kgathalege palo ya bone e potlanyana, masalela a a santseng a le gone a ba ba biditsweng, ba ba itshenketsweng le ba ba boikanngo ga a boife. Le eleng bone bano ba ba botlanyana ba sa ntse ba tshwanetse go itshupa ba ikanyega go fitlhelela Keresete a fetsa phenyo ya gagwe godimo ga “sechwanchō sa sebatana” le sebatana ka bosone gammogo le baobamedi botlhe ba sone mo lefatsheng. Seo e tla bo e le bofelo jwa lefatshe leno! Mme le eleng fa lefatshe le fela, lelapa la setho le a tswelela!
Goreng Re Re “Didikadike tse ga Jaanong Di Tshelang”?
11. Boipolelo jwa gore “Didikadike tse ga jaanong di tshelang mo lefatsheng ga di ketla di swa” ga bo a thewa mo go eng, mme ke mabaka afe a a leng gone a go ka solofela seno?
11 Boipolelo jo bo tshosang jo bo reng “didikadike tse ga jaanong di tshelang mo lefatsheng ga di ketla di swa” ga bo a thewa mo tekanyetsong ya dipalo ya motho fela, jaaka eo ya gore mofalodi a le mongwe go batho bangwe le bangwe ba ba 1 000 ba banni ba lefatshe ba ba leng gone gompieno. Jehofa Modimo, Motswedi wa botshelo jotlhe, ga a dire phetso mo dikgannyeng tse di botlhokwa-tlhokwa mo motheong o o ntseng jaaka ono! Go ne go sa nna jalo ka nako ya Morwalela o o neng wa khutlisa lefatshe la motlha wa ga Noa. Go ntse go tshwana fela le gompieno ka go sa nna jalo! Go na le mabaka a a popota a Dikwalo a go solofela “didikadike tse ga jaanong di tshelang” go falola.
12. Ke bomang bao ka 1935 ba neng ba iketleeleletsa go ema kafa letlhakoreng la ba ba biditsweng, ba ba itshenketsweng le ba ba boikanngo, mme ba ile ba bontsha boemo jwa bone jang?
12 Dingwaga tse nne pele ga Ntwa ya Lefatshe II e tlhagoga le “sechwanchō sa sebatana” se nwela mo moleteng wa boemo jwa seka-loso. Kwana wa Modimo o ne a sa ntse a na le ba bangwe mo lefatsheng bao ba neng ba iketleeleleditse kwantle go ketsaetsego epe go ya kafa letlhakoreng la gagwe go dumalana le masalela a ba ba biditsweng, ba ba itshenketsweng le ba ba boikanngo. Ka 1935, ka nako ya kopano e e sa lebalesegeng ya Basupi ba ga Jehofa mo Washington, D.C., batho bano ba ne ba bontsha ka tlhamalalo gore ba ne ba ema mo letlhakoreng la Kgosi ya dikgosi ebile ba le kgatlhanong le “sechwanchō sa sebatana.” Jang jalo? Ka go kolobediwa phatlalatsa, ba le 840 ba bone, jaaka sesupo sa boineelo jwa bone jo bo feletseng go Jehofa Modimo. Ba ne ba dira jalo mo letsatsing la morago ga batla-kopanong ba sena go reetsa polelo e e reng “Bontsi jo Bogolo,” eo e neng e le tlhaloso ya ga Tshenolō 7:9-17. (Authorized Version). Ka gone ba ne ba tsaya kgato ka potlako gone fela foo go nna karolo ya “bontsi jo bogolo” joo bo tlhatswang dikobo tsa jone mo mading a ga Kwana le go tswa mo “pitlaganoñ e kgolo” eo Modimo o e tlisang ka Keresete godimo ga “sechwanchō sa sebatana” le botlhe bao ba leng letlhakoreng la sone le “dinaka tse shomè.”
13. (a) Go khutshwafadiwa ga malatsi a “sepitla se segolo” go tla raya eng go masalela a ba ba itshenketsweng? (b) Ka jalo fa e le gore masalela a a itshenketsweng a tla falola bofelo jwa lefatshe leno, ke eng seo se dumalanang le seno?
13 “Sepitla se segolo” seo se tla “khutshahadiwa” ka ntlha ya ba ba tlhophilweng ba ga Jehofa, ba ba biditsweng le go itshenkelwa ba gagwe. (Mathaio 24:21, 22). Seno se raya gore masalela a bone a tla falola pitlagano le go nna baboni ka matlho ba kgato e e gakgamatsang ya ga Jehofa eo ka yone a tla tlotlomatsang bolaodi jwa gagwe mo legodimong le mo lefatsheng. (Isaia 28:21). Ereka e tla bo e le ka ntlha ya bone malatsi a pitlagano a tla ‘khutshwafadiwang,’ go a utlwala he gore “motho” mongwe o tla falola kwa bokhutlong jwa lefatshe leno le legologolo. Fa e le gore masalela a a itshenketsweng a tla bona tshireletso ya ga Jehofa e e ba tlhomamisetsang phalolo, go tla bo go ntse fela jalo le ka “bontsi jo bogolo” jwa batho ba ba ineetseng, le go kolobediwa le go ikanyega go falola tlaseng ga tshireletso ya bomodimo. Gompieno, bontsi-ntsi jo bogolo jwa Basupi ba ga Jehofa ke maloko a “bontsi jo bogolo” joo bo tla falolang ‘ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe’ kwa seemong sa lefatshe se se bidiwang Hara-Magedona, kana Aramagedona.—Tshenolō 16:14-16.
14. Maloko a “bontsi jo bogolo” a bogolo jo bo kae, mme seno se bapisega jang le palo ya ba ba mo lefatsheng?
14 Gone jaana banni ba lefatshe go bolelwa e le batho ba ba dibilione tse 4.6. Fa e sa le 1935 C.E. bao ba “bontsi jo bogolo” ba tshwanetse ba bo ba godile go nna dimilione. A mme gone? Tota, masalela a a itshenketsweng a dikete di se kae a setse a hupediwa mo go golo ke makgolo a dikete a a ntseng a phuthega a basupi ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa bao ba tlhagafetseng mo go ‘rereng mafoko ano a a molemo a bogosi’ lefatshe lotlhe “go nna chupō mo meraheñ eotlhe.” (Mathaio 24:14; Mareko 13:10) Go ya ka dipalo tse di kelotlhoko tseo di dirwang ngwaga le ngwaga ke ntlo-kgolo ya Watch Tower Bible and Tract Society le diofisi tsa yone tsa makala a le 95, go na le ba ba fetang dimilione tse 2.4 kgakala bao ba tlhagafetseng ka metlha mo tirong e e laoletsweng ke Jehofa ya “bokhutlō yoa lehatshe” leno. Mme go phuthwa ga botlhe bao ba tla nnang maloko a bofelo a “bontsi jo bogolo” go ya bokgakaleng jo e leng jone ga go ise go fele. A tshwanetse a oketsega! Mme gone jaana tekanyo e ka nna go a le mongwe wa “bontsi jo bogolo” go batho bangwe le bangwe ba ba 2 000 mo lefatsheng.
15. (a) Ke ka ntlha yang fa go utlwala gore batho bao ga jaanong ba tshelang ba tla falola bofelo jwa lefatshe? (b) Ke ka ntlha yang fa Kgosi ya tsamaiso e ntšha e se ketla e nna rre wa nako e khutshwanyane fela go bone?
15 Go tla go fitlha jaanong go tshwanetse ga bo go sa sala sepe sa “nakō e le ñwe hèla” ya fa “dinaka tse shome” tsa tshwantshetso di busang jaaka dikgosi le phologolo ya mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, ebong, “sechwanchō sa sebatana,” lekgotla la Merafe e e Kopaneng. Ka mo go utlwalang he, maloko a “bontsi jo bogolo” a ka falola tshenyego e e atamelang ya “sebatana” sa tshwantshetso le “sechwanchō” sa sone.
Tlaseng ga tshireletso ya ga Jehofa ba tla falola bofelo jo bo tukang jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo le go tsena mo tsamaisong e ntšha ya dilo ya tshiamo. (Tshenolō 7:16, 17) E tla re ba le koo ga ba ketla ba fapoga mo tseleng ya botshelo e e tshwailweng ya bomodimo. Ka jalo, Jesu Keresete Kgosi o tla nna Rara wa Bosakhutleng wa bone.—Isaia 9:6, 7.
Go Ipaakanyeletsa Botshelo jo bo sa Kgaupediweng
16. Ke polelo efe e jaanong e ka dirwang ka tsholofelo, mme ke mafoko afe a ga Jesu fano a a ka gakologelwang ka tshwanelo?
16 Ka jalo he, polelwana eno jaanong e ka dirwa ka tsholofelo e e tletseng le ka tebelelo e e tlhomameng, “Didikadike tse ga jaanong di tshelang mo lefatsheng ga di ketla di swa.” Fano gape go a tshwanela go gakologelwa mafoko a ga Jesu a a kgatlhisang: “Ke nna cogō le botshelō, eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela; Me leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè.”—Yohane 11:25, 26.
17. Ke jang bao ba “bontsi jo bogolo” ba setseng ba bontshitse fa poloka ya bone e tswa kwa go Jehofa Modimo le go Kwana, mme jaanong ba direla Modimo ka tsela e e amogelesegang ba le kae?
17 Maloko a a tshelang a “bontsi jo bogolo” a setse a ntse a bontsha tumelo go Ene yo e leng “cogō le botshelō.” Ka boineelo jwa bone go Jehofa Modimo le go tshwantsha seno ka kolobetso ya metsing, ba bontsha gore poloko ya bone e tswago “Modimo” . . . o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” Ba mo metlaaganeng ya tempele ya ga Jehofa, ba eme fa pele ga setulo sa Gagwe sa bogosi, go tshwanetse jalo ka go bo ba ile ba tlhatswa dikobo tsa bone me ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana, Jesu Keresete.—Tshenolō 7:9, 10, 14.
18. Ke eng seo jaanong se ka abelwang “bontsi jo bogolo,” mme ke kamano efe le Modimo eo go ka tsewang ba na le yone?
18 Ereka seaparo sa tshiamo jaanong se balelwa go “bontsi jo bogolo,” jaanong ba ka abelwa le botshelo. (Baroma 6:13) Jaaka tlhogo ya lotso wa pele ga Bokeresete ebong Aberahame, yoo o neng a balelwa tshiamo ka ntlha ya tumelo ya gagwe e e tlhagafetseng, ba ka lejwa jaaka ‘ditsala tsa Modimo.’ (Baroma 4:6-22; Yakobe 2:23; Pesalema 32:2) Ka ntlha ya go bo ba boloka boemo jo bo siameng jwa bone fa pele ga ga Jehofa Modimo o tla ba boloka ba tshela mo lefatsheng go kgabaganya ‘ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe’ ka Hara-Magedona, eo ka yona tsamaiso eno e kgologolo ya dilo e tla felang.
19. (a) Ke eng seo ba se ketlang ba se tlhoka go ka ‘tshela gape’? (b) Ke ka ntlha yang ba se ketla ba “shwa gopè”?
19 Ka jalo bafalodi ba Hara-Magedona ga ba ketla ba tlhoka tsogo ya go tswa mo baswing e le gore ba tle ba ‘tshele’ mo lefatsheng. Mo kgannyeng ya bone mafoko a ga Jesu a tla nna boammaaruri ka sebele tota: “Me leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè.” (Yohane 11:26) Ka go tsweledisa boineelo jwa bone go Jehofa Modimo le mo go direng thato ya gagwe jaaka ba e itsesiwe ka Kgosi Jesu Keresete ka go sa fapoge, ba tla bona tota tshiamo e e itekanetseng kwa bofelong jwa dingwaga tse di sekete tsa puso ya ga Keresete. Tlaseng ga teko ya bofelo eo e tla pegwang godimo ga setho sotlhe se se tsosolositsweng ka nako eo, ba tla supa bothokgami jwa bone jwa moya otlhe go Modimo Mogodimodimo mme ba tla boloka maina a bone a le mo “lokwaloñ loa botshelō.”—Tshenolō 20:7-15.
20. Ke jang tshiamelo le boitemogelo tsa bone e tla nnang tsa mofuta wa tsone fela gareng ga botlhe bao ba nnang mo lefatsheng la Paradaise, mme malebogo a leba go mang ka ntlha ya sotlhe seno?
20 Abo tshiamelo e e leng ya mofuta wa yone fela jaanong e beilwe fa pele ga “bontsi jo bogolo” jwa “dinku di sele” tsa Modisa yo o Molemo! (Yohane 10:16) Tsholofelo eo e beilweng pele ga bone—eo ya go tshela mo boitumelong jo bo sa sulafadiweng mo tshingwaneng ya Edena e e tsosolositsweng mo lefatsheng le go atolosediwa lefatshe ka bophara—ele ruri e a eletsega. Ammaaruri ba tla nna le sengwe se se molemo go se tshelela. Gareng ga setho sotlhe seo se tla nnang mo lefatsheng la Paradaise boitemogelo jwa bone ele ruri e tla nna jo e leng jwa mofuta wa jone le jo bo farologaneng, joo jwa go bo ba ile ba falola bofelo jwa tsamaiso e e boikepo e ya dilo le go sa tlhole ba swa mo lefatsheng. Ene yo o tshwanetseng go lebogelwa seno ke Motswedi wa botshelo jo bo itekanetseng, Jehofa Modimo, ka Morwawe, Jesu Keresete.
[Dipotso tsa Poeletso]
◻ Tsholofetso ya ga Jesu ya ‘go sa swe gotlhelele’ e dira go bomang?
◻ Sebatana sa ga Tshenolō kgaolo 17 ke eng, mme se kopanyelediwa jang mo go reng a batho ba tla amogela botshelo jo bo sa khutleng kana nyaa?
◻ Ke ka ntlha yang fa go utlwala gore batho bao ba tshelang ga jaanong ba tla falola bofelo jwa lefatshe?
◻ Modimo o leba jang maloko a “bontsi jo bogolo,” mme ke eng seo ba setseng ba se laoletswe?
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Ke jang boikutlo jwa gago tebang le “sebatana” seno bo amang phalolo ya gago go ipelela botshelo jo bo sa khutleng?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Didikadike ga di ketla di swa. O ka nna jang gareng ga tsone?